LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwwd setlhogo 8
  • Glue e e Dirwang ke Barnacle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Glue e e Dirwang ke Barnacle
  • A di Dirilwe ke Mongwe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlalo le le Kgonang go Iphepafatsa la Leruarua
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • Sekgomaretsi sa Seboko sa Sandcastle
    Tsogang!—2011
  • Ditlhale Tse Ditshesane Tsa Setshedi se se Nnang mo Kgapetleng
    Tsogang!—2016
  • “Diterenanyana” Tse di Phatsimang mo Lefifing
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A di Dirilwe ke Mongwe?
ijwwd setlhogo 8
Barnacles

A DI DIRILWE KE MONGWE?

Glue e e Dirwang ke Barnacle

Baitsesaense ga ba bolo go lemoga gore di-barnacle di kgona go kgomarela mo matlapeng, mo maboteng a fa dikepe di emang mo go one le ka fa tlase ga dikepe. Glue ya barnacle e kgona go kgomarela go feta glue epe fela e e dirilweng ke batho. Ke gone baitsesaense ba lemogang gore setshedi seno se dira jang gore se kgone go kgomarela mo dilong le fa dilo tsa teng di na le metsi kgotsa di kolobile.

Akanya ka ntlha eno: Baitsesaense ba re barnacle nngwe e e bidiwang larva, e tsamayatsamaya mo matlapeng le mo dilong dingwe e leba gore ke kae mo e ka ikgomaretsang gone. Fa e sena go bona ko e ka kgomarelang gone, e ntsha dilo tse pedi gore e kgone go kgomarela mo selong seo. Sa ntlha, e ntsha mafura, mme mafura ao a phimola metsi a a mo selong seo. Gape mafura ao a thusa gore lefelo leo le barnacle e batlang go kgomarela mo go lone le siamele gore barnacle e kgone go tshasa selo sa bobedi se se bidiwang phosphoproteins.

Dilo tseno tse pedi fa di kopana (mafura le phosphoproteins) di dira glue e e thata jaana mo eleng gore le di baketeria di ka se ka tsa kgona go e senya. Go botlhokwa gore glue eo e nne thata e bile e se ka ya senyega gotlhelele ka gonne barnacle eo e tlile go nna mo lefelong leo botshelo jwa yone jotlhe.

Di-barnacle, di ingapareditse ka glue ya tsone.

Di barnacle, di ingapareditse ka glue ya tsone

Tsela e di-barnacle di dirang glue ya tsone ka yone e raraane go gaisa tsela e baitsesaense ba neng ba akanya ka yone. Mongwe wa baitsesaense a re: “Mokgwa ono o barnacle e o dirisang wa go kgona go kgomarela mo dilong tse di nang le metsi o a kgatlha.” Mokgwa ono o barnacle e o dirisang, o ka kgona go thusa baitsesaense go dira glue e e kgona go kgomarela le mo dilong tse di nang le metsi kgotsa tse di nnang mo metsing le go kgona go dira glue ka dilo tsa tlhago, e e ka kgonang go dirisiwa mo dilong tsa motlakase kgotsa tsa kalafi.

O akanyang? A glue ya barnacle e itlhagetse fela? Kgotsa a e tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela