KGAOLO 8
Bareri ba Dikgang Tse di Molemo
JEHOFA o re neile sekao se se molemo se re ka se latelang, Morwawe e bong Jesu Keresete. (1 Pet. 2:21) Fa motho ope fela a nna molatedi wa ga Jesu, motho yoo o rera dikgang tse di molemo e le mongwe wa badiredi ba Modimo. Jesu o ile a bua jaana a bontsha gore seo e ne e tla nna selo se se lapolosang mo moyeng: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Math. 11:28, 29) Tsholofetso eo ya gagwe e nnile boammaaruri mo mothong mongwe le mongwe yo o ileng a tsibogela taletso eo!
2 E re ka Jesu e le Modiredi yo Mogolo wa Modimo, o ile a bitsa batho bangwe gore ba nne balatedi ba gagwe. (Math. 9:9; Joh. 1:43) O ile a ba thapisa mo bodireding mme a ba roma gore ba dire yone tiro e a neng a e dira. (Math. 10:1-11:1; 20:28; Luke 4:43) Moragonyana, o ne a roma ba bangwe ba le 70 gore ba nne le seabe mo tirong ya go bolela dikgang tse di molemo tse di kaga Bogosi Jwa Modimo. (Luke 10:1, 8-11) Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe, o ne a ba raya a re: “Yo o lo reetsang o reetsa le nna. Mme yo o lo itlhokomolosang o itlhokomolosa le nna. Mo godimo ga moo, yo o intlhokomolosang o itlhokomolosa le yo o nthometseng.” (Luke 10:16) Ka tsela eno, Jesu o ne a gatelela bomasisi jwa boikarabelo jo barutwa ba neng ba bo neilwe. Ba ne ba tshwanetse go nna baemedi ba Modimo Mogodimodimo le ba ga Jesu! Go ne go tla nna jalo le gompieno ka batho ba bangwe botlhe ba ba neng ba tla tsibogela taletso eno ya ga Jesu: ‘Tla o nne molatedi wa me.’ (Luke 18:22; 2 Bakor. 2:17) Botlhe ba ba tsibogelang taletso eo ba na le boikarabelo jo ba bo neilweng ke Modimo jwa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira batho barutwa.—Math. 24:14; 28:19, 20.
3 E re ka re ile ra tsibogela taletso ya ga Jesu ya gore re mo sale morago, re ile ra segofadiwa ‘ka go nna le kitso’ ka Jehofa Modimo le ka Jesu Keresete. (Joh. 17:3) Re ile ra rutiwa ditsela tsa ga Jehofa. Ka thuso ya gagwe, re kgonne go fetola megopolo ya rona, ra apara botho jo bosha mme ra dira gore boitshwaro jwa rona bo dumalane le melao e e siameng ya ga Jehofa. (Bar. 12:1, 2; Baef. 4:22-24; Bakol. 3:9, 10) Kanaanelo e e tswang pelong e re nang le yone e re tlhotlheleditse go ineela mo go Jehofa le go bontsha boineelo joo ka go kolobediwa mo metsing. Fa re kolobediwa, re tlhomiwa go nna badiredi.
4 Ka metlha, nna o gopotse gore re tshwanetse go direla Modimo ka diatla tse di se nang molato le ka pelo e e itshekileng. (Pes. 24:3, 4; Isa. 52:11; 2 Bakor. 6:14-7:1) Ka go nna le tumelo mo go Jesu Keresete, re ile ra kgona go nna le segakolodi se se phepa. (Baheb. 10:19-23, 35, 36; Tshen. 7:9, 10, 14) Moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete go dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo, e le gore ba se ka ba kgopisa ba bangwe. Moaposetoloi Petere le ene o ile a tlhalosa botlhokwa jwa go nna le boitshwaro jo bo molemo e le gore re kgone go gapela batho ba e seng badumedi mo boammaaruring. (1 Bakor. 10:31, 33; 1 Pet. 3:1) O ka thusa motho jang gore a tshwanelegele go nna moreri wa dikgang tse di molemo?
BABOLEDI BA BASHA
5 Go tloga ka nako ya fa o simolola go tshwarela motho yo o kgatlhegang thuto ya legae ya Baebele, mo kgothaletse go bua le batho ba bangwe ka dilo tse a ithutang tsone mo Baebeleng. O ka mo kgothaletsa go bua le ba losika, ditsala, batho ba a berekang le bone le batho ba bangwe fa ba itlotlela fela. Eno ke kgato ya botlhokwa e e thusang batho ba basha go nna balatedi ba ga Jesu Keresete e le bareri ba dikgang tse di molemo. (Math. 9:9; Luke 6:40) Fa kitso ya gagwe ka Modimo e ntse e gola e bile a nna le bokgoni jwa go rera a se mo bodireding, ga go pelaelo gore o tla batla go nna le seabe mo tirelong ya tshimo.
GO TSHWANELEGA
6 Pele ga o laletsa motho go tsamaya le wena lekgetlo la ntlha mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo, o tshwanetse wa bo o tlhomamisegile gore go na le dilo dingwe tse a di fitlhelelang. Fa motho a tsamaya le rona mo tirelong ya tshimo, o itshupa phatlalatsa gore o kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, go lebeletswe gore a bo a setse a dirile gore botshelo jwa gagwe bo dumalane le melao e e siameng ya ga Jehofa le gore a ka nna mmoledi yo o sa kolobediwang.
7 Fa o ntse o ithuta le motho yono le go tlotla le ene ka melaometheo ya Baebele, go ka direga gore o ile wa kgona go lemoga maemo a gagwe. O ka tswa o lemogile gore o tshela go dumalana le se a se ithutileng. Le fa go ntse jalo, go na le dikarolo dingwe tsa botshelo jwa moithuti yono tse bagolwane ba tla batlang go di tlotla le ene ka tsone mme le wena o le teng.
8 Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o tla rulaganya gore bagolwane ba babedi (mongwe wa bone e le leloko la komiti ya tirelo) ba tlotle ka dintlha tseno le wena le motho yo o mo rutang Baebele. Mo diphuthegong tse di nang le bagolwane ba le mmalwa fela, seno se ka dirwa ke mogolwane le motlhanka wa bodiredi yo o nang le bokgoni. Bakaulengwe ba ba tlhophilweng ba tshwanetse go leka go dira seno ka bonako jo bo kgonegang. Tota e bile, fa ba sena go itsisiwe kwa dipokanong tsa phuthego ka keletso e moithuti a nang le yone, go ka nna ga kgonega gore ba buisane le wena le moithuti wa gago morago ga dipokano. Maemo e tshwanetse go nna a a ritibetseng. Pele ga moithuti a ka dumelelwa go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, o tshwanetse a bo a kgona go fitlhelela ditshwanelego tse di latelang:
(1) O dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—2 Tim. 3:16.
(2) O itse dithuto tsa motheo tsa Dikwalo e bile o a di dumela mo e leng gore fa a ka bodiwa dipotso, a ka kgona go araba ka tsela e e dumalanang le Baebele e seng go ya ka dithuto tsa bodumedi jwa maaka kgotsa go ya ka dikgopolo tsa gagwe.—Math. 7:21-23; 2 Tim. 2:15.
(3) O ikobela taelo ya Baebele ya gore a kopanele le batho ba ga Jehofa mo dipokanong tsa phuthego fa a kgona go dira jalo.—Pes. 122:1; Baheb. 10:24, 25.
(4) O itse se Baebele e se rutang ka kgokafalo, go akaretsa boaka, go nyala lefufa le go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang kgotsa bosodoma, mme o tshela tumalanong le dithuto tseo. Fa e le gore motho yono o nna le motho wa bong bo sele mme e se wa losika, ba tshwanetse ba bo ba nyalane semolao.—Math. 19:9; 1 Bakor. 6:9, 10; 1 Tim. 3:2, 12; Baheb. 13:4.
(5) O ikobela molao wa Baebele o o thibelang botagwa e bile ga a dirise diokobatsi dipe tse e seng tsa kalafi tse di tshwakgolang kgotsa tse di amang tlhaloganyo, e ka ne e le tsa tlholego kgotsa tse di itiretsweng.—2 Bakor. 7:1; Baef. 5:18; 1 Pet. 4:3, 4.
(6) O lemoga botlhokwa jwa go tila ditsala tse di sa siamang.—1 Bakor. 15:33.
(7) O tlogetse gotlhelele go nna leloko la madumedi otlhe a maaka a a ka tswang a kile a ikamanya le one. E bile o tlogetse go nna gone kwa dikokoanong tsa madumedi ao le go a ema nokeng kgotsa go nna le seabe mo ditirong tsa one.—2 Bakor. 6:14-18; Tshen. 18:4.
(8) O tlogetse gotlhelele go nna le seabe mo ditirong tsa lefatshe tsa dipolotiki.—Joh. 6:15; 15:19; Jak. 1:27.
(9) O dumalana le se Baebele e se buang mo go Isaia 2:4 malebana le dikgang tsa ditshaba e bile o tshela tumalanong le seo.
(10) Eleruri o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa.—Pes. 110:3.
9 Fa bagolwane bano ba sa tlhomamisege gore moithuti o ikutlwa jang ka dingwe tsa dintlha tseno, ba tshwanetse go mmotsa, gongwe ba thaya motlotlo wa bone mo dikwalong tse di umakilweng fano. Go botlhokwa gore a tlhaloganye gore batho ba ba nnang le seabe mo tirong ya go rera le Basupi ba ga Jehofa, ba tshwanetse go tshela botshelo jo bo dumalanang le ditshwanelego tseno tsa Dikwalo. Se a se buang se tla thusa bagolwane go bona gore a o itse se se lebeletsweng mo go ene le gore a o tshwanelega ka selekanyo se se rileng go simolola go nna le seabe mo tirelong ya tshimo.
10 Bagolwane ba tshwanetse go itsise moithuti ka bonako gore a o a tshwanelega. Mo maemong a le mantsi, ba ka dira seno fa ba sena go tlotla le ene. Fa motho yono a tshwanelega, bagolwane ba ka mo amogela ka lorato go nna mmoledi. (Bar. 15:7) O tshwanetse go kgothalediwa go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo ka bonako jo bo kgonegang le gore a romele pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo fa kgwedi e fela. Bagolwane ba ka tlhalosetsa moithuti yono wa Baebele gore fa a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mme a bega tirelo ya gagwe lekgetlo la ntlha, o tla direlwa Rekoto ya Mmoledi ya Phuthego e e kwadilweng leina la gagwe mme e tla tsenngwa mo faeleng ya phuthego. Bagolwane ba tsaya tshedimosetso eo gore phuthego e kgone go e dirisa go itse gore tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e ntse e gatela peleng jang le gore mmoledi a kgone go nna le seabe mo dilong tse di dirwang mo phuthegong gape le gore bagolwane ba kgone go lemoga fa a tlhoka kgothatso le kaelo. Gape bagolwane ba ka bolelela mmoledi yo mosha gore tshedimosetso ya gagwe e dirisiwa go ya ka Molawana o Basupi ba ga Jehofa ba o Latelang go Sireletsa Tshedimosetso ya Batho mo Lefatsheng Lotlhe o o mo jw.org.
11 Fa re dira maiteko a go itse mmoledi yo mosha botoka le go bontsha gore re kgatlhegela se a kgonneng go se dira go ka mo tlhotlheletsa ka tsela e e molemo. Go ka nna ga mo tlhotlheletsa go tlisa pego ya tirelo ya tshimo ka metlha le go dira maiteko a mangwe a magolo a go direla Jehofa.—Bafil. 2:4; Baheb. 13:2.
12 Fa bagolwane ba setse ba bone gore moithuti yono wa Baebele o tshwanelega go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo, go tla bo go siame gore a abelwe buka ya, Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa. Fa a sena go romela pego ya gagwe ya ntlha ya tirelo ya tshimo, go tla dirwa kitsiso e khutshwane go itsise phuthego gore ke mmoledi yo mosha yo o sa kolobediwang.
GO THUSA BASHA
13 Bana ba bannye le bone ba ka tshwanelega go nna baboledi ba dikgang tse di molemo. Jesu o ne a amogela bana ba bannye ka lorato mme a ba segofatsa. (Math. 19:13-15; 21:15, 16) Le fa gone batsadi e le bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go thusa bana ba bone, ba bangwe mo phuthegong le bone ba ka thusa basha ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Fa o le motsadi, sekao sa gago se se molemo mo bodireding jwa tshimo se ka kgothatsa bana ba gago thata go tlhagafala mo tirelong ya Modimo. Fa ngwana a na le boitshwaro jo bo siameng e bile pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsa go bua le ba bangwe ka dilo tse a di dumelang, a ka thusiwa jang?
14 Go tla bo go siame gore motsadi a bue le mongwe wa bagolwane ba ba mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego gore ba bone gore a ngwana wa gagwe o tshwanelega go nna mmoledi. Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o tla rulaganya gore bagolwane ba babedi (mongwe wa bone e le leloko la komiti ya tirelo) ba kopane le ngwana le motsadi kgotsa batsadi ba e leng Basupi kgotsa motho yo o mo tlhokomelang mme le ene e le Mosupi. Fa ngwana a na le kitso ya dithuto tsa motheo tsa boammaaruri jwa Baebele e bile a bontsha gore o batla go nna le seabe mo bodireding, seno se tla bo se bontsha gore o gatetse pele. Fa bagolwane bano ba babedi ba sena go sekaseka dintlha tseno le tse dingwe tse di tshwanang le tse di lebeletsweng mo bathong ba ba godileng, ba ka dira tshwetso ya gore a ngwana yono a ka tsewa e le mmoledi yo o sa kolobediwang. (Luke 6:45; Bar. 10:10) Fa bagolwane ba kopane le ngwana yo monnye, ga go kitla go tlhokega gore go tlotliwe le ene ka dikgang tse gantsi di sekasekiwang le batho ba ba godileng tse tota go bonalang sentle gore ga di amane le bana.
15 Ka nako ya fa bagolwane ba kopane le ngwana, ba tshwanetse go mo akgolela kgatelopele ya gagwe ba bo ba mo kgothaletse gore a ipeele mokgele wa go kolobediwa. E re ka go se na pelaelo gore batsadi ba ile ba dira ka natla go jalela boammaaruri mo ngwaneng wa bone, le bone ba tlhoka go akgolwa. E le go thusa batsadi gore ba tswelele ba thusa ngwana wa bone, bagolwane ba tshwanetse go ba kgothaletsa go bala karolo e e reng, “Molaetsa go Batsadi ba Bakeresete,” e e mo tsebe 179-181.
BOINEELO LE KOLOBETSO
16 Fa e le gore o setse o bontshitse gore o itse Jehofa e bile o a mo rata ka go dumalanya botshelo jwa gago le ditaelo tsa gagwe le ka go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo, o tshwanetse go nonotsha kamano ya gago le ene. Jang? Ka go ineela mo go ene le ka go bontsha boineelo joo ka go kolobediwa mo metsing.—Math. 28:19, 20.
17 Boineelo bo kaya go beela sengwe kwa thoko gore se dirisediwe maikaelelo a a boitshepo. Go ineela mo Modimong go kaya go mo atamela ka thapelo e bile o dira maikano o mo solofetsa gore o tla dirisa botshelo jwa gago go mo direla le go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. Go kaya go mo naya boineelo jo bo feletseng ka bosakhutleng. (Dute. 5:9) Motho o dira jalo a le nosi, mo sephiring. Ga go na ope yo o ka go direlang seo.
18 Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go bolelela Jehofa fela mo sephiring gore o batla go nna motlhanka wa gagwe. O tshwanetse go bontsha batho ba bangwe gore o ineetse mo Modimong. O ba itsise ka go kolobediwa mo metsing, fela jaaka Jesu a ile a dira. (1 Pet. 2:21; 3:21) Fa o setse o dirile tshwetso ya go direla Jehofa mme o batla go kolobediwa, o tshwanetse go dira eng? O tshwanetse go itsise morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. Ene o tla rulaganya gore bagolwane ba le mmalwa ba tlotle le wena go tlhomamisa gore a o fitlhelela ditshwanelego tse Modimo a di lebeletseng mo bathong ba ba batlang go kolobediwa. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee sekaseka setlhogo se se reng, “Molaetsa go Mmoledi Yo o Sa Kolobediwang,” se se mo tsebe 182-184 ya buka eno le “Dipotso Tsa ba ba Batlang go Kolobediwa,” mo tsebe 185-207.
GO BEGA KGATELOPELE E E DIRWANG MO BODIREDING
19 Go ralala dingwaga, dipego tse di bontshang kafa kobamelo e e itshekileng e ntseng e gola ka teng mo lefatsheng lotlhe, di ile tsa kgothatsa batho ba ga Jehofa. Go tloga ka nako ya fa Jesu Keresete a ne a bolelela barutwa ba gagwe la ntlha gore dikgang tse di molemo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ntse ba amegile thata ka gore seno se ne se tla fitlhelelwa jang.—Math. 28:19, 20; Mar. 13:10; Dit. 1:8.
20 Barutwa ba pele ba ga Jesu ba ne ba itumelela go reetsa dipego tse di bontshang kafa tiro ya go rera e neng e atlega ka gone. (Mar. 6:30) Buka ya Baebele ya Ditiro e re bolelela gore go ne go na le batho ba ka nna 120 fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo barutweng ka Pentekosete ya 33 C.E. Go ise go ye kae, palo ya barutwa e ne ya tlhatlogela go 3 000 mme go tswa foo ba nna 5 000. Go ne ga dirwa pego ya gore ‘Jehofa o ne a tswelela a ba oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang’ le gore ‘boidiidi jo bogolo jwa baperesiti bo ne jwa simolola go utlwa tumelo.’ (Dit. 1:15; 2:5-11, 41, 47; 4:4; 6:7) Dikgang tseno tse di malebana le koketsego e e neng ya nna gone, di tshwanetse tsa bo di ile tsa kgothatsa barutwa tota! Dipego tseno tse di itumedisang di tshwanetse tsa bo di ile tsa ba tlhotlheletsa go tswelela pele ka tiro e ba e abetsweng ke Modimo le mororo ba ne ba bogisiwa setlhogo ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda!
21 Mo e ka nnang ka 60-61 C.E., Paulo o ile a bega mo lekwalong la gagwe le le yang go Bakolosa gore dikgang tse di molemo di ne di “ungwa maungo e bile di oketsega mo lefatsheng lotlhe” le gore di ne di setse di “rerwa mo popong yotlhe e e ka fa tlase ga legodimo.” (Bakol. 1:5, 6, 23) Bakeresete ba pele ba ne ba ikobela Lefoko, mme moya o o boitshepo o ne wa ba thusa go dira tiro e kgolo ya go rera pele ga bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda bo fitlha ka 70 C.E. Ruri Bakeresete bao ba ba ikanyegang ba ne ba kgothadiwa ke go utlwa dipego tsa se se neng se fitlhelelwa!
A wena o kgatlhegela go tlhomamisa gore bodiredi bo wediwa ka botlalo pele ga bokhutlo bo tla?
22 Ka tsela e e tshwanang, phuthego ya ga Jehofa ya motlha wa gompieno, e leka ka natla go boloka direkoto tsa tiro e e ntseng e dirwa go diragatsa Mathaio 24:14, e e reng: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditshabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” Rona batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo re na le tiro e e potlakileng e re tshwanetseng go e dira. Re tshwanetse go kgatlhegela go tlhomamisa gore bodiredi bo wediwa ka botlalo pele ga bokhutlo bo tla. Jehofa o tla tlhomamisa gore tiro eno e dirwa ka botlalo, mme fa re nna le seabe mo go yone, o tla re amogela ka boitumelo.—Esek. 3:18-21.
PEGO YA GAGO YA TIRELO YA TSHIMO
23 Tota re tshwanetse go bega eng? Foromo ya Pego ya Tirelo ya Tshimo e re e newang ke phuthego, e bontsha tshedimosetso e re tshwanetseng go e bega. Le fa go ntse jalo, dikakgelo tse di latelang di ka thusa.
24 Mo kholomong ya “Tse di Tsamaisitsweng (Tse di Gatisitsweng le Tsa Ileketeroniki),” kwala palogotlhe ya dikgatiso tse o di fileng batho ba e seng Basupi, e ka ne e le tse di gatisitsweng kgotsa tsa ileketeroniki. Mo kholomong ya “Makgetlo a go Bontshitsweng Dibidio ka One,” kwala palogotlhe ya makgetlo a o ileng wa bontsha batho dibidio ka one.
25 Fa o bega “Maeto a go Boela,” kwala palogotlhe ya makgetlo a o neng wa boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, ba e seng Basupi ba ba ineetseng le go kolobediwa, ba o neng wa boela kwa go bone go ya go godisa kgatlhego e ba e bontshitseng mo nakong e e fetileng. Loeto lwa go boela lo akaretsa go ya kwa mothong, go mo kwalela lekwalo, go tlotla le ene ka founo, go mo romelela molaetsa ka founo kgotsa ka e-mail kgotsa go mo isetsa kgatiso nngwe. Nako le nako fa o tshwara thuto ya legae ya Baebele, o ka bega loeto lwa go boela. Motsadi a ka nna a bega loeto lwa go boela beke le beke fa a tshwere Kobamelo ya Lelapa mme go na le ngwana yo o sa kolobediwang.
26 Le fa gantsi thuto ya Baebele e tshwarwa beke le beke, e tshwanetse go begwa e le thuto e le nngwe kgwedi nngwe le nngwe. Baboledi ba tshwanetse go kwala palo yotlhe ya dithuto tsa Baebele tse di farologaneng tse ba neng ba di tshwara mo kgweding eo. Dithuto tsa Baebele tse di begwang di ka nna tsa akaretsa dithuto tse di neng tsa tshwarwa le batho ba ba iseng ba ineele le go kolobediwa. Gape o ka nna wa bega thuto ya Baebele fa o tshwarela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o tsidifetseng thuto ya legae ya Baebele morago ga go kopiwa ke leloko la komiti ya tirelo kgotsa fa o tshwarela mmoledi yo o sa tswang go kolobediwa thuto mme a ise a fetse go bala buka ya Baebele e re Ruta Eng? le ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.
27 Go botlhokwa gore o romele pego e e nepagetseng ya “Diura.” Pego eo ke nako e o e feditseng o le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, o dira maeto a go boela, o tshwere dithuto tsa Baebele, o neela bosupi o se mo bodireding kgotsa o le mo bodireding. Fa baboledi ba babedi ba bereka mmogo, boobabedi ba ka nna ba bega nako mme gone, a le mongwe fela wa bone o tla bega maeto a go boela a ba neng ba a dira kgotsa dithuto tsa Baebele tse ba neng ba di tshwara. Fa batsadi boobabedi ba nna le seabe mo go ruteng bana ba bone ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa, ba ka nna ba bega ura e le nngwe ka beke. Bakaulengwe ba ka nna ba bega nako e ba e feditseng ba neetse puo ya phatlalatsa. Yo o tolokang puo ya phatlalatsa le ene a ka nna a bega nako eo. Go na le ditiro tse di botlhokwa tse nako ya tsone e sa begiweng, tse di jaaka go ipaakanyetsa tirelo ya tshimo, go nna gone kwa pokanong ya tirelo ya tshimo, go dira mabaka a botho le tse dingwe.
28 Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse go kaelwa ke segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele fa a akanyetsa ka thapelo gore nako ya go rera e akaretsa dilo dife tse dingwe. Baboledi bangwe ba rera mo mafelong a a nang le batho ba le bantsi, fa ba bangwe bone ba dira tshimo e go se nang batho ba le bantsi mo go yone mme go tlhokega gore ba tsamaye lobaka lo loleele fa ba ya kwa bathong. Ditshimo di a farologana; tsela e baboledi ba lebang bodiredi ka yone e a farologana. Setlhopha se se Laolang ga se gatelele gore phuthego ya lefatshe lotlhe e dire dilo jaaka se batla malebana le gore nako e baboledi ba e fetsang mo tshimong e tshwanetse go balwa jang e bile ga se a tlhoma ope gore a atlhole kgang eno.—Math. 6:1; 7:1; 1 Tim. 1:5.
29 Nako ya tirelo ya tshimo e tshwanetse go begiwa ka diura tse di feletseng. Baboledi ba ba letlwang go e bega ka dikarolwana ke fela ba ba sa kgoneng ka ntlha ya botsofe, ba ba sa kgoneng go tswa mo ntlong, ba ba leng kwa mafelong a go tlhokomelwang balwetse kwa go one kgotsa ba ba bokoa. Mmoledi yo o ntseng jalo a ka bega tirelo ya gagwe ya tshimo ka dikarolwana tsa metsotso e le 15. Tota le fa a neela bosupi ka metsotso e le 15 fela mo kgweding, o tshwanetse go bega nako eo. O tla tswelela a tsewa e le mmoledi wa Bogosi yo o begang ka metlha. Gape thulaganyo eno e ama le mmoledi yo o sa kgoneng go ya tshimong ka nakwana, gongwe e le ka ntlha ya go bo a sa kgone go tsamaya mo lobakeng lwa kgwedi kgotsa e le ka ntlha ya bolwetse jo bo masisi kgotsa ka ntlha ya go gobala. Thulaganyo eno e diretswe fela batho ba ba sa kgoneng go dira go le gontsi. Komiti ya tirelo ke yone e tla dirang tshwetso ya gore a mmoledi o tshwanelega go akarediwa mo thulaganyong eno.
REKOTO YA MMOLEDI YA PHUTHEGO
30 Rekoto ya Mmoledi ya Phuthego ke yone e e dirisediwang go kwala pego ya gago ya tirelo ya tshimo ya kgwedi nngwe le nngwe. Rekoto eno ke ya phuthego. Fa o fudugela kwa phuthegong e nngwe, tlhomamisa gore o itsise bagolwane. Mokwaledi o tla tlhomamisa gore rekoto ya gago e romelwa kwa phuthegong ya gago e ntšha. Seo se tla thusa bagolwane ba phuthego ya gago e ntšha gore ba go amogele le gore ba go thuse go ya kafa go tlhokegang ka teng. Fa e le gore o tla bo o sa kopanele le phuthego ya lona ka lobaka lwa dikgwedi tse di sa feteng tse tharo, tsweetswee tswelela o romela pego ya tirelo ya gago ya tshimo ka metlha kwa phuthegong ya gago.
LEBAKA LA GO BO RE BEGA TIRELO YA TSHIMO
31 A ka dinako tse dingwe o lebala go tlisa pego ya gago ya tirelo ya tshimo? Ke boammaaruri gore rotlhe re tlhoka go gakololwa nako le nako. Le fa go ntse jalo, fa re lwela go nna le maikutlo a a siameng ka boikarabelo jwa rona jwa go bega tirelo ya rona ya tshimo e bile re tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go dira jalo go le botlhokwa, go ka nna motlhofo gore re gakologelwe go bega tirelo ya rona ya tshimo.
32 Bangwe ba ile ba botsa jaana: “E re ka Jehofa a itse se ke se dirang mo tirelong ya gagwe, ke eng fa ke tshwanelwa ke go isa pego ya tirelo ya me kwa phuthegong?” Ke boammaaruri gore, Jehofa o itse se re se dirang, e bile o kgona go bona gore a tirelo ya rona ke ya moya otlhe kgotsa ke lemme fela la se tota re ka kgonang go se dira. Le fa go ntse jalo, se lebale gore Jehofa o ne a kwala pego ya malatsi a Noa a neng a a fetsa a le mo arakeng le palo ya dingwaga tse Baiseraele ba ileng ba di fetsa ba tsere mosepele mo nageng. Modimo o ne a kwala pego ya palo ya batho ba ba neng ba ikanyega le ba ba neng ba sa mo ikobele. O ile a kwala pego ya kafa naga ya Kanana e ileng ya gapiwa ka gone kgato ka kgato le se baatlhodi ba ba ikanyegang ba Iseraele ba neng ba se fitlhelela. Ee ruri, o ile a kwala pego ya dintlha di le dintsi tse di amanang le dilo tse batlhanka ba gagwe ba ileng ba di dira. O ile a tlhotlheletsa gore go kwalwe pego eno ya dilo tse di ileng tsa direga, a re bontsha sentle gore o tsaya kgang ya go boloka direkoto tse di nepagetseng e le botlhokwa.
33 Ditiragalo tsa hisitori tse di kwadilweng mo Baebeleng di bontsha kafa dipego le direkoto tse di neng tsa bolokwa ke batho ba ga Jehofa di leng boammaaruri ka teng. Mo maemong a le mantsi, go ne go ka se kgonege gore go tlhalosiwe bokao jo bo feletseng jwa pego nngwe ya Baebele kwantle ga gore go begiwe dipalo tse di amanang le yone. Akanya ka dikai tse di latelang: Genesise 46:27; Ekesodo 12:37; Baatlhodi 7:7; 2 Dikgosi 19:35; 2 Ditiragalo 14:9-13; Johane 6:10; 21:11; Ditiro 2:41; 19:19.
34 Le fa gone dipego tsa rona di sa akaretse sotlhe se re se dirang mo kobamelong ya ga Jehofa, di na le boikaelelo jo bo mosola mo phuthegong ya ga Jehofa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa baaposetoloi ba ne ba boa kwa letsholong la go rera, ba ne ba begela Jesu “dilo tsotlhe tse ba neng ba di dirile le tse ba neng ba di ruta.” (Mar. 6:30) Ka dinako tse dingwe, dipego di ka bontsha gore karolo nngwe ya bodiredi jwa rona e tlhoka go elwa tlhoko thata. Dipalopalo di ka nna tsa bontsha gore le fa gone go ile ga nna le kgatelopele mo ditirong dingwe, dikarolo tse dingwe tse di jaaka palo ya baboledi kgotsa koketsego, di fokotsegile. E ka nna ya bo e le gore baboledi ba tlhoka go kgothadiwa kgotsa gore go na le mathata mangwe a a tlhokang go rarabololwa. Balebedi ba ba dirang maikarabelo a bone sentle ba tla ela dipego tseo tlhoko le go leka go baakanya maemo ape fela a a ka tswang a kgoreletsa kgatelopele ya mmoledi mongwe le mongwe kgotsa ya phuthego yotlhe.
35 Gape dipego di thusa phuthego ya Modimo go bona gore tota ke kwa tshimong efe e go tlhokegang badiri ba ba oketsegileng kwa go yone. Ke mafelo afe a tiro e golang thata kwa go one? Ke afe a tiro e sa goleng kwa go one? Ke dikgatiso dife tse di tlhokegang go thusa batho go ithuta boammaaruri? Dipego di thusa phuthego ya Modimo go rulaganya gore go nne le dikgatiso tse di tlhokegang mo tirong ya go rera, mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe mme go tswa foo e bo e dira gore di nne di le gone gore di abelwe ba ba di tlhokang.
36 Dipego tse di ntseng jalo di a re kgothatsa. A ga re itumele fa re utlwa ka matsapa a bakaulengwe ba rona ba a tsayang go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe? Dipego tse di kaga koketsego ya palo ya baboledi di re thusa go bona kafa phuthego ya ga Jehofa e ntseng e gola ka teng. Maitemogelo a re nnang le one a a re kgothatsa e bile a dira gore re tlhagafale, a re tlhotlheletsa go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. (Dit. 15:3) Ka jalo, go nna le tirisanommogo ka go tlisa dipego tsa rona tsa tshimo go botlhokwa e bile go bontsha gore re amega ka bakaulengwe ba rona gongwe le gongwe. Ka go dira tiro eno e go lebegang e le nnye, re bontsha gore re ikokobeletsa thulaganyo ya phuthego ya ga Jehofa.—Luke 16:10; Baheb. 13:17.
GO IPEELA MEKGELE
37 Ga re na lebaka la go bapisa tiro ya rona ya tshimo le ya batho ba bangwe. (Bagal. 5:26; 6:4) Maemo a rona a a farologana. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ka solegelwa molemo thata ke go ipeela mekgele e re ka e kgonang, e le tsela ya go bona gore re gatela pele jang mo bodireding. Go fitlhelela mekgele eno go tla dira gore re kgotsofale.
38 Ga go pelaelo gore gone jaanong Jehofa o segofatsa tiro ya go phutha batho ba a tla ba sireletsang go ralala “pitlagano e kgolo.” Re tshela mo nakong e boporofeti jono jwa ga Isaia bo diragadiwang ka yone: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setshaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Tshen. 7:9, 14; Isa. 60:22) Ruri ke tshiamelo go nna bareri ba dikgang tse di molemo mo metlheng eno ya bofelo e e botlhokwa thata!—Math. 24:14.