Ke Eng Seo o Tla Se Buang fa o Dira Loeto Lwa go Boela?
1 E le gore re atlege mo bodiheding jwa rona re tlhoka go baakanyetsa gore fa re boela mo go bao ba bontshitseng kgatlhego lekgetlo la ntlha, re tle re kgone go tsosa kgatlhego ya bone le go tsweledisetsa puisano ya rona le bone pele. Re ka dira seno jang?
2 Ereka Bakeresete ba boammaaruri ba kgatlhegela batho ba bangwe ka mmatota, sa ntlha o ka nna wa lebisa mo sengweng seo o neng wa se lemoga mo go mong wa ntlo ka nako ya fa o ne o mo etetse mo nakong e e fetileng.
O ka nna wa buisana jaana le motho yo o neng a supa gore o tshwenngwa ke bokebekwa:
◼ “Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng o ne wa bolela gore o tshwenngwa ke bokebekwa jo bo boitshegang jono jo bo ntseng bo oketsega. A o akanya gore go hirwa ga mapodisi a a oketsegileng go tla rarabolola bothata jono?”
Fa e le gore motho o ne a bontsha a tshwentswe thata ke ditiragalo tse di sa tswang go diragala bosheng jaana mo lefatsheng, o ka nna wa buisana jaana le ene:
◼ “Fa re ne re tlotla mmogo mo nakong e e fetileng o ne wa umaka ntlha e e botlhokwa thata e e malebana le gore ga go na kagiso mo lefatsheng. A o akanya gore baeteledipele ba lefatshe ba tla lere thulaganyo e ntšha ya lefatshe?”
O ka nna wa buisana jaana le motho yo o tshwentsweng ke bopelotshetlha joo batho ba bangwe ba nang najo:
◼ “Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng o ne wa umaka ntlha nngwe e e botlhokwa e e malebana le bopelotshetlha jo re bo bonang mo bathong ka kakaretso. O akanya gore Modimo o leba jang batho ba ba pelotshetlha? [Leta karabo.] Seno ke seo Bibela e se bolelang mo go Baefesia 5:5.”
3 Mafoko a mangwe ao a ileng a dirisiwa ka katlego a akaretsa ano:
◼ “Ke itumeletse puisano ya rona ya maloba fela thata, ka gone ke ne ka dira patlisiso ka ntlhanyana eno gore ke go bontshe kafa Jehofa a lebang ka gone bothata jwa go tlhoka matlo. Ela tlhoko Isaia 65:21-23.”
◼ “Ke ne ka itumelela kakgelo ya gago ya gore setho se tlhoka puso e e botoka.”
◼ “O ne wa botsa potso e e kgatlhang tota ya gore a e ka ne bodumedi jotlhe bo amogelwa ke Modimo.”
◼ “Ruri o ne wa dira gore ke akanye thata ka seo o neng wa se bolela ka taolelogale.”
◼ “Ke ntse ke akanya ka puisano ya rona, mme go na le ntlha nngwe mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O ka di Bona Jang? eo ke akanyang gore o tla e itumelela. [O ka nna wa bontsha mong wa ntlo dintlha tse di tlhophilweng go tswa mo bukeng.]”
Diketapele tse di tshwanang le tseno di bontsha gore re ne ra anaanela puisano ya rona ya nako e e fetileng ebile di bontsha gore re kgatlhegela go buisana gape le mong wa ntlo.
4 Pele ga fa o dira loeto lwa go boela, akanya ka seo o tla se buang. Dira gore seo o se buang se tsamaisane le seemo sa motho mongwe le mongwe yo o buisanang nae.
5 Fa e le gore motho yo re mo etelang o tshwaregile, re santse re ka atlega ka go bua jaana:
◼ “Ke a itse gore o na le metsotso e sekaenyana fela, mme lefa go ntse jalo go na le sengwe fano se o ka nnang wa akanya ka sone fa o ntse o feleletsa tiro ya gago. [Bala Mathaio 5:3.]”
Kana o ka nna wa re:
◼ “Ke go kwaletse dikwalo tse tharo tseno. Ereka re sena nako ya go tlotla, mma ke di go tlogelele mme ka nako eo ke tla boang ka yone ke tla rata go tsaya metsotso e le tlhano gore ke tlotle ka tsone le wena.”
6 Mekgwa E E Sa Siamang ya go Buisana le Batho Eo Re Tshwanetseng go E Tila: Gantsi dipotso tseo di ka nnang tsa dira gore mong wa ntlo a se ka a arabela ka tsela e e siameng kana tseo di ka nnang tsa dira gore a tlhabiwe ke ditlhong ga di tlhagise matswela a a molemo. Dipotso tseno di akaretsa tseno: “A o ne wa bala buka eo ke neng ka e go tlogelela?” “A o na le dipotso dipe tseo o ratang go di botsa?” “A wa nkgakologelwa?” “Ke go etetse go tla go go botsa gore a o santse o kgatlhegela go tlotla ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe leno.”
7 Re tla tlhagafalela go etela batho bao mo nakong e e fetileng ba ileng ba bontsha kgatlhego fa re baakanyetsa go sa le gale gore re tle re ba thuse ka tsela e e molemo eleruri.