LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp25 no. 1 ts. 14-15
  • O ka Nna le Kagiso Le fa Go na Le Dintwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Nna le Kagiso Le fa Go na Le Dintwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masetlapelo a a Bakiwang ke Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Modimo o Ikutlwa Jang fa o Boga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
wp25 no. 1 ts. 14-15
Monnamogolo yo o kgaogileng matsogo kwa ntweng, o dutse mo wheelchair mme o na le ba lelapa la gagwe kwa ntle ga ntlo ba itumelela dijo.

O ka Nna le Kagiso Le fa Go na Le Dintwa

Gary yo e kileng ya bo e le lesole a re: “Pele ga ke ithuta Baebele, ke ne ke sa tlhaloganye lebaka la go bo go tletse bosetlhogo, tshiamololo le mathata mo lefatsheng. Mme gone jaanong ke na le kagiso. Ke a itse gore Jehofa Modimo o tla fetola lefatshe leno gore e nne lefelo le le sireletsegileng.”

Gary ga se ene fela a ikutlwang ka tsela eo. Ela tlhoko kafa Baebele e thusitseng batho bangwe ka gone.

BAEBELE E A RE: “O molemo Jehofa e bile o ikemiseditse go itshwarela.”​—Pesalema 86:5.

KAFA TEMANA ENO E THUSANG KA GONE: “Temana eno e ntlhomamisetsa gore Jehofa o kutlwelobotlhoko. Le fa gone ke ile ka dira dilo tse dintsi fa ke ne ke lwa mo dintweng, ke a itse gore o tla intshwarela.”​—Wilmar, Colombia.

BAEBELE E A RE: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, e bile ga di kitla di tla mo pelong.”​—Isaia 65:17.

KAFA TEMANA ENO E THUSANG KA GONE: “Ke na le bothata jwa go tlhobaela thata ka ntlha ya ditiragalo tse di utlwisang botlhoko tse di neng tsa direga fa ke ne le lesole e bile ke na le dipreshene. Mme temana eno e nkgopotsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tla fedisa dikakanyo tseno tse di nkutlwisang botlhoko le tse di ntlhobaetsang. Ga nkitla ke tlhola ke di gopola. Ruri eo ke mpho e e molemo!”​—Zafirah, United States.

BAEBELE E A RE: “Mo motlheng wa gagwe basiami ba tla oketsega, e bile kagiso e tla nna ntsi go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng.”​—Pesalema 72:7.

KAFA TEMANA ENO E THUSANG KA GONE: “Ke nna ke akanya ka mafoko ao. Mo nakong e e sa fediseng pelo, ntwa le ditlamorago tsa yone tse di utlwisang botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone, e bile ga re kitla re tlhola re tshwenyega ka gore a batho ba re ba ratang ba sireletsegile.”​—Oleksandra, Ukraine.

BAEBELE E A RE: “Baswi ba gago ba tla tshela. . . . Tsogang mme lo goe ka boitumelo, lona ba ba nnang mo loroleng!”​—Isaia 26:19.

KAFA TEMANA ENO E THUSANG KA GONE: “Bontsi jwa ba lelapa la gaetsho ba ile ba bolawa ka nako ya fa go ne go bolawa Batutsi. Mme temana eno e ntlhomamisetsa gore ke tla ba bona gape. Ke lebile pele go ba utlwa ba bua ba itumetse fa ba sena go tsosiwa mo baswing!”​—Marie, Rwanda.

BAEBELE E A RE: “Go ise go ye kae, batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng . . . Le fa go ntse jalo, ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”​—Pesalema 37:10, 11.

KAFA DITEMANA TSENO DI THUSANG KA GONE: “Le fa gone ntwa e fetile, go sa ntse go tletse tshiamololo le batho ba ba bosula. Ditemana tseno di nthusitse thata. Jehofa o bona sengwe le sengwe e bile o tlhaloganya boemo jwa me. O solofetsa gore go ise go ye kae, batho ba tla bo ba sa tlhole ba boga e bile ba tla bo ba lebetse ka pogo.”​—Daler, Tajikistan.

Batho ba go buiwang ka bone mo makasineng ono, ke bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione, ba Baebele e ba thusitseng go bona kagiso. Ba ithutile gore ba ka fenya jang letlhoo le le bakiwang ke go sa tshwaneng ga batho ka mmala, bosetšhaba le bomorafe. (Baefeso 4:31, 32) Basupi ba ga Jehofa ga ba tsenele dipolotiki e bile ga ba nne le seabe mo dintweng.​—Johane 18:36.

Gape Basupi ba ga Jehofa ba a thusana ka gonne ba ratana. (Johane 13:35) Ka sekai, Oleksandra, yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ne a tshwanelwa ke go tshabela kwa nageng e nngwe le mogolowe ka ntlha ya ntwa. A re: “Fela fa re sena go kgabaganya molelwane, re ne ra bona Basupi ba koo ba re emetse. E re ka ba ile ba re ema nôkeng, go ne ga nna motlhofo gore re tlwaele go tshela mo nageng e nngwe re le batshabi.”

Re go laletsa gore o re etele kwa dipokanong tsa rona, tse kwa go tsone re ithutang molaetsa wa kagiso o o tswang mo Baebeleng le kafa re ka o dirisang ka gone. Tsena mo jw.org/tn mme o batle lefelo le le gaufi le wena kgotsa o tsenye kopo ya go ithuta Baebele mahala le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o dirisa kgatiso ya setlhogo se se reng, Itumelele go Tshelela Ruri!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela