KGAOLO 10
Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
FA NAKO ya gore Jesu a rome barutwa ba gagwe gore ba nne bareri ba Bogosi e fitlha, o ne a ba raya a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.” Go ne go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa, ka jalo, o ne a oketsa jaana: “Kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse go dira bodiredi jwa bone jang. Mafoko ano a gagwe a ne a bontsha gore tiro eno e ne e potlakile: “Ga lo na go digela potologo ya metse ya Iseraele ka gope go fitlha Morwa motho a goroga.”—Math. 10:23.
2 Le gompieno, go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa mo tshimong. Dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi di tshwanetse go rerwa pele ga bokhutlo bo tla mme go setse nako e e khutshwane! (Mar. 13:10) E re ka tshimo e le lefatshe, re lebane le boemo jo bo tshwanang thata le jo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba lebane le jone, ke fela gore rona re lebane le jone ka selekanyo se segolo. Palo ya rona e nnye thata fa e bapisiwa le dibilione tsa batho ba ba mo lefatsheng, le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re ema nokeng. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe mme bokhutlo bo tla tla ka nako e Jehofa a e tlhomileng. A re tla dira gore Bogosi Jwa Modimo bo tle pele mo botshelong jwa rona e le gore re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo? Gore re dire jalo, ke mekgele efe e re ka ipeelang yone mo phuthegong ya Modimo?
3 Jesu o ile a bua jaana fa a tlhalosa dilo tse Jehofa a di lebeletseng mo batlhankeng ba Gagwe ba ba ineetseng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mar. 12:30) Go lebeletswe gore rotlhe re direle Modimo ka moya otlhe. Seno se kaya gore re ka bontsha gore re ineetse go le kana kang le gore re tlhoafetse go le kana kang, ka go dira ka bojotlhe mo tirelong ya ga Jehofa. (2 Tim. 2:15) Mongwe le mongwe wa rona o bulegetswe ke ditshono di le dintsi, go ya ka maemo le bokgoni jwa gagwe. Ela tlhoko dingwe tsa ditshono tseno, mme o dire tshwetso ya gore ke mekgele efe e o ka ipeelang yone gore o wetse bodiredi jwa gago ka botlalo.
GO DIRELA O LE MMOLEDI MO PHUTHEGONG
4 Batho botlhe ba ba amogelang boammaaruri ba na le tshiamelo ya go bolela dikgang tse di molemo. Eno ke tiro ya konokono e Jesu a neng a laela barutwa ba gagwe go e dira. (Math. 24:14; 28:19, 20) Gantsi morutwa wa ga Jesu Keresete o simolola go bua le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo ka bonako fela fa a simolola go di utlwa. Ke sone se Anderea, Filipo, Korenelio le ba bangwe ba neng ba se dira. (Joh. 1:40, 41, 43-45; Dit. 10:1, 2, 24; 16:14, 15, 25-34) A seno se bolela gore motho a ka simolola go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tota le pele ga a kolobediwa? Ee! Ka bonako fela fa motho a sena go tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mo phuthegong, o bulegelwa ke tshono ya go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Gape a ka nna le seabe mo dikarolong tse dingwe tsa bodiredi go ikaegile ka maemo le bokgoni jwa gagwe.
5 Ga go pelaelo gore fa mmoledi a sena go kolobediwa, o tla rata go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a thuse batho ba bangwe go ithuta dikgang tse di molemo. Banna le basadi ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong ya go rera. Ruri ke tshiamelo e kgolo go nna le seabe, tota le fa e le ka selekanyo se sennye, mo tirong ya go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi Jwa Modimo. Motho ope fela yo o ka kgonang oketsa bodiredi jwa gagwe ka go tsenela dikarolo tse dingwe tsa tirelo, ruri o tla nna le boitumelo.
GO DIRELA KWA GO NANG LE TLHOKEGO E KGOLWANE GONE
6 E ka nna ya bo e le gore o mo phuthegong e tshimo ya yone e boaboelediwang le e go neelwang bosupi ka botlalo mo go yone. Fa o le mo phuthegong e e ntseng jalo, o ka nna wa akanyetsa go oketsa bodiredi jwa gago ka go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang badiri ba bantsi. (Dit. 16:9) Fa e le gore gone jaanong o mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi, go ka nna ga bo go na le phuthego nngwe e e ka anaanelang thuso ya gago. Molebedi wa lona wa potologo a ka nna le dikakantsho tse di bontshang kafa o ka thusang phuthego nngwe ka teng mo potologong ya lona. Fa e le gore o ka rata go ya go direla kwa lefelong le sele mo nageng ya lona, o ka kwalela ofisi ya lekala go kopa tshedimosetso.
7 A o ka rata go direla kwa nageng e sele? Fa go le jalo, o tshwanetse go akanyetsa kgang eno ka kelotlhoko. Ke eng fa o sa buisane le bagolwane ba phuthego ya lona ka kgang eno? Go fudugela koo go tla ama botshelo jwa gago le jwa motho yo o tla fudugang le ene. (Luke 14:28) Le fa go ntse jalo, fa o sa ikaelela go ya go nna teng lobaka lo loleele, go ka nna molemo gore o akanyetse go ya go direla kwa lefelong le le mo nageng ya lona.
8 Mo dinageng dingwe, bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo a go etelela pele, ba basha mo boammaaruring. Bakaulengwe ba ba boikokobetso ba mafelo ao, ba iketleeleditse go letla bagolwane ba ba nang le maitemogelo a a oketsegileng, ba ba fudugetseng mo diphuthegong tsa bone gore e nne bone ba etelelang pele. Fa e le gore o mogolwane mme o akanyetsa go fudugela kwa nageng e e ntseng jalo, nna o gopotse gore boikaelelo jwa gago ga se go ya go emisetsa bakaulengwe ba lefelo leo. Go na le moo, bereka mmogo le bone. Ba kgothaletse go kgaratlha le go amogela maikarabelo mo phuthegong. (1 Tim. 3:1) Fa e le gore dilo dingwe ga di dirwe jaaka kwa nageng ya lona, nna pelotelele. Dirisa maitemogelo a gago a go nna mogolwane go thusa bakaulengwe. Mme fa go direga gore nako nngwe o tshwanelwe ke go boela kwa nageng ya lona, bakaulengwe ba lefelo leo ba tla bo ba siametse go tlhokomela phuthego.
9 Pele ga ofisi ya lekala e ka go naya maina a diphuthego tse di ka tlhokang thuso ya gago, Komiti ya Tirelo ya Phuthego ya lona e tla tshwanelwa ke go romela lekwalo le le go buelelang. Lekwalo leno le a tlhokega e ka ne o mogolwane, motlhanka wa bodiredi, mmulatsela kgotsa mmoledi. Komiti ya tirelo e tla romela lekwalo leo le le go buelelang mmogo le kopo ya gago ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala ya lefelo le o batlang go ya go direla kwa go lone.
GO RERA KA PUO E SELE
10 Gore o oketse bodiredi jwa gago, o ka nna wa akanyetsa go ithuta puo e sele, go akaretsa le puo ya diatla. Fa e le gore o ipeetse mokgele wa go ithuta go rera ka puo e sele, ke eng fa o sa bue le bagolwane le molebedi wa potologo? Ba ka nna ba go naya dikakantsho le kgothatso e o e tlhokang. Ka taelo ya ofisi ya lekala, dipotologo dingwe di ile tsa rulaganya ditlelase tsa go ithuta puo e sele gore di thapise baboledi le babulatsela ba ba nang le bokgoni gore ba tle ba rere ka puo e sele.
TIRELO YA BOBULATSELA
11 Baboledi botlhe ba tshwanetse go itse gore go tlhokega eng gore ba nne babulatsela ba ba thusang, babulatsela ba ka metlha le babulatsela ba ba kgethegileng le gore go tlhokega eng gore ba tsenele mefuta e mengwe ya tirelo ya nako e e tletseng. Motho yo o batlang go nna mmulatsela o tshwanetse go nna Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o tlhomang sekao, yo maemo a gagwe a mo letlang go fetsa diura tse di batlegang mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e saena dikopo tsa babulatsela ba ba thusang le babulatsela ba ka metlha mme ba ba kgethegileng bone ba tlhomiwa ke ofisi ya lekala.
12 Mmulatsela yo o thusang a ka direla ka lobaka lo lo seng kwa tlase ga kgwedi, ka dikgwedi dipe fela tse di latelanang kgotsa ka nako e e sa kgaotseng, go ikaegile ka maemo a gagwe. Baboledi ba Bogosi ba le bantsi ba itumelela go nna babulatsela ba ba thusang ka dipaka tse di kgethegileng, tse di jaaka paka ya Segopotso kgotsa ka kgwedi ya ketelo ya molebedi wa potologo. Bangwe ba dira jalo ka nako ya malatsi a bone a boikhutso. Baboledi ba ba kolobeditsweng ba ba tsenang sekolo ba ka rata go ikwadisetsa go nna babulatsela ba ba thusang ka dikgwedi tsa malatsi a bone a boikhutso a sekolo. Baboledi ba ka tlhopha go nna babulatsela ba ba thusang ba ba begang diura tse di fokoditsweng ka March le April le ka kgwedi ya ketelo ya molebedi wa potologo. Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, fa o le motho yo o itshwereng sentle e bile o na le mekgwa e mentle mme o ka kgona go dira dithulaganyo tsa go fitlhelela diura tse di batlegang mo bodireding jwa tshimo, e bile o dumela gore o ka kgona go fetsa kgwedi e le nngwe kgotsa go feta o le mmulatsela yo o thusang, bagolwane ba phuthego ba tla itumelela go amogela kopo ya gago ya tshiamelo eno ya tirelo.
13 Gore o tshwanelege go nna mmulatsela wa ka metlha, maemo a gago a tshwanetse a bo a go letla go fitlhelela diura tse di batlegang ka ngwaga mo tirelong ya tshimo. Fa o le mmulatsela wa ka metlha, o tshwanetse go dirisana mmogo thata le phuthego e o leng mo go yone. Babulatsela ba ba tlhagafetseng ba solegela phuthego molemo, ba tlhotlheletsa ba bangwe go tlhagafalela bodiredi jwa tshimo le e leng go ba kgothaletsa gore ba tsenele tirelo ya bobulatsela. Le fa go ntse jalo, pele ga o ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela wa ka metlha, o tshwanetse wa bo o le mmoledi yo o tlhomang sekao e bile o na le bobotlana dikgwedi di le thataro o kolobeditswe.
14 Gantsi babulatsela ba ba kgethegileng ba tlhophiwa mo babulatseleng ba ka metlha ba ba atlegang mo bodireding. Ba tshwanetse ba bo ba kgona go direla gongwe le gongwe kwa ofisi ya lekala e ba abelang gone. Gantsi, ba abelwa kwa mafelong a a kwa thoko koo ba ka bonang batho ba ba kgatlhegang teng ba bo ba tlhoma diphuthego tse disha. Ka dinako tse dingwe, babulatsela ba ba kgethegileng ba abelwa kwa diphuthegong tse di tlhokang go thusiwa gore di bereke tshimo yotlhe ya tsone. Babulatsela bangwe ba ba kgethegileng, ba e leng bagolwane ba ile ba abelwa kwa diphuthegong tse dinnye, tota le tse di sa tlhokeng badiri go le kalo mo tshimong. Babulatsela ba ba kgethegileng ba newa madinyana a go duelela ditshenyegelo tsa bone. Bangwe ba bone ba tlhomiwa ka nakwana.
TIRELO YA BORONGWA
15 Komiti ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang e tlhoma barongwa. Go tswa foo, Komiti ya Lekala ya naga ya bone e ba romela kwa mafelong a a nang le batho ba le bantsi. Ba fitlhelela go le gontsi thata mo go thuseng ka tiro ya go rera le mo go nonotsheng diphuthego. Gantsi barongwa ba thapisiwa kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. Ba newa matlo a ba tla nnang mo go one le madinyana a go duelela ditshenyegelo tsa bone.
TIRO YA POTOLOGO
16 Bakaulengwe ba ba tlhomiwang ke Setlhopha se se Laolang gore ba direle e le balebedi ba potologo, ba a thapisiwa e bile ba nna le maitemogelo ka go direla pele e le bathusi ba balebedi ba potologo. Banna bano ba rata bodiredi e bile ba rata bakaulengwe ba bone. Ke babulatsela ba ba tlhagafetseng, ke baithuti ba ba tlhagafetseng ba Baebele e bile ke dibui le barutisi ba ba nang le bokgoni. Ba bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang ka tsela e e tlhomologileng, ba tekatekano e bile ba na le temogo. Fa e le gore mokaulengwe yono o nyetse, mosadi wa gagwe wa mmulatsela o tshwanetse a bo a tlhoma sekao ka boitshwaro jwa gagwe le ka tsela e a dirisanang le ba bangwe ka yone. E tshwanetse ya bo e le motho yo o atlegang mo tirong ya go rera. Gape o tshwanetse a bo a tlhaloganya seabe sa gagwe sa go nna mosadi wa Mokeresete yo o ikokobeditseng, a sa rate go bua mo boemong jwa monna wa gagwe kgotsa e se motho yo o ratang gore go utlwiwe ka ene fela. Balebedi ba potologo le basadi ba bone ba na le thulaganyo e e ba tlhokang go le gontsi, ka jalo, ba ba kgaratlhelang tirelo eno ba tshwanetse ba bo ba na le botsogo jo bo siameng. Babulatsela ga ba tsenye kopo ya go nna balebedi ba potologo. Go na le moo, ba itsise molebedi wa potologo gore ba eletsa go direla e le balebedi ba potologo, mme ene o tla ba naya dikakantsho.
DIKOLO TSA PUSO YA MODIMO
17 Sekolo sa Baboledi ba Bogosi: Go tlhokega baboledi ba Bogosi ba le bantsi ba ba ka berekang tshimo e e berekwang sewelo le ba ba ka nonotshang diphuthego. Ka jalo, bakaulengwe ba ba sa nyalang, bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le banyalani ba ka tsenya dikopo tsa gore ba thapisiwe ka tsela e e kgethegileng kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. Fa ba sena go aloga, ba romelwa go ya go direla e le babulatsela ba ka metlha kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone mo dinageng tse ba tswang kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba newa dikabelo tse dingwe mo dinageng tsa bone kgotsa kwa dinageng di sele. Bangwe ba bone ba ka nna ba romelwa go ya go direla e le babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana kgotsa babulatsela ba ba kgethegileng ba ka metlha. Babulatsela ba ba kgatlhegelang go ya sekolong seno ba ka ya go utlwa gore ke dilo dife tse di lebeletsweng mo bathong ba ba batlang go ya sekolong seno kwa pokanong e e rulaganyediwang boikaelelo jono, e e nnang teng kwa kopanong ya tikologo.
18 Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade: Bakaulengwe ba ba sa nyalang, bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le banyalani ba ba tlhophiwang go ya sekolong seno, ba tshwanetse ba bo ba kgona go bua Seesemane e bile ba direla mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Ba na le bokgoni jwa go nonotsha diphuthego kgotsa makala. Ba setse ba bontshitse gore ba ipelela go direla bakaulengwe ba bone e bile ba ka kgona go thusa ba bangwe ka bonolo gore ba ithute kaelo ya Dikwalo le ya phuthego ya Modimo le go e ngaparela. Komiti ya Lekala ke yone e laletsang baboledi ba ba tshwanelegang gore ba tsenye dikopo. Baalogi ba sekolo seno ba romelwa kwa tshimong kgotsa kwa ofising ya lekala ya naga e sele kgotsa ya naga ya bone.
TIRELO YA BETHELE
19 Go direla kwa Bethele ke tshiamelo e e kgethegileng. Leina Bethele le kaya “Ntlo ya Modimo,” mme ruri leina leo le tshwanela mafelo ano a go direlwang ditiro tsa puso ya Modimo mo go one. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya Bethele ba dira tiro ya botlhokwa e e amanang le go gatisa, go ranola le go anamisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Setlhopha se se Laolang se se okametseng le go kaela diphuthego mo lefatsheng lotlhe, se anaanela tirelo ya bone fela thata. Bontsi jwa maloko a lelapa la Bethele a e leng baranodi a nna e bile a bereka kwa mafelong a a mo tshimong ya lekala la bone, kwa puo e ba ranolelang mo go yone e buiwang gone. Seno se ba thusa gore ba utlwe puo eo e buiwa letsatsi le letsatsi. Gape ba ka kgona go bona gore a batho ba tlhaloganya puo e e dirisitsweng mo dikgatisong tse ba di ranotseng.
20 Bontsi jwa ditiro tse di dirwang kwa Bethele ke tse di tlhokang maatla. Ka ntlha ya seno, bontsi jwa batho ba ba yang go direla kwa Bethele ke bakaulengwe ba ba ineetseng le go kolobediwa ba ba sa ntseng ba le basha ka dingwaga, ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile ba nonofile sentle. Fa e le gore go tlhokega badiri ba ba oketsegileng kwa lekaleng le le okametseng naga ya lona mme o ka rata go ya go direla teng, o ka bona tshedimosetso e e oketsegileng mo bagolwaneng ba phuthego ya gago.
TIRELO YA TSA KAGO
21 Tiro ya go aga mafelo a a dirisediwang ditiro tsa puso ya Modimo ke mofuta o mongwe wa tirelo e e boitshepo, e e tshwanang le tiro ya go aga tempele ya ga Solomone. (1 Dikg. 8:13-18) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba bontsha go tlhagafalela phuthego ya ga Jehofa thata ka go dirisa nako ya bone le dithoto tsa bone gore ba nne le seabe mo tirong eno.
22 A le wena o ka tsenya letsogo mo tirong eno? Fa o le mmoledi yo o kolobeditsweng mme o rata go nna le seabe mo tirong eno, bakaulengwe ba ba okametseng tiro ya go aga mo lefelong la lona ba ka anaanela thuso ya gago fela thata e bile ba ikemiseditse go go thapisa fa e le gore ga o na bokgoni. Ke eng fa o sa itsise bagolwane ba phuthego ya lona gore o ka kgona go thusa? Baboledi bangwe ba ba kolobeditsweng ba ba tshwanelegang ba ile ba bo ba kgona go ithaopela go ya go direla kwa dinageng tse dingwe mo diporojekeng tsa go aga mafelo a a dirisediwang ditiro tsa puso ya Modimo.
23 Go na le ditshono di le dintsi tsa go nna le seabe mo tirelong ya go aga. Baboledi ba ba kolobeditsweng ba ba tlhomang sekao ba ba nang le bokgoni bongwe, ba ba ka kgonang go tshegetsa diporojeke tsa go aga tse di mo tikologong ya bone ba ka direla e le baithaopi mo Lefapheng la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga. Ba bangwe ba kgona go tshegetsa diporojeke tsa go aga tse di kwa mafelong a a kgakala ka nako e e lekanyeditsweng mme ba tlhomiwa ke ofisi ya lekala gore ba direle e le baithaopi ba tsa kago, mo lobakeng lwa dibeke di le pedi go ya go dikgwedi di le tharo. Ba ba tlhomiwang go direla ka lobaka lo loleele ba bidiwa badiredi ba tsa kago. Modiredi wa tsa kago yo o abelwang go ya go direla kwa dinageng di sele, o bidiwa modiredi wa tsa kago yo o direlang kwa dinageng di sele. Setlhopha sa go Aga se se dirilweng ka badiredi ba tsa kago le baithaopi ba tsa kago, se etelela pele mo porojekeng nngwe le nngwe mme se thusiwa ke baithaopi ba ba direlang mo Lefapheng la go Tlhama Dipolane le la go Aga le baithaopi ba ba tswang mo diphuthegong tse di agelwang holo. Ditlhopha Tsa go Aga di dira tiro ya go aga mo mafelong a a mo tshimong ya lekala la tsone.
O IPEETSE MEKGELE EFE GO OKETSA TIRELO YA GAGO?
24 Fa o setse o ineetse mo go Jehofa, keletso ya gago ke go mo direla ka bosakhutleng. Mme gone, ke mekgele efe e o ipeetseng yone? Go ipeela mekgele ya go direla Modimo go tla go thusa go dirisa maatla le dilo tse o nang le tsone ka botlhale. (1 Bakor. 9:26) Mekgele e e ntseng jalo e tla go thusa gore tumelo ya gago e nonofe e bile e tla go thusa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata fa o ntse o leka go tshwanelegela ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo.—Bafil. 1:10; 1 Tim. 4:15, 16.
25 Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao se se molemo se re ka se etsang fa re direla Modimo. (1 Bakor. 11:1) Paulo o ne a dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa. O ne a lemoga gore Jehofa o ne a mo neile ditshono di le dintsi. O ne a kwalela bakaulengwe ba kwa Korintha jaana: “Ke buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” A ga go jalo le ka rona? Go ntse jalo, le rona re bulegetswe ke ditshono di le dintsi tsa go direla Jehofa re na le bakaulengwe ba rona, segolobogolo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Mme jaaka Paulo, re tshwanetse go gopola gore go tsena ka ‘kgoro eo e kgolo’ go akaretsa go itshokela “baganetsi ba le bantsi.” (1 Bakor. 16:9) Paulo o ne a iketleeleditse go nna a ikgalemela. Ela tlhoko se a ileng a se bua: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka.” (1 Bakor. 9:24-27) A le rona re dira jalo?
Go ipeela mekgele ya go direla Modimo go tla go thusa go dirisa maatla le dilo tse o nang le tsone ka botlhale
26 Mongwe le mongwe wa rona o kgothalediwa go ipeela mekgele e e ka mo thusang go gatela pele go ya kafa maemo a gagwe a mo letlang ka gone. Gompieno baboledi ba le bantsi ba tsenetse mofuta mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng ka gonne ba ile ba ipeela mekgele ya go direla Jehofa fa ba sa ntse ba le bannye. Tota le fa e ne e sa ntse e le bana, batsadi ba bone le batho ba bangwe ba ne ba ba kgothaletsa go dira jalo. Ka jalo, ba ile ba ipelela go direla Jehofa tirelo e e molemolemo—ba sa ikwatlhaele seo. (Dia. 10:22) Mekgele e mengwe ya botlhokwa e re ka ipeelang yone e ka nna go ya tirelong ya tshimo beke nngwe le nngwe, go simolola thuto ya legae ya Baebele le go e tshwara kgotsa go ipha nako ya go baakanyetsa dipokano. Selo sa botlhokwa ke gore re eme re nitame re bo re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo. Fa re dira jalo, re tla tlotla Jehofa e bile re tla fitlhelela mokgele wa rona o mogolo, e leng go mo direla ka bosakhutleng.—Luke 13:24; 1 Tim. 4:7b, 8.