LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w23 February ts. 31
  • Ba Bontshitswe Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Bontshitswe Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokwalo o o Thusang Batho
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Batho ba ba Ikanyegang ba Galaletsa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Tlhoka Pono
    Tsogang!—2015
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rerela Batho Ba ba Sa Boneng
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
w23 February ts. 31

[go tswa mo mojeng go ya kwa molemeng] Marcelo, Yomara le Hiver. Ba tshwere Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya braille ka Se-Spain

Ba Bontshitswe Lorato

YOMARA le bokgaitsadie e bong Marcelo le Hiver ba nna kwa motsaneng mongwe kwa Guatemala. Yomara ke ene yo o simolotseng go ithuta Baebele le Basupi, mme moragonyana bokgaitsadie le bone ba ne ba simolola go ithuta. Bothata e ne e le gore ba ne ba sa bone e bile ba ne ba sa kgone go bala mokwalo wa difofu. Ka jalo, mokaulengwe yo o neng a ba tshwarela thuto, o ne a ba balela dirapa le ditemana tsa thuto e ba neng ba e bala.

Bothata jo bongwe e ne e le gore go ne go se motlhofo gore ba ye dipokanong. Ba ne ba sa kgone go ya Holong ya Bogosi ba le nosi ka gonne e ne e le sekgalanyana. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ba tsamaye le bone kwa dipokanong. Fa ba simolola go neela dipuo kwa dipokanong tsa mo gare ga beke, bakaulengwe ba ne ba ba thusa gore ba di tshware ka tlhogo.

Ka May 2019, dipokano di ne tsa simolola go tshwarelwa kwa motsaneng wa bone. Banyalani ba babulatsela ba ne ba sa tswa go fudugela mo motsaneng oo. Le fa ba ne ba sa itse go bala mokwalo wa difofu, ba ne ba ipolelela gore ba tlile go ruta Yomara le bokgaitsadie go bala mokwalo oo le go o kwala. Ba ne ba ya kwa laeborari gore ba ye go ithuta tsela e mokwalo oo o balwang le e o kwalwang ka yone le gore ba ka o ruta motho yo mongwe jang.

Marcelo o a akgela kwa dipokanong

Go ise go ye kae, Yomara le bokgaitsadie ba ne ba kgona go bala le go kwala mokwalo wa difofu e bile seo se ne sa ba thusa gore ba kgone go atamalana le Jehofa.a Gone jaanong ke babulatsela ba ka metlha. Marcelo ke motlhanka wa bodiredi. Ba fetsa nako e ntsi ba direla Jehofa e bile seo se dira gore ba bangwe le bone ba rate go direla Jehofa mo go oketsegileng.

Yomara le bokgaitsadie ba itumelela go bo bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba ba ema nôkeng. Yomara a re: “Lekgetlo la ntlha fa re ne re kopana le Basupi, ba ile ba re bontsha gore ba a re rata.” Marcelo ene a re: “Re na le ditsala mo phuthegong ya rona e bile re na le lelapa le legolo le le dirisanang ka kutlwano mo lefatsheng lotlhe.” Ba letetse go bona fa Jehofa a fetola lefatshe lotlhe gore e nne paradaise.—Pes. 37:10, 11; Isa. 35:5.

a Boroutšhara jwa Ithute go Bala Braille bo diretswe go thusa batho ba ba sa boneng kgotsa ba ba sa boneng sentle go ithuta go bala mokwalo wa difofu le go o kwala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela