LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/11 ts. 26
  • Sekgomaretsi sa Seboko sa Sandcastle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekgomaretsi sa Seboko sa Sandcastle
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
  • Glue e e Dirwang ke Barnacle
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • Kgogometso e Ntle
    Tsogang!—2008
  • A Ruri go Sunetsa Sekgomaretsi go ka Nkgobatsa?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 4/11 ts. 26

A se Ne se Tlhamilwe?

Sekgomaretsi sa Seboko sa Sandcastle

● Dingaka tse di arang di baakanya marapo a a robegileng ka go dirisa dipekere, dipoleite tsa tshipi le dikurufu mme didirisiwa tseo di dikgolo thata go ka dirisiwa mo dikarolwaneng tse dinnye tsa marapo. Go fitlha bosheng jaana, babatlisisi ba ne ba sa kgone go dira sekgomaretsi se se ka kgonang go oma mo tikologong e e metsi ya mmele wa motho. Ba ne ba bona tharabololo e e ka thusang fa ba ne ba ithuta ka seboko sa sandcastle!

Ela tlhoko: Seboko seno sa sandcastle se aga ntlo ya sone e e keteng tšhupu e e ka fa tlase ga metsi ka dikarolwana tsa moshawa le dikgapetla. Karolwana nngwe le nngwe e kopanngwa le e nngwe ka sekgomaretsi se sennye se se dirwang mo kgelesweng e e mo mmeleng wa seboko. Sekgomaretsi seno ke sa maemo a a kwa godimo fa se bapisiwa le dikgomaretsi tsa bosheng tse di dirilweng ke batho. Se na le sete e e kgethegileng ya diporoteine tse fa di kopanngwa, di dirang gore sekgomaretsi seo se ome kafa tlase ga metsi—gape se ome ka bonako! Seboko sa sandcastle se ile sa bidiwa mmetli yo o setswerere wa maje mme go a utlwala go bo ba rialo. Russell Stewart, wa Yunibesithi ya kwa Utah, o bolela gore setshedinyana seno se sennye se rarabolotse “mathata a a raraaneng a go kgomaretsa dilo.”

Babatlisisi ba dirile mefuta ya dikgomaretsi e e tshwanang le ya sa seboko sa sandcastle mme e nonofile go feta ya sekgomaretsi sa seboko seno. Sekgomaretsi se kgabagare se tla dirisiwang mo karong se tla tshwanelwa gape ke gore se kgone go gakologa gore fa se dirisiwa go baakanya marapo a a robegileng, se kgone go gakologa fa lerapo le fola. Fa sekgomaretsi seno se ka kgona go dirisiwa mo bathong, e tla bo e le katlego e kgolo mo go tsa kalafi.

O akanya eng? A sekgomaretsi se se tlhomologileng sa seboko sa sandcastle se nnile gone ka bosone fela? Kgotsa a se ne se tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Babatlisisi ba solofela go baakanya marapo a a robegileng kwantle ga go dirisa dikarolwana tsa tshipi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Sandcastle worm: © Peter J. Bryant, University of California, Irvine

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela