LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/92 ts. 1
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgele o o Molemolemo wa Ngwaga o Mosha wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Bolela Dinonofo Tse di Molemolemo Tsa ga Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A Re Tla Go Dira Gape?—Go Batliwa Gape Babulatsela Ba Ba Thusang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 2/92 ts. 1

A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang?

1 Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba ineele mo bodiheding, ebile o ne a ba tlhomamisetsa gore fa ba dira jalo ba ne ba tla itumela le go bona masego a mantsi a semoya. (Math. 10:8b; Dit. 20:35) Ngogola ka April batho bangwe ba ba fetang 6 000 ba ne ba ikutlwela ka bobone monate wa go dira tiro e e oketsegileng ka go nna babulatsela ba ba thusang. A o ka kgona go bona masego ano mo ngwageng ono ka go nna mmulatsela yo o thusang ka March kana ka April kana ka dikgwedi tseo tsoopedi?—Pes. 34:8.

2 Go Tlhatlhoba Maemo a Gago: Fa o ntse o sekaseka maitemogelo a a tsopotsweng fa tlase fano, ipotse jaana: ‘A le nna ke a akarediwa mo go sengwe sa dikai tseno? Nka kgona go dira diphetogo dife gore ke bulegelwe ke tsela ya go nna mmulatsela yo o thusang?’

3 Kgaitsadi mongwe o ne a kgona go nna mmulatsela yo o thusang le mororo a na le bana ba batlhano ebile a dira tiro nngwe ya boitshediso. O ne a segofadiwa jang? Monna wa gagwe le bana ba gagwe ba ne ba mo tshegetsa tota, mme sekao se sentle sa kgaitsadi yono se ne sa tlhotlheletsa monna wa gagwe gore e nne mmoledi yo o sa kolobediwang mo kgweding e e latelang.

4 Mo phuthegong nngwe bagolwane botlhe le batlhanka ba bodihedi ba ne ba tsenela bobulatsela jo bo thusang mo kgweding e le nngwe. Bontsi jwa bone bo dira tiro ya boitshediso, mme ba ne ba dira ka natla tota mo ditirong tsa semoya ka mafelobeke. Go etelela pele ga bone ka tsela e e molemo mo go rereng le mo go rulaganyetseng tirelo ya tshimo go ne ga solegela phuthego yotlhe molemo. Mo baboleding botlhe ba ba 77, ba le 73 ba bone ba ne ba dira dikarolo tse di farologaneng mo tirelong ya bobulatsela mo kgweding eo.

5 Mosetsana mongwe wa sekolo yo o nang le dingwaga tse 15 yo a neng a dirisa malatsi a gagwe a boikhutso a dibeke tse pedi mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang o bolela jaana: “Tota ke kgona go bona pharologano, ke tokafaditse mokgwa wa me wa go tlotla thata. Ke ne ka kgona go tlotla le batho ba bantsi kwa matlong.”

6 Bao ba rotseng tiro ya boitshediso gantsi ba nna le ditshono tse dintle thata tsa go ganelela go dira ditiro tse di direlwang Bogosi. Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga tse 84 o ne a kwala jaana fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala: “Banake botlhe ba ne ba setse ba godile ebile ba ne ba nyetswe gape ba ne ba na le bana. Ba ne ba nna ba ntlhola, mme maeto a bone a ne a sa kgone go nyeletsa kafa ke neng ke ikutlwa ke latlhegetswe ka gone le go jewa ke bodutu. Morago mongwe wa bagolwane mo phuthegong ya rona o ne a akantsha gore ke leke bobulatsela jo bo thusang. Ke ne ka etsaetsega mme kgabagare ke ne ka swetsa ka gore ke leke. Abo ke ne ka itumela jang ne! Ke ne ke ikutlwa gore Jehofa o ntetlile gore ke tshele go fitlha ke nna dingwaga tseno gore ke kgone go nna mmulatsela yo o thusang. Ke ile ka tswelela jaaka mmulatsela yo o thusang kgwedi le kgwedi go tloga ka nako eo.”

7 Mokaulengwe mongwe yo o rekisang matlo le ditsha o ne a fetola thulaganyo ya gagwe ya go bontsha batho matlo gore a kgone go nna le nako ya go nna mmulatsela. Ba bangwe le bone ba ile ba fetola ditiro tse ba neng ba hirilwe mo go tsone gore ba kgone go oketsa tirelo ya bone.

8 Rulaganya Gone Jaanong: Ke ka ntlha yang fa o sa dire dithulaganyo tse di tlhomameng gone jaanong gore o tle o bule tsela ka March le ka April? O tlhoka gore o rulaganye dilo ka kelotlhoko gore o tle o atlege. Seno se bonala sentle mo boitemogelong jwa bao ba neng ba kgona go nna babulatsela ba ba thusang le mororo ba ne ba na le maikarabelo a lelapa, ba dira ditiro tsa boitshediso ka nako e e tletseng, ebile ba na le maikarabelo a mangwe a Dikwalo. Bua le ba bangwe ba ba ileng ba kgona go bula tsela gore o solegelwe molemo ke maitemogelo a bone. Gape, rapela Jehofa, o mo kope gore a go thuse.—Isa. 40:29-31; Yak. 1:5.

9 Go papametse gore bao ba rulaganyang dikgang tsa bone gore e nne babulatsela ba ba thusang ba itumela tota. Fa e le gore ga o ise o nne mo tirelong ya nako e e tletseng, a o ka tswa o setse o na le seabe mo tshiamelong eno? Fa o dira maiteko a go oketsa tshiamelo ya go abela ba bangwe mafoko a a molemo, eleruri Jehofa o tla go tshololela masego a le mantsi.—Mal. 3:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela