Sesupo sa go Nna Gone ga Gago E Tla Nna Eng?’
“Dilo tseno di tla diragala leng, mme sesupo sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo e tla nna eng?”—MATHAIO 24:3, NW.
1, 2. Ke eng se se bontshang gore batho ba kgatlhegela isagwe?
BATHO ba bantsi ba kgatlhegela go itse ka isagwe. A wena o rata go itse ka yone? Mo bukeng ya gagwe ya Future Shock, Porofesara Alvin Toffler o ne a bolela kaga “go oketsega ka bonako ga mekgatlho e e ithutang ka isagwe.” O ne a oketsa jaana: ‘Re bone go tlhomiwa mekgatlho e e ratang go itse ka isagwe; go nna le makwalopaka a a buang ka isagwe kwa Engelane, Fora, Italy, Jeremane, le kwa United States; go anama ga dithuto tsa kwa yunibesithing tse di leng malebana le go bonela dilo pele.’ Toffler o ne a konela jaana: “Lefa go ntse jalo, ga go na ope yo o kgonang go ‘itse’ sengwe le sengwe ka isagwe.”
2 Buka ya Signs of Things to Come e bolela jaana: “Go bolela isagwe ka go tlhatlhoba ditselana tsa diatla, go bolela isagwe ka go dirisa kirisetale, ka tepodinaledi, go bala dikarata, I Ching, dilo tseno tsotlhe ke ditsela dingwe tse di raraaneng tse di ka re bolelelang sengwe ka isagwe ya rona.” Mme go na le gore re senke mekgwa e e dirisiwang ke batho, bogolo re ka nna ra batla motswedi o re itseng gore ke wa boammaaruri—Jehofa.
3. Ke eng fa go tshwanela gore re lebe mo Modimong go bona kitso ka isagwe?
3 Modimo wa boammaaruri o ne a bolela jaana: “Yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.” (Isaia 14:24, 27; 42:9) Ee, Jehofa o ne a kgona go bolelela batho gore go tla diragalang, mme gantsi o ne a dira jalo a dirisa batho jaaka babueledi ba gagwe. Mongwe wa baperofeti bano o ne a kwala jaana: “Modimo o tla bo o sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”—Amose 3:7, 8; 2 Petere 1:20, 21.
4, 5. (a) Ke eng fa Jesu a ka kgona go re thusa malebana le isagwe? (b) Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba botsa potso efe ya dikarolo tse dintsi?
4 Jesu Keresete e ne e le moperofeti yo mogolo wa Modimo. (Bahebera 1:1, 2) A re ke re tlhatlhobeng boperofeti bongwe jo bogolo jwa ga Jesu jo bo bolelelang pele ka dilo tse di diragalang go re dikologa mo nakong eno. Boperofeti jono gape bo re fa lesedi malebana le se se tla tlogang se diragala fa tsamaiso e e bosula eno e fela mme Modimo a e emisetsa ka lefatshe la paradaise.
5 Jesu o ne a itshupa gore ke moperofeti. (Mareko 6:4; Luke 13:33; 24:19; Yohane 4:19; 6:14; 9:17) Ka jalo, go a utlwala gore fa ba ne ba dutse mo Thabeng ya Motlhware ba lebile Jerusalema, ke eng fa barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa ka isagwe ba re: “Re bolelele gore dilo tse di tla diragala leng, le go nna gone ga gago le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—Mathaio 24:3; Mareko 13:4.
6. Mathaio 24, Mareko 13, le Luke 21 di amana jang; mme ke potso efe e e tshwanetseng go re kgatlha?
6 O tla fitlhela potso ya bone le karabo ya ga Jesu mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21.a Mo makgetlong a le mantsi dipego tseno di bua ka selo se le sengwe, mme lefa go ntse jalo, ga di tshwane thata. Ka sekai, ke Luke fela yo o buang ka ‘malwetsi mo mafelong mangwe le mangwe.’ (Luke 21:10, 11; Mathaio 24:7; Mareko 13:8) Ka mo go utlwalang, re ka nna ra ipotsa gore, A Jesu o ne a bolelela pele dilo tse di tla diragalang ka nako eo batho ba ba mo reeditseng ba neng ba tshela ka yone, kana a o ne a akaretsa le motlha wa rona le se se tla diragalang mo isagweng?
Baaposetoloi Ba Ne Ba Batla go Itse
7. Ke eng se segolo se baaposetoloi ba neng ba batla go se itse, mme karabo ya ga Jesu e ne e akaretsa eng?
7 Malatsi a sekae fela pele Jesu a bolawa, o ne a bolela gore Modimo o latlhile Jerusalema, moshate wa Bajuda. Motse oo le tempele ya one e ntle di ne di tla senngwa. Ka ntlha ya seo bangwe ba baaposetoloi ba ne ba kopa gore ba bolelelwe gore ‘sesupo sa go nna gone ga ga Jesu le sa bokhutlo jwa tsamaiso eo ya dilo e tla nna eng.’ (Mathaio 23:37–24:3) Kwantle ga pelaelo, ba ne ba akantse thata ka tsamaiso ya Sejuda le ka Jerusalema, ka go bo ba ne ba sa tlhaloganye dilo tse dintsi tse di neng di santse di tla diragala. Mme fa Jesu a ba araba o ne a bua ka dilo tse di tla diragalang kwa pelepele thata ga dilo tse di neng tsa diragala ka 70 C.E., fa Baroma ba ne ba senya Jerusalema.—Luke 19:11; Ditihō 1:6, 7.
8. Dingwe tsa ditiragalo tse Jesu a neng a di bolelela pele e ne e le dife?
8 Jaaka fa o ka bala mo dipegong tsa Diefangele tse tharo, Jesu o ne a bua ka merafe e e tsogologelang merafe le mebuso e e tsogologelang mebuso, go tlhaela ga dijo, dithoromo tsa lefatshe, dilo tse di tshosang, le ditshupo mo legodimong. Mo dingwageng tse di fa gare ga fa Jesu a ne a neela sesupo seo (33 C.E.) le nako ya fa Jerusalema e ne e swafaditswe (66-70 C.E.), go ne go tla tsoga baperofeti ba maaka le bo Keresete ba e seng bone. Bajuda ba ne ba tla bogisa Bakeresete ba ba neng ba rera molaetsa wa ga Jesu.
9. Boperofeti jwa ga Jesu bo ne jwa diragala jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?
9 Dikarolo tseno tsa sesupo di ile tsa diragala, mme e bileahisitori Flavius Josephus o supa gore seno se boammaaruri. O ne a kwala gore le pele Baroma ba tlhasela, Bomesia ba maaka ba ne ba tlhotlheletsa botsuolodi. Go ne ga nna le dithoromo tsa lefatshe tse di maswe kwa Judea le kwa mafelong a mangwe. Go ne ga tsoga dintwa mo dikarolong tse dintsi tsa Mmusomogolo wa Roma. A go ne go na le mauba a magolo? Ee, eleruri. (Bapisa Ditihō 11:27-30.) Mme go tweng ka tiro ya go rera kaga Bogosi? Mo e ka nnang ka 60 kana ka 61 C.E., ka nako ya fa buka ya Bakolosa e ne e kwalwa, ‘tsholofelo ya mafoko a a molemo ao’ a Bogosi jwa Modimo e ne e setse e utlwetse kgakala kwa Afrika, Asia le kwa Yuropa.b—Bakolosa 1:23.
“HOÑ” Ke Gona Bokhutlo Bo Tla Tlang
10. Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko lefoko la Segerika toʹte, mme le kaya eng?
10 Mo dikarolong tse dingwe Jesu o ne a supa fa ditiragalo tseno di tla diragala ka go tlhomagana. O ne a bolela jaana: “Me mahoko a a molemō a, a bogosi, a tla rèrwa . . . , hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Bibela ya Setswana e dirisa lefoko “hoñ” gangwe le gape e le lefoko le le rayang fela “ka jalo” kana “mme.” (Mareko 4:15, 17; 13:23) Lefa go ntse jalo, mo go Mathaio 24:14, “hoñ” e tserwe mo letlhalosing la Segerika toʹte.c Baitse ba Segerika ba tlhalosa gore toʹte ke “letlhalosi le le supang nako” le le dirisiwang “go tlhalosa selo se se tla diragalang fa nako e ntse e tsamaya” kana “go tlhalosa tiragalo e e tla diragalang moragonyana.” Ka jalo Jesu o ne a bolelela pele gore go tla rerwa ka Bogosi mme hong (‘morago ga moo’ kana ‘moragonyana’) “bokhutlō” bo tla tla. Bokhutlo jwa eng?
11. Jesu o ne a gatelela jang ditiragalo tse di neng di amana ka tlhamalalo le go senngwa ga Jerusalema?
11 Tsela e nngwe e boperofeti jwa ga Jesu bo neng jwa diragadiwa ka yone e ka bonwa mo ditiragalong tse di amanang le bofelo jwa tsamaiso ya Sejuda. Dintwa, dithoromo tsa lefatshe, go tlhaela ga dijo, le dilo tse dingwe tse Jesu a ileng a bolelela pele gore di tla diragala di ne tsa diragala mo lobakeng lwa dingwaga di le masome a mararo. Lefa go ntse jalo, fa re simolola mo go Mathaio 24:15, Mareko 13:14, le Luke 21:20, re bala ka ditiragalo tse di amanang thata le tshenyego e e neng e tla diragala mo bogautshwaneng, ka nako ya fa bokhutlo bo tla bo bo le gaufi thata.—Ela tlhoko tselana e le nngwe e e marontho mo tšhateng.
12. Masole a Baroma a ne a nna le seabe jang mo go diragatseng Mathaio 24:15?
12 Fa Bajuda ba ne ba tsuologa ka 66 C.E., Baroma ba ba neng ba eteletswe pele ke Cestius Gallus ba ne ba gwantela kwa Jerusalema mme ba dikaganyetsa motsemogolo oo Bajuda ba neng ba o leba jaaka o o boitshepo. (Mathaio 5:35) Le mororo Bajuda ba ne ba leka go itwela, Baroma ba ne ba tsena fela mo motsemogolong. Ka go dira jalo, ba ne ba simolola go ‘ema mo felong ga boitshepo’ fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele mo go Mathaio 24:15 le Mareko 13:14. Morago ga moo, go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang. Baroma ba ne ba boela morago ka tshoganetso fela, le mororo ba ne ba dikaganyeditse motse. Bakeresete ba ne ba lemoga ka bonako gore boperofeti jwa ga Jesu bo a diragala, mme go boela morago goo go ile ga ba fa sebaka sa gore ba tswe kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng go kgabaganya Joredane. Ditiragalo di supa gore ba ne ba dira jalo.
13. Ke eng se se neng sa thusa Bakeresete go utlwa tlhagiso ya ga Jesu ya gore ba tshabe?
13 Mme fa e le gore Baroma ba ne ba tswa mo Jerusalema ba boela morago, ke eng fa go ne go tlhokega gore batho ba tshabe? Mafoko a ga Jesu a ne a supa gore se se diragetseng se ne se supa gore ‘tshwafalo ya Jerusalema e gaufi.’ (Luke 21:20) Ee, tshwafalo. O ne a bolelela pele ka ‘sepitla se se iseng se ko se nne e sa le ka tshimologo le gona se se kitla se tlhola se nna gone gape.’ Dingwaga tse tharo le sephatlo moragonyana ka 70 C.E., Jerusalema e ne ya welwa ke “sepitla se segolo” ka go tlhaselwa ke masole a Baroma a a neng a eteletswe pele ke Mogenerale Tito. (Mathaio 24:21; Mareko 13:19) Mme gone, ke eng fa Jesu a ne a tlhalosa gore seno e tla nna sepitla se segolo go feta se se kileng sa nna gone kana fa e sale?
14. Ke eng fa re ka bolela gore se se diragaletseng Jerusalema ka 70 C.E. e ne e le “sepitla se segolo” se se iseng se ko se nne le gona se se kitla se tlhola se nna?
14 Jerusalema e ne ya senngwa ke Bababelona ka 607 B.C.E., e bile go ile ga nna le dintwa tse di maswe thata mo motsemogolong oo mo lekgolong leno la dingwaga. Mme lefa go ntse jalo, se se neng sa diragala ka 70 C.E. e ne e le sepitla se segolo se se sa tshwaneng le sepe. Batlhabani ba ga Tito ba ne ba fenya Bajuda mo ntweng e e neng ya tsaya dikgwedi tse di ka nnang tlhano. Ba ne ba bolaya batho ba ba ka nnang 1 100 000 mme ba isa ba ba ka nnang 100 000 botshwarwa. Mo godimo ga moo, Baroma ba ne ba ripitla Jerusalema. Seno se ne se supa gore tsamaiso ya Sejuda e kobamelo ya yone e e neng e direlwa kwa tempeleng e neng e amogelwa pele e se ka ya tlhola e nna teng. (Bahebera 1:2) Ee, go ka nna ga twe ditiragalo tse di neng tsa diragala ka 70 C.E. e ne e le ‘sepitla se se iseng se ko se nne gone [mo motsemogolong, mo morafeng, le mo tsamaisong eo] fa e sa le ka tlholego ya lefatshe, nnyaa, le gona se se kitla se tlhola se nna gone gape.’—Mathaio 24:21.d
Jaaka Fa go Ne go Perofetilwe, go Ne go Santse go Tla Diragala Dilo Tse Dingwe Gape
15. (a) Jesu o ne a bolelela pele gore go tla diragala ditiragalo tsa mofuta ofe morago ga sepitla sa Jerusalema? (b) Go ya ka Mathaio 24:23-28, re ka swetsa ka goreng malebana le go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Jesu?
15 Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ka a bolelela pele ka sepitla se se neng se tla nna teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga fela. Bibela e bontsha gore go tla nna le dilo tse dintsi tse di tla latelang morago ga sepitla, jaaka go supiwa ke lefoko toʹte kana “hoñ,” jaaka le dirisitswe mo go Mathaio 24:23 le Mareko 13:21. Go ne go tla diragalang morago ga 70 C.E.? Morago ga sepitla sa tsamaiso ya Sejuda, go ne go tla nna le boKeresete ba ba oketsegileng le baperofeti ba ba oketsegileng ba maaka. (Bapisa Mareko 13:6 le 13:21-23.) Hisitori e supa gore batho ba ba ntseng jalo ba ile ba nna teng makgolo a dingwaga fa Jerusalema e sena go fedisiwa ka 70 C.E., le mororo ba ne ba se ka ba timetsa batho ba ba kgatlhegelang dilo tsa semoya le ba ba neng ba lebeletse “go nna gone” ga ga Keresete. (Mathaio 24:27, 28) Lefa go ntse jalo, ditiragalo tse di ileng tsa diragala morago ga sepitla se segolo sa 70 C.E. tsotlhe di supa gore Jesu o ne a bua ka sengwe se se kwa pele ga sepitla seno se e neng e le fela tshimologo ya go diragadiwa ga se a neng a se bolela.
16. Luke 21:24 e oketsa ka karolo efe mo boperofeting jwa ga Jesu, mme seno se kaya eng?
16 Fa re bapisa Mathaio 24:15-28 le Mareko 13:14-23 le Luke 21:20-24, re bona selo sa bobedi se se supang gore se Jesu a neng a se bolelela pele se ne se tla diragala morago thata Jerusalema e sa bolo go senngwa. Gakologelwa gore ke Luke fela yo o neng a umaka malwetsi. Ka mo go tshwanang, ke ene fela yo o konelang karolo eno ka mafoko a ga Jesu a a reng: “Jerusalema e tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihale.”e (Luke 21:24) Bababelona ba ne ba tlosa kgosi ya bofelo ya Bajuda ka 607 B.C.E., mme morago ga moo, Jerusalema e e neng e emela Bogosi jwa Modimo e ne ya katakiwa. (2 Dikgosi 25:1-26; 1 Ditihalō 29:23; Esekiele 21:25-27) Mo go Luke 21:24 Jesu o ne a bontsha gore boemo jo bo ne bo tla nna jalo go fitlha ka nako e Modimo o tla bong o tlhoma Bogosi gape ka yone.
17. Ke bosupi bofe jwa boraro jo bo leng teng jwa gore boperofeti jwa ga Jesu bo ne bo tla diragala mo isagweng e e kwa pele?
17 Bosupi jo bongwe gape jwa boraro jo bontshang gore Jesu o ne a bua ka dilo tse di tla diragalang mo isagweng ke jono: Go ya ka Dikwalo, Mesia o ne a tla swa mme a bo a tsosiwa, morago ga foo o ne a tla ya go nna kafa letsogong le legolo la Modimo go fitlha Rraagwe a mo laela gore a buse. (Pesalema 110:1, 2) Jesu o kile a umaka gore o tla nna kafa letsogong le legolo la ga Rraagwe. (Mareko 14:62) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisa kgang ya gore Jesu yo o tsositsweng o ne a dutse kafa letsogong la ga Jehofa le legolo a letile nako ya gore a dirwe Kgosi le Modiragatsakatlholo wa Modimo.—Baroma 8:34; Bakolosa 3:1; Bahebera 10:12, 13.
18, 19. Tshenolō 6:2-8 e dumalana jang le boperofeti jwa Diefangele?
18 Gore re tle re bone bosupi jwa bone le jwa bofelo jwa gore boperofeti jwa ga Jesu malebana le bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ne bo tla diragala morago thata ga lekgolo la ntlha la dingwaga, a re ke re sekasekeng Tshenolō kgaolo 6. Fa moaposetoloi Johane a ne a kwala masome a dingwaga morago ga 70 C.E., o ne a tlhalosa ka pono ya bapalami ba ba pelokgale ba dipitse ba ba tlhaga. (Tshenolō 6:2-8) Pono eno ya boperofeti e e malebana le “letsatsi la Morèna”—letsatsi la go nna gone ga gagwe—e supa lekgolo leno la rona la bo 20 la dingwaga jaaka nako ya dintwa (temana ya 4), go anama ga tlhaelo ya dijo (ditemana 5 le 6), le “losho” (temana 8). Go phepafetse gore seno se dumelana le se Jesu a neng a se bolela mo Diefangeleng mme se supa gore boperofeti jwa gagwe bo tla diragadiwa ka tsela e kgolwane mo ‘letsatsing leno la Morena.’—Tshenolō 1:10.
19 Batho ba ba nang le kitso ba dumela gore sesupo se se nang le dikarolo tse dintsi se se boleletsweng pele mo go Mathaio 24:7-14 le Tshenolō 6:2-8 se sa le se ntse se bonala fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e simologa ka 1914. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itsise lefatshe ka bophara gore boperofeti jwa ga Jesu bo diragadiwa ka lekgetlo la bobedi le ka tsela e kgolwane, jaaka fa seno se supiwa ke dintwa tse di setlhogo, dithoromo tsa lefatshe tse di senyang, ditlala tse di botlhoko le malwetsi a a anameng. Mo ntlheng eno ya bofelo, U.S.News & World Report (July 27, 1992) e ne ya bolela jaana: “Leroborobo la AIDS . . . le bolaya dimilione tsa batho mme le tla tloga le nna kgogodi e e setlhogo thata e e kileng ya nna teng mo his3itoring. Loso lo Lontsho lo ile lwa bolaya batho ba ba ka nnang dimilione di le 25 mo lekgolong la bo 14 la dingwaga. Mme ka ngwaga wa 2000, batho ba le dimilione di le 30 go ya go ba le dimilione di le 110 ba tla bo ba na le baerase ya HIV, e e bakang bolwetsi jwa AIDS, mo godimo ga batho ba le dimilione di le 12 ba ba setseng ba na le yone gompieno. E re ka go sena tsela ya go alafa bolwetsi jono, batho bano botlhe ba tlile go swa.”
20. Go diragadiwa ga Mathaio 24:4-22 ka lekgetlo la ntlha go ne go tla akaretsa eng, mme gape ke go diragadiwa gofe go gongwe go go bonalang?
20 Ka jalo, re ka swetsa ka goreng malebana le tsela e Jesu a neng a araba potso ya baaposetoloi ka yone? Boperofeti jwa gagwe bo ne jwa bolelela pele sentle ka dilo tse di neng di tla diragala pele le tse di neng di tla akaretsa go senngwa ga Jerusalema, e bile bo ne jwa umaka le dilo tse di neng di tla diragala morago ga 70 C.E. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dilo tseno di ne di tla diragala gape lwa bobedi di bo di diragala ka selekanyo se segolwane mo isagweng, mme di ne di tla felela ka sepitla se segolo se se neng se tla fedisa tsamaiso ya jaanong e e bosula ya dilo. Seno se raya gore dilo tse Jesu a neng a di bolelela pele mo go Mathaio 24:4-22, le tse di tshwanang le tsone tse di mo go Mareko le Luke, di ne tsa diragadiwa go tloga ka 33 C.E., go fitlha ka sepitla sa 70 C.E. Lefa go ntse jalo, tsone ditemana tseo di ne di tla diragadiwa gape lwa bobedi, di akaretsa sepitla se segolo mo nakong e e tlang. Go diragadiwa ga yone ka selekanyo se segolwane go diragala mo motlheng wa rona; re bona seno letsatsi le letsatsi.f
Go Lebisa Kae?
21, 22. Ke boperofeti bofe jo bongwe jo bo bontshang gore go na le dilo tse dingwe tse di tshwanetseng go diragala?
21 Jesu ga a ka a konela boperofeti jwa gagwe ka go bolela fela ka baperofeti ba maaka ba ba tla dirang dikgakgamatso go tsietsa batho mo lobakeng lo loleele lwa pele ‘metlha ya baditšhaba e diragadiwa.’ (Luke 21:24; Mathaio 24:23-26; Mareko 13:21-23) O ne a tswelela pele ka go bolela dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tse di neng di tla diragala, dilo tse di tla bonwang lefatshe ka bophara. Dilo tseno di ne di tla amana le go tla ga Morwa motho fa a tla ka nonofo le kgalalelo. Mareko 13:24-27 e tswelela pele e tlhalosa boperofeti jwa gagwe jaana:
22 “Me e tla re mo metlheñ euō, moragō ga pitlaganyō euō, letsatsi le tla hihala, kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna; Le dinaledi di tla bo di wa kwa legodimoñ, le dinonohō, tse di mo magodimoñ di tla reketlisiwa. Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa motho a tla mo maruñ ka nonohō e kgolo le kgalalèlō. Hoñ o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa boheleloñ yoa lehatshe go ea boheleloñ yoa legodimo.”
23. Ke eng fa re ka nna re ntse re lebeletse gore Mathaio 24:29-31 e tla diragadiwa lobaka lo loleele morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.?
23 Morwa motho e bong Jesu Keresete yo o tsositsweng, ga a ka a tla ka tsela eo e e gakgamatsang fa tsamaiso ya Sejuda e sena go fedisiwa ka 70 C.E. E bile tota, ga a ka a bonwa ke ditso tsotlhe tsa lefatshe, jaaka fa Mathaio 24:30 e bolela, e bile baengele ba legodimo ga ba a ka ba phutha Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng mo lefatsheng lotlhe ka nako eo. Ka jalo he, karolo eno e nngwe ya boperofeti jo bogolo jono jwa ga Jesu e ne e tla diragadiwa leng? A dilo tse di diragalang go re dikologa di supa gore bo a diragala, kana a e re fa fela temogo ya bomodimo ka dilo tse re ka di lebelelang mo isagweng e e fa gaufi? Tota re tshwanetse ra batla go itse ka go bo Luke o ne a kwala kgothatso eno ya ga Jesu e e reng: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletse ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololo ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:28.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dikarolo dingwe tsa dikgaolo tseno di ka bonwa mo tšhateng e e mo go tsebe 14 le 15; ditsela tse di marontho di supa dikarolo tse di tshwanang.
b Go bona mafoko a a nopotsweng a ditiragalo tsa hisitori, bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1971, ditsebe 29-31.
c Toʹte e tlhaga makgetlo a a fetang 80 mo go Mathaio (mo kgaolong ya 24 ka makgetlo a le 9) mme e tlhaga makgetlo a le 15 mo bukeng ya Luke. Mareko o ne a dirisa toʹte ka makgetlo a le marataro fela, mme makgetlo a le mane mo go ao o le dirisitse fa a bua ka “seshupō.”
d Mokwadi wa Moborithane Matthew Henry o ne a akgela jaana: “Bakaladea ba ne ba senya Jerusalema ka tsela e e maswe thata, mme seno se ne se feta seo thata. Ba ne ba batlile ba nyeletsa . . . Bajuda botlhe.”
e Batho ba le bantsi ba tlhokometse gore morago ga Luke 21:24, Luke o gatelela dilo ka tsela e e farologaneng mo pegong ya gagwe. Dr. Leon Morris o bolela jaana: “Jesu o tswelela pele a bua ka metlha ya Baditšhaba. . . . Bakanoki ba bantsi ba akanya gore jaanong mogopolo o tlhomiwa thata mo go tleng ga Morwa motho.” Porofesara R. Ginns o kwala jaana: “Go tla ga Morwa Motho—(Math 24:29-31; Mar 13:24-27). Go umakiwa ga ‘metlha ya Baditšhaba’ ke mafoko a a simololang a setlhogo seno; se [Luke] a neng a bua ka sone se bonala sentle gore e ne e tla nna selo se se neng se tla diragala mo isagweng morago thata Jerusalema e setse e sentswe.”
f Porofesara Walter L. Liefeld o kwala jaana: “Tota motho a ka akanya gore dipolelelopele tsa ga Jesu di ne di na le dikarolo tse pedi: (1) ditiragalo tse di diragetseng ka A.D. 70 tse di akaretsang tempele le (2) tse di tla diragalang kwa pelepele mo isagweng, tseo di tlhalosiwang ka tsela ya seperofeti.” J. R. Dummelow o bolela jaana mo kakgelong e a e rulagantseng: “Bontsi jwa mathata a a masisi a kgangkgolo eno a a nyelela fa go lemogiwa gore Morena o ne a sa bue ka tiragalo e le nngwe fela mme o ne a bua ka tse pedi, le gore ya ntlha e tshwantshetsa ya bobedi. . . . segolobogolo [Luke] 21:24, e e buang ka ‘metlha ya Baditšhaba,’. . . ga e supe ka tlhamalalo gore go tla nna le nako e kana kang fa gare ga go wa ga Jerusalema le bokhutlo jwa lefatshe.”
A O A Gakologelwa?
◻ Karabo ya ga Jesu ya potso e e mo go Mathaio 24:3 e ne ya diragadiwa jang pele ga 70 C.E.?
◻ Go dirisiwa ga lefoko toʹte go re thusa jang go tlhaloganya boperofeti jwa ga Jesu?
◻ Ke ka tsela efe “sepitla se segolo” sa lekgolo la ntlha la dingwaga se nnileng se se iseng se ko se nne teng?
◻ Ke dikarolo dife tse pedi tse di sa tshwaneng le dipe tsa boperofeti jwa ga Jesu tse Luke a buang ka tsone tse di re amang gompieno?
◻ Ke eng se se supang gore boperofeti jo bo mo go Mathaio 24:4-22 bo tla diragadiwa ka lekgetlo la bobedi mme e le ka selekanyo se segolwane?
[Tšhate mo go tsebe 14, 15]
4 “Yesu a ba hetola, a re, Lo itisè gore opè a se ka a lo timetsa. 5Gonne batho ba le bantsi ba tla tla ka leina ya me, ba re, ke bōnè Keresete; me ba tla timetsa batho ba le bantsi. 6 Me lo tla utlwèla dintwa, le medumō ea dintwa: lo bōnè gore lo se ka loa kgoberèga: gonne dilō tse di na le go dihala; me e be e se e nne bokhutlō.
7 “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. 8 Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.
9 “Ke gōna ba tla lo tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea: me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me. 10 Hoñ ba le bantsi ba tla kgopiwa, ba tla ōkana, ba ilana. 11 Me baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tla coga, me ba tla timetsa batho ba le bantsi. 12 Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala. 13 Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa. 14 Me mahoko a a molemō a, a bogosi a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.
-----------------------------------------------------------------
15 “Me ke gōna e tla reñ lo bōna se se makgapha a a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō,—a eo o balañ a tlhaloganyè, 16 hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ. 17 Eo o mo godimo ga ntlo, a a se hologele go ntsha dilwana tse di mo tluñ ea gagwè. 18 Le èna eo o kwa masimo, a se ka a boèla go tsaea kobō ea gagwè. 19 A bo go tla bo go latlhèga ba ba imana, le ba ba amusañ mo metlheñ euō! 20 Me lo rapèlè, gore tshabō ea lona e se ka ea nna mariga, leha e le ka letsatsi ya sabata: 21 [hoñ] go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. 22 Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutsahadiwa.
-----------------------------------------------------------------
23 “Hoñ e tla re ha moñwe a lo raea, a re, bōnañ, Keresete ke eo, kgotsa, ke eole; lo se ka loa dumèla. 24 Gonne go tla coga Bakeresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè, me ba tla bōnatsa dichupō tse di kgolo, le dikgakgamaco; gore ha go ka nna yalo, ba timetsè ba e leñ baitshenkedwi ka bosi. 25 Bōnañ, ke lo boleletse go sa le galè. 26 Me ke gōna ha ba lo raea, ba re, bōnañ, o kwa nageñ; lo se ka loa cwa: ha ba re, bōnañ, o mo matlwaneñ a a kwa teñ; lo se ka loa dumèla. 27 Gonne yaka logadima lo tlo lo gadime kwa botlhabatsatsi, me lo bōnale hèla kwa bophirimatsatsi; go tla ga Morwa motho go tla nna hèla yalo. 28 Goñwe le goñgwe kwa setoto se gōna, manoñ a tla a phuthègèle gōna.
-----------------------------------------------------------------
-----------------------------------------------------------------
29 “Me gauchwane, moragō ga sepitla sa metlha euō, letsatsi le tla hihala, kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna, dinaledi di tla wa kwa legodimoñ, le dinonohō tsa magodimo di tla reketlisiwa. 30 Ediha gōna go tla bōnalañ seshupō sa Morwa motho kwa legodimoñ: hoñ dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla hutsahala, me di tla bōna Morwa motho a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo. 31 Me o tla roma baengele ba gagwè ka tumō e kgolo ea lonaka, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa sekhutloñ se señwe sa legodimo go ea kwa go se señwe.”
5 “Me Yesu o ne a simolola go ba raea, a re, lo itise gore motho opè a se ka a lo timetsa. 6 Bantsi ba tla tla ka leina ya me, ba ikaea, ba re, Ke nna èna; me ba tla timetsa batho ba le bantsi. 7 Me lo tla re lo utlwèla dintwa, le medumō ea dintwa, lo se ka loa huduega: dilō tse di na le go dihala hèla; me e tla bo e se e nne bokhutlō.
8 “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bogosi: go tla nna dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe; go tla nna meshwele; me dilō tse e be e le tshimologo ea metlotsedi.
9“Me lo itisè, gonne ba tla lo neèla mo makgotleñ; lo tla bediwa mo matluñ a thutō; lo tla èma ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go nna chupō mo go bōnè. 10 Me mahoko a a molemō a na le go rerèlwa merahe eotlhe pele. 11 Me e tla re ba lo gōgèla kwa ditshekoñ, me ba lo neèla balaodi, lo se ka loa tlhobaèlèla pele se lo tla se buañ; me hèla se lo tla se nèwañ mo nakoñ euō, lo buè shōna hèla; gonne e tla bo e se lona ba lo buañ, e le mōea o o boitshèpō. 12 Me morwa rra motho o tla neèla morwa rragwè go bolawa, le rra motho ñwana oa gagwè; le bana ba tla cogologèla batsadi ba bōnè, ba diha gore ba bolawè. 13 Me lo tla ilwa ke batho botlhe ka ntlha ea leina ya me: me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.
