LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 23
  • Nka Dirang fa Batho ba Bua ka Nna?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirang fa Batho ba Bua ka Nna?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo go utlwisa botlhoko
  • Ka maswabi​—ga se ka metlha o ka go thibelang
  • Se se molemo—ga go tlhoke go go utlwisa botlhoko
  • Ke Eng se Se Phoso Ka go Bua ka Batho?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Eng se se Maswemaswe Jalo ka go Seba?
    Tsogang!—1999
  • Nka Thibela Tshebo Jang?
    Tsogang!—2007
  • Go Seba—Ke Ka Ntlha Yang Fa go Gogela Jaana?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 23

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang fa Batho ba Bua ka Nna?

  • Dipotso ka go seba

  • Lebaka la go bo go utlwisa botlhoko

  • Ka maswabi​—ga se ka metlha o ka go thibelang

  • Se se molemo​—ga go tlhoke go go utlwisa botlhoko

Dipotso ka go seba

  1. O lemoga gore tsala ya gago e ntse e tsamaya e seba ka wena. Go motlhofo go le kana kang gore o ikgatolose se se diragetseng?

    • Go motlhofo

    • Go thata

    • Go ka se kgonege

  2. O lemoga gore tsala ya gago e ntse e tsamaya e seba ka wena. Go motlhofo go le kana kang go ya go bua le ene ka kgang eno (o digile makgwafo)?

    • Go motlhofo

    • Go thata

    • Go ka se kgonege

  3. O lemoga gore tsala ya gago e ntse e tsamaya e seba ka wena​—mme wena o na le dikgang tse di kgatlhang mme gone di sa siama ka tsala eo. Go motlhofo go le kana kang mo go wena gore o se ka wa ipusolosetsa?

    • Go motlhofo

    • Go thata

    • Go ka se kgonege

Fa e le gore o arabile o re “go thata” kgotsa “go ka se kgonege” mo go nngwe ya dipotso tseno, setlhogo seno se tla go thusa go bona ditsela tse di botoka tsa go lebana le tshebo.

Lebaka la go bo go utlwisa botlhoko

Ka dinako dingwe tshebo e a bo e le e e utlwisang botlhoko​—ka sekai, maaka a motho o a bong a leka ka boomo go go senya leina ka one. Mme le fa tshebo e se masisi go le kalo, e sa ntse e ka utlwisa botlhoko​—segolobogolo fa e anamisiwa ke motho yo o neng o akanya gore o atamalane le ene!​—Pesalema 55:12-14.

“Ke ne ka utlwalela gore tsala ya me e ne e nja direthe e re ga ke amege ka batho ba bangwe. Seo se ile sa nkutlwisa botlhoko tota! Ke ne ke sa tlhaloganye lebaka la go bo a ne a ka bua jalo.”​—Ashley.

Boammaaruri: Go sa kgathalesege gore motho yo o go sebang ke tsala e o atamalaneng le yone kgotsa nnyaa, ga go monate go itse gore batho ba bangwe ba bua dilo tse di sa siamang ka wena.

Ka maswabi​—ga se ka metlha o ka go thibelang

Go na le mabaka a le mantsi a a ka dirang gore batho ba bue ka wena, a a akaretsang ano:

Go kgatlhegela ba bangwe ka tsela ya mmatota. Batho ke dibopiwa tse di botsalano. Ka jalo, go tlwaelegile gore re bue le ba bangwe (re bo re bue ka ba bangwe). Tota e bile Baebele e re kgothaletsa “go kgatlhegela” ba bangwe.​—Bafilipi 2:4.

“Batho ke bone ba gantsi go kgatlhang go bua ka bone!”​—Bianca.

“Go bua boammaaruri fela, ke rata go itse gore go diragalang mo matshelong a batho ba bangwe le go bolelela ba bangwe ka gone. Ga ke itse gore ke eng fa ke dira jalo—mme go monate.”​—Katie.

Go borega. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go ne go na le batho ba ba neng ba “sa dirise nako ya bone ya boiketlo mo go sepe fa e se go bolela sengwe kgotsa go reetsa sengwe se sesha.” (Ditiro 17:21) Go ntse fela jalo le gompieno!

“Ka dinako tse dingwe fa go sa diragale sepe se se kgatlhang, batho ba a se itlhamela e le gore ba nne le sengwe se ba buang ka sone.”​—Joanna.

Go sa itshepe. Go a utlwala go bo Baebele e tlhagisa ka mokgwa wa go ipapisa le batho ba bangwe. (Bagalatia 6:4) Ka maswabi, batho bangwe ba lepalepana le go sa itshepe ka go anamisa tshebo e e sa siamang.

“Tshebo e e sa siamang e senola sengwe ka motho yo o e anamisang. Gantsi e kaya gore ka tsela nngwe o tswela motho yo a mo sebang pelo. O anamisa magatwe gore a ikutlwe botoka, a akanye gore o botoka mo mothong yoo.”​—Phil.

Boammaaruri: O rata kgotsa o sa rate, batho ba tla bua ka ba bangwe​—go akaretsa le wena.

Se se molemo—ga go tlhoke go go utlwisa botlhoko

Gongwe o ka se kgone go thibela gore batho ba sebe ka wena, mme gone o ka tlhopha gore o tla go tsibogela jang. Fa o lemoga gore go na le magatwe a a tletsetletseng ka ga gago, go na le dilo di ka nna pedi tse o ka tlhophang go di dira.

TLHOPHO 1: Tlhokomologa. Gantsi selo se se molemo se o ka se dirang ke go itlhokomolosa magatwe ao​—segolobogolo fa magatwe ao e se a sepe. Dirisa kgakololo eno ya Baebele: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago.”​—Moreri 7:9.

“Go ne go na le magatwe a gore ke ratana le mosimane mongwe​—motho yo ke neng ke ise ke tsamaye ke kopane le ene! E ne e le ditlontlokwane tota, ka jalo ke ne ka itshegela fela.”​—Elise.

“Tsela e e molemo ya go lwantsha tshebo ke go itirela leina le lentle. Le fa go ka buiwa dilo tse di bosula ka ga gago, fa o na le leina le lentle, ga se gantsi batho ba ka di dumelang. Batho ba tla iponela se e leng boammaaruri ka wena.”​—Allison.

Ntlha e o ka e dirisang: Kwala (1) se se builweng ka ga gago le (2) kafa se dirileng gore o ikutlwe ka gone. Fa o sena ‘go buela mo pelong ya gago,’ go ka nna motlhofo gore o lebale ka kgang eo.​—Pesalema 4:4.

TLHOPHO 2: Bua le motho yo o simolotseng tshebo eo. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa akanya gore dilo tse di builweng ka wena di masisi thata mo o tlhokang go bua le motho yo o di buileng.

“Fa o ya go bua le motho yo o sebang ka wena, a ka lemoga gore dilo tse a di buang ka batho di feleletsa di fitlhile kwa ditsebeng tsa bone. E bile o ka itlhatswa leina mme gongwe o rarabolole bothata joo.”​—Elise.

Pele o ya go bua le motho yo o go sebileng, sekaseka melaometheo e e latelang ya Baebele mme o ipotse dipotso tse di fa thoko ga yone.

  • “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” (Diane 18:13) ‘A tota ke itse dintlha tsotlhe? A go ka direga gore motho yo o mpoleletseng ka tshebo eo o ne a sa tlhaloganye se a se utlwileng ka nna?’

  • “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) ‘A go tla bo go siame go ya go bua le motho yo o ntshebileng gone jaanong? A ke tlhomamisegile gore ke tla bua ka kgang eno ke sa feteletse dilo? A kgotsa go tla nna botoka go letla nakonyana e fete gore ke letle maikutlo a me go ritibala?’

  • “Tshwara ba bangwe ka tsela e o batlang ba go tshwara ka yone.” (Mathaio 7:12, NET Bible) ‘Fa e ne e le nna ke sebileng mongwe, ke ne ke tla batla gore motho yoo a bue le nna jang? Ke ne nka rata go tlotla ka kgang eno mo maemong a a ntseng jang? Go ne go ka nna molemo go dirisa mafoko afe le go itshwara ka tsela efe?’

Ntlha e o ka e dirisang: Pele ga o ka ya go bua le motho yo o go sebileng, kwala se o ikaeletseng go se bua. Go tswa foo leta beke kgotsa tse pedi, o bo o bala gape se o se kwadileng mme o bone gore a o tlhoka go dira diphetogo. Gape bua le motsadi wa gago kgotsa tsala e e godileng ka se o ikaeletseng go se dira, mme o kope kgakololo ya gagwe.

Boammaaruri: Fela jaaka go ntse ka dilo tse dintsi mo botshelong, go sebiwa ke sengwe ke o ka se kgoneng go se laola. Mme seo ga se kaye gore go tshwanetse go go laola!

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Dilo dingwe tse batho ba di buang ka wena ke boeleele fela, mme tse dingwe di masisi. Fa e le boeleele fela, di itlhokomolose. Mme fa e le kgang e e masisi—e e ka go senyang leina​—o ka tlhoka go bua le motho yo o e simolotseng.”​—Brianna.

“Fa batho ba go seba, o se ka wa ipusolosetsa ka go ba seba kgotsa go ba bua bosula. Fa o dira jalo, o tla bo o dira sone se o se tlhoileng.”​—Olivia.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela