Dipotso Tse Di Tswang go BabadI
A go tla bo go siame go dumela go amogela mokento mongwe o o lwantshang malwetsi kana go tlhabiwa lomao ka melemo mengwe ya kalafi e e nang le “albumin” e e ntshitsweng mo mading a motho?
Tota, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse gore a itirele tshwetso mo go seno ene ka boene.
Batlhanka ba Modimo ba batla go latela taelo e e fitlhelwang mo go Ditiro 15:28, 29 ya go ithiba mo mading. Ka jalo, Bakeresete ga ba kitla ba ja nama e e sa tshololwang madi kana dijo tse di ntseng jaaka boroso e e dirilweng ka madi. Mme molao wa Modimo o dira le mo mabakeng a tsa kalafi. Basupi ba ga Jehofa ba na le karatanyana e e bontshang gore ba gana go tshelwa madi, go amogela madi a a tletseng, disele tse di khibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete kana polasema ya madi.’ Mme he, go tweng ka mekento ya serum e e nang le selekanyo se sennye sa poroteine ya madi?
Basupi ga ba bolo go lemoga gore eno ke kgang e motho a tshwanetseng go itirela tshwetso ka boene go dumalana le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. Seno se ne sa bontshiwa mo setlhogong sa “Dipotso tse di Tswang go Babadi” sa Tora ya Tebelo ya June 1,1990, se se neng se bua ka ga mekento ya serum e ngaka e ka akantshang go e naya motho fa motho a tlhasetswe ke malwetse mangwe. Dikarolwana tse di dirang mo mekentong e e ntseng jalo ga se polasema ya madi ka boone mme ke dilwantshaditwatsi, tse di tswang mo polasemeng ya madi a diphologolo kana a batho bao mebele ya bone e kgonneng go ikemela mo malwetsing. Bakeresete bangwe ba ba akanyang gore ba ka amogela mekento e e ntseng jalo ka segakolodi se se phepa ba ile ba lemoga gore dilwantshaditwatsi tse di tswang mo mading a mosadi yo o moimana di kgona go fetela mo mading a losea lo lo mo sebopelong sa gagwe. Setlhogo sa “Dipotso tse di Tswang go Babadi” se ne sa umaka ntlha eno, le gore albumin nngwe e e tswang mo mosading yo o moimana e ka tsena mo loseeng lwa gagwe.
Batho bangwe ba fitlhela fa seno se le mosola e re ka mekento mengwe e e lwantshang malwetsi, e e sa dirwang ka madi, e ka nna ya bo e na le karolo e e potlana fela ya albumin ya polasema e e ileng ya dirisiwa kana ya tlhakanngwa go ritibatsa dikarolwana tse di dirisitsweng fa go ne go dirwa motswako oo. Gone jaanong karolwana e e potlana ya albumin e dirisiwa gape le mo mekentong ya horomone e e itiretsweng ya EPO (erythropoietin). Basupi bangwe ba ile ba amogela mekento mengwe ya EPO ka gonne e kgona go dira gore mmele o dire disele tse dikhibidu tsa madi ka bonako mme ka jalo ngaka e bo e sa bone fa go tlhokega gore ba tshelwe madi.
Go ka nna ga direga gore mo isagweng go dirisiwe metswako e mengwe ya kalafi e e nang le karolwana e e potlana thata ya albumin, e re ka dikhampani tse di dirang melemo di ntse di dira melemo e mesha kana ba fetola tsela e ba dirang e e setseng e le teng. Ka jalo, Bakeresete ba ka nna ba rata go itse gore a mokento o o lwantshang malwetsi kana o mongwe fela o ngaka e akantshang gore ba o newe o na le albumin nngwe. Fa e le gore ba a belaela kana ba na le lebaka la go dumela gore motswako ono o na le karolwana ya albumin, ba ka nna ba botsa ngaka e e ba alafang.
Jaaka go bontshitswe, Basupi ba le bantsi ga ba a ka ba gana mokento mongwe o o nang le karolwana e e potlana ya albumin. Lefa go ntse jalo, ope fela yo o batlang go sekaseka kgang eno sentle pele ga a ka dira tshwetso ya gagwe o tshwanetse gore a bale gape dintlha tse di mo setlhogong sa “Dipotso tse di Tswang go Babadi” se se go Tora ya Tebelo ya June 1,1990.