SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 49
A Jehofa o Tla Araba Dithapelo Tsa Me?
“Lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, mme ke tla lo reetsa.” —JER. 29:12.
PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me
SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa
1-2. Goreng re ka akanya gore Jehofa ga a arabe dithapelo tsa rona?
BAEBELE e bua sengwe se se bontshang gore eleruri Jehofa o a re rata. E a re: “Jehofa o tla go tlisetsa boitumelo jo bogolo, e bile o tla go naya dilo tse o di eletsang.” (Pes. 37:4) Mme gone, a re tshwanetse go lebelela gore Jehofa a re direle sengwe le sengwe se re se batlang, ka nako e re e batlang? Go botlhokwa tota gore re ipotse potso eno. Ka ntlha ya eng? Akanya ka maemo a a latelang: Kgaitsadi yo o sa nyalwang o rapelela gore a lalediwe kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi, mme go feta dingwaga di le mmalwa a sa lalediwe. Mokaulengwe yo mosha yo o lwalang thata o kopa Jehofa gore a mo thuse go fola gore a kgone go dira mo go oketsegileng mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, ga a fole. Batsadi ba rapelela gore ngwana wa bone a tswelele a le mo phuthegong, mme ngwana yoo o tlogela go direla Jehofa.
2 Gongwe le wena o kopile sengwe mo go Jehofa, mme go lebega go se na nko e e tswang lemina. Seno se ka dira gore o akanye gore Jehofa o araba dithapelo tsa batho ba bangwe, mme tsa gago ga a di arabe. Kgotsa se ka dira gore o akanye gore go na le sengwe se se sa siamang se o se dirileng. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Janiceb o ne a ikutlwa fela jalo. Ene le monna wa gagwe ba ne ba eletsa go direla kwa Bethele, mme ba ile ba bua le Jehofa ka kgang eo. A re: “Ke ne ke tlhatswegile pelo gore mo nakong e e sa fediseng pelo, re tla bidiwa.” Le fa go ntse jalo, go ile ga feta dingwaga di le dintsi seo se sa direge. Janice a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko e bile ke ipotsa dipotso di le dintsi. Ke ne ke ipotsa gore ke swabisitse Jehofa ka eng. E re ka go ne go fetile nako e telele ke bua le Jehofa ka kgang eno, ke ne ke ipotsa gore ke eng fa a sa nkarabe.”
3. Re tla tlotla ka dipotso dife?
3 Ka dinako dingwe o ka ipotsa gore a mme Jehofa o reetsa dithapelo tsa gago. Ga go phoso go ipotsa jalo ka gonne banna bangwe ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng, ba ile ba ipotsa potso e e tshwanang. (Jobe 30:20; Pes. 22:2; Hab. 1:2) Ke eng se se ka go tlhatswang pelo gore Jehofa ga a kitla a itshela moriti o o tsididi fa o mo kopa gore a go thuse? (Pes. 65:2) Gore re kgone go araba potso eno, re tla simolola ka go tlotla ka dipotso tse di latelang: (1) Jehofa o tla dira eng? (2) Jehofa o batla gore re dire eng? (3) Goreng re ka nna ra tshwanelwa ke go rapelela sengwe se sele?
JEHOFA O TLA DIRA ENG?
4. Jehofa o solofetsa gore o tla dira eng mo go Jeremia 29:12?
4 Jehofa o solofetsa gore o tla reetsa dithapelo tsa rona. (Bala Jeremia 29:12.) O a re rata ka gonne re mo direla ka boikanyegi, ka jalo ka metlha fa re rapela o a re reetsa. (Pes. 10:17; 37:28) Mme gone, seno ga se reye gore o tla re naya sengwe le sengwe fela se re se kopang. Dilo dingwe o tla re naya tsone kwa lefatsheng le lesha.
5. Jehofa o nna a akantse ka eng fa a araba dithapelo tsa rona? Tlhalosa.
5 Jehofa o nna a akantse ka boikaelelo jwa gagwe fa a araba dithapelo tsa rona. (Isa. 55:8, 9) Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore lefatshe le tlale ka batho ba ba mo ikobelang. Mme Satane ene a re batho ba tla itumela fa e le bone ba ipusang. (Gen. 3:1-5) E re ka Jehofa a itse gore seo ke maaka a matala, o ile a letla gore batho ba ipuse, mme jaaka re bona, seo se feletse ka mahutsana fela. (Mor. 8:9) Fa Jehofa a ne a ka fedisa mathata otlhe a rona gone jaanong, go ne go tla lebega e kete batho ba kgona go itharabololela mathata e bile ga ba tlhoke go busiwa ke Modimo.
6. Goreng re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o a re rata le gore ka metlha o dira se se siameng?
6 Jehofa a ka araba dithapelo tsa rona ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ka sekai, fa Kgosi Hesekia a ne a lwala thata, o ile a kopa Jehofa gore a mo fodise, mme Jehofa o ile a dira jalo. (2 Dikg. 20:1-6) Le fa go ntse jalo, fa moaposetoloi Paulo a ne a kopa Jehofa gore a mo tlose “mmitlwa mo nameng,” o go ka diregang gore e ne e le bolwetse, Jehofa ga a ka a dira jalo. (2 Bakor. 12:7-9) Gape akanya ka se se ileng sa diragalela moaposetoloi Jakobe le moaposetoloi Petere. Kgosi Herode o ne a batla go ba bolaya. Phuthego e ile ya rapelela Petere, mme go ka direga gore e ile ya rapelela le Jakobe. Le fa go ntse jalo, moengele o ile a sireletsa Petere mme Jakobe o ile a bolawa. (Dit. 12:1-11) Baebele ga e tlhalose gore ke eng fa Jehofa a ile a sireletsa Petere, a bo a letla gore Jakobe a bolawe.c Se re se itseng ke gore “sengwe le sengwe se [Jehofa] a se dirang se siame.” (Dute. 32:4) Gape re a itse gore Jehofa o ne a rata Jakobe le Petere. (Tshen. 21:14) Ka dinako tse dingwe Jehofa ga a arabe dithapelo tsa rona ka tsela e re neng re e lebeletse. Fa a dira jalo, ga re ngongorege ka gonne re a itse gore o a re rata le gore ka metlha o dira se se siameng.—Jobe 33:13.
7. Ga re a tshwanela go dira eng, mme ka ntlha ya eng?
7 Ga re a tshwanela go ipapisa le batho ba bangwe. Ka sekai, re ka kopa sengwe mo go Jehofa se bo se sa direge, mme moragonyana re bo re utlwa gore mongwe o ne a rapeletse sengwe se se tshwanang, Jehofa a bo a mo araba. Seo se ile sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Anna. Monna wa gagwe yo o bidiwang Matthew o ne a tshwerwe ke kankere, mme Anna o ile a kopa Jehofa gore a mo thuse go fola. Gape go ne go na le bokgaitsadi ba babedi ba ba godileng ba le bone ba neng ba tshwerwe ke kankere. Fa Anna a rapelela monna wa gagwe, le bone o ne a ba rapelela. Bokgaitsadi bao ba ile ba fola, mme ka maswabi Matthew o ile a tlhokafala. Kwa tshimologong, Anna o ne a ipotsa gore a Jehofa ke ene a neng a thusitse bokgaitsadi bao gore ba fole. Fa e le gore ke ene a ba thusitseng, goreng a ne a sa thuse monna wa gagwe? Gone ga re itse gore go tlile jang gore bokgaitsadi bao ba fole. Se re se itseng ke gore Jehofa o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko, e bile o tlile go tsosa batlhanka ba gagwe ba ba tlhokafetseng.—Jobe 14:15.
8. (a) Go ya ka Isaia 43:2, Jehofa o re ema nôkeng jang? (b) Go rapela go ka re thusa jang fa re na le mathata? (Lebelela bidio ya setlhogo se se reng, Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo.)
8 Jehofa o tla re ema nôkeng ka metlha. Jehofa ke Rraarona e bile o a re rata, ka jalo ga a batle go re bona re utlwile botlhoko. (Isa. 63:9) Mme gone, re a itse gore a ka se thibele gore re se ka ra nna le mathata, a ka dinako dingwe a tshwanang le melapo le molelo. (Bala Isaia 43:2.) Mme se se itumedisang ke gore o re solofetsa gore o tla re thusa go a “ralala,” e bile ga a kitla a letla diteko tseo di re kgaoganya le ene. Mo godimo ga moo, Jehofa o re naya moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa gore re se ka ra ineela, le gore re tswelele re mo direla ka boikanyegi.d—Luke 11:13; Bafil. 4:13.
JEHOFA O BATLA GORE RE DIRE ENG?
9. Go ya ka Jakobe 1:6 le 7, goreng re sa tshwanela go belaela gore Jehofa o tla re thusa?
9 Jehofa o batla gore re mo tshepe. (Baheb. 11:6) Ka dinako tse dingwe re nna le mathata a a boima, re bo re ipotsa gore a mme Jehofa o tla kgona go re thusa. Re tshwanetse go nna re gopotse gore Lefoko la Modimo le a re maatla a Modimo a ka re thusa go “tlola lobota,” kgotsa go itshokela mathata a a boima. (Pes. 18:29) Ka jalo fa o na le mathata, o se ka wa belaela sepe, go na le moo rapela Jehofa o na le tumelo ya gore o tla araba dithapelo tsa gago.—Bala Jakobe 1:6, 7.
10. Re tshwanetse go dira eng fa re sena go kopa Jehofa gore a re thuse? Naya sekai.
10 Jehofa o lebeletse gore fa re sena go rapela, re se ka ra nna kwa ga mothakga. Nna o gopotse gore mokoduwe go tsosiwa o o itsosang. Ka sekai, mokaulengwe a ka kopa Jehofa gore a mo thuse gore a newe malatsi kwa tirong gore a kgone go ya kopanong. Jehofa a ka mo araba jang? A ka mo naya bopelokgale jwa go bua le mothapi wa gagwe. Mme gone, mokaulengwe yoo o tshwanetse go tsaya matsapa a ye go bua le mothapi wa gagwe, e bile a ka nna a tlhoka go dira jalo makgetlo a le mmalwa. Sengwe gape se a ka se dirang ke go kopa gore a bereke ka malatsi a mangwe, kgotsa a ka tlhalosetsa mothapi wa gagwe gore ga a tlhoke go mo duelela malatsi ao a a tla bong a seyo ka one mo tirong.
11. Goreng re tshwanetse go rapela re sa kgaotse?
11 Jehofa o lebeletse gore re rapele re sa kgaotse. (1 Bathes. 5:17) Se Jesu a ileng a se bua, se re thusa go bona gore ka dinako tse dingwe Jehofa ga a re arabe ka bonako fela fa re sena go rapela. (Luke 11:9) Ka jalo, o se ka wa latlhela seditse. Tswelela o rapela ka tlhoafalo o sa kgaotse. (Luke 18:1-7) Fa o rapela o sa kgaotse, o bontsha Jehofa gore selo se o se kopang se botlhokwa tota mo go wena, e bile o bontsha gore o na le tumelo ya gore o tla go thusa.
KE ENG FA RE KA NNA RA TSHWANELWA KE GO RAPELELA SENGWE SE SELE?
12. (a) Re tshwanetse go ipotsa potso efe, mme ka ntlha ya eng? (b) Re ka bontsha jang gore re tlotla Jehofa fa re rapela? (Bona lebokoso le le reng, “A ke Bontsha Gore ke Tlotla Jehofa fa ke Rapela?”)
12 Fa go lebega e kete Jehofa ga a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go ipotsa dipotso tse tharo. Sa ntlha, ipotse go re, ‘A ke rapelela selo se se siameng?’ Go le gantsi re akanya gore re a itse gore re tlhoka eng, mme ka dinako tse dingwe ga go a nna jalo. Ka sekai, re ka nna ra rapelela gore bothata bongwe jo re nang le jone bo rarabologe ka tsela e e rileng, mme gone go na le tsela e nngwe gape ya go bo rarabolola. Kgotsa re ka nna ra rapelela sengwe se se sa dumalaneng le thato ya ga Jehofa. (1 Joh. 5:14) Ka sekai, akanya ka batsadi ba re buileng ka bone mo dirapeng tse di fetileng. Ba ile ba kopa Jehofa gore a se ka a letla ngwana wa bone gore a tlogele phuthego. Go ka lebega e kete ba rapelela selo se se siameng. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go nna ba gopotse gore Jehofa ga a pateletse ope gore a mo direle. O batla gore rotlhe re itlhophele go mo direla, go akaretsa le bana ba rona. (Dute. 10:12, 13; 30:19, 20) Ka jalo, batsadi bao ba ka kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a ba a dirang a go ruta ngwana wa bone gore a rate Jehofa le gore a atamalane le ene.—Diane 22:6; Baef. 6:4.
13. Go ya ka Bahebera 4:16, Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona leng? Tlhalosa.
13 Sa bobedi, ipotse go re, ‘A eno ke nako e e siameng ya gore Jehofa a nkarabe?’ Go le gantsi re batla gore Jehofa a arabe dithapelo tsa rona ka ponyo ya leitlho. Mme re tshwanetse go nna re gopotse gore ke ene a itseng nako e e siameng ya go re araba. (Bala Bahebera 4:16.) Fa Jehofa a sa re neye se re se kopang ka yone nako eo, re ka nna ra akanya gore ga a re arabe, mme gone e ka tswa e ise e nne nako ya gore a re arabe. Ka sekai, akanya ka mokaulengwe yo mosha yo o ileng a kopa Jehofa gore a mo fodise. Fa Jehofa a ne a ka mo fodisa, Satane o ne a ka nna a re mokaulengwe yoo o ile a tswelela a direla Jehofa fela ka gonne a mo fodisitse. (Jobe 1:9-11; 2:4) Mo godimo ga moo, Jehofa o tlhomile nako e a tlileng go fodisa malwetse otlhe ka yone. (Isa. 33:24; Tshen. 21:3, 4) Fa nako eo e ise e tle, ga re a tshwanela go lebelela gore Jehofa a re fodise ka tsela ya kgakgamatso. Ka jalo, mokaulengwe yo o lwalang yo re buileng ka ene o tshwanetse go kopa Jehofa gore a mo thuse go itshoka, gore a kgone go tswelela a mo direla ka boikanyegi.—Pes. 29:11.
14. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Janice?
14 Gape akanya ka Janice, yo a neng a batla go direla kwa Bethele. Morago ga dingwaga di le tlhano, o ile a lemoga gore Jehofa o ne a arabile dithapelo tsa gagwe ka tsela e a neng a sa e lebelela. A re: “Jehofa o ile a dirisa nako eo go nthuta dilo di le dintsi le go nthusa gore ke nne motho yo o botoka. Ke ile ka lemoga gore ke tlhoka go mo tshepa le go tokafatsa tsela e ke ithutang Baebele ka yone. Mo godimo ga moo, ke ne ke tlhoka go lemoga gore ke kgona go itumela le fa nka tswa ke direla Jehofa kwa kae.” Moragonyana monna wa ga Janice e ne ya nna molebedi wa potologo. Janice a re: “Gone jaanong ke a lemoga gore Jehofa o ile a nkaraba, le fa gone a ile a dira jalo ka tsela e ke neng ke sa e lebelela. Go tsere nako gore ke tlhaloganye gore o nkarabile, mme ke lebogela gore o ile a mpontsha gore o a nthata.”
Fa o tsaya gore Jehofa ga a arabe thapelo ya gago, o ka nna wa tshwanelwa ke go rapelela sengwe se sele (Bona serapa 15)f
15. Goreng ka dinako dingwe re tlhoka go kopa Jehofa gore a re kaele? (Bona le ditshwantsho.)
15 Sa boraro, ipotse go re, ‘A ke tshwanetse go rapelela sengwe se sele?’ Gone ke nnete gore re tshwanetse go rapelela dilo tse re ka ratang gore Jehofa a re direle tsone, mme ka dinako tse dingwe re tlhoka go mo kopa gore a re kaele. Ka sekai, akanya ka kgaitsadi yo o sa nyalwang yo a neng a rapelela gore a lalediwe kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. O batla go ya kwa sekolong seo gore a kgone go ya go thusa kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Fa a ntse a letile gore a bidiwe kwa sekolong, a ka kopa Jehofa gore a mo thuse go bona gore ke eng gape se a ka se dirang mo tirong ya gagwe. (Dit. 16:9, 10) Fa a sena go rapela, a ka botsa molebedi wa potologo gore a go na le diphuthego dingwe gaufi tse di tlhokang babulatsela. Kgotsa a ka kwalela ofisi ya lekala a botsa gore go tlhokega baboledi ba Bogosi kwa kae.e
16. Re ka tlhatswega pelo ka eng?
16 Jaaka re ithutile mo setlhogong seno, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona. (Pes. 4:3; Isa. 30:18) Gone ke nnete gore ka dinako tse dingwe ga a re arabe ka tsela e re neng re e lebeletse. Mme le ka motlha a ka se itshele moriti o o tsididi fa re mo kopa gore a re thuse. O a re rata e bile ga a kitla a re latlha. (Pes. 9:10) Ka jalo, tswelela o ‘mo ikanya ka dinako tsotlhe’ e bile o mmulela mafatlha.—Pes. 62:8.
PINA 43 Thapelo ya go Leboga
a Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore ka metlha Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona.
b Maina mangwe a fetotswe.
c Bona setlhogo se se reng, “A o Ikanya Tsela e Jehofa a Dirang Dilo ka Yone?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2022 ser. 3-6.
d Go bona gore Jehofa a ka go thusa jang gore o itshokele maemo a a thata, lebelela bidio ya setlhogo se se reng, Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo, mo jw.org.
e Fa o batla go bona gore o tshwanetse go dira eng fa e le gore o batla go direla kwa nageng e nngwe, bala buka ya setlhogo se se reng, Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, kgao. 10, ser. 6-9.
f TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bokgaitsadi ba babedi ba a rapela pele ba tsenya kopo ya go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. Moragonyana mongwe wa bone o a lalediwa, mme yo mongwe ga a lalediwe. Go na le gore kgaitsadi yo o sa lalediwang a kgobege marapo, o kopa Jehofa gore a mo thuse go bona gore ke eng gape se a ka se dirang mo tirong ya gagwe. Go tswa foo, o kwalela ofisi ya lekala a tlhalosa gore a ka rata go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone.