Masetlapelo a a Bakiwang ke Dintwa
Dintwa di bakela batho masetlapelo a a seng kana ka sepe. Masole le batho ba ba nnang mo mafelong a a amilweng ke dintwa go ralala lefatshe, ba itse manokonoko a a bakiwang ke ntwa.
MASOLE
“O nna o bona batho ba bolawa kgotsa ba gobala mo go botlhoko. O nna fela o tshogile.”—Gary, Britain.
“Ke ne ka itewa ke marumo mo mokwatleng le mo sefatlhegong e bile ke ne ka bona batho ba le bantsi ba bolawa, go akaretsa bana le bagodi. Ntwa e dira gore o nne peloethata.”—Wilmar, Colombia.
“Fa o bona mongwe a thuntshiwa fa pele ga gago, tiragalo eo ga e tswe mo mogopolong wa gago. O nna fela o mmona kgotsa o mo utlwa a goa. Ga o lebale motho yoo.”—Zafirah, United States.
BATHO BA BA MO MAFELONG A A AMILWENG KE DINTWA
“Ke ne ke sa akanye gore ke tla tsamaya ke itumela gape. Ke ne ke nna fela ke tshogile ke akanya gore ke tla swa, mme thatathata ke ne ke tshogetse gore ba lelapa la me le ditsala ba tla bolawa.”—Oleksandra, Ukraine.
“Re ne re tshwanelwa ke go ema mo laeneng ya dijo go tloga ka 2 mo mosong go fitlha ka 11 bosigo mme re ne re nna re tshogile ka gonne re ne re itse gore re ka nna ra thuntshiwa ke marumo a a sa re lebaganang.”—Daler, Tajikistan.
“Batsadi ba me ba ne ba bolawa ka nako ya ntwa. Ke ne ka sala ke le khutsana, go se na ope yo o nkgomotsang kgotsa yo o ntlhokomelang.”—Marie, Rwanda.
Le fa gone batho ba go buiwang ka bone fa godimo ba ile ba boga ka ntlha ya ntwa, gone jaanong ba bone kgomotso. Mo godimo ga moo, ba tlhatswegile pelo gore mo bogautshwaneng, dintwa di tlile go fela. Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tla dirisa ditemana tsa Baebele go tlhalosa gore seo se tla direga jang.