LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb16 ts. 172-ts. 175 ser. 5
  • Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1916

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1916
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baeti ba Sedumedi Ba ne Ba Kgothatsa
  • Go Direla le ka Nako ya Ntwa
  • Ga ba A ka Ba Tsaya Letlhakore
  • Charles Taze Russell o a Swa
  • Motlha wa go Lekwa (1914-1918)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1917
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
  • Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
yb16 ts. 172-ts. 175 ser. 5
Mokaulengwe Russell a dutse mo koloing le setlhopha sa baeti ba sedumedi

Bangwe ba ditsala tsa ga Mokaulengwe Russell e ne e le baeti ba sedumedi ba ba dirang ka natla

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng 1916

MO MASIMOLOGONG a ngwaga wa 1916, Ntwa e Kgolo e moragonyana e neng ya bidiwa Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, e ne e setse e na le lobaka lo lo fetang ngwaga e lowa. Go ne ga swa batho ba le bantsi mo matlhakoreng oomabedi a ntwa.

Makasine wa The Watch Tower wa January 1, 1916 o ne wa re: “Ntwa e kgolo ya Yuropa e ne ya dira gore batho ba tsene dikereke le gore ba tlhobaele ka isagwe ya bone.” Makasine oo o ne wa tswelela ka go re: “A re tsweleleng re itumelela ditshiamelo le ditshono tsa rona gore re se ka ra felelwa ke bopelokgale mme re tlhagafalele go direla Modimo le go rera Molaetsa wa Gagwe.”

Temana ya ngwaga ya 1916 e e neng e theilwe mo go Baroma 4:20 mo thanolong ya King James Version, e ne e kgothaletsa bakaulengwe go nna ba “nonofile mo tumelong.” Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba ne ba dira fela jalo mme ba itumelela go segofadiwa thata ke Jehofa.

Baeti ba Sedumedi Ba ne Ba Kgothatsa

Baemedi ba ba etang ba Watch Tower Society ba ba neng ba itsiwe e le baeti ba sedumedi, ba ne ba etela ditoropo go kgothatsa le go naya Baithuti ba Baebele ditaelo. Ka 1916 baeti ba sedumedi ba ka nna 69 ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 800 000 ba dira tiro eno.

Fa moeti wa sedumedi e bong Walter Thorn a ne a neetse puo kwa kopanong kwa Norfolk, Virginia, o ne a tshwantsha ntwa ya Bakeresete le Ntwa e Kgolo jaana: “Go fopholediwa gore go na le dimilione di ka nna 20 go ya go di le 30 tsa banna ba ba mo ntweng. . . . Gape go na le [masole] a mangwe a a sa itseweng. Ke masole a Morena, e bile fela jaaka mophato wa ntwa wa ga Gidione, le one a a lwa mme e seng ka dibetsa tsa mmatota. A lwela boammaaruri le tshiamo e bile a lwa ntwa e e molemo ya tumelo.”

Go Direla le ka Nako ya Ntwa

Kwa Fora, banna ba feta milione ba ne ba gobala le go swa mo Ntweng ya Ntlha ya Somme, e e neng ya lowa kwa bowelong jwa ngwaga wa 1916. Mo mafelong mangwe kwa Fora, bakaulengwe ba ba neng ba dira ka natla ba ne ba tshegetsa ditlhopha kgotsa diphuthego le fa maemo a ntwa a ne a dira gore go nne thata go dira jalo. Makasine wa The Watch Tower wa January 15, 1916 o ne wa gatisa lekwalo le le tswang kwa go Joseph Lefèvre, e leng Moithuti wa Baebele yo o neng a tshwanelwa ke go tshaba mo lefelong le a neng a nna kwa go lone la Denain kwa Fora, fa le ne le tlhaselwa ke masole a Jeremane ka 1914. O ne a tshabela kwa Paris mme a simolola go kopanela le setlhopha se se neng se le mo toropong eo sa Baithuti ba Baebele. Le fa gone a ne a lwala, o ne a simolola go tshwara dipokano tsotlhe.

Moragonyana Joseph o ne a kopana le Théophile Lequime yo le ene a neng a tshabile kwa Denain. Mokaulengwe Lequime o ne a ya kwa Auchel kwa Fora, kwa a neng a simolola go ranola ditlhogo tsa makasine wa The Watch Tower gone, a bo a di romelela bakaulengwe mo dikgaolong tse dingwe tsa Fora tse go neng go sa lowe kwa go tsone. O ne a lelekiwa kwa Auchel ke baeteledipele ba sesole ba ba neng ba belaela ditiro tsa gagwe. Fa mokaulengwe Lequime a goroga kwa Paris, mokaulengwe Lefèvre o ne a tsaya gore dithapelo tsa gagwe di arabilwe.

TBa ne ba segofalediwa tiro e ba neng ba e dira kwa Paris. Mokaulengwe Lefèvre o ne a bega jaana: “Jaanong re na le setlhopha sa batho ba ka nna 45 . . . Ba le bantsi ba ipeletse melemo le tshiamelo ya go direla Modimo, e bile ba gatela pele thata semoyeng. Mo e ka nnang maloko otlhe a nna gone kwa dipokanong tsa beke le beke.”

Ga ba A ka Ba Tsaya Letlhakore

Fa ntwa e ntse e tsweletse, bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba lebana le teko ya go sa tseye letlhakore. Kwa Great Britain go ne ga tlhomiwa Molao wa Tirelo ya Sesole wa go re banna ba dingwaga di le 18 go ya go di le 40 ba tsenele sesole. Le fa go ntse jalo, Baithuti ba Baebele ba le bantsi ba ne ba ema ba nitame ka go sa tseye letlhakore.

Ka sekai, makasine wa The Watch Tower wa April 15, 1916 o ne wa gatisa lekwalo le le neng le tswa kwa go W. O. Warden wa Scotland. O ne a re: “Mongwe wa barwa ba me o na le dingwaga di le 19. Gape o setse a neetse bosupi jo bo molemo ka Morena ka go sa ikwadisetse sesole e bile fa go ka direga gore ba batle go mo thuntsha ka go bo a sa ntse a gana, ke solofela gore Jehofa o tla mo thusa go nna a nitame mo melaometheong ya boammaaruri le tshiamo.”

Lekawana lengwe le le bidiwang James Frederick Scott le le neng le rekisa dibuka la kwa Edinburgh, kwa Scotland, le ne la sekisediwa go bo le sa ikwadisetsa go tsenela bosole. Fa kgotlatshekelo e se na go utlwa bosupi jwa ga Mokaulengwe Scott, e ne ya swetsa ka go re “o ne a sa amiwe ke Molao oo” e bile o ne a se molato.

Le fa go ntse jalo ba bangwe ga ba a ka ba gololwa. Ka September, bakaulengwe ba le 23 mo go ba le 264 ba ba neng ba kopa go gololwa, ba ne ba abelwa tiro e e sa amaneng le go lwa. Pego ya makasine wa The Watch Tower wa October 15, 1916 e ne ya re ba bangwe ba ba neng ba ntse ba “otlhaiwa ka ditsela tse di farologaneng,” ba ne ba laelwa go dira “Tirelo Setšhaba, jaaka go dira ditsela, go epa dikwari le tse dingwe.” Go ne ga gololwa bakaulengwe ba le batlhano fela mo tirong ya sesole.

Charles Taze Russell o a Swa

Ka October 16, 1916, Charles Taze Russell yo e neng e le moeteledipele wa Baithuti ba Baebele ka nako eo, o ne a simolola go etela dikgaolo tse di kwa bophirima jwa United States a ruta. Ga a ka a boela gae. Motshegare ka Labobedi October 31, Mokaulengwe Russell o ne a tlhokafala a le mo tereneng kwa Pampa kwa Texas a le dingwaga di le 64.

Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba sa akanye gore go na le mongwe yo o tla tsayang maemo a ga Mokaulengwe Russell. Wili ya gagwe e e neng ya gatisiwa mo makasineng wa The Watch Tower wa December 1, 1916, e ne ya umaka se a neng a eletsa gore se dirwe malebana le tiro e a neng a na le lobaka lo loleele a e eteletse pele. Le fa go ntse jalo, potso e ne e le go re: Ke mang yo o neng a tla tsweletsa tiro eno?

Potso eo e ne e tla arabiwa kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e e neng e tla tshwarwa mo masimologong a ngwaga wa 1917. Ba ba neng ba le teng ba ne ba tlhopha yo o neng a tla etelela pele mme ba ne ba dumalana. Le fa go ntse jalo, dikgwedi tse di neng di latela di ne tsa bontsha gore tshwetso e e neng e dirilwe e ne e ka se nnele ruri e bile bakaulengwe ba ne ba letetswe ke diteko tse dikgolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela