Tlhomamisa Gore o Dire Loeto Lwa go Boela
1 Jaaka badihedi ba mafoko a a molemo, re laelwa gore re dire barutwa. (Math. 28:19, 20) Go dira maeto a go boela ke karolo ya botlhokwa thata ya tiro ya rona ya go dira barutwa. Re lemoga gore seno se ama matshelo, ka jalo re batla go dira bojotlhe go tlhagolela kgatlhego e e neng ya bontshiwa fa re ne re simolola go etela koo.
2 Re tshwanetse go leba motho mongwe le mongwe yo re mo tsamaiseditseng dibuka jaaka yo re tshwanetseng go boela kwa go ene. Lefa go ntse jalo, go tsamaisa dibuka, ga e a tshwanela go nna lone fela lebaka la konokono leo re boelang kwa bathong ka lone. Batho ba bantsi ba rata go tlotla ka molaetsa wa Bibela mme lefa go ntse jalo ba gana dibuka. Ka jalo, fa re lemoga gore mongwe o a kgatlhega, re tshwanetse go dira bojotlhe gore re boe re tle go tlhagolela kgatlhego eo.
3 Go Boela kwa Re Tsamaisitseng Dibuka Teng: Ereka dibuka tse di tsamaisitsweng di feta maeto a go boela kgakala, seo se supa fa go santse go ka tokafadiwa thata mo ntlheng eno. Mmulatsela mongwe o ne a tsamaisa buka mme a lemoga fa mong wa ntlo a sa kgatlhege thata. Thapama nngwe fa mokaulengwe yono a sena go nna a etela ba bangwe, o ne a swetsa ka gore a etele motho yono. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela.
4 Mokaulengwe mongwe o ne a tsamaisetsa monna mongwe dimakasine tse pedi mme a bo a mo lebala, a akanya gore o ne a sa kgatlhege. Malatsi a sekae morago ga foo, monna yono o ne a kwalela phuthego ya mo lefelong leo a kopa go kolobediwa. Kgaitsadi mongwe wa morongwa o ne a bodiwa gore o ne a akanya gore ke eng se segolo se se dirileng gore a kgone go thusa batho ba le 74 go nna baboledi. O ne a bolela jaana: “Re ne re dira tiro ya go tsamaisa dimakasine thata, mme ke ne ke tlhola ke etela batho ba ba tsereng dimakasine go fitlha ke kgona go simolola go ithuta le bone Bibela.”
5 Ka dinako tse dingwe re ka kgona go tlogelela mong wa ntlo pampitshana mo loetong lwa ntlha. Gantsi, dipampitshana di ka dirisiwa ka tsela e e mosola thata go supa kafa Bibela e ithutiwang ka teng. Molebedi mongwe yo o etang o ne a tlogelela mosadi mongwe pampitshana fa a ne a dira le mmoledi yo mongwe. O ne a bua fela ka bokhutshwane mme lefa go ntse jalo o ne a kgothaletsa kgaitsadi gore a boele koo. Kgaitsadi o ne a boela mme ka bonako fela o ne a simolola thuto ya Bibela.
6 Fa Motho A Kgatlhega: Fa mong wa ntlo a sa tseye dibuka mo loetong lwa ntlha, ga se ka metlha seno se supang gore ga a kgatlhege. Mmoledi mongwe fa a ne a etela banyalani bangwe ba basha o ne a fitlhela gore ba ne ba na le dibuka dingwe tsa rona ebile ba kile ba ithuta mo nakong e e fetileng. Ba ne ba dumela fela ka gangwe go simolola go ithuta gape. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a lemoga gore mosadi mongwe yo a neng a tlhola a gana dimakasine o ne a kgatlhega go se nene fela. Mmulatsela yono o ne a beela dimakasine kwa thoko, mme mosadi yono o ne a dumela gore ba tlotle ka dirapa di sekae go nngwe ya dibukana. Fa a sena go nna a mo etela gape ka makgetlonyana a sekae, o ne a simolola go ithuta nae Bibela gabedi ka beke.
7 Mongwe le mongwe yo o ineelang mo go Jehofa o tshwanetse go ikutlwa a tshwanetse go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. Fa re ntse re boela ka metlha kwa go bao ba supang kgatlhego, re tla roba maungo a a tla re leretseng masego, rona mmogo le ‘ba ba re utlwang.’—1 Tim. 4:16.