-----------------------------------------------------------------
14 “Me e tla re lo bōna eo o makgapha a a shwahatsañ a eme ha o sa chwanèlañ go èma,—eo o balañ a a tlhaloganyè,—hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ. 15 Le èna eo o ha godimo ga ntlo a a se hologe, leha e le go tsèna mo teñ, go tsaea señwe mo tluñ ea gagwè: 16 Me èna eo o kwa nageñ a se ka a boèla kobō ea gagwè. 17 Me go tla bo go latlhèga bōnè ba ba imana, le ba ba amusañ mo metlheñ euō! 18 Me lo rapèlè gore go se ka ga nna go le mariga. 19 Gonne metlha euō e tla nna ea pitlaganyō, yaka go e se go ko go bonwe gopè, e sa le ka tshimologō ea tlholègō e Modimo o e tlhodileñ, le gompiyeno, le gōna ga go ketla go tlhōla go bōnwa gopè. 20 Me ha Morèna a ko a se ka a khutsahatsa metlha euō, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me a khutshahatsa metlha ka ntlha ea baitshenkedwi ba o ba itshenketseñ.
-----------------------------------------------------------------
21 “Me hoñ ha motho moñwe a ka lo raea, a re, bōnañ, Keresete ke eo; kgotsa, bōnañ, o hale; lo se ka loa dumèla. 22 Gonne go tla coga bo Keresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè, me ba tla ntsha dichupō le dikgakgamaco, gore ba tlè ba timetsè baitshenkedwi, ha go ka nna yalo. 23 Me lona lo itisè: bōnañ, ke lo boleletse dilō cotlhe go sa le galè.
-----------------------------------------------------------------
-----------------------------------------------------------------
24 “Me e tla re mo metlheñ euō, moragō ga pitlaganyō euō, letsatsi le tla hihala, kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna; 25 le dinaledi di tla bo di wa kwa legodimoñ, le dinonohō tse di mo magodimoñ di tla reketlisiwa. 26 Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa motho a tla mo maruñ ka nonohō e kgolo le kgalalelō. 27 Hoñ o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa kwa boheleloñ yoa lehatshe go ea kwa boheleloñ yoa legodimo.”
8“Me a re, itiseñ gore lo se timediwe: gonne batho bantsi ba tla tla ka leina ya me, ba ikaea ba re, Ke nna èna; ba ba ba re, Motlha o atametse; ka re, lo se ka loa ba sala moragō. 9 Me mogañ lo utlwañ kaga dintwa le dikudumedi tsa batho, lo se ka loa rèrèga: gonne dilō tse, di chwanetse go dihala pele; me bokhutlō boo bo bo e se bo nne gauhi.
10“Hoñ a ba raea, a re, morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: 11me go tla nna dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe, le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne mebopamō, le dikgogodi tsa bolwetsi; me go tla nna dilō tse di rerisañ ha di bōnwa, le dichupō tse di cwañ legodimoñ.
12“Me e tla re pele ga dilō cotlhe tse, ba tla lo tsenya diatla, ba tla lo bogisa, ba tla lo isa tshekoñ mo matluñ a thutō, ba lo tsenya mo matluñ a kgolegèlō, ba lo isa ha pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ea leina ya me. 13 Me mo go tla lo dihahalèla gore lo ichupè. 14Ke gōna lo itlhōmamisè mo dipeduñ tsa lona ha lo se ketla lo akanya pele kaha lo tla hetolañ ka gōna: 15 ka gonne ke tla lo naea molomo, le botlhale yo baba botlhe ba lona ba se ketlañ ba nonoha go bo ganetsa, leha e le go èmalana nayō. 16Me lo tla ōkwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borra lona, le ba losika loa lona, le ditsala; me bañwe ba lona ba tla bolawa ka bōnè. 17 Me lo tla tlhōiwa ke botlhe ka ntlha ea leina ya me. 18Me leha e le moriri moñwe hèla oa ditlhōgō tsa lona, ga o ketla o nyèlèla. 19 Lo tla ipolokèla meōea ea lona ka bopelotelele yoa lona.
-----------------------------------------------------------------
20“Me e tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi. 21Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè; le ba ba kwa nageñ a ba se ee go tsèna mo go ōna. 22Gonne metlha euō ke ea pusholoshō, gore dilō cotlhe tse di kwadilweñ di dihalè. 23A bo go latlhèga bōnè ba ba moimana le ba ba amusañ mo metlheñ euō! gonne go tla nna pitlaganō e kgolo mo seshabeñ se. 24Me ba tla wa ka bogale yoa chaka, ba tla isiwa e le dichwarwa mo merahiñ eotlhe;
-----------------------------------------------------------------
Me Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.
-----------------------------------------------------------------
-----------------------------------------------------------------
25 “Me go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; 26 le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa. 27 Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa motho a tla ka leru, ka nonohō, le ka kgalalèlō e kgolo. 28 Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletse ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololo ea lona e tla bo e atamèla.”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Sepitla sa 70 C.E. e nnile se segolo thata go feta tsotlhe tse di kileng tsa nna teng kwa Jerusalema le mo tsamaisong ya Sejuda