Diketapele Tsa go Dirisiwa mo Bodiheding jwa Tshimo
Dikakgelo: Mo go tlhomamiseng mofuta wa ketapele o o ka dirisiwang fa o tlhakanela mo bodiheding jwa tshimo, go na le dilo tse tharo tse di tlhokang kakanyetso e e kelotlhoko: (1) Molaetsa oo re romilweng go o isa ke “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Math. 24:14) Le eleng fa re sa o bue ka tlhamalalo, re tshwanetse go akanya ka go thusa batho go bona tlhokafalo ya one, kana gongwe go tlosa dilo tse di ka ba kganelang gore ba iketleeletse go o akanyetsa. (2) Go amega tota-tota ka molemo wa batho ba re kopanang le bone go tla re thusa, jaaka go ne ga nna jalo ka Jesu, go fitlhelela dipelo. (Mar. 6:34) Kgatlhego ya mmatota e e ntseng jalo e ka supiwa ke go ruma-ruma ga rona le mokgwa wa rona o o botsalano, boiketleeletso jwa rona go ba reetsa fa ba bua mme go tswa foo re bo re bua mafoko a a tsamaelanang le maemo, le gape ka go dirisa dipotso tse di ba kgothaletsang gore ba ntshe maikutlo a bone e le gore re tle re kgone go ka tlhaloganya tsela e ba akanyang ka yone. Bakorintha wa ntlha 9:19-23 e bontsha gore moaposetoloi Paulo o ne a fetola neelano ya gagwe ya mafoko a a molemo go ya ka maemo a batho ba a neng a buisana le bone. (3) Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, baeti ba lebeletswe gore ba dirise mekgwa mengwe e e tlwaelegileng pele ga ba bolela gore ke goreng ba etile. Mo dintlheng tse dingwe mong wa ntlo o ka nna a solofela moeti yo o sa lalediwang gore a bue kgang ka bofefo.—Bapisa Luke 10:5.
Diketapele tse di latelang di bontsha kafa Basupi bangwe ba ba nang le maitemogelo ba simololang metlotlo ya bone ka teng. Fa diketapele tse jaanong o di dirisang e se tse gantsi di go bulelang tsela ya puisano, leka dingwe tsa dikakantsho tseno. Fa o dira jalo, kwa ntle ga pelaelo o tla batla go di baya ka mafoko a e leng a gago. Gape, o tla go fitlhela go thusa go tsaya dikakantsho mo Basuping ba bangwe mo phuthegong ya gago ba ba nang le katlego e e molemo mo go atameleng batho.
HARA-MAGEDONA
● ‘Batho ba bantsi ba tshwentswe ke Hara-Magedona. Ba ile ba utlwa baetapele ba lefatshe ba dirisa lereo leo ba lebisitse go ntwa e kgolo ya nuklea. O akanya gore Hara-Magedona e tla rayang go setho? . . . Tota, leina la Hara-Magedona le tsewa mo Bibeleng, mme le raya sengwe se se farologaneng le tsela eo lefatshe le le dirisang ka teng gantsi. (Tshen. 16:14, 16) Bibela gape e bontsha gore go na le dilo tseo rona ka borona re ka di dirang e le gore re tle re falole. (Sefa. 2:2, 3)’ (Bona gape ditsebe 184-188, tlase ga setlhogo se segolo “Hara-Magedona.”)
BIBELA/MODIMO
● ‘Dumela rra/mma. Ke go etetse ka bokhutshwanyane fela go abalana le wena molaetsa o o botlhokwa. Tswee-tswee elatlhoko se Bibela e se buang fano. (Bala lokwalo, jaaka Tshenolō 21:3, 4.) O akanyang kaga seo? A o utlwala o le molemo mo go wena?’
