LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb15 ts. 118-ts. 119 ser. 4
  • “Ke ne Ka Lwa Jaaka Tau”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke ne Ka Lwa Jaaka Tau”
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boammaaruri bo Fetola Matshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Rotlhe re Tlhoka go Gomodiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Rre yo Bana ba mo Tlhokang
    Tsogang!—2004
  • Ke Bone fa Jehofa a le Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
yb15 ts. 118-ts. 119 ser. 4

DOMINICAN REPUBLIC

“Ke ne Ka Lwa Jaaka Tau”

Luis Eduardo Montás

  • O TSHOTSWE KA 1906

  • O KOLOBEDITSWE KA 1947

  • DINTLHA KA GA GAGWE O kile a direla mo lekokong la sepolotiki la ga Rafael Trujillo. O ne a ithuta boammaaruri mme a tlhokafala ka 2000 a ntse a ikanyega mo Jehofa.

Setshwantsho mo go tsebe 118

LUIS, yo e neng e le losika lwa ga Trujillo, e ne e le motshwaramatlotlo wa lekoko le le busang la sepolotiki, Partido Dominicano (Lekoko la Dominican). Le fa go ntse jalo, Luis o ne a sa beye puso ya ga Trujillo sebete e bile o ne a leka go tlogela tiro ka makgetlo a le mantsi mme mmusaesi o ne a nna a gana.

Trujillo o ne a dira gore bomogolowe Luis ba babedi ba bolawe mme seno se ne sa dira gore Luis a batle go mmolaya. O ne a leka go mmolaya ka makgetlo a mabedi. Luis o ne a batla go bona monna yono a sule, ka jalo o ne a ya go batla thuso kwa go ba ba buang le meya, a ba raya a re: “Ke phologolo e bile o ithaya a re ke ene, ke ene!” O ne a bona buka ya “The Truth Shall Make You Free” mo tafoleng ya ntlo ya mongwe yo o buang le meya, mme a simolola go e bala. O ne a kgatlhilwe thata ke buka eno mo a neng a ya gae ka yone mme morago a swetsa ka go re ke boammaaruri jo a ntseng a bo batla.

Fa Luis a le kwa Ciudad Trujillo, o ne a ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mme a tla ka dibuka le dimakasine di le mmalwa. O badile dikgatiso tseno bosigo jotlhe a bo a ya go kopa thuto ya Baebele moragonyana. Luis o ne a gatela pele mme a dira tshwetso ya go tlogela go direla puso ya ga Trujillo. Fa mmusaesi a utlwa ka tshwetso eno, o ne a re o mo naya tiro ya maemo a a kwa godimo ya go nna moemedi wa puso ya Dominican Republic kwa Puerto Rico. Luis o ne a e gana le fa a ne a itse gore seo se tla dira gore a boge.

Luis a re: “Ke ne ke bogisiwa ka ditsela tse di farologaneng le puso e ne e nteka ka ditsela tsotlhe. Mme ke ne ke ikemiseditse go fetwa ke menate ya lefatshe leno.” Luis e ne ya nna mmoledi yo o bolelang dikgang tse di molemo ka bopelokgale e bile baruti ba Katoliki ba ne ba mmitsa “moruti.” Luis o ne a kolobediwa ka October 5, 1947, dikgwedi di le thataro morago ga pokano ya gagwe ya ntlha.

Fa Luis a sena go kolobediwa, ba ne ba mo tsoma jaaka phologolo mme ba mo tshwara ba bo ba mo tsenya mo seleng ya motho a le esi. Ba ne ba leka go mmolaya ka makgetlo a le mantsi. Nako le nako fa a tshwarwa a bo a isiwa kgotlatshekelong o ne a dirisa tshono eo go naya bosupi. Luis a re: “Ke ne ka lwa jaaka tau go femela tumelo ya me mme ke sa ntse ke gakologelwa nako eo ka boitumelo.”

Tsela e Luis a neng a ikanyega ka yone mo Modimong e ne ya bonwa ke batho mo setšhabeng. Ka 1994, El Siglo e leng lokwalodikgang la Dominican, lo ne lwa bega jaana ka Luis: “Rre Luis Eduardo Montás o itsege mo San Cristobal e le monna yo o tsayang dilo masisi. Monna yono ke mpho, o kutlwelobotlhoko e bile o bonolo. Sengwe le sengwe se se itsiweng ka monna yono mo hisitoring ya San Cristobal se amanngwa le tiro ya gagwe ya Bokeresete.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela