Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fiwa tiro e e amanang le dikago kana ditsha tsa bodumedi. Dikwalo di a reng ka tiro e e ntseng jalo?
Kgang eno e ka ama Bakeresete ba ba batlang go dirisa 1 Timotheo 5:8 e e gatelelang botlhokwa jwa go tlamela ba ntlo ya gago ka dilo tsa senama. Le fa gone Bakeresete ba tshwanetse go dirisa kgakololo eo, ga go reye gore ba tshwanetse go amogela ditiro tsa mefuta yotlhe, go sa kgathalesege gore e ntse jang. Bakeresete ba lemoga botlhokwa jwa go latela dikaelo tse dingwe tse di botlhokwa tsa go dira go rata ga Modimo. Ka sekai, le fa monna a batla go tlamela lelapa la gagwe ga go bolele gore a tlhokomologe se Baebele e se bolelang malebana le boitsholo jo bo sa siamang kana polao. (Bapisa Genesise 39:4-9; Isaia 2:4; Johane 17:14, 16.) Gape go botlhokwa gore Bakeresete ba dire tumalanong le taelo ya gore ba tswe mo go Babilone o Mogolo, puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:4, 5.
Go ralala lefatshe, batlhanka ba Modimo ba lebana le maemo a mantsi a a amang ditiro. Ga go utlwale e bile ga go mo thateng ya rona go leka go thathamisa maemo otlhe a a ka tlhagang le go tlhoma melao e e malebana le one otlhe. (2 Bakorintha 1:24) Le fa go ntse jalo, mma re umake dintlha dingwe tse Bakeresete ba tshwanetseng go di sekaseka fa ba itirela ditshwetso malebana le tiro. Dintlha tseno di ile tsa tlhalosiwa ka bokhutshwane mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 1983 mo setlhogong se se buang ka go solegelwa molemo ke segakolodi se re se filweng ke Modimo. Go na le lebokoso le le neng le botsa dipotso tse pedi tse di botlhokwa mme morago ga foo la tlhalosa dintlha tse dingwe tse di mosola.
Potso ya ntlha e e botlhokwa ke gore: A tiro eo ya boitshediso ka boyone e a kgalwa mo Baebeleng? Fa Tora ya Tebelo e akgela ka seno, e ne ya bolela gore Baebele e kgala go utswa, go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang le kobamelo ya medimo ya disetwa. Mokeresete o tshwanetse go tila tiro e ka tlhamalalo e etleetsang dilo tse Modimo a sa di rateng, tse di jaaka tse di sa tswang go umakiwa.
Potso ya bobedi ke gore: A go dira tiro eno go tla dira gore motho a kopanele mo tirong e e kgalwang? Ga go pelaelo gore, motho yo o hirilweng mo lefelong la go betšha, mo tlileniking ya go ntsha mpa, kana mo ntlong ya diaka o tla bo a kopanela mo dilong tse di sa dumelelweng ke Dikwalo. Tota le fa tiro e a e dirang letsatsi le letsatsi koo e ka bo e le fela go feela fa fatshe kana go araba thelefouno, o tla bo a thusa mo tirong e Lefoko la Modimo le e kgalang.
Bakeresete ba le bantsi ba ba ileng ba lebana le go dira ditshwetso malebana le tiro ba ile ba fitlhela gore go sekaseka fela dipotso tseo go ba thusa go itirela tshwetso.
Ka sekai, ka dipotso tse pedi tseo fela, motho a ka kgona go lemoga gore ke eng fa moobamedi wa boammaaruri a ka se ka a thapiwa ka tlhamalalo ke mokgatlho wa bodumedi jwa maaka, a direla kereke kana a dira mo go yone. Tshenolo 18:4 e neela taelo eno: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe.” Motho yoo o tla bo a nna le seabe mo ditirong le mo maleong a Babilone o Mogolo fa e le mothapiwa wa ka metlha wa bodumedi jo bo rutang maaka. E ka tswa mothapiwa e le modiri wa tshingwana, mophepafatsi, mmaakanyi kana akhaontente, tiro ya gagwe e etleetsa kobamelo e e thulanang le bodumedi jwa boammaaruri. Mo godimo ga moo, batho ba ba tla bonang mothapiwa yono a dira tiro ya go ntlafatsa kereke, a e baakanya, kana a dira ditiro tse dingwe ba tla mo amanya le bodumedi joo.
Go tweng ka motho yo e seng mothapiwa wa ka metlha wa kereke kana wa mokgatlho oo wa bodumedi? Gongwe o kopiwa go dira tiro ya go baakanya phaepe ya metsi e e thubegileng ka tshoganyetso mo bonnong jo bo kwa tlase jwa kereke. A seo ga se farologane le go nna le seabe mo go direng tiro e go saenilweng tumelano mo go yone, e e jaaka go rulela kana go kaba dithulelo tsa kereke?
Go na le maemo a mantsi a a farologaneng a go ka akanngwang ka one. Ka jalo a re boeletseng dintlha tse dingwe tse tlhano tse Tora ya Tebelo e di tlhalositseng:
1. A tiro eo ke tiro e e direlwang batho botlhe e e sa thulaneng le Dikwalo? Tsaya sekai sa raposo. Go isa ga gagwe poso go ka se reye gore o rotloetsa tiro nngwe e e sa siamang fa nngwe ya dikago mo lefelong le a isang makwalo kwa go lone e le kereke kana tliliniki ya go ntsha mpa. Modimo o dira gore letsatsi le phatsimele mo difensetereng tsa meago yotlhe go akaretsa kereke kana tliliniki e e ntseng jalo. (Ditiro 14:16, 17) Mokeresete yo e leng raposo a ka nna a swetsa ka gore o dira tiro e e direlwang batho botlhe, letsatsi le letsatsi. Go ka nna jalo le ka Mokeresete yo o dirang tiro ya maemo a tshoganyetso—polamara yo o bidiwang gore a tle go baakanya peipi ya metsi e e dutlang mo kerekeng kana raambulense yo o bidiwang gore a tle go thusa motho yo o oleng ka nako ya fa kereke e tsene. A ka nna a tsaya tiro eno e le tiro fela ya go thusa batho ka tshoganyetso.
2. O na le taolo e kana kang mo go se se dirwang? Mong wa lebenkele yo e leng Mokeresete a ka se ka a dumela go otara le go rekisa medingwana, mereo ya tirisabadimo, disekerete kana diboroso tse di dirilweng ka madi. Ke ene a laolang ka gonne e le mong wa lebenkele. Batho ba ka nna ba mo kgothaletsa go rekisa disekerete kana medingwana gore a iponele morokotso, mme gone, o tla dira dilo go ya ka se a se dumelang go ya ka Dikwalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, mothapiwa wa Mokeresete yo o berekang mo lebenkeleng le legolo la dijo a ka nna a abelwa go bereka mo motšhining wa madi, go politšha fa fatshe, kana go tlhokomela dibuka tsa madi. Ga se ene a laolang gore go otariwa dilo dife le gore go rekisiwa dife tota le fa dingwe tsa tsone e le tse di sa siamang, tse di jaaka disekerete kana dilo tse dingwe tsa malatsi a boikhutso a bodumedi.a (Bapisa Luke 7:8; 17:7, 8.) Se se amana le ntlha e e latelang.
3. Motho o nna le seabe go le kana kang? A re boele kwa sekaing sa lebenkele. Gongwe mothapiwa yo o abetsweng tiro ya go bereka ka motšhine wa madi kana go baya dilo mo dishelofong o tshwara disekerete le dilwana tsa bodumedi ka sewelo; ke bontlhanngwe fela jwa tiro ya gagwe yotlhe. A bo go farologana jang ne le mothapiwa yo o mo go lone lebenkele leo yo o berekang mo khaontareng ya motsoko! Tiro ya gagwe yotlhe, letsatsi lotlhe, ke go bereka ka selo se se thulanang le tumelo ya Bokeresete. (2 Bakorintha 7:1) Se se bontsha lebaka la go bo go tshwanetse ga sekasekiwa gore motho o nna le seabe se se kana kang fa go dirwa tshwetso e e malebana le mmereko.
4. Tiro eo e duelwa ke mang kana e direlwa kae? Sekaseka maemo ano a mabedi. Tliliniki ya go ntsha mpa e ka dira tshwetso ya go duela motho mongwe go phepafatsa mebila ya motse e le ka go bo e batla go tokafatsa tsela e setšhaba se e lebang ka yone. O duelwa ke tliliniki ya go ntsha dimpa mme ga a bereke teng, e bile ga go na ope yo o mmonang kwa tliliniking letsatsi lotlhe. Go na le moo, ba mmona a dira tiro e e direlwang batho botlhe e ka boyone e sa thulaneng le Dikwalo, go sa kgathalesege gore o duelwa ke mang. Se se farologaneng le seo ke se. Mo nageng e go ithekisa mmele go letleletsweng semolao, lefapha la tsa boitekanelo le ka duela mooki go ya go dira kwa ntlong ya diaka, a di tlhatlhoba gore go fokodiwe go anama ga malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Le mororo a duelwa ke ba lefapha la tsa boitekanelo, o bereka nako yotlhe kwa ntlong ya diaka, a dira gore boitsholo jo bo sa siamang e nne jo bo babalesegileng, bo amogelege. Dikai tseno di supa gore ke eng fa go tlhokega gore go akanyediwe gore tiro eo e duelwa ke mang le gore e direlwa kae.
5. Ditlamorago tsa go dira tiro eo e tla nna dife; a e tla gobatsa segakolodi sa gago kana e tla kgopisa batho ba bangwe? Go tshwanetse ga akanngwa ka segakolodi, sa gago le sa batho ba bangwe. Tota le fa tiro nngwe (go akaretsa lefelo la yone kana yo o e duelelang) e lebega e amogelega mo Bakereseteng ba le bantsi, motho a ka nna a ikutlwa gore e tshwenya segakolodi sa gagwe. Moaposetoloi Paulo yo o neng a tlhoma sekao se sentle, o ne a bolela jaana: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se se nang matsoketsane, ka re eletsa go itshwara ka mo go se nang matsoketsane mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Re tshwanetse go tila go dira tiro e e ka dirang gore re tshwenyege; le fa go ntse jalo, gape ga re a tshwanela go tshwaya batho ba digakolodi tsa bone di sa tshwaneng le tsa rona diphoso. Mokeresete a ka nna a bona fa tiro e a e dirang e sa thulane le Baebele, mme a lemoga gore go tla tshwenya ba le bantsi mo phuthegong le mo setšhabeng. Paulo o ne a supa boikutlo jo bo tshwanetseng mo mafokong ano a gagwe: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopega, e le gore bodiredi jwa rona bo tle bo se ka jwa bonwa molato; mme ka tsela nngwe le nngwe re ikhaka gore re badiredi ba Modimo.”—2 Bakorintha 6:3, 4.
A re boeleng gape kwa kgannyeng e kgolo ya go dira mo kagong ya kereke, jaaka go tsenya difensetere tse disha, go phepafatsa dikhapete kana go baakanya boubelo jwa teng. Dintlha tse di fa godimo di ka dirisiwa jang?
Gakologelwa kgang ya taolo. A Mokeresete ke ene mong kana manejara wa tiro yo o ka dirang tshwetso ya gore a o tla dira tiro e e ntseng jalo mo kerekeng kana nnyaa? A Mokeresete yo o nang le taolo eo o tla batla go nna le seabe mo go Babilone o Mogolo ka go laela gore go dirwe tiro nngwe kana go dira tumalano ya go thusa bodumedi bongwe go etleetsa kobamelo ya maaka? A seo se tla bo se sa tshwane le go dira tshwetso ya go rekisa disekerete le medingwana mo lebenkeleng la gago?—2 Bakorintha 6:14-16.
Fa Mokeresete e le mothapiwa yo o sa direng ditshwetso malebana le gore ke ditiro dife tse di amogelwang, go na le dintlha tse dingwe tse di tshwanetseng go akanyediwa, tse di jaaka gore tiro eo e tla direlwa kae le gore o tla nna le seabe go le kana kang. A mothapiwa o kopiwa fela gore a ise kana a tsenye ditulo tse disha ka nako nngwe kana go dira tiro nngwe e e direlwang batho botlhe, e e jaaka fa ramolelo a ya go tima molelo mo kerekeng pele ga molelo o anama? Batho ba le bantsi ba tla bona fa seno se farologane le fa mothapiwa wa kgwebo nngwe a bereka letsatsi lotlhe a penta kereke kana ka metlha a ntlafatsa tshingwana ya yone. Go nna le kamano e e ntseng jalo ya ka metlha kana ya nako e telele go ka nna ga dira gore batho ba le bantsi ba amanye Mokeresete le bodumedi jo a bolelang gore ga a bo tshegetse, mo go ka nnang ga ba kgopisa.—Mathaio 13:41; 18:6, 7.
Re ile ra bua ka dilo tse dintsi tse di ka akanyediwang malebana le kgang ya tiro. Di ne tsa tlhalosiwa go araba potso e e rileng e e amanang le bodumedi jwa maaka. Le fa go ntse jalo, di ka nna tsa akanyediwa le mo kgannyeng e e malebana le mefuta e mengwe ya ditiro. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, go tshwanetse ga sekasekwa dilo ka thapelo, go akanyediwa dintlha tse di rileng—tse gongwe di kgethegileng—tsa maemo a go lebanweng le one. Dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo di setse di thusitse Bakeresete ba le bantsi ba ba peloephepa go dira ditshwetso tse di siameng tse di supang gore ba batla go tsamaya ka tlhamalalo le ka tsela e e siameng fa pele ga Jehofa.—Diane 3:5, 6; Isaia 2:3; Bahebera 12:12-14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bakeresete bangwe ba ba dirang mo dikokelong ba ile ba tshwanela ke go akanyetsa ntlha eno ya taolo. Ngaka e ka nna le taolo ya go laela gore molwetse a otarelwe ditlhare dingwe kana a laela gore a fiwe kalafi nngwe. Tota le fa molwetse a sa gane, ngaka ya Mokeresete e ka laela jang gore a tshelwe madi kana go ntsha mpa, a ntse a itse gore Baebele ya reng malebana le dikgang tse di ntseng jalo? Go farologana le seo, mooki yo o hirilweng mo bookelong a ka nna a bo a se na taolo e e ntseng jalo. Fa a ntse a dira ditiro tsa gagwe tsa ka metlha, ngaka e ka nna ya mo laela gore a dire tlhatlhobo ya madi ka ntlha ya mabaka mangwe kana gore a tlhokomele molwetse yo o tlileng go ntsha mpa. Go ya ka sekai se se kwadilweng mo go 2 Dikgosi 5:17-19, a ka nna a swetsa ka gore e re ka e se ene a laelang gore motho a tshelwe madi kana yo o dirang tiro ya go ntsha mpa, o tla direla molwetse tiro eo e a e direlang batho botlhe. Gone mme, o sa ntse a tshwanetse go akanyetsa segakolodi sa gagwe, gore a ‘itshware ka segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo.’—Ditiro 23:1.