Diketapele Tsa go Dira Gore Beng ba Matlo ba Reetse
1 Ke karolo efe e e botlhokwa thata mo motlotlong wa gago le batho ka ntlo le ntlo? Ba le bantsi ba rona ba tla dumalana gore ke ketapele. Fa e le gore ga o atlege mo go tsoseng kgatlhego ya mong wa ntlo mo metsotswaneng ya ntlha e le 30 kana go feta, ga go na pelaelo epe gore mong wa ntlo o tla khutlisa puisano ya lona.
2 Ke dintlha dife tseo o tshwanetseng wa akanya ka tsone fa o baakanyetsa ketapele e e nang le katlego? Sekaseka mekgwa le dilo tseo batho bao go ka diragalang gore o kopane nabo ba di tlhokang. A go tlwaelegile gore go tsewe nakonyana go botsanwa matsogo, kana a o tla lebelelwa gore o tlhalose ka bonako gore o tlile go dira eng? A go na le banyalani ba le bantsi ba babotlana mo lefelong la lona? Ke dilo dife tseo di ba tshwenyang? A batho bao o nnang gaufi nabo ba amiwa ke mathata ao a tshwenyang setho ka kakaretso?
O ka nna wa dira gore ba reetse ka go bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Dumela Mma/Rra. Leina la me ke ______. Ke a tshwenyega fa ke bala ka batho ba ba swang ka ntlha ya tlala le bao ba bolawang mo dintweng. A wena ga o tshwenyege?” Dipotso tse dingwe tseo di ka nnang tsa go thusa gore o simolole puisano ke: “Ke eng seo se ka dirwang go rarabolola mathata a lefatshe?” “A o akanya gore go na le motho yo o ka gololang lefatshe leno mo mathateng a gompieno?” “Go tweng fa e le gore mmusi o ne a na le dinonofo tse di tshwanang le tseno tseo di umakiwang mo go Isaia 9:6, 7? [Bala temana o bo o akgele ka yone.]”
3 Mo ditshimong dingwe, batho ba ka nna ba bontsha gore ba amegile thata ka legae la bone le lelapa la bone go na le go amega ka dikgang tsa lefatshe lotlhe tse di ntseng jaaka kagiso ya lefatshe.
O ka nna wa tsosa kgatlhego ka go botsa jaana:
◼ “O akanya gore wena le lelapa la gago lo tla bo lo tshela botshelo jo bo ntseng jang mo dingwageng tse di lesome tse di tlang? Kgopolo e e mo Bibeleng kaga isagwe ke e e kgothatsang fela thata ka gonne e bolelela pele ka go tla ga mmusi yo o tla busang ka melao e e siameng tota. A o ke o ele tlhoko seo Isaia 9:6, 7 e se bolelang kaga mmusi yoo.”
4 A o tshela mo lefelong leo mo go lone motlotlo wa letsatsi le letsatsi o leng kaga bokebekwa le polokesego? Bangwe ba ka nna ba reetsa fa o dirisa ketapele ya ntlha e e kafa tlase ga setlhogo se se reng: “Bokebekwa/Pabalesego” se se mo go tsebe 10 ya buka ya Go Fetolana.
O ka nna wa re:
◼ “Dumela Mma/Rra. Re buisana le ditsala kaga kgang e e amanang le go bolokesega ka namana. Bokebekwa bo tletse go re dikologa, mme bo ama matshelo a rona.” Morago ga moo potso e e ntseng jaaka e e reng “Tharabololo ke eng?” kana “A o akanya gore go na le motho ope fela yo o ka gololang lefatshe leno mo mathateng ano?” kana e e reng “Go tweng fa e le gore mmusi o ne a na le dinonofo tse di tshwanang le tseno?” e ka nna ya go thusa gore o simolole puisano. Morago ga moo o ka nna wa bala Isaia 9:6, 7.
5 Rotlhe fela go akaretsa le basha ba dingwaga tsa sekolo, re ka kgona go dirisa ditsela tse di motlhofo tseno tsa go buisana le ba bangwe re dirisa temana e le nngwe fela. Ebile tota, o ka nna wa eletsa go leka nngwe ya tsone ka nako ya fa o tsamaisa dimakasine. A ga o dumalane gore go buelela Dikwalo ka tsela e e ntseng jalo e tla bo e le tsela e e molemo ya go lemoga gore a e kane motho yo o re reeditseng o bontsha kgatlhego ya mmatota? Re a tlhomamisega gore ba le bantsi ba tla ipelela go dirisa ditsela tseno tsa go buisana le ba bangwe mo kgweding ya January, ka nako ya fa ba tla bo ba tsamaisa dimakasine le ka nako ya fa ba tla bo ba tsamaisa mpho ya ka metlha ya kgwedi.
6 Fa o dirisa metsotswana ya ntlha e 30 ya loeto lwa gago ka katlego, ka tsela eo o itshwarang ka yone le ka tsela eo o dirang ketapele ya gago ka yone, ga go na pelaelo epe gore o tla fitlhelela mokgele o o botlhokwa wa go dira gore mong wa ntlo a reetse.