Basha ba Botsa Jaana . . .
A Ruri go Sunetsa Sekgomaretsi go ka Nkgobatsa?
“GO MONATE—go tshwana le go leba difilimi tsa metlae.” Go bolela jalo Sveta, mosetsana wa dingwaga tse 13 wa kwa Moscow, kwa Russia.a Mme gone, Sveta ga a bue jaana gonne a kgatlhilwe ke filimi kana bidio nngwe ya bosheng. O tlhalosa se se diragalang fa a dirisitse mofuta mongwe wa seokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang e e ratiwang thata ke diketekete tsa basha mo lefatsheng lotlhe—go sunetsa sekgomaretsi.
Lefa go ntse jalo sekgomaretsi ke sengwe fela sa dilo tse dintsi tse basha ba di sunetsang. Ka sekai, go ya ka makasine wa Young People Now, kwa Borithane, dibolayamonko; seedi se se tshubang molelo, le “dikhemikale tse dingwe tse di tlwaelegileng tse di dirisiwang mo gae di le 20 go ya go 30 . . . di dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang.” Dilo tseno di akaretsa “ditsamodi tse di okobatsang ditlhabi, pholetšhe ya fanitšhara, le dilo tse go baakanngwang maotwana ka tsone fa a dule mowa.” Aitsane, basha bangwe ba sunetsa le mosi o o tswang mo ditankeng tsa go tima molelo! Ka jalo mokgwa o o maswe ono mme fela o ratiwa thata o ka bidiwa sentle gore ke “go sa diriseng diedi sentle” kana “go sa dirisiweng sentle ga diedi tse di mowafalang ka bonako” jaaka baitse bangwe ba di bitsa.
Le fa ba ka tswa ba sa dirise sekgomaretsi kana pholetšhe ya fanitšhara sentle, batho ba ba di sunetsang ba a bo ba batla go ikutlwa fela ka tsela e e tshwanang. Go ya ka motswedi mongwe, ba batla fela “go nna mo ‘maibing’ go go tshwanang fela le fa motho a nole bojalwa.” Diedi di tlhwatlhwatlase e bile di bonwa motlhofo go gaisa diokobatsi tse di kotsi tse di tshwanang le khokeine. Makasine wa kwa Borithane wa New Scientist o ne wa bega jaana: “Diedi ke diokobatsi tse di dirisiwang ke bahumanegi, basha, le ba ba senang magae: bana ba ba nnang fela mo mebileng ba kwa Guatemala le baagi ba ba tsholetsweng kwa Amerika Bokone, mmogo le basha ba ba nnang mo dihosetele le ba ba senang magae ba ba nnang mo mebileng ya Borithane.” Metswedi mengwe ya tshedimosetso e dumela gore ngwana a le 1 mo basimaneng le mo basetsaneng bangwe le bangwe ba le 10 ba dingwaga tsa bolesome ba Borithane ba ile ba sunetsa diedi. Mme seo se diphatsa.
Bukana ya Drug Misuse e tlhalosa gore “fa o sunetsa seedi, se fetela kwa makgwafong se bo se fitlha kwa bobokong ka bonako fela.” Diedi di ama methapo ka bonako tota, mme fela jaaka bojalwa, di ka dira gore o nne mo maibing ka nakwana. Mo bathong bangwe ba ba di dirisang, di dira gore ba bone dipono tse di farologaneng ka nakwana—mme ga di itumedise tsotlhe go tshwana le tse di neng tsa tlhalosiwa ke Sveta kwa tshimologong. “Ke ne ka bona dipeba tse dintsintsi,” go bolela jalo mosha mongwe yo o bidiwang David yo a neng a sunetsa sekgomaretsi fa a na le dingwaga di le 14. “Di ne di le diketekete—tse dinnye di tswa mo go tse dikgolo. Ke ne ke akanya gore di ja tsala ya me.” Mosha mongwe wa kwa Japane yo o bidiwang Kazuhiko, yo o neng a simolola go sunetsa sekgomaretsi fa a na le dingwaga di le 17 o gakologelwa seno: “Ke ne ka bona lefatshe le phatloga mme ka tlhaselwa ke dibatana.”
Ka gone he, ke eng fa basha ba rata go sunetsa diedi jaana? Lee, yo o neng a simolola go sunetsa sekgomaretsi fa a ne a na le dingwaga di le 13 o bolela jaana: “Totatota, batho ba dira seno ka go bo ba batla go itebatsa dilo tsa botshelo jwa bone.” Ee, basha bangwe ba itsenya mo maibing ka diedi gore ba lebale mathata a bone. Ba bangwe ba batla monate; ba akanya gore pono nngwe e e tshosang e tshwana fela le go itlosa bodutu ka filimi e e tshosang. “Mabaka a mangwe,” go bolela jalo Lephata la Boitekanelo la kwa Ireland, “a akaretsa go batla go ikutlwela, go gatelelwa ke bankane, go leka go itlhatlosa maemo, go tlhatlosa seriti sa gago le go tlosa go ikutlwa o se sepe.”
Loso lwa Tshoganetso
Lefa go sunetsa diedi go ka tswa go kgatlha jang, go a bolaya! Go ne ga bolaya batho ba le 149 kwa Borithane ka 1990, e bile ka dinako tse dingwe go bolaya motho mo metsotsong e sekae fela. Go bidiwa “loso lwa tshoganetso lwa go sunetsa.” Ka sekai Rachel, o ne a tlhola a tshela seedi se se phimolang diphoso sa motšhini o o tlanyang mo lebogong la hempe a bo a se sunetsa a le kwa sekolong. Ka letsatsi lengwe o ne a se sunetsa a le mo beseng. O ne a fologa bese a bo a wela fa fatshe. O ne a ema ka lobakanyana a bo a wa gape—a swa! Rachel o ne a na le dingwaga di le 15.
Selo se se tshosang thata ke ntlha ya gore diedi di ka go bolaya lekgetlo la ntlha fela o simolola go sa di dirise sentle! Re-Solv, lekgotla lengwe la kwa Borithane le le tlhometsweng go lwa le go sa diriseng diedi sentle, le bega gore “18% ya botlhe ba ba bolailweng ke go sa dirise diedi sentle fa gare ga 1971 le 1989 e ne e le ba e neng e le la ntlha ba di ‘sunetsa.’” Yo mmotlana thata mo go ba ba suleng o ne a na le dingwaga di le robonngwe fela. Fela jaaka go sa dirise bojalwa sentle, go sa dirise diedi sentle le gone go ka bolelwa gore go loma ‘jaaka noga, go loma jaaka shaushawane.’—Diane 23:32.
Batho ba ba sunetsang ba ka bolawa gape ke dikotsi tse di tlhagang fa ba tagilwe ke diedi. Bangwe ba ne ba wa ba le kwa godimo ga dikago kana ba ne ba betwa. Bangwe ba ile ba idibala mme ba kgangwa ke matlhatsa a bone. Bangwe ba ile ba swa ka go bo ba ne ba sunetsa ba khurumeditse ditlhogo tsa bone ka kgetse ya polasetiki; ba ne ba tagwa mo ba neng ba palelwa ke go tlosa kgetse eo mme ba hupela. Ba bangwe gape ba ne ba swa fa diedi tseno di ne di tshwara molelo.
Go Kgotlela Mmele le Dikotsi Tse Dingwe
Le mororo dikotsi tse di maswe tseo di sa tlhagele mongwe le mongwe, moitse mongwe o kwala jaana: “Motho yo o agang a sa di dirise sentle o itse gore o ‘kgotlela’ mmele wa gagwe e bile o nna le ditlhabi mo mafatlheng, ga a kgone go itsetsepela, o opiwa ke tlhogo, o lebala thata gape o nna le mathata a mangwe a mantsintsi a a sa a dumeleng bonolo.” Lee (yo o umakilweng kwa pelenyana) o gakologelwa jaana: “Ke ne ka opiwa ke tlhogo botlhoko tota kafa e neng e ise e nkope ka teng mo botshelong jwa me.” Lekgotla la Re-Solv le bolela gore go sunetsa diedi go ka gobatsa diphilo le sebete, gape go ka nna ga dira gore tlhaloganyo e se ka ya dira sentle le go dira motho gore a tshwenyege thata mo maikutlong.
Mme seno se senya gape le boitsholo. Basunetsi bangwe ba fetoga magodu gore ba kgone go duelela mokgwa ono wa bone. Kana ela tlhoko se se neng sa begiwa mo Daily Yomiuri ya kwa Japane: “Mongwe wa basha ba bararo ba go neng go supiwa gore ba bolaile mosetsana wa dingwaga tsa bolesome o ne a [bolela] gore o ne a sa ikutlwe a le molato ka gope fa a ne a bolaya mosetsana yoo gonne a ne a le mo maibing a [diedi] ka nako eo.”
Kwa bokhutlong, maikutlo a motho a ka tlwaela go ikaega ka diedi—a tshwakgoga. “Mo e ka nnang 10% ya bao ba ileng ba dirisa diedi ka tsela e e sa tshwanelang, ba ne ba simolola go di sunetsa ka dinako tsotlhe,” go bolela jalo Glasgow Herald ya kwa Scotland. Seno se ka dira gore maikutlo a motho le bomoya jwa gagwe di se ka tsa gola. Akanyetsa mafoko ano a Bibela a a mo go 1 Bakorintha 14:20: “Se nneñ banyana mo tlhaloganyoñ: . . . me mo tlhaloganyoñ lo nnè banna.” Motho o gola jang fa go tla mo ntlheng eno? Bibela e tlhalosa jaana mo go Bahebera 5:14: “Diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” Tlhaloganyo ya motho yo o tshwakgogileng ga e gole. Go na le gore a rarabolole mathata, o leka go a tila ka go itsenya mo maibing ka seokobatsi sengwe. Makasine wa Young People Now o ne wa re ba ba sunetsang ka metlha ba “kaelelwa fela mo bongwaneng—ga ba kgone go nna bagolo.”
O Se Ka wa Leka!
O ka tswa o itse bankane ba gago ba ba ileng ba lekeletsa go sunetsa diedi, e bile go batla go ikutlwela sengwe ke selo sa tlholego fela. Lefa go ntse jalo, Bibela ya re: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Ke eng fa o batla go lekeletsa sengwe se se kgotlelang mmele wa gago kana se se dirang gore o se ka wa kgona go laola tlhaloganyo ya gago, lefa e ka nna ka nakwana fela? Lefoko la Modimo le re gakolola gore re nne “boitekanèlō.” (1 Bathesalonia 5:6) Polelwana eno totatota e kaya “go nna o se mo maibing.” Mokeresete o sireletsa dinonofo tse di tlhwatlhwakgolo tsa go akanya ka botlhale go na le gore a di kgotlele.—Diane 2:11; 5:2.
Kazuhiko o bolela jaana: “Tota ke a ikwatlhaya go bo ke ne ka simolola mokgwa ono.” Lee le ene o dumela ka go bolela jaana: “Tota ke boeleele. Ke selo se se kotsi thata.” Se ipiletse ditlhabi le bohutsana, e bile o se ka wa bo wa leka go sunetsa diedi. Dira jaaka Bibela e bolela jaana: “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla, me ba utlwe botlhoko ka gōna.”—Diane 22:3.
Lefa go ntse jalo, go ka nna ga nna thata go dirisa kgakololo eno. “Go gatelelwa ke setlhopha sa bankane” ke lengwe la mabaka a a tlwaelegileng thata a a digelang bangwe mo seraing sa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. “Nkgonne o ne a ntira gore ke kgatlhegele go sunetsa sekgomaretsi,” go bolela jalo David yo mmotlana. “Ditsala tsa me ke tsone tse di nthutileng,” go oketsa jalo Kazuhiko. Ee, fela jaaka 1 Bakorintha 15:33 e bolela, “go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Ke eng fa o letla bankane gore ba senye botshelo jwa gago? Rraarona wa selegodimo, Jehofa Modimo, o re kgothatsa jaana: “Morwaaka, ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla.”—Diane 1:10.
Itsise batsadi ba gago ka botlhale fa go na le bangwe ba ba go gatelelang gore o dirise diokobatsi. Ba ka go thusa gore o kgone go gana o nonofile. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o raelesega gore o leke go sunetsa diedi gonne o ikutlwa o gateletswe ke mathata kana a go fekeetsa. Selo se se ka go thusang thata fa o ngomogile maikutlo ke gore o bue mathata a gago le batsadi ba gago, kana mogolo mongwe yo o akanyang dilo ka tsela ya segolo, e bile a le kutlwelobotlhoko. Se o se tlhokang ke go kaelwa, e seng go iphalotsa ka go siela mo diokobatsing. Gape o ka rapela gore o kgone go itshoka. “Ikanyeñ mo [Modimong] ka metlha eotlhe,” go bolela jalo mopesalema. “Tshelañ dipelo tsa lona ha pele ga ōna.”—Pesalema 62:8.
Go sunetsa diedi go ka lebega go kgatlha, lefa go ntse jalo go ka se ka ga rarabolola mathata a gago. Eleruri go ka senya botshelo jwa gago. Tlhalefa. O se ka wa bo wa go leka.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a mangwe a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Se letle bankane ba gago gore ba go raele gore o dire tiro eno e e bolayang