● ‘Re buisana le baagelani ba rona kaga koo go ka bonwang gone thuso e e dirang ya go fenya mathata a botshelo. Mo nakong e e fetileng, batho ba bantsi ba ne ba bala Bibela. Mme re tshela mo motlheng oo maikutlo a fetogang. O ikutlwa jang kaga yone wena? A o dumela gore Bibela ke Lefoko ja Modimo kana o ikutlwa gore ke buka fela e e molemo e e ikwaletsweng ke batho? . . . Fa e le gore e tswa kwa Modimong, o akanya gore motho o ka tlhomamisega jang kaga seo?’ (Bona ditsebe 62-72, tlase ga setlhogo se segolo “Bibela.”)
● ‘Ke itumelela go go fitlhela mo gae. Ke abalana le baagelani ba me kgang ke e e e kgothatsang go tswa mo Bibeleng (kana, Dikwalo tse di Boitshepo). A o kile wa ipotsa: . . .? (Botsa potso e e tla gogelang mo setlhogong sa gago sa motlotlo.)’
● ‘Re kgothaletsa batho go bala Bibela ya bone. Dikarabo tse e di neelang tsa dipotso tse di botlhokwa gantsi di gakgamatsa batho. Ka sekai: . . . (Pes. 104:5; kana Dan. 2:44; kana le lengwe fela.)’
● ‘Re etetse baagelani ba rona ka bokhutshwane fela gompieno. Batho bangwe bao re ntseng re buisana le bone ba na le tsholofelo mo Modimong. Ba bangwe ba go bona go le bokete go dumela mo go ene. O ikutlwa jang wena? . . . Bibela e re kgothaletsa go akanyetsa botlhokwa jwa lobopo lo lo bonalang. (Pes. 19:1) Ene yo melao ya gagwe e laolang dipopo tseno tsa selegodimo gape o ile a baakanyetsa ka kaelo e e mosola thata go rona. (Pes. 19:7-9)’ (Bona gape ditsebe 287-294, 334-339, tlase ga ditlhogo tse dikgolo “Modimo” le “Popo.”)
BOKEBEKWA/PABALESEGO
● ‘Dumela rra/mma. Re buisana le batho kaga kgang ya pabalesego ya bone. Re dikologilwe ke bokebekwa jo bontsi, mme bo ama matshelo a rona. A o akanya gore nako e tla tla fa batho ba ba tshwanang le wena le nna ba tla kgonang go tsamaya mo mebileng bosigo mme ba ikutlwa ba babalesegile? (Kana, A o ikutlwa gore go na le mongwe yo o nang le tharabololo ya bothata jono?) . . . (Dia. 15:3; Pes. 37:10, 11)’
● ‘Leina la me ke ——. Ke moagelani wa gago. Jaaka ke ntse ke tla mo mosong ono, ke ne ka elatlhoko gore mongwe le mongwe o bua kaga (umaka bokebekwa bongwe jo bo diragetseng mo bosheng jaana mo lefelong leo, kana kgang nngwe fela e e tshwentseng batho mo nageng eo). O akanyang kaga jone? . . . A go na le sengwe se o ikutlwang gore se tla thusa go dira gore matshelo a rona a babalesege ka mo go oketsegileng? . . . (Dia. 1:33; 3:5, 6)’
DITIRAGALO TSA BOSHENG
● ‘Dumela rra/mma. Leina la me ke ——. Ke moagelani wa lona (umaka seterata kana lefelo). A o ne wa bona dikgang tsa TV maabane bosigo? . . . Pego ele kaga (umaka kgang nngwe ya bosheng e e tshwentseng)—o akanyang kaga yone? . . . Ga se mo go sa tlwaelegang go utlwa batho ba botsa, Tota lefatshe le le ya kae? Rona jaaka Basupi ba ga Jehofa re dumela gore re tshela mo go seo Bibela e se bitsang “metlha ya bofelo.” Elatlhoko tlhaloso eno e e tletseng mo go 2 Timotheo 3:1-5.’ (Bona gape ditsebe 274-283.)
● ‘A o ne wa bala seno mo koranteng ya dikgang ya beke eno? (Supa pampitshana e o e segileng mo koranteng.) O akanyang . . .?’
● ‘Ke eletsa go go botsa potso. Fa o ne o ka ikgethela, ke afe a mathata a mantsi ao jaanong a lebaneng le lefatshe a o neng o ka rata gore a baakanngwe pele? (Morago ga go lemoga se se tshwentseng mong wa ntlo thata-thata, dirisa seno jaaka motheo wa puisano.)’
MMEREKO/MATLO
● ‘Re ntse re buisana le baagelani ba gago kaga se se ka dirwang go tlhomamisa gore mongwe le mongwe a nne le mmereko le matlo. A o dumela gore go a utlwala go solofela gore mebuso ya batho e tla fitlhelela seno? . . . Mme go na le mongwe yo o itseng kafa a ka rarabololang mathata ka gone; yoo ke Mmopi wa setho. (Isa. 65:21-23)’
● ‘Re buisana le bagarona ka kgang eno ya goromente yo o molemo. Batho ba bantsi ba eletsa gore ba nne le goromente wa mofuta o o gololesegileng mo go boleng, yo o baakanyetsang mongwe le mongwe mmereko le matlo a a siameng. O akanya gore ke goromente wa mofuta ofe yo o ka dirang seo sotlhe? . . . (Pes. 97:1, 2; Isa. 65:21-23)’ (Bona gape ditsebe 173-177, tlase ga setlhogo se segolo “Goromente.”)
LELAPA/BANA
● ‘Re buisana le batho bao ba kgatlhegelang kafa re ka fenyang ka gone mathata a botshelo jwa lelapa. Rotlhe re leka go dira bojotlhe jo re ka bo kgonang, mme fa go na le sengwe seo se ka re thusang go nna le katlego e kgolwane, re a se kgatlhegela, a ga go jalo? . . . (Bakol. 3:12, 18-21) Bibela e solofetsa malapa a rona isagwe ya mmatota. (Tshen. 21:3, 4)’
● ‘Rotlhe re batla bana ba rona ba nna le matshelo a a itumedisang. A mme o akanya gore go na le lebaka le le utlwalang la go solofela matswela a a itumedisang mo lefatsheng leno le le tletseng ka matshwenyego gompieno? . . . Ka jalo, ke mofuta ofe wa lefatshe o o akanyang gore bana ba rona ba ile go lebana le one fa ba gola? . . . Bibela e bontsha gore Modimo o tla dira lefatshe leno lefelo le le kgatlhisang go tshela mo go lone. (Pes. 37:10, 11) Mme boo bana ba rona ba tla tlhakanela mo go lone go ikaegile thata-thata ka kgetho e re e dirang. (Dute. 30:19)’
ISAGWE/POLOKESEGO
● ‘Dumela rra/mma. O tsogile jang? . . . Re lekela go abalana le bangwe ka rona pono e e tlhamaletseng kaga isagwe. A ke ka tsela eo o lekang go leba botshelo ka teng? . . . A o fitlhela e le gore maemo mangwe a dira seno go nna bokete? . . . Ke fitlhetse gore Bibela e thusa thata mo ntlheng eno. E tlhalosa ka tsepamo maemo ao a leng gone mo motlheng wa rona, mme gape e tlhalosa gore a kaya eng le go re bolelela matswela a a tla nnang teng. (Luke 21:28, 31)’
● ‘Dumela rra/mma. Leina la me ke ——. Wena o bidiwa mang? . . . Ke kgothaletsa banana ba ba tshwanang le wena go akanyetsa isagwe e e molemo-lemo e re e tsholetsweng ke Bibela. (Bala lokwalo, jaaka Tshenolō 21:3, 4.) A seo se utlwala se le molemo mo go wena?’
THUTO YA BIBELA YA LEGAE
● ‘Ke go etetse go go neela thuto ya Bibela ya legae ya mahala. Fa o ka ntetla, ke ne ke eletsa gore ke tseye metsotso e se mekae go go bontsha kafa batho mo mafatsheng a a fetang 200 ba buisanang ka Bibela mo magaeng jaaka ditlhopha tsa malapa. Re ka dirisa dingwe tsa ditlhogo tseno jaaka motheo wa puisano. (Supa lenaneo la diteng go tswa bukeng e e ithutiwang.) Ke efe e e go kgatlhang segolo bogolo?’
● ‘Re bontsha baagelani ba rona thuso eno ya go ithuta Bibela. (E bontshe.) A o kile wa e bona go le pele? . . . Fa e le gore o na le metsotsonyana e se mekae fela, ke ne ke eletsa go go bontsha kafa e ka dirisiwang ka teng le sekaelo sa gago sa Bibela.’
TSHIAMOLOLO/POGO
● ‘A o kile wa ipotsa: A Modimo eleruri o a kgathala kaga tshiamololo le pogo tseo di itemogelwang ke batho? . . . (Mor. 4:1; Pes. 72:12-14)’ (Bona gape ditlhogo tse dikgolo “Pogo” le “Kgothatso.”)
BOGOSI
● ‘Fa ke buisana le baagelani ba me, ke ile ka elatlhoko gore bantsi ba eletsa go tshela tlase ga goromente yo o ka rarabololang mathata a magolo a a re lebaneng gompieno—bokebekwa le go tlhatlogela godimo ga ditlhotlhwa tsa dijo (kana eng fela se se mo megopolong ya ba bantsi gone jaanong). Seo se ne se tla eletsega, a ga o bone jalo wena? . . . A go na le goromente yo o ntseng jalo gompieno? . . . Batho ba bantsi ba ile tota ba rapelela goromente yo o ka dirang dilo tseo. Kwa ntle ga pelaelo o ile wa mo rapelela, mme ga se batho ba bantsi ba ba akanyang gore ke goromente. (Dan. 2:44; Pes. 67:6, 7; Mika 4:4)’ (Bona gape ditsebe 83-91 le 173-177, tlase ga ditlhogo tse dikgolo “Bogosi” le “Goromente.”)
● ‘Re botsa baagelani ka rona potso e. Re ne re ka anaanela go utlwa karabo ya gago. Jaaka o itse, Jesu o ne a re ruta go rapelela Bogosi jwa Modimo go tla le gore thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. A o akanya gore thapelo eno e tla ke e tsamae e arabiwe gore thato ya Modimo eleruri e dirwe mo lefatsheng? . . . (Isa. 55:10, 11; Tshen. 21:3-5)’
● ‘Ke buisana le baagelani ba me ka kganetsano e rotlhe re tshwanetseng go lebana le yone: A re rata goromente wa Modimo, kana re ipatlela puso ya batho fela? Ka ntlha ya maemo a a mo lefatsheng gompieno, a o ikutlwa gore re tlhoka sengwe go na le seo batho ba setseng ba ile ba se dira? . . . (Math. 6:9, 10; Pes. 146:3-5)’
METLHA YA BOFELO
● ‘Re etetse fano go buisana kaga se se kaiwang ke se se re diragalelang mo lefatsheng gompieno. Mo bathong ba bantsi go na le kwelo tlase ya kgatlhegelo Modimo le ditekanyetso tsa gagwe tsa go tshela tse di tlhomilweng mo Bibeleng. Seno se ile sa tlhotlheletsa boikutlo jwa batho tebang le ba bangwe. Tswee-tswee a re tlotle mmogo ka tlhaloso eno e e begilweng go 2 Timotheo 3:1-5 mme o mpolelele gore a o akanya gore seno se tshwanela lefatshe gompieno. (Bala) . . . A go na le lebaka le le utlwalang la go solofela maemo a a botoka mo isagweng? (2 Pet. 3:13)’
● ‘Batho ba bantsi ba dumela gore lefatshe leno le ntse le siiwa ke nako. Ba bua kaga nako ya rona jaaka ‘metlha ya bofelo.’ A mme o lemoga gore Bibela e re bolelela kafa re ka falolang bofelo jwa lefatshe la gompieno ka gone le go tshela mo lefatsheng leo le tla dirwang paradaise? (Sefa. 2:2, 3)’ (Bona gape ditsebe 274-283, tlase ga setlhogo se segolo “Metlha ya Bofelo.”)
Bona gape “Ditiragalo tsa Bosheng” mo lenaneong leno la diketapele tse di akantshitsweng.
BOTSHELO/BOITUMELO
● ‘Re etela baagelani ba rona go bona batho ba tota ba tshwentsweng ke se se kaiwang ke botshelo. Batho ba bantsi ba itemogela boitumelo jo bo rileng. Mme ba lebane le mathata a mantsi le bone. Jaaka re ntse re tsofala, re lemoga gore botshelo bo bokhutshwane thata. A seno ke kafa botshelo bo tshwanetseng jwa nna ka gone? O ikutlwa jang ka gone wena? . . . (Akgela kaga boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo jaaka bo bonala mo Edena; go tswa foo Yohane 17:3 le Tshenolō 21:3, 4.)’ (Bona gape ditsebe 128-133, tlase ga setlhogo se segolo “Botshelo.”)
● ‘Gompieno re botsa baagelani ba rona kaga seo ba se akanyang fa ba bala Dibibela tsa bone kaga polelwana “botshelō yo bo sa khutleñ.” E kgatlhisa fela thata ka go bo polelwana eno e bonala mo Bibeleng makgetlo a ka nna 40. Botshelo jo bo ntseng jalo bo ka rayang go rona? . . . Re ka bo bona jang? (Yoh. 17:3; Tshen. 21:4)’
● ‘Re buisana le batho bao eleruri ba tshwentsweng ke se botshelo tota bo leng sone gompieno. Bontsi jwa rona re itumela thata ka go bo re tshela, mme ba bantsi ba a ipotsa, A boitumelo jwa mmatota mo botshelong bo ka kgonega? O ikutlwa jang kaga seo? . . . O ne o ka re dingwe tsa dikgoreletsi tse dikgolo thata-thata tsa boitumelo ke dife gompieno? . . . (Pes. 1:1, 2; dikwalo tse dingwe tse di ka tshwanelang se se tshwentseng mong wa ntlo)’
LORATO/BOPELONOMI
● ‘Re fitlhela gore batho ba bantsi ba tshwentswe thata ke tlhaelo ya lorato lwa mmatota mo lefatsheng. A le wena o ikutlwa ka tsela eo? . . . Ke eng fa o akanya gore seno ke tshekamelo e e gone gompieno? . . . A o ne o itse gore Bibela e ne ya bolelela pele kaga seemo seno? (2 Tim. 3:1-4) E tlhalosa gape lebaka la seno. (1 Yoh. 4:8)’
● ‘Leina la me ke ——. Ke moagelani wa gago. Ke etile ka bokhutshwanyane fela go buisana le baagelani ba me kaga sengwe seo se ntshwentseng fela thata-thata, mme ke tlhomamisega gore le wena o se etsetlhoko. Bopelonomi ga bo lope sepe se se kae kae, mme go bonala bo le thata go bonwa gompieno. A o kile wa ipotsa gore ke ka baka lang fa seemo seno se le gone? . . . (Math. 24:12; 1 Yoh. 4:8)’
BOTSOFE/LOSO
● ‘A o kile wa ipotsa gore ke ka baka lang fa re tsofala re bo re e swa? Dikhudu dingwe tsa lewatle di tshela makgolo a dingwaga. Ditlhare dingwe di ile tsa tshela dikete tsa dingwaga. Mme batho ba tshela fela dingwaga tse di ka nnang 70 kana 80 mme ba bo ba a swa. A mme o kile wa ipotsa gore ka baka lang? . . . (Bar. 5:12) A seemo seo se tla fetoga? . . . (Tshen. 21:3, 4)’
● ‘A o kile wa botsa: A loso ke gone gotlhe fela? Kana go na le sengwe se se teng ka kwa morago ga loso? . . . Bibela e phepafatsa potso epe fela e re ka tswang re na le yone kaga loso. (Mor. 9:5, 10) E bontsha gape gore go na le tsholofelo ya mmatota ka batho ba ba nang le tumelo. (Yoh. 11:25)’ (Bona gape ditsebe 242-248 le 213, tlase ga ditlhogo tsa “Loso” le “Kgothatso.”)
NTWA/KAGISO
● ‘Mo e ka nnang mongwe le mongwe malatsing ano o tshwentswe ke pōpō ya ntwa ya nuklea. A o akanya gore le ka motlha re tla ke re bone kagiso ya mmatota mo lefatsheng leno? (Pes. 46:8, 9; Isa. 9:6, 7)’
● ‘Ke batla batho bao eleng gore ba batla go tshela mo lefatsheng le le se nang ntwa. Mo lekgolong leno la dingwaga le le nosi fela go ile ga nna le makgolo-kgolo a dintwa, go akareletsa le dintwa tse pedi tsa lefatshe. Jaanong re lebane le pōpō ya thulano ya nuklea. O ikutlwa gore ke eng se se tla tlhokafalang fa e le gore ntwa e e ntseng jalo e ka tilwa? . . . Ke mang yo o ka tlisang lefatshe le le kagiso? . . . (Mika 4:2-4)’
● ‘Re fitlhela e le gore mongwe le mongwe o bolela gore o batla kagiso ya lefatshe lotlhe. Bontsi jwa baetapele ba lefatshe le bone ba rialo. Ke ka baka lang he go le bokete go e bona? . . . (Tshen. 12:7-12)’
FA BATHO BA BANTSI BA RE: ‘KE NA LE BODUMEDI JWA ME’
● ‘Dumela rra/mma. Re etetse malapa otlhe mo lefelong le (kana, mo kgaolong e), mme re fitlhela gore bontsi jwa bone ba na le bodumedi jwa bone. Kwa ntle ga pelaelo le lona le na le jone. . . . Mme, go sa kgathalesege gore bodumedi jwa rona ke bofe, rotlhe re amiwa ke bontsi jwa mathata a a tshwanang—go tlhatlogela godimo ga ditlhotlhwa tsa dijo, bokebekwa, bolwetsi—a ga go jalo? . . . A o ikutlwa gore go na le tharabololo epe ya mmatota ya dilo tseno? . . . (2 Pet. 3:13; jalo le jalo)’
FA BATHO BA BANTSI BA RE: ‘KE TSHWAREGILE’
● ‘Dumela rra/mma. Re etetse mongwe le mongwe wa ga rona ka molaetsa o o botlhokwa. Kwantle ga pelaelo o motho yo o tshwaregileng, mme jalo ke tla bua ka bokhutshwane fela.’
● ‘Ke a dumedisa. Leina la me ke ——. Boikaelelo jwa go tla ga me fano ke go tlotla le wena ka masego a Bogosi jwa Modimo le kafa re ka tlhakanelang mo go one ka teng. Mme ke bona gore o tshwaregile tota (kana, o setse o le mo tseleng). A ke ka go tlogelela ntlha e khutshwane eno?’
MO TSHIMONG E E DIRWANG KA METLHA
● ‘Ke itumelela go go fitlhela mo gae. Re a bo re ntse re etetse baagelani ba rona mo bekeng e, mme re na le sengwe se se oketsegileng go se abalana le wena kaga dilo tse di molemo thata tseo Bogosi jwa Modimo bo tla di direlang setho.’
● ‘Dumela rra/mma. Go molemo go go bona gape. . . . A lelapa lotlhe le tsogile sentle? . . . Ke kgaboletse fano go tla go abalana le wena kgang e . . .’
● ‘Dumela rra/mma. Le tsogile jang? . . . Ke ne ke ntse ke batla sebaka se sengwe sa go tla go buisana le wena. (Go tswa foo o bo o umaka kgang e e tsepameng e o batlang go e tlotla.)’