LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp23 no. 1 ts. 6-7
  • 1 | Thapelo—‘Latlhela Ditlhobaelo Tsotlhe Tsa Gago mo go Ene’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1 | Thapelo—‘Latlhela Ditlhobaelo Tsotlhe Tsa Gago mo go Ene’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se e Se Kayang
  • Kafa Seno se ka Thusang ka Gone
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
wp23 no. 1 ts. 6-7
Lekawana le le tshwenyegileng le rapela le itshwere mo sehubeng.

1 | Thapelo​—‘Latlhela Ditlhobaelo Tsotlhe Tsa Gago mo go Ene’

BAEBELE E A RE: ‘Latlhela ditlhobaelo tsotlhe tsa gago mo [Modimong], ka gonne o a go kgathalela.’​—1 PETERE 5:7.

Se e Se Kayang

Jehofa Modimo o re laletsa gore re mmolelele sepe fela se se re tshwenyang. (Pesalema 55:22) Re ka rapelela sengwe le sengwe, se ka tswa se le segolo kgotsa se le sennye. Fa e le gore selo seo se botlhokwa mo go rona, se botlhokwa le mo go Jehofa, ka gonne o a re kgathalela. Go rapela go botlhokwa thata ka gonne go tla re naya kagiso ya mogopolo.​—Bafilipi 4:6, 7.

Kafa Seno se ka Thusang ka Gone

Fa re lwantshana le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo, re ka nna ra ikutlwa re le nosi. Gantsi batho ba bangwe ga ba tlhaloganye ka botlalo boemo jo re leng mo go jone. (Diane 14:10) Mme gone, fa re rapela Modimo re mmolelela kafa re ikutlwang ka gone, ka metlha o tla re reetsa a le pelotelele e bile o tla re tlhaloganya. Jehofa o a re bona, o itse botlhoko jo re bo utlwang le ntwa e re leng mo go yone, e bile o batla gore re mo rapele, re mmolelele sengwe le sengwe se se re tshwenyang.​—2 Ditiragalo 6:29, 30.

Go rapela Jehofa go dira gore re tlhatswege pelo le go feta gore o a re kgathalela. Re ka ikutlwa jaaka mopesalema mongwe yo o ileng a rapela a re: “O bone gore ke a boga; o itse matshwenyego a me a magolo.” (Pesalema 31:7) Go itse gore Jehofa o bona bothata jo re lwantshanang le jone, go ka re thusa gore re tswelele re itshokile le ka dinako tse di thata. Mme gone, ga se gore o bona mathata a rona fela. Gape o tlhaloganya se re lebaneng le sone e bile o re thusa go bona kgomotso le kgothatso mo Baebeleng.

Baebele e Thusa Julian

Kafa go Tlhobaela go Nkamang ka Gone

Julian.

“Ke na le bothata jwa go tlhobaela le jwa go tshaba megare le leswe ka tsela e e feteletseng [obsessive-compulsive disorder (OCD)]. Ke kgona go tlhobaela nako nngwe le nngwe fela. Gone jaanong ke tla bo ke ikutlwa ke siame, mme mo nakong e e sa fediseng pelo ke bo ke tlhobaela ka tsela e e feteletseng, mme go se na lebaka le le utlwalang le le dirang gore ke tlhobaele. Gantsi ke tlhobaela thata fa ke na le batho ba bangwe. Ke tshwenyega thata ka gore ba akanya eng ka nna.

“Ditsala tsa me tse di itseng bothata jo ke lwantshanang le jone, di nkema nôkeng tota. Ka dinako dingwe ba bua dilo tse di ka se nthuseng. Mme gone, ke lebogela matsapa a bone ka gonne ba a bo ba leka go nthusa.

“Ka dinako tse dingwe, bothata jwa me jwa go tlhobaela le jwa OCD, bo dira gore go rapela e nne kgwetlho. Ke tlhoka go tsaya matsapa a magolo gore ke kgone go tlhoma mogopolo le go bua le Jehofa ka thapelo. Ke akanya ka dilo tse dintsi ka nako e le nngwe, mo e leng gore gantsi ke felela ke tlhakana tlhogo. Fa ke sa kgone go laola dikakanyo tsa me, go nna thata go tlhalosetsa Jehofa se ke se akanyang kgotsa kafa ke ikutlwang ka gone.”

Kafa Baebele e Nthusang ka Gone

“Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke lemogile gore dithapelo ga di tlhoke go nna ditelele le gore ga ke tlhoke go dirisa mafoko a a kgethegileng gore Modimo a di arabe. Ka dinako dingwe fa ke sa kgone go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka gone, ke rapela ka bokhutshwane fela ke re: ‘Jehofa, tsweetswee nthusa.’ Tota le mo boemong joo, ke kgona go lemoga gore Jehofa o a ntlhaloganya e bile o nnaya se ke se tlhokang ka nako eo. Gape ke batlile thuso ya dingaka. Ke itumelela gore thapelo le kalafi e ke e tsayang di nthusa thata, gone jaanong ke botoka. Le fa gone ke tlhoka go tsaya matsapa a magolo gore ke kope thuso kwa go Rre yo o kwa legodimong, ke dira jalo ka gonne ke tlhatswegile pelo o a nthata e bile o batla go nthusa.”

Se se Ka Thusang Basha

Bidio ya “Nna Tsala ya ga Jehofa—Rapela ka Metlha.”

Tsena mo websaeteng ya jw.org/tn, mme o ithute gore ke eng fa o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa gago e bile o a di araba.

Leba bidio ya setlhogo se se reng, Nna Tsala ya ga Jehofa​—Rapela ka Metlha.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela