LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 80
  • A Nako ya go Swa e Laoletswe Go sa Le Gale?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Nako ya go Swa e Laoletswe Go sa Le Gale?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Tlholelo e Tlhoma Kafa Isagwe ya Gago e Tla Nnang ka Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go na Le Nako ya Sengwe le Sengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Botshelo Jwa Rona bo Laoletswe Go sa Le Gale?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Tshwanelo Yotlhe ya Motho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 80
Motho a tsenngwa mo ambulenseng ba bangwe ba lebile

A Nako ya Rona ya go Swa e Laoletswe Go sa Le Gale?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, ga re na nako e e laoletsweng go sa le gale e re tla swang ka yone. Baebele ga e buelele thuto ya tlholelo, go na le moo, ya re gantsi loso lo nna gone ka ntlha ya “tiragalo e e sa bonelwang pele.”​—Moreri 9:11.

A Baebele ga e re go na le “motlha wa go swa”?

Ebu, Moreri 3:2 ya re go na le “motlha wa go tsalwa, le motlha wa go swa; motlha wa go tlhoma, le motlha wa go khumola sone se se tlhomilweng.” (Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng temana eno di bontsha gore Baebele e bua ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo. (Moreri 3:1-8) Modimo ga a tlhoma nako ya rona ya go swa, fela jaaka a sa pateletse molemirui go jala dijalo ka nako e e rileng. Go na le moo, ntlha ya botlhokwa ke gore ga re a tshwanela go itewa tsebe ke dilo tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi mo re felelang re tlhokomologa Mmopi wa rona.​—Moreri 3:11; 12:1, 13.

Botshelo bo ka lelefadiwa

Le fa gone botshelo bo sa tlhomama, gantsi re ka kgona go tshela lobaka lo loleele fa re dira ditshwetso tse di botlhale. Baebele ya re: “Molao wa yo o botlhale ke motswedi wa botshelo, go faposa motho mo dirung tsa loso.” (Diane 13:14) Ka tsela e e tshwanang, Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore ba ka dira gore ‘malatsi a bone a nne maleele’ ka go ikobela melao ya Modimo. (Duteronome 6:2) Go farologana le seo, re ka khutshwafatsa botshelo jwa rona ka go dira dilo tse di bosula kgotsa tsa boeleele.​—Moreri 7:17.

Go sa kgathalesege gore re botlhale kgotsa re kelotlhoko go le kana kang, ga re ka ke ra tila loso. (Baroma 5:12) Le fa go ntse jalo, seno se tla fetoga ka gonne Baebele e solofetsa nako e mo go yone ‘loso lo tla bong lo seyo.’​—Tshenolo 21:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela