LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwhf setlhogo 1
  • Go Tila go Phatloga ka Bogale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tila go Phatloga ka Bogale
  • Go Thusa Lelapa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se o tlhokang go se itse
  • Se o ka se dirang
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Kgalefo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bothata Jwa go Galefa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Thusa Lelapa
ijwhf setlhogo 1
Mosadi a galefisiwa ke gore o tlhatswa dijana mme monna wa gagwe ene o lebile thelebishene

GO THUSA LELAPA

Go Tila go Phatloga ka Bogale

Motho yo o nyalaneng le ene o dira sengwe kgotsa o bua sengwe se se go galefisang mme wena o itira e kete ga o a galefa. Go tswa foo o a go lemoga gore o galefile mme o nna a go botsa gore a o siame. Seo se go tena le go feta. Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa phatloga ka bogale?

  • Se o tlhokang go se itse

  • Se o ka se dirang

Se o tlhokang go se itse

  • Go galefa thata go ka go lwatsa. Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba sa kgoneng go itshwara fa ba galefile ba feleletsa ba tsenwe ke malwetse a a jaaka high blood, malwetse a pelo, malwetse a tlhaloganyo e bile mmele wa bone ga o kgone go sila dijo sentle. Gape go galefa go ka dira gore motho a tlhoke boroko, a tshwenyege thata, a nne le mathata a letlalo kgotsa a tshwarwe ke stroke. Ke ka moo Baebele e reng: “Lesa bogale . . . , [ka gonne] bo isa bosuleng.”​—Pesalema 37:8, Tswana Central.

  • Go gatelela maikutlo fa o galefile go kotsi. Go nna o galefile go ka tshwantshiwa le bolwetse jo bo bolaelang motho mo teng. Ka sekai, motho a ka simolola go sa tshepe batho kgotsa go ba tshwayatshwaya diphoso. Motho yo o ntseng jalo ga a kgone go tshela le batho e bile a ka feleletsa a itshenyeditse lenyalo.

Se o ka se dirang

  • Se se go kgatlhang ka botho jwa gagwe. Kwala dilo tse tharo tse o di ratang ka motho yo o nyalaneng le ene. Fa a dira sengwe se se go galefisang, akanya ka dilo tseo. Seno se ka go thusa gore o se ka wa mo galefela thata.

    Baebele ya re: “Lo nne ba ba lebogang.”​—Bakolosa 3:15, Tswana Central.

    Mosadi a akanya ka tsela e monna wa gagwe a mo thusang ka yone mo ntlong, a mo reetsang le go mo tlhokomela ka yone fa a lwala
  • Ithute go itshwarela. Sa ntlha, leka go reetsa motho yo o nyalaneng le ene fa a go tlhalosetsa maikutlo a gagwe. Seno se tla go thusa gore o kgone go mo tlhaloganya. (1 Petere 3:8) Go tswa foo ipotse gore a selo se a se dirileng se maswe thata mo o sa kgoneng go mo itshwarela.

    Baebele ya re: “Ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.”​—Diane 19:11.

  • Bua sentle fa o tlhalosa maikutlo a gago. Ka sekai, go na le gore o mo reye o re: “Fa o tsamaile o bo o sa nfounele o mpolelela gore o kae, o mpontsha gore ga o nkakanyetse,” mo reye o re: “Ke tshwenyega thata ka wena fa go nna bosigo mme ke sa itse gore a o siame kwa o leng teng.” Go bua sentle go tla go thusa gore o se ka wa galefa.

    Baebele ya re: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.”​—Bakolosa 4:6.

  • Ithute go reetsa. Fa o sena go bua, letla motho yo o nyalaneng le ene gore a arabe mme o se ka wa mo tsena ganong. Fa a sena go bua, boeletsa se a ntseng a se bua go bona gore a o mo tlhalogantse sentle. Go reetsa go ka go thusa gore o se ka wa galefa.

    Baebele ya re: “O tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua.”​—Jakobe 1:19.

Tim le Jennifer

“Fa o itira e kete ga o a galefa, o tlile go didimala mme letsatsi lengwe o tlile go phatloga ka bogale. Go botoka go bua ka bothata go na le go didimala. Fa nna le monna wa me re se na go bua ka bothata bongwe, re a tle re re: ‘A re ka nna ditsala gape?’”​—Jennifer le monna wa gagwe e bong Tim.

Jade le Corey

“Selo se ke se ratang ka monna wa me ke gore o a ntheetsa e bile o tlhaloganya dilo tse ke tshwenyegileng ka tsone. Le fa a sa dumalane le nna, o akanyetsa maikutlo a me. Ga a dire gore ke ikutlwe e kete ke sematla.”​—Jade le monna wa gagwe e bong Corey.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela