LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 53
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Arabe fa ba Latofadiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Arabe fa ba Latofadiwa?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Femela Tumelo ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tsela e Bakeresete ba Itshwarang ka Yone fa ba Kgobiwa ke Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Kgothatsa ba Bangwe ka Mafoko a a Molemo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 53
Basupi ba ga Jehofa ga ba arabe monna yo o lekang go ngangisana le bone

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Arabe fa ba Latofadiwa?

Basupi ba ga Jehofa ba latela kgakololo ya Baebele ya gore ba se ka ba araba nako le nako fa ba latofadiwa ka sengwe kgotsa ba kgalwa. Ka sekai, seane sengwe sa Baebele se a re: “Yo o siamisang mosotli o itlisetsa tlontlologo.” (Diane 9:7, 8; 26:4) Go na le go tlhola re ngangisana le batho ba ba re latofatsang ka maaka, re tlhoma mogopolo mo go itumediseng Modimo.—Pesalema 119:69.

Baebele ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:7) Re araba batho ba ba kgatlhegelang go itse boammaaruri mme re tila go tlhola re ngangisana le batho go sa tlhokege. Ka go dira jalo, re latela dithuto le sekao sa ga Jesu le sa Bakeresete ba bogologolo.

  • Fa Jesu a ne a tlisitswe kwa go Pilato, ga a ka a araba fa a latofadiwa ka maaka. (Mathaio 27:11-14; 1 Petere 2:21-23) Ka tsela e e tshwanang, ga a ka a araba fa batho ba ne ba mo latofatsa gore ke letagwa le gore o ja bobe. Go na le moo, o ne a tshela go ya ka molaomotheo wa Baebele o o reng: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Mme o ne a bua ka bopelokgale fa ba bangwe ba ne ba mo senya leina.—Mathaio 15:1-3; Mareko 3:22-30.

    Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba se ka ba kgobiwa marapo fa ba latofadiwa ka maaka. O ne a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka.” (Mathaio 5:11, 12) Gape o ne a ba bolelela gore fa go tlhaga tshono ya gore ba neye bosupi, o tla dira se a ba solofeditseng sone fa a ne a re: “Ke tla lo naya molomo le botlhale, tse baganetsi ba lona botlhe ba le mmogo ba se kitlang ba kgona go emelelana le tsone kgotsa go di ganetsa.”—Luke 21:12-15.

  • Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba tlogele go nna ba ngangisana le baganetsi ba bone mme a ba bolelela gore dingangisano tseo “ga di na poelo e bile ga di na mosola.”—Tito 3:9; Baroma 16:17, 18.

  • Moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa Bakeresete gore ba emele tumelo ya bone fa go kgonega. (1 Petere 3:15) Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore gantsi go botlhokwa gore seo se dirwe ka ditiro e seng ka mafoko. O ne a kwala jaana: “Ka go dira molemo lo tle lo bofe puo ya go tlhoka kitso ya batho ba ba seng tekatekano”—1 Petere 2:12-15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela