LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/08 ts. 26-29
  • Ke Eng Fa ke Sa Fedise Botshelo Jwa me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa ke Sa Fedise Botshelo Jwa me?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Dirang Gore Bangwe ba Tlalelwe
  • A ga Go na Tharabololo?
  • Maemo a a Fetoga
  • Botlhokwa Jwa Thapelo
  • Fa Bothata e le Jwa Boitekanelo
  • A ga Go Botoka Gore ke Fedise Botshelo Jwa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • A go Ipolaya go Rarabolola Mathata?
    Tsogang!—1994
  • O ka Bona Thuso
    Tsogang!—2001
  • Fa Tsholofelo le Lorato di Boa
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 5/08 ts. 26-29

Basha ba Botsa Jaana

Ke Eng Fa ke Sa Fedise Botshelo Jwa me?

Ngwaga le ngwaga dimilione tsa basha di leka go fedisa botshelo jwa tsone. Diketekete di a atlega mo go direng seno. Ka go bo go na le basha ba le bantsi jaana ba ba ipolayang, bakwadi ba “Tsogang!” ba bone go le botlhokwa go tlotla ka kgang eno.

“NTETLA gore ke swe. Go botoka go swa go na le go tshela.” Ke mang yo o neng a bua mafoko ao? A ke mongwe yo o sa dumeleng mo Modimong? A ke mongwe yo o tlogetseng Modimo? A ke mongwe yo Modimo a mo tlogetseng? Nnyaa, ga se ope wa ba ba builweng fa godimo. Mmui e ne e le monna yo o boifang Modimo mme o ne a tlhakane tlhogo—Jona.a (Jona 4:3 Today’s English Version) Baebele ga e bue gore Jona o ne a batla go fedisa botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, kopo ya gagwe ya go tlalelwa e bontsha ntlha e e botlhokwa ya gore ka dinako tse dingwe tota le badiredi ba Modimo ba ka ngomoga pelo thata.—Pesalema 34:19.

Basha bangwe ba ikutlwa ba tlaletswe ka tsela e e ntseng jalo mo ba bileng ba sa bone lebaka la go tswelela ba tshela. Ba ka ikutlwa fela jaaka Laurab wa dingwaga di le 16 a ne a ikutlwa, yo o neng a bolela jaana: “Ke ntse ke na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di le dintsi. Gantsi ke akanya ka go ipolaya.” Fa o itse mongwe yo o kileng a bua ka kgang ya gore o batla go ipolaya—kana fa o kile wa akanya go dira seo wena ka bowena—o ka dira eng? Sa ntlha, mma re tlhatlhobe lebaka la gore ke ka ntlha yang fa motho a ka nna le kakanyo e e ntseng jalo.

Se se Dirang Gore Bangwe ba Tlalelwe

Ke ka ntlha yang fa motho a ka akanya ka go fedisa botshelo jwa gagwe? Go ka nna le mabaka a le mmalwa. La ntlha, re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima bo lebana le tsone,’ mme basha ba bantsi ba amiwa ke mathata a botshelo ka tsela e kgolwane. (2 Timotheo 3:1) Gape, go sa itekanelang go ka dira gore bangwe ba nne ba na le dikgopolo tse di sa siamang ka tsela e ba itebang ka yone le ka maemo a a ba dikologileng. (Baroma 7:22-24) Ka dinako tse dingwe seno se diragala ka go bo ba sotliwa. Mo maemong a mangwe seno se ka dirwa ke bolwetse. E bile go akanngwa gore mo nageng nngwe batho ba ba fetang diperesente di le 90 ba ba ipolayang ba ka tswa ba na le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo.c

Gone ke boammaaruri gore ga go na motho yo o se nang mathata. Eleruri, Baebele e bolela gore “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Seno se akaretsa le basha. Tota e bile, basha ba amiwa thata ke ditiragalo tse di sa siamang tse di jaaka tseno:

◼ Go swelwa ke wa losika, tsala kana seruiwa

◼ Dikgotlhang tsa mo lelapeng

◼ Go sa falole kwa sekolong

◼ Go kgaogana le mongwe yo ba ratanang le ene

◼ Go sotliwa (go akaretsa mo mmeleng kana ka tlhakanelodikobo)

Ke boammaaruri gore mo nakong nngwe mo botshelong jwa bone basha botlhe ba lebana le nngwe ya mathata a a tlhalositsweng fa godimo. Ke eng fa ba bangwe ba kgona go emelana le maemo ano go gaisa ba bangwe? Bomankge ba bolela gore basha ba ba batlang go itlhoboga ba akanya gore ga go na ope yo o tla ba thusang e bile ga go na tharabololo ya mathata a bone. Ka mafoko a mangwe basha bano ba dumela gore ga go na sepe se ba ka se dirang go baakanya boemo jwa bone mme ga ba bone sepe se se molemo se se ka ba diragalelang. Dr. Kathleen McCoy o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Gantsi basha bano ba bo ba sa batle go swa. Ba batla fela gore botlhoko bo fele.”

A ga Go na Tharabololo?

O ka tswa o itse mongwe yo o batlang gore ‘botlhoko bo fele’ thata jaana mo e bile a akanyang go fedisa botshelo jwa gagwe. Fa go ntse jalo, o ka dira eng?

Fa tsala e tlaletswe thata jaana mo e batlang go swa, mo tlhotlheletse gore a batle thuso. Morago ga foo, le fa a ka tswa a sa batle gore ope a itse ka kgang eno, bolelela motho yo o godileng ka kgang eno. O se ka wa tshwenyega gore o tla bo o senya botsala. Fa o bolelela mongwe ka kgang eno o tla bo o bontsha gore o “molekane wa boammaaruri” ene “yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Gongwe o ka boloka botshelo jwa gagwe.

Mme go tweng fa e le gore wena ka bowena o akanya ka go fedisa botshelo jwa gago? Dr. McCoy o go rotloetsa jaana: “Batla thuso. Bolelela mongwe gore o ikutlwa jang, o ka bolelela motsadi, mongwe wa losika, tsala, morutabana, moemedi wa bodumedi kgotsa mongwe yo o amegang yo o ka go tsayang masisi a bo a go reetsa mme a thusa batho bangwe ba ba botlhokwa mo botshelong jwa gago gore ba reetse se o batlang go se bua.”

Ga o ne o latlhegelwa ke sepe—mme e bile o tla thusega thata fa o bua ka mathata a gago. Akanya ka sekai sa Baebele. Mo nakong nngwe mo botshelong jwa gagwe, Jobe o ne a re: “Moya wa me o ila botshelo jwa me.” Mme a oketsa ka gore: “Ke tla bua kaga go tshwenyega ga me. Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!” (Jobe 10:1) Jobe o ne a tlaletswe mme o ne a tlhoka go bua ka botlhoko jwa gagwe. O ka solegelwa molemo thata ke go bulela tsala nngwe e e godileng mafatlha a gago.

Bakeresete ba ba ngomogileng pelo ba na le thuso e e oketsegileng e leng bagolwane ba phuthego. (Jakobe 5:14, 15) Gone mme go bua fela ka mathata a gago ga go ne go dira gore a nyelele. Mme gone go ka go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e lekalekaneng, mme le kemonokeng ya mongwe yo o mo ikanyang e ka nna sone se o se tlhokang gore o bone tsela ya go rarabolola bothata jwa gago.

Maemo a a Fetoga

Fa o ngomogile pelo gakologelwa seno: Go sa kgathalesege gore o bona boemo jwa gago bo le maswe jang, fa nako e ntse e ya maemo a tla fetoga. Mopesalema yo neng a tlhagelwa ke mathata a mantsi o ne a rapela jaana: “Ke lapisitswe ke go fegelwa ga me; bosigo jotlhe ke dira gore sekanamelo sa me se nne metsimetsi; ke penolosa bolawana jwa me ka dikeledi tsa me.” (Pesalema 6:6) Le fa go ntse jalo, o ne a kwala jaana mo pesalemeng e nngwe: “O fetotse khutsafalo ya me wa e dira go bina.”—Pesalema 30:11.

Dafide o ne a ithutile ka maitemogelo gore motho o nna le mathata mme a a feta. Boammaaruri ke gore mathata a mangwe a ka lebega a go fekeetsa gone jaanong. Le fa go ntse jalo, nna pelotelele. Ka dinako tse dingwe dilo di a fetoga di nne botoka. Mo maemong a mangwe mathata a ka fokotsega ka tsela e o neng o sa e lebelela. Ka dinako dingwe, o ka bona tsela ya go emelana le mathata ka tsela e o neng o sa e akanya. Kgang ke gore maemo a a ngomolang pelo a ka se nnele ruri.—2 Bakorintha 4:17.

Botlhokwa Jwa Thapelo

Puisano e e botlhokwa thata e o ka nnang le yone ke ka thapelo. O ka rapela fela jaaka Dafide a ne a rapela a re: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.”—Pesalema 139:23, 24.

Thapelo ga se tsela fela ya go go thusa go lebana le mathata. Ke puisano ya mmatota le Rraago wa kwa legodimong yo o batlang gore o mo ‘tshololele pelo ya gago.’ (Pesalema 62:8) Akanya ka dithuto tsa motheo tse di boammaaruri ka Modimo:

◼ O itse maemo a a dirang gore re ngomoge pelo.—Pesalema 103:14.

◼ O go itse go gaisa ka tsela e wena o ikitseng ka yone.—1 Johane 3:20.

◼ ‘O a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

◼ Mo lefatsheng la gagwe le lesha o tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong” a gago.—Tshenolo 21:4.

Fa Bothata e le Jwa Boitekanelo

Jaaka go setse go boletswe pelenyana, gantsi maikutlo a go ipolaya a ka bakiwa ke bolwetse jo bo rileng. Fa e le gore go ntse jalo le ka wena, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso. Jesu o ne a dumela gore batho ba ba bobolang ba tlhoka ngaka. (Mathaio 9:12) Dikgang tse di molemo ke gore malwetse a le mantsi a ka alafega. Mme kalafi e ka go thusa gore o ikutlwe botoka thata!

Baebele e solofetsa gore mo lefatsheng le lesha la Modimo “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Mme fa o ntse o letile, o ka dira gotlhe mo o ka go kgonang go emelana le mathata a botshelo. Heidi, yo o nnang kwa Jeremane o ne a dira fela jalo. A re: “Ka dinako dingwe go tshwenyega thata mo maikutlong ga me go ne go nna maswe thata jaana mo ke neng ke batla go swa, mme gone jaanong ke tshela sentle gape, ke thusitswe ke go tswelela ke rapela le ke kalafi e ke neng ka e amogela.” Go ka nna jalo le mo go wena!d

Setlhogo se se tlang sa metseletsele ya “Basha ba Botsa Jaana” se tla go thusa go emelana le go swa ga monnao kana mogoloo yo o ipolaileng

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Rebeka, Moshe, Elija, le Jobe ba ne ba bua mafoko a a tshwanang le ano.—Genesise 25:22; 27:46; Dipalo 11:15; 1 Dikgosi 19:4; Jobe 3:21; 14:13.

b Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

c Le fa go ntse jalo, go botlhokwa bo ela tlhoko gore basha ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ga ba ipolaye.

d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka tsela ya go emelana le go ngomoga pelo, bona metseletsele ya Tsogang! ya “Go Thusa Basha ba ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong” ya September 8, 2001 le ya “Go tshela ka Bolwetse Jwa go Fetofetoga Maikutlo” ya January 8, 2004.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

◼ Ga twe go ipolaya ga go fedise mathata; go a fetisetsa fela kwa mothong yo mongwe. Kgang eo e boammaaruri go le kana kang?

◼ O ka bua le mang fa o tlaletswe thata?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

Mo dikarolong tse dingwe mo lefatsheng basha ba le bantsi ba a ipolaya. Ka sekai, kwa United States, go ipolaya ke lona lebaka la boraro le le bakang gore basha ba le bantsi ba dingwaga tse di magareng ga 15 le 25 ba swe, mme mo dingwageng di le 20 tse di fetileng palo ya basha ba ba ipolayang ba ba dingwaga tse di magareng ga 10 le 14 e menagane gabedi. Basha ba ba leng mo kotsing thata ba akaretsa ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo le ba ba kileng ba leka go ipolaya mo nakong e e fetileng. Matshwao a a ka supang gore mosha o akanya ka go fedisa botshelo jwa gagwe a akaretsa a a latelang:

◼ Go ikgaoganya le ba lelapa le ditsala

◼ Go fetoga ga mokgwa wa go ja le wa go robala

◼ Go sa kgatlhegele dilo tse a neng a di kgatlhegela pele

◼ Go fetoga thata ga botho jwa gagwe

◼ Go dirisa bojalwa kana diokobatsi ka tsela e e sa siamang

◼ Go aba dithoto tsa gagwe tse di tlhwatlhwakgolo

◼ Go bua thata ka loso kana go kgatlhegela dikgang tse di buang ka lone

Dr. Kathleen McCoy o ne a bolelela Tsogang! gore phoso e kgolo e e dirwang ke batsadi ke go itlhokomolosa matshwao a a ntseng jalo. O bolela jaana: “Ga go na ope yo o batlang go akanya gore go ka tswa go na le sengwe se se phoso ka ngwana wa bone, ka jalo batsadi ba le bantsi ga ba batle go amogela gore go na le bothata. Ba ipolelela gore ‘Ke selo se se tlang se iphetela fela’ kana ‘Go tla feta’ kana ‘Ngwanake o ntse a dira dilo ka tsela e e sa tlwaelegang.’ Go kotsi thata go akanya jalo. Matshosetsi otlhe a tshwanetse go tsewa masisi.”

O se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go batlela morwao kana morwadio thuso fa e le gore o na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kana o na le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Mme fa o belaela gore ngwana wa gago o batla go fedisa botshelo jwa gagwe, mmotse ka gone. Kgopolo ya gore go bua ka go ipolaya go tla kgothaletsa ngwana gore a go dire e phoso. Basha ba le bantsi ba ikutlwa ba gololesegile fa batsadi ba bone ba bua ka kgang eno. Ka jalo, fa ngwana wa gago a dumela gore o ne a akanya ka go ipolaya, leka go bona gore a o ne a setse a dirile maano a gore o tla ipolaya jang mme fa go ntse jalo batlisisa gore o a dirile ka selekanyo se se kana kang. Fa a dirile maano ka botlalo go raya gore o tshwanetse go tsaya kgato ka bonako.e

O se ka wa ipolelela gore go tshwenyega thata mo maikutlong go tla iphelela fela ka bogone. Mme le fa go ka tswa go lebega e kete go fedile o se ka wa akanya gore bothata bo rarabolotswe. Bomankge bangwe ba bolela gore eo ke yone nako e e kotsi thata. Ka ntlha yang? Dr. McCoy a re: “Gantsi mosha yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong a ka nna a se nne le maatla a go ka ipolaya. Mme fa go tshwenyega mo maikutlong goo go fela mosha a ka nna le maatla a a lekaneng go tswelela ka se a neng a se akantse.”

Go utlwisa botlhoko eleruri, gore ka ntlha ya go tlalelwa, basha bangwe ba akanya ka go ipolaya. Mme gone fa batsadi kana bangwe ba ba godileng ba ba bontshang go amega, ba ela matshwao tlhoko ba ka “bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo” mme ba itshupe e le lefelo la botshabelo mo basheng.—1 Bathesalonika 5:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

e Baitseanape ba tlhagisa gape gore malapa a a nang le melemo e e ka nnang kotsi fa e ka nowa ka bontsi kana a a nang le ditlhobolo ke one a a leng mo kotsing thata. Fa Setheo sa Amerika sa go Thibela go Ipolaya se bua ka kgang ya ditlhobolo se ne sa re: “Le fa bontsi jwa batho ba ba nang le ditlhobolo ba bua gore ba nna le tsone gore ba kgone go itshireletsa, diperesente di le 83 tsa batho ba ba swang ka ditlhobolo mo magaeng ano, ba a bo ba ipolaile mme ba dirisa tsone ditlhobolo tseo. Mme gantsi batho ba ba ipolayang ga se beng ba ditlhobolo tseno.”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Tsela e e botlhokwa thata ya go buisana le mongwe ke ka thapelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela