Kgaolo 36
Go Senngwa ga Motse o Mogolo
Ponatshegelo 12—Tshenolo 18:1–19:10
Setlhogo: Go wa ga Babelona o Mogolo le go senngwa ga gagwe; kitsiso ka ga lenyalo la Kwana
Nako ya go diragadiwa: Go simologa ka 1919 go fitlha morago ga pitlagano e kgolo
1. Ke eng se se tla tshwayang tshimologo ya pitlagano e kgolo?
KA TSHOGANYETSO, ka go tsitlisa marapo, ka go kotlomanya—go tla nna fela jalo ka loso lwa Babelona o Mogolo! E tla bo e le nngwe ya ditiragalo tse di setlhogo thata tse di kileng tsa diragala mo botshelong, seo se tshwaya tshimologo ya “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.”—Mathaio 24:21.
2. Le mororo mebuso e megolo ya sepolotiki e ile ya nna teng ya bo ya wa, ke mofuta ofe wa mmuso o mogolo o o ileng wa tsaya lobaka lo loleele?
2 Ke lobaka lo loleele bodumedi jwa maaka bo ntse bo le gone. Bo ile jwa nna gone kwantle ga go kgaotsa fa e sale mo metlheng ya ga Nimerode yo o neng a nyoretswe madi, yo o neng a ganetsa Jehofa mme a simolodisa go agiwa ga Tora ya Babele. Fa Jehofa a ne a tobekanya diteme tsa batsuolodi bao le go ba gasagasa mo lefatsheng lotlhe, ba ne ba tsamaya ka dithuto tsa maaka tsa Babelona. (Genesise 10:8-10; 11:4-9) Fa e sale ka nako eo, mebuso e megolo ya sepolotiki e ile ya tlhatloga ya bo ya wa, mme bodumedi jwa Babelona bo ntse bo gone. Bo ile jwa nna ka dibopego di le dintsi le mekgwa, gore bo bo bo nne mmuso o mogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo o go boleletsweng pele ka ene. Karolo e kgolo ya jone ke ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, tse di neng tsa nna gone ka ntlha ya go kopanya dithuto tsa pele tsa kwa Babelona le dithuto tsa motheo tsa “Bokeresete” jwa botlhanogi. Ka ntlha ya botshelo jo boleeleleele jwa Babelona o Mogolo, batho ba le bantsi ba ketefalelwa ke go dumela gore o tla nyelediwa.
3. Tshenolo e tiisetsa jang tshenyego e e tlelang bodumedi jwa maaka?
3 Ka jalo go matshwanedi gore Tshenolo e tlhomamise kotsi e e tla tlhagelang bodumedi jwa maaka ka go re fa ditlhaloso tse di tletseng ka go wa ga gagwe le ditiragalo tse di tla latelang tse di tla lereng tshwafatso e e feletseng ya gagwe. Re setse re mmone gore ke “seaka se segolo” se la bofelo se senngwang ke barati ba sone ba pele ba sepolotiki. (Tshenolo 17:1, 15, 16) Jaanong, e le mo ponatshegelong e nngwe gape, re tla mmona jaanong e le motse, setshwani sa sedumedi sa Babelona wa bogologolo.
Babelona o Mogolo o a Pitikologa
4. (a) Ke ponatshegelo efe e Johane a tswelelang go e bona? (b) Re ka lemoga jang moengele yo o bolelwang, mme ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore a bo a ka itsise ka go wa ga Babelona o Mogolo?
4 Johane o tswelela pele ka polelo ya gagwe a re raya a re: “Morago ga dilo tseno ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe le ne la bonesiwa ke kgalalelo ya gagwe. Mme a goa ka lentswe le le nonofileng, a re: ‘O ole! Babelona o Mogolo o ole.’” (Tshenolo 18:1, 2a) Ke la bobedi Johane a utlwa kitsiso eo ya moengele. (Bona Tshenolo 14:8.) Le fa go ntse jalo, mo lobakeng lono, botlhokwa jwa yone bo gatelelwa ke tsabakelo ya moengele wa selegodimo, ka go bo kgalalelo ya gagwe e bonesa lefatshe lotlhe! E ka nna mang? Makgolo a dingwaga pelenyana moporofeti Esekiele, fa a ne a bega kaga ponatshegelo ya selegodimo, o ne a tlhalosa gore “lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya gagwe [Jehofa].” (Esekiele 43:2) Moengele fela yo o neng a ka phatsima ka kgalalelo e e tshwanang le ya ga Jehofa e tla nna Morena Jesu, yo e leng “ponatso ya kgalalelo ya gagwe [Modimo] le setshwano totatota sa gagwe ka boene.” (Bahebera 1:3) Ka 1914 Morwa motho o ne a nna Kgosi ya kwa legodimong, mme fa e sale ka nako eo, Jesu o nnile a dirisa thata ya gagwe mo lefatsheng e le Kgosi e e busang mmogo le Jehofa e bile e le Moatlhodi. Ka jalo, go matshwanedi gore a bo a ka itsise kaga go wa ga Babelona o Mogolo.
5. (a) Ke mang yo moengele a mo dirisang go itsise kaga go wa ga Babelona o Mogolo? (b) Fa katlholo e ne e simologa mo go ba ba ipolelang gore ke ba “ntlo ya Modimo,” seemo sa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete sone e ne ya nna sefe?
5 Moengele yono yo o nang le thata e kgolo o dirisa mang go bolelela batho dikgang tseno tse di gakgamatsang? Ebu, ke bone batho ba ba golotsweng ka ntlha ya go wa moo, masalela a a sa ntseng a setse a a tloditsweng mo lefatsheng, setlhopha sa Johane. Go tswa ka 1914 go ya go 1918, bano ba ne ba bogisiwa thata ke Babelona o Mogolo, mme ka 1918 Morena Jehofa, le “morongwa wa kgolagano [ya ga Aborahame],” Jesu Keresete, o ne a simolola katlholo ya gagwe ka “ntlo ya Modimo,” e bong mo go ba ba ipolelang gore ke Bakeresete. Ka jalo, ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi di ne tsa sekisiwa. (Malaki 3:1; 1 Petere 4:17) Molato o mogolo wa tsone wa madi o di neng di na le one mo ntweng ya lefatshe ya ntlha, go tlhakanela ga tsone mo go bogiseng basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, le ditumelo tsa tsone tsa motheo tsa Sebabelona ga di a ka tsa di thusa mo nakong ya katlholo; mme e bile ga go na karolo epe e nngwe gape ya Babelona o Mogolo e e neng ya amogelwa ke Modimo.—Bapisa Isaia 13:1-9.
6. Ke eng fa go ka twe Babelona o Mogolo o ole ka 1919?
6 Ka jalo ka 1919 Babelona o Mogolo o ne a setse a ole, a bulela batho ba Modimo tsela ya gore ba gololwe ba bo ba tsosolosiwe, mo letsatsing le le lengwe jaaka re ka rialo, go ya kwa lefatsheng la bone la letlotlo la semoya. (Isaia 66:8) Mo ngwageng oo, Jehofa Modimo le Jesu Keresete, Dario yo Mogolwane le Kurose yo Mogolwane, ba ne ba tsamaisitse dikgang ka tsela ya gore bodumedi jwa maaka bo se ka jwa tlhola bo nna le taolo mo bathong ba ga Jehofa. Bo ne bo sa tlhole jaanong bo ka ba kganela gore ba direle Jehofa le go itsise batho botlhe ba ba ka ratang go utlwa gore Babelona o Mogolo wa sekaseaka o mo kotsing le gore go galalediwa ga bolaodi jwa ga Jehofa go atametse!—Isaia 45:1-4; Daniele 5:30, 31.
7. (a) Le mororo Babelona o Mogolo a ne a se ka a senngwa ka 1919, Jehofa o ne a mo leba jang? (b) Fa Babelona o Mogolo a wa ka 1919, ke eng se se neng sa diragalela batho ba ga Jehofa?
7 Gone ke boammaaruri, Babelona o Mogolo o ne a se ka a senngwa ka 1919—fela jaaka motse wa bogologolo wa Babelona o ne wa se ka wa senngwa ka 539 B.C.E. fa o ne o gapiwa ke masole a ga Kurose wa Moperesia. Mme go ya kafa ponong ya ga Jehofa, mokgatlho oo o ole. Bodumedi jwa maaka bo ne jwa atlholwa semolao, bo letetse polao; jaanong bo ne bo ka se tlhole bo bofa batho ba ga Jehofa mo botshwarong. (Bapisa Luke 9:59, 60.) Bano ba ne ba gololwa gore ba dire jaaka motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale wa Morena mo go abeng dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Ba ne ba amogetse katlholo ya gore “O dirile sentle” mme ba ne ba laelwa gore ba tsenye diatla gape mo tirong ya ga Jehofa.—Mathaio 24:45-47; 25:21, 23; Ditiro 1:8.
8. Ke tiragalo efe e e bolelwang ke molebedi wa Isaia 21:8, 9, mme ke bomang ba gompieno ba tshwantshediwang ke molebedi yoo?
8 Diketekete tsa dingwaga tse di fetileng Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba bangwe go bolelela pele kaga tiragalo eno e e tshwaegileng. Isaia o ne a bua ka molebedi yo o neng “a tlhaeletsa jaaka tau: ‘Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa, gape ke eme mo lefelong la me la go lebelela masigo otlhe.’” Mme ke tiragalo efe e molebedi yono a e lemogang le go e bolela ka bopelokgale jo bo tshwanang le jwa tau? Ke eno: “O ole! Babelona o ole, le ditshwantsho tsotlhe tse di betlilweng tsa medimo ya gagwe [Jehofa] o di thubaganyeditse fa fatshe!” (Isaia 21:8, 9) Molebedi yono o tshwantshetsa sentle setlhopha sa Johane se se ntshitseng matlho dinameng mo motlheng ono, jaaka fa se dirisa makasine wa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa phuthego ya Modimo go bolela kgakala dikgang tsa gore Babelona o ole.
Go wa Ga Babelona o Mogolo
9, 10. (a) Tlhotlheletso ya bodumedi jwa kwa Babelona e ile ya ngotlega jang fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I? (b) Moengele yo mogolo o tlhalosa jang boemo jwa go wa ga Babelona o Mogolo?
9 Go wa ga Babelona wa bogologolo ka 539 B.C.E. e ne e le tshimologo ya go wa mo go neng ga tsaya nako e telele mo go neng ga felela ka tshwafalo ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang, fa e sale ka ntwa ya lefatshe ya ntlha, tlhotlheletso ya sedumedi ya Sebabelona e ile ya wa ka tsela e e gakgamatsang mo lefatsheng lotlhe. Kwa Japane, go obamela mmusimogolo wa Shinto go ne ga tsewa go se kafa molaong morago ga ntwa ya lefatshe ya bobedi. Kwa China, mmuso wa Bokomonise o laola gore ke bomang ba ba tshwanetseng go tlhophelwa maemo a bodumedi le ditiro. Kwa Yuropa bokone mo go leng Boporotesetanta, batho ba le bantsi ba ile ba tlhokomologa bodumedi. Bosheng jaana Kereke ya Katoliki ya Roma e ile ya koafadiwa ke dikgaogano tsa yone le dikgogakgogano mo mafelong a yone mo lefatsheng lotlhe.—Bapisa Mareko 3:24-26.
10 Kwantle ga pelaelo ditshekamelo tseno tsotlhe ke bontlhanngwe jwa ‘go kgala ga metsi a noka ya Euferatese’ go baakanyetsa tlhaselo ya sesole mo go Babelona o Mogolo. Go ‘kgala’ go bonala le mo kitsisong e e neng ya ntshiwa ke mopapa ka October 1986 ya gore kereke e tshwanetse “ya boela gape ya nna mokopi”—ka ntlha ya dikoloto tsa yone tse dintsi. (Tshenolo 16:12) Segolo bogolo fa e sale ka 1919 Babelona o Mogolo o ile a senolwa go bonwa ke batho botlhe gore ke lefelo le le kgakgabetseng la semoya, fela jaaka moengele yo mogolo a itsise fano: “Mme jaanong ke lefelo la bonno la madimona le lefelo la go boba la moya mongwe le mongwe o o hemelwang kwa ntle o o seng phepa le lefelo la go boba la nonyane nngwe le nngwe e e seng phepa le e e tlhoilweng!” (Tshenolo 18:2b) Ka bonakonyana fela o tla tloga a nna lefelo le le ntseng jalo le le kgakgabetseng, le le swafetseng fela jaaka marope a Babelona wa bogologolo a ntse kwa Iraq gompieno.—Bona le Jeremia 50:25-28.
11. Babelona o Mogolo o nnile jang “lefelo la bonno la madimona” le ‘lefelo la go boba la meya e e hemelwang kwa ntle e e seng phepa le dinonyane tse di seng phepa’?
11 Lefoko le fano le reng ‘madimona’ le ka ne le tshwana fela le lefoko le le reng ‘madimona a a bopegileng jaaka dipodi’ (se‘i·rimʹ) le le fitlhelwang mo tlhalosong ya ga Isaia ya Babelona o o oleng: “Tse di nnang mo dikgaolong tse di se nang metsi di tla botha gone, mme matlo a tsone a tla tlala ka merubisi ya sekantsu. Bontšhe ba tla aga gone, le madimona a a bopegileng jaaka dipodi a tla tlolaka gone.” (Isaia 13:21) Go ka nna ga bo go sa tewe madimona a mmatota mme go na le moo go tewa diphologolo tse di maditse, tse di nnang mo dikakeng tse e neng e re batho ba di bona ba bo ba akanya ka madimona. Mo maropeng a Babelona o Mogolo, go nna gone ga tshwantshetso ga diphologolo tse di ntseng jalo, mmogo le moya o o bolayang, o o sa nyeleleng (“moya . . . o o hemelwang kwa ntle o o seng phepa”) le dinonyane tse di seng phepa, di tshwantshetsa boemo jwa gagwe jwa go swa mo semoyeng. Ga go na tebelelo epe ya botshelo e a e tshwaretseng batho.—Bapisa Baefeso 2:1, 2.
12. Seemo sa Babelona o Mogolo se tshwana jang le polelelopele ya ga Jeremia e e mo go kgaolo 50?
12 Boemo jwa gagwe gape bo tshwana le se se mo polelelopeleng ya ga Jeremia: “‘Go na le tšhaka e e tsogologelang Bakaladia,’ go bua Jehofa, ‘le banni ba Babelona le dikgosana tsa gagwe le batho ba gagwe ba ba botlhale. . . . Go na le tshwafalo mo metsing a gagwe, mme a tla kgala. Gonne ke lefatshe la ditshwantsho tse di betlilweng, mme ba nna ba itshwara ka botsenwa ka ntlha ya diponatshegelo tsa bone tse di tshosang. Jalo tse di nnang mo dikgaolong tse di se nang metsi di tla nna le diphologolo tse di bokolelang, mme bontšhe ba tla nna mo go ene; mme ga go na go tlhola go nniwa mo go ene, le fa e le go agiwa, kokomana morago ga kokomana.’” Kobamelo ya medingwana le go dumaduma ga dithapelo tse di boelediwang go ka se falotse Babelona o Mogolo mo tefetsong e e tshwanang le go nyelediwa ga Sodoma le Gomora ke Modimo.—Jeremia 50:35-40.
Bojalwa jo bo Tsosang Keletso ya Tlhakanelodikobo
13. (a) Moengele yo mogolo o lemotsha jang bogolo jwa boaka jwa Babelona o Mogolo? (b) Ke boitsholo bofe jo bo sa siamang jo bo neng bo tletse mo Babelona wa bogologolo jo bo fitlhelwang gape mo go Babelona o Mogolo?
13 Moengele yo o nonofileng jaanong o tlhokomedisa kaga selekanyo se segolo sa boaka jwa Babelona o Mogolo, ka go re: “Gonne ditšhaba tsotlhe di ne tsa wa ka ntlha ya beine ya kgokafalo ya gagwe e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo,a mme dikgosi tsa lefatshe di ne tsa dira kgokafalo le ene, le bagwebi ba ba tsamayang ba lefatshe ba ne ba huma ka ntlha ya maatla a manobonobo a gagwe a a sa a tlhabelweng ke ditlhong.” (Tshenolo 18:3) O ile a tsenya dithuto tsa motheo mo ditšhabeng tsotlhe tsa batho ka ditsela tsa gagwe tsa bodumedi tse di seng phepa. Mo Babelona wa bogologolo, go ya ka rahisitori wa Mogerika Herodotus, go ne go tlhokega gore lekgarebana lengwe le lengwe le nne seaka mo kobamelong ya tempele. Ditiro tse di bifelesegang tsa tlhakanelodikobo le mo motlheng ono di sa ntse di supiwa mo ditshwantshong tse di betlilweng tse di sentsweng ke dintwa kwa Angkor Wat kwa Kampuchea le kwa ditempeleng kwa Khajuraho, India, tse di supang modimo wa Bahindu Vishnu a dikaganyeditswe ke ditshwantsho tse di tlhabisang ditlhong le tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Kwa United States, dipego kaga boitsholo jo bo sa siamang tse di neng tsa tlhasela bareri ba thelebishene mo lefatsheng lotlhe ka 1987, le ka 1988, mmogo le go senolwa ga ditlwaelo tse di anameng tsa bosodoma tse di dirwang ke baruti ba dikereke, di supa gore le e leng dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di letlelela dipheteletso tse di tlhabisang ditlhong tsa boaka jwa mmatota. Le fa go le jalo, ditšhaba tsotlhe di ile tsa tlhaselwa ke mofuta o o maswemaswe wa boaka.
14-16. (a) Ke boitsholo bofe jo bo sa siamang jwa semoya jwa ditirisano tsa bodumedi le bopolotiki jo bo neng jwa nna gone kwa Italy wa Bo-Fascist? (b) Fa Italy a ne a tlhasela Abyssinia, ke mafoko afe a a neng a buiwa ke bobishopo ba Kereke ya Katoliki ya Roma?
14 Re setse re tlotlile ka kamano e e sa siamang ya bodumedi le dipolotiki e e neng ya tsenya Hitler mo pusong kwa Jeremane wa Bonasi. Ditšhaba tse dingwe le tsone di ne tsa tlhaselwa ke go itsenya ga bodumedi mo dikgannyeng tsa lefatshe. Ka sekai: Kwa Italy wa Bo-Fascist, ka February 11, 1929, Lateran Treaty e ne ya saenelwa ke Mussolini le Mokadinale Casparri, e e neng e dira gore Vatican City e nne naga e e ikemetseng ka nosi. Mopapa Pius XI o ne a bolela gore “o ne a buseditse Italy kwa Modimong, mme Modimo a boetse mo Italy.” A seo e ne e le boammaaruri? Akanyetsa se se neng sa diragala dingwaga di le thataro moragonyana. Ka October 3, 1935, Italy o ne a tlhasela Abyssinia, a iphaka gore e ne e le “lefatshe la batho ba ba diganka le le neng le sa ntse le ruile makgoba.” Ke mang yo tota a neng a le seganka? A Kereke ya Katoliki e ne ya kgala boganka jwa ga Mussolini? Le fa mopapa a ne a itoma diteme fela, bobishopo ba gagwe bone ba ne ba bua phatlalatsa gore ba segofatsa masole a a tlhabanelang “lefatshe la borraetsho” la Italy. Mo bukeng ya The Vatican in the Age of the Dictators, Anthony Rhodes o bega jaana:
15 “Mo lokwalong lwa gagwe lwa Baruti lwa October 19, [1935], Mobishopo wa Udine [Italy] o ne a kwala a re, ‘Ga se ga rona e bile ga go a re tshwanela gore re bolele se se siameng le se se phoso mo kgannyeng eno. Tiro ya rona jaaka batho ba Italy, mme e bile le jaaka Bakeresete ke go thusa mo katlegong ya dibetsa tsa rona.’ Bishopo wa Padua o ne a bua jaana ka October 21, ‘Mo dinakong tse di boima tse re leng mo go tsone, re lo kopa gore lo ikanye mo babusing ba rona le mo masoleng a rona.’ Ka October 24, Bishopo wa Cremona o ne a segofatsa difolaga di le dintsinyana tsa mephato mme a re: ‘E kete tshegofatso ya Modimo e ka nna mo masoleng a a tla gapelang batho ba Italy mafatshe a masha le a a nonneng mo nageng ya Afrika, ka gone a a tlisetsa tsela ya botshelo ya Baroma le ya Bokeresete. E kete Italy a ka boa gape a nna morutisi wa Bokeresete mo lefatsheng lotlhe.’”
16 Abyssinia o ne a garaswanngwa, mme seo se engwa nokeng ke baruti ba Katoliki ya Roma. A go na le bape mo go bano ba ba ka ipolelang gore, ka tsela nngwe, ba ne ba tshwana le moaposetoloi Paulo mo go nneng “phepa mo mading a batho botlhe”?—Ditiro 20:26.
17. Spain o ne a boga jang ka go bo baruti ba gone ba ile ba se ka ba “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma”?
17 Mmogo le Jeremane, Italy, le Abyssinia go ne ga nna le setšhaba se sengwe gape se se neng sa tlhaselwa ke kgokafalo ya Babelona o Mogolo—Spain. Ntwa ya maraganelateng ya 1936-39 mo nageng eo, e ne ya tsosiwa, gareng ga tse dingwe, ke dikgato tse di neng tsa tsewa ke puso ya temokerasi e e neng e leka go fokotsa nonofo e kgolo ya Kereke ya Katoliki ya Roma. Fa ntwa e sena go simologa, moeteledipele wa Bo-Fascist wa Katoliki wa masole a batsuolodi, Franco, o ne a itlhalosa e le “Jenerale wa Mokeresete wa Masole a a Boitshepo a Bokeresete,” sereto se moragonyana a neng a se latlha. Go ne ga swa dikete di le dintsinyana tsa batho ba Spain mo ntweng eo. Kwantle ga seno, go ya ka diphopholetso, Ba-Nationalist ba ga Franco ba ne ba bolaile maloko a Popular Front ba le 40 000, fa bano ba ne ba bolaile baruti ba le 8 000—baitlami, baperesiti, le bosetlabosheng. Seo ke poitshego le bosetlhogo jwa ntwa ya maraganelateng, moo go bontshang botlhale jwa go reetsa mafoko a ga Jesu a a reng: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) A bo e le selo se se ferosang sebete jang ne go bo dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di kopanyelediwa mo tshololong e kalokalo ya madi! Ruri baruti ba tsone ba paletswe gotlhelele ke go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma.”—Isaia 2:4.
Bagwebi ba ba Tsamayang
18. ‘Bagwebi ba ba tsamayang ba lefatshe’ ke bomang?
18 “Bagwebi ba ba tsamayang ba lefatshe” ke bomang? Kwantle ga pelaelo ke ba gompieno re ka ba bitsang barekisi, babapatsi ba bagolo, batlhalefedi ba kgwebo e kgolo. Seno ga se reye gore go phoso go nna le kgwebo e e kafa molaong. Baebele e fa batho ba ba mo kgwebong kgakololo e e botlhale, e ba tlhagisa kgatlhanong le go sa ikanyegeng, bohula, le dilo tse di tshwanang le tseo. (Diane 11:1; Sekarea 7:9, 10; Jakobe 5:1-5) Papadi e kgolo ke ‘boineelo jwa bomodimo mmogo le thetebalo.’ (1 Timotheo 6:6, 17-19) Le fa go ntse jalo, lefatshe le le laolwang ke Satane ga le latele melaometheo ya tshiamo. Go na le ditiro di le dintsi tse di sa tlhamalalang. Di fitlhelwa mo bodumeding, mo dipolotiking—le mo kgwebong e kgolo. Nako le nako dikgang di bipolola ditiro tse di maswe, jaaka boferefere jo bo dirilweng ke batho ba maemo a a kwa godimo mo pusong kana go rekisa dibetsa ka sephiri.
19. Ke lebaka lefe kaga ikonomi ya lefatshe le le re thusang go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bagwebi ba lefatshe ba sa buiwe sentle mo go Tshenolo?
19 Dibetsa tse di dirisiwang ke ditšhaba di tlhatloga ngwaga le ngwaga ka selekanyo se se fetang R2 000 000 000 000, ntswa makgolokgolo a dimilione tsa batho ba se na dilo tsa konokono tse ba di tlhokang mo botshelong. Seo ka bosone se bosula. Mme go bonala dibetsa e le tsone di tshegeditseng ikonomi ya lefatshe thata. Ka April 11, 1987, polelo nngwe go Spectator ya London e ne ya bega jaana: “Fa re bua fela ka madirelo a a amanang le seo, go na le babereki ba ka tshwara 400 000 kwa United States le ba le 750 000 mo Yuropa. Mme se se tsosang kgatlhego ke gore, fa seabe sa batho le sa ikonomi sa go dira dibetsa se ntse se gola, kgang ya gore a tota ba ba di dirang ba sireletsegile e itlhokomolositswe.” Go nna le dipoelo di le dintsi thata fa go ntse go rekisiwa dibomo le dibetsa tse dingwe mo lefatsheng lotlhe, le e leng mo bathong ba ba ka fetogang baba. Ka letsatsi lengwe tsone dibomo tseo di ka nna tsa tlhagisetsa kotsi le go senya ba ba di rekisang. Ruri e tla bo e le fa thobane e boela setlhareng! A ko o akanye ka se sengwe gape se se tsamaelanang le bosula jono jwa papadi ya dibetsa. Kwa United States fela, go ya ka Spectator, “ngwaga le ngwaga Pentagon ka tsela e e sa tlhaloganyesegeng e latlhegelwa ke dibetsa le didirisiwa tse di ka jang dimilione tsa diranta di le 1 800.” Ga go gakgamatse go bo babapatsi ba lefatshe ba sa buiwe sentle mo go Tshenolo!
20. Ke sekai sefe se se bontshang gore bodumedi bo ile jwa itsenya mo ditlwaelong tsa kgwebo tse di sa siamang?
20 Jaaka go ne ga bolelelwa pele ke moengele yo o galalelang, bodumedi bo ile jwa kopanyelediwa thata mo ditlwaelong tse di ntseng jalo tsa kgwebo e e sa siamang. Ka sekai, Vatican e ile ya kopanyelediwa mo go weng ga Banco Ambrosiano ya Italy ka 1982. Kgang eo e ne ya ralala bo1980 e ntse e sekwa, potso e e sa arabiweng e le gore: Madi a ile kae? Ka February 1987 bommakaseterata ba Milan ba ne ba ntsha ditetla tsa gore go tshwarwe baruti ba le bararo ba Vatican, go akareletsa le mobishopomogolo wa Amerika, ka ditatofatso tsa gore ba nnile le seabe mo go weng moo ga boferefere, mme Vatican e ne ya gana topo eo ya gore ba tshwarwe. Ka July 1987, fa go sena go nna le dikgoberego tsa dingongorego, Kgotlakgolo ya Boikuelo e e kwa godimo thata ya Italy e ne ya phimola ditetla tseo ka ntlha ya ditumalano tsa bogologolo tse di dirilweng ke Vatican le mmuso wa Italy.
21. Re itse jang gore Jesu o ne a sa amane ka gope le ditlwaelo tse di sa siamang tsa kgwebo tsa motlha wa gagwe, mme ke eng se re se bonang gompieno mo bodumeding jwa Babelona?
21 A Jesu o ne a ikgolaganya ka gope le ditlwaelo tsa kgwebo tse di sa siamang mo motlheng wa gagwe? Nnyaa. O ne a bile a se na le fa e le dithoto dipe, ka go bo a ne a ‘se na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.’ Jesu o ne a gakolola lekawana le le neng le humile a re: “Rekisa dilo tsotlhe tse o nang le tsone mme o abele batho ba ba humanegileng, mme o tla nna le letlotlo kwa magodimong; mme o tle o nne molatedi wa me.” Se e ne e le kgakololo e e molemo, ka e ka bo e feletse ka go re a se ka a tlhola a nna le ditlhobaelo dipe kaga dikgang tsa kgwebo. (Luke 9:58; 18:22) Phapaanong le seo, bodumedi jwa Babelona gantsi bo ile jwa golagana le dikgwebo tse dikgolo. Ka sekai, Albany Times Union e ne ya bega fa mookamedi wa tsa madi wa dikago tse dikgolo tsa Katoliki kwa Miami, Florida, United States of America, a ne a dumela gore kereke e na le diabe tsa madi mo dikhampaning tse di dirang dibetsa tsa nuklea, mo dibaesekopong tse di mabifi, le mo disekereteng.
“Tswang mo go Ene, Batho ba Me”
22. (a) Ke eng se lentswe le le tswang kwa legodimong le se buang? (b) Ke eng se se neng sa itumedisa batho ba Modimo ka 537 B.C.E. le ka 1919 C.E.?
22 Mafoko a a latelang a ga Johane a bua kaga tiragatso e nngwe gape ya polelelopele: “Mme ka utlwa lentswe le lengwe le tswa legodimong le re: ‘Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.’” (Tshenolo 18:4) Dipolelelopele tsa go wa ga Babelona wa bogologolo mo Dikwalong tsa Sehebera di akareletsa gape le taelo ya ga Jehofa mo bathong ba gagwe e e reng: “Tshabang lo tswe mo gare ga Babelona.” (Jeremia 50:8, 13) Ka tsela e e tshwanang, ka ntlha ya tshenyego e e tlang ya Babelona o Mogolo, batho ba Modimo jaanong ba kgothalediwa gore ba iphalotse. Ka 537 B.C.E. sebaka sa go falola mo Babelona se ne sa tlisa boitumelo jo bontsi mo Baiseraeleng ba ba ikanyegang. Ka tsela e e tshwanang, go gololwa ga batho ba Modimo mo botshwarong jwa Babelona ka 1919 go ne ga ba tlisetsa boitumelo. (Tshenolo 11:11, 12) Mme fa e sa le ka nako eo dimilione tsa ba bangwe di ile tsa utlwa taelo eo ya go tshaba.
23. Lentswe le le tswang kwa legodimong le gatelela jang kafa go potlakileng ka gone go tshaba mo Babelona o Mogolo?
23 A tota ruri go potlakile gore go tshabiwe mo Babelona o Mogolo, go itshomola mo go nneng maloko a ditumelo tsa lefatshe le go ikgaoganya le tsone gotlhelele? Go ntse jalo, ka gonne re tshwanetse go leba kafa Modimo a lebang ka gone tsamaiso eno ya sedumedi ya bogologolo e e bosulasula, Babelona o Mogolo. O ne a tlhoafetse fa a ne a mmitsa seaka se segolo. Jalo he lentswe le le tswang kwa legodimong le itsise Johane gape kaga seaka seno: “Gonne maleo a gagwe a koame go fitlha fela kwa legodimong, mme Modimo o gakologetswe ditiro tsa gagwe tsa go tlhoka tshiamiso. Mo direle fela jaaka ene ka boene a ne a dira, o mo direle mo go kalo gabedi, ee, palo ya dilo tse a neng a di dira; di mo direle gabedi; mo senwelong se a neng a tshela motswako mo go sone mo tshelele motswako oo ka selekanyo seo gabedi. Go ya bokgakaleng jo a neng a ikgalaletsa ka jone a ba a tshelela mo manobonobong a a sa a tlhabelweng ke ditlhong, go ya bokgakaleng joo mo neye tlhokofatso le khutsafalo. Gonne mo pelong ya gagwe o nna a re, ‘Ke ntse jaaka kgosigadi, ga ke motlholagadi, e bile ga ke kitla ke bona khutsafalo.’ Ke gone ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo, ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.”—Tshenolo 18:5-8.
24. (a) Batho ba Modimo ba tshwanetse go tshaba mo Babelona o Mogolo go tila eng? (b) Ba ba sa tshabeng mo Babelona o Mogolo ba tlhakanela le ene mo maleong afe?
24 A bo e le mafoko a a nonofileng jang ne! Ka jalo go tshwanetse ga tsewa kgato. Jeremia o ne a kgothaletsa Baiseraele ba motlha wa gagwe go tsaya kgato, ka go re: “Tshabang mo gare ga Babelona, . . . gonne ke nako ya ga Jehofa ya go ipusolosetsa. Go na le tshwaro e a mo duelang ka yone. Tswang mo go ene, lona batho ba me, mme mongwe le mongwe a falotse moya wa gagwe mo bogaleng jo bo tukang jwa ga Jehofa.” (Jeremia 51:6, 45) Ka tsela e e tshwanang, lentswe le le tswang kwa legodimong le tlhagisa batho ba Modimo gompieno go tshaba mo Babelona o Mogolo gore ba se ka ba tlhakanela dingwe tsa dipetso tsa gagwe. Dikatlholo tsa ga Jehofa tse di tshwanang le dipetso mo lefatsheng leno, go akareletsa le Babelona o Mogolo, gone jaanong di a bolelwa. (Tshenolo 8:1–9:21; 16:1-21) Batho ba Modimo ba tshwanetse go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka fa bone ka bobone ba sa batle go tlhaselwa ke dipetso tseno mme kgabagare ba swe le ene. Kwantle ga moo, gape, fa motho a nna mo teng ga tsamaiso eo go tla dira gore a tlhakanele mo dibeng tsa gagwe. Ba tla nna molato wa boaka jwa semoya fela jaaka ene le jwa go tsholola madi a “botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”—Tshenolo 18:24; bapisa Baefeso 5:11; 1 Timotheo 5:22.
25. Batho ba Modimo ba ne ba tswa mo go Babelona wa bogologolo ka ditsela dife?
25 Mme batho ba Modimo ba ka tswa jang mo go Babelona o Mogolo? Ka Babelona wa bogologolo, Bajuda ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tseye loeto tota lwa go tswa mo motseng wa Babelona ba tsamaya mosepele otlhe go boela kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Mme go ne go na le mo gongwe gape kwantle ga moo. Ka polelelopele Isaia o ne a raya Baiseraele a re: “Retologang, retologang, tswang koo, lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa; tswang mo gare ga gagwe, ipolokeng lo le phepa, lona ba lo tshotseng dilwana tsa ga Jehofa.” (Isaia 52:11) Ee, ba ne ba tshwanetse go latlha ditlwaelo tsotlhe tse di seng phepa tsa bodumedi jwa Babelona tse di neng di ka senya kobamelo ya bone mo go Jehofa.
26. Bakeresete ba Korintha ba ne ba utlwa jang mafoko a a reng, ‘Tswang mo gare ga bone, mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’?
26 Moaposetoloi Paulo o ne a nopola mafoko a ga Isaia mo lokwalong lwa gagwe lwa Bakorintha, a re: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? . . . ‘Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.’” Go ne go sa tlhokege gore Bakeresete ba kwa Korintha ba tswe mo Korintha gore ba tle ba utlwe taelo eo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanetse go tila ka sebele ditempele tse di seng phepa tsa bodumedi jwa maaka, mmogo le go ikgaoganya semoyeng le ditiro tse di seng phepa tsa baobamedi bao ba medingwana. Ka 1919 batho ba Modimo ba ne ba simolola go tshaba mo Babelona o Mogolo ka tsela eno, ba tlhapa dithuto dipe fela tse di saletseng mo go bone le ditlwaelo tse di seng phepa. Ka jalo, ba ne ba kgona go mo direla jaaka batho ba gagwe ba ba itshekisitsweng.—2 Bakorintha 6:14-17; 1 Johane 3:3.
27. Ke eng se se tshwanang ka dikatlholo tsa Babelona wa bogologolo le tsa Babelona o Mogolo?
27 Go wa ga Babelona wa bogologolo le go senyega ga gagwe e ne e le go otlhaelwa dibe tsa gagwe. “Gonne katlholo ya gagwe e fitlhile kwa magodimong.” (Jeremia 51:9) Ka tsela e e tshwanang, maleo a Babelona o Mogolo “a koame go fitlha fela kwa legodimong,” mo a bileng a bonwa ke Jehofa ka boene. O na le molato wa tshiamololo, kobamelo ya medingwana, boitsholo jo bo sa siamang, kgatelelo, borukhutlhi le polao. Bontlhanngwe jwa go wa ga Babelona wa bogologolo e ne e le go duelelwa se a neng a se dirile mo tempeleng ya ga Jehofa le mo baobameding ba gagwe ba boammaaruri. (Jeremia 50:8, 14; 51:11, 35, 36) Go wa ga Babelona o Mogolo le tshenyego ya gagwe le gone ke tshupo ya pusoloso ka ntlha ya se a se dirileng mo baobameding ba boammaaruri mo makgolokgolong a a ntseng a feta a dingwaga. Tota ruri, tshenyego ya gagwe ya bofelo ke tshimologo ya “letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona.”—Isaia 34:8-10; 61:2; Jeremia 50:28.
28. Ke tekanyetso efe ya tshiamiso e Jehofa a e dirisang mo go Babelona o Mogolo, mme ka ntlha yang?
28 Mo Molaong wa ga Moshe, fa Moiseraele a ne a ka utswela wa ga bone sengwe, o ne a tshwanetse go duela selekanyo seo se menagane gabedi. (Ekesodo 22:1, 4, 7, 9) Mo tshenyegong e e tlang ya Babelona o Mogolo, Jehofa o tla diragatsa tekanyetso e e tshwanang ya tshiamiso. O tshwanetse go amogela selekanyo se a se dirileng se menagane gabedi. Go tla bo go se na kutlwelobotlhoko e e ka bontshiwang ka go bo Babelona o Mogolo le ene ga a bontsha kutlwelobotlhoko epe mo go ba a ba bolaileng. O ile a nna senwamadi mo bathong ba ba mo lefatsheng gore a nne a le mo “manobonobong a gagwe a a sa a tlhabelweng ke ditlhong.” Mme jaanong o tla bona pogo le selelo. Babelona wa bogologolo o ne a gopola gore o mo boemong jwa pabalesego, ka go ikgantsha a re: “Ga nkitla ke nna jaaka motlholagadi, e bile ga nkitla ke itse gore go latlhegelwa ke bana go ntse jang.” (Isaia 47:8, 9, 11) Babelona o Mogolo gape o ikutlwa a babalesegile. Mme tshenyego ya gagwe e e laotsweng ke Jehofa yo o ‘nonofileng,’ e tla diragala ka bofefo jaaka e kete “ka letsatsi le le lengwe”!
[Ntlha e e kwa tlase]
a New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.
[Lebokoso mo go tsebe 263]
“Dikgosi . . . di ne Tsa Dira Kgokafalo le Ene”
Mo masimologong a bo1800 bagwebi ba Yuropa ba ne ba tsenya ka sephiri dilekanyo tse dikgolo tsa opium mo China. Ka March 1839 babusi ba China ba ne ba leka go kganela kgwebo eno e e seng kafa molaong ka go gapa makesi a le 20 000 a seokobatsi seno mo bagwebing ba Boritane. Seno se ne sa dira gore ditirisano tsa Boritane le China di sulafale. Fa ditirisano tsa dinaga tse pedi tseno di ntse di senyegela pele, barongwa bangwe ba Baporotesetanta ba ne ba kgothaletsa Boritane go simolola ntwa, ka mafoko a a tshwanang le a a latelang:
“A bo dipaka tse di boima tseno di itumedisa pelo ya me jang ne ka go bo jaaka fa ke akanya, mmuso wa Maesemane o ka galefa, mme Modimo, mo nonofong ya Gagwe o ka thibosa dikgoreletsi tse di thibelang thero ya ga Keresete gore e se ka ya tsena mo China.”—Henrietta Shuck, morongwa wa Southern Baptist.
Kgabagare, ntwa e ne ya simologa—ntwa e gompieno e itsiweng jaaka Opium War. Barongwa ka dipelo tsa bone tsotlhe ba ne ba kgothatsa Boritane ka mafoko a a tshwanang le ano:
“Ke patelesega go gadimela kwa morago mo seemong sa jaanong sa dilo gore tota ga se tiragalo epe e e amang opium kana Maesemane, fa e se fela gore ke thulaganyo e kgolo ya Modimo go dira gore boikepo jwa motho bo gatelelwe ke maikaelelo a Gagwe a kutlwelobotlhoko mo China go thuba dipota tsa yone tsa go nna kwa thoko.”—Peter Parker, morongwa wa Congregational.
Morongwa yo mongwe gape wa Congregational, Samuel W. Williams, o ne a oketsa ka go re: “Seabe sa Modimo se bonaditswe ka se se diragetseng ka tsela e e gakgamatsang, mme ga re na pelaelo epe ya gore Ene yo o rileng O tlile go tsenya tšhaka mo lefatsheng o gorogile gore a tlise tshenyego e e bofefo mo babeng ba Gagwe le go tlhoma bogosi jo e leng jwa Gagwe. O tla ribegetsa a ribegetsa go fitlha A tlhoma Kgosana ya Kagiso.”
Mabapi le polao e e setlhogo ya baagi ba China, morongwa mongwe e bong J. Lewis Shuck o ne a kwala a re: “Ke tsaya ditiragalo tse di ntseng jalo . . . jaaka didirisiwa tse di tlhamaletseng tsa Morena mo go tloseng leswe le le kganelang tswelelopele ya Boammaaruri jwa Bomodimo.”
Morongwa wa Congregational Elijah C. Bridgman o ne a oketsa a re: “Gantsi Modimo o ile a dirisa letsogo le le nonofileng la batho go baakanyetsa bogosi jwa Gagwe . . . Boemedi mo dipakeng tse di botlhokwa tseno ke jwa batho; maatla a a kaelang ke a Modimo. Mmusi o mogolo wa dinaga tsotlhe o dirisa Engelane go otlhaya le go ngotlafatsa China.”—Ditsopolo tseno di tserwe mo “Ends and Means,” 1974, polelo e e kwadilweng ke Stuart Creighton Miller e e gatisitsweng mo The Missionary Enterprise in China and America (Pego ya Harvard e e rulagantsweng ke John K. Fairbank).
[Lebokoso mo go tsebe 264]
“Bagwebi ba ba Tsamayang . . . Ba ne Ba Huma”
“Fa gare ga 1929 le tshimologo ya Ntwa ya Lefatshe II, [Bernadino] Nogara [molaodi wa matlotlo a Vatican] o ne a fa Vatican le baemedi ba Vatican madi a tshimolodisokgwebo go a dirisa mo dikarolong tse di farologaneng tsa ikonomi ya Italy—segolo bogolo mo motlakaseng, megala ya telefouno, koketso ya madi le go a banka, diporo tse dipotlana, le go dira didirisiwa tsa temo, semente, le matsela a a itiretsweng. Bontsi jwa dikgwebo tseno di ne tsa busa madi.
“Nogara o ne a gapa dikhampani di le dintsinyana jaaka La Società Italiana della Viscosa, La Supertessile, La Società Meridionale Industrie Tessili, le La Cisaraion. Fa a sena go kopanya dikhampani tseno go nna e le nngwe fela, eo a neng a e bitsa CISA-Viscosa mme a e laodisa ka Baron Francesco Maria Oddasso, monna wa maemo a a kwa tlase yo o neng a ikanngwa thata mo Vatican, Nogara o ne a dira matlhale a gore a gape khampani e ntšha e kgolo e e dirang matsela kwa Italy, SNIA-Viscosa. Kgabagare madi a Vatican mo SNIA-Viscosa a ne a nna magolo thatathata, mme morago ga moo Vatican e ne ya tsaya taolo—jaaka bosupi bo supa gore Baron Oddasso morago o ne a nna mothusa mookamedi.
“Ke kafa Nogara a neng a tsenelela ka gone mo madirelong a letsela. O ne a tsenelela mo madirelong a mangwe gape ka ditsela tse dingwe, ka go bo Nogara o ne a na le maretshwa a le mantsi thata. Monna yono yo o senatla . . . go ka twe o dirile mo gontsi go nonotsha ikonomi ya Italy go feta mogwebi le fa e ka nna ofe mo ditsong tsa Italy . . . Benito Mussolini o ne a se ka a fitlhelela mmuso o mogolo o a neng a o gopotse, mme o ne a kgontsha Vatican le Bernadino Nogara go tlhoma bolaodi jwa mofuta o mongwe.”—The Vatican Empire, ka Nino Lo Bello, ditsebe 71-3.
Seno ke sengwe sa dikai tse di bontshang kafa Babelona o Mogolo a neng a dirisana thatathata le babapatsi ba lefatshe ka gone. Ga go belaetse gore ke eng fa bagwebi bano ba tla hutsafala fa tsala ya bone ya kgwebo e sa tlhole e le teng!
[Setshwantsho mo go tsebe 259]
Fa batho ba ntse ba anama le lefatshe lotlhe, ba ne ba tsamaya ka bodumedi jwa kwa Babelona
[Ditshwantsho mo go tsebe 261]
Setlhopha sa Johane, jaaka molebedi, se bolela gore Babelona o ole
[Setshwantsho mo go tsebe 266]
Marope a Babelona wa bogologolo a tshwantshetsa go dirwa marope ga Babelona o Mogolo mo go tlang