Dipokano Tsa Tirelo ka February
Beke E E Simololang ka February 3
Pina 63
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dira dipontsho tsa go tsamaisa dimakasine go dirisiwa ditokololo tsa bosheng. Kgothaletsa botlhe gore ba tshegetse ditlhopha mo go neeleng bosupi mafelobeke ano.
20 mets: “Baakanyetsang Diketapele Tse Lo Tla Di Dirisang ka February.” (10 mets.) Dipotso le dikarabo. (8 mets.) Dipontsho tse di baakantsweng sentle tsa diketapele tse pedi kana tse tharo tsa tse di akantshitsweng tse di tshwanelang tshimo ya lefelo la lona. (2 mets.) Kgothaletsa botlhe go ithuta go dirisa ketapele e le nngwe kana tse di oketsegileng tse di akantshitsweng.
15 mets: “Adame le Efa,” buka ya Go Fetolana, ditsebe 25-7. (5 mets.) Puo e e simololang e e thailweng mo tshedimosetsong e e mo setlhogong se se reng “A Adame le Efa e ne e le batho ba dikinane fela batho (ba ba iseng ba ko ba nne teng).” (6 mets.) Pontsho ya go dira loeto lwa go boela lo go boelwang mo mothong yo mmoledi a neng a mo tlogetse ka potso e e reng “A boleo jwa ga Adame e ne e le thato ya Modimo, leano la Modimo?” (4 mets.) Kgothaletsa botlhe gore ba dirise ditlhogo tsa karolo ya buka ya Go Fetolana tse di reng “Fa Mongwe a re—” go tlotla ka tsone mo maetong a go boela. Umaka dikao tse di oketsegileng.
Pina 30 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka February 10
Pina 215
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona, mmogo le dithulaganyo tsa tirelo tsa beke eo. Kgothaletsa gore go dirwe maiteko a a oketsegileng go dira maeto a go boela beke eno le mo kgweding eno. Pokano eno ya Tirelo e tlile go tlhalosa le go supa dipontsho tsa diketapele tse nne tse di ka dirisiwang fa go boelwa kwa go ba ba bontshitseng kgatlhego. Tlhopha e le nngwe kana tse di oketsegileng go di dirisa beke eno.
20 mets: “Go Simolola Motlotlo ka Nako ya Fa O Boela.” (3 mets.) Puo e e simololang e e akaretsang dintlha tse di mo serapeng sa 1 le sa 2. (15 mets.) Dipontsho tse di baakanyeditsweng sentle tsa nngwe le nngwe ya diketapele tse di mo dirapeng 3-5. Fa nako e letla, go ka akgelwa malebana le kafa diketapele tseno di leng mosola ka teng morago ga pontsho nngwe le nngwe. (2 mets.) Dirisa dikgopolo tse di mo serapeng 6 go kgothaletsa botlhe go ipaakanyetsa le gore ba dirise bobotlana mokgwa o le mongwe wa go bua go simolola motlotlo le ba ba bontshitseng kgatlhego.
15 mets: “A O Ka Kgona go Nna Mmulatsela Yo O Thusang?” Mogolwane o tlotla le baboledi bangwe ba le mmalwa ba ba ileng ba nna babulatsela ba ba thusang mo nakong e e fetileng le bao ba ikaelelang go nna bone gape ka March le ka April. Baboledi ba akaretsa dintlha tse di mo setlhogong ba tlhalosa lebaka la go bo ba batla go nna babulatsela ba ba thusang. Ba bolela masego a ba neng ba a bona mme ba tlhalosa diphetogo tse ba neng ba tshwanela go di dira go fitlhelela diura tse di tlhokegang. Motlotlo ono o gatelela kafa bobulatsela jo bo thusang bo leng monate ka teng mme o kgothaletsa botlhe gore ba akanye ka tshiamelo eno ya tirelo fa maemo a bone ka namana a ba letla. Kgothaletsa phuthego gape gore e simolole go rulaganya jaanong go nna le seabe mo letsatsing le le kgethegileng la dimakasine ka April 11.
Pina 114 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka February 17
Pina 211
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona, pego ya tsa madi, le dikwalo dipe fela tsa Mokgatlho tse di supang fa go amogetswe meneelo ya lona. Akgolela bakaulengwe go bo ba tshegetsa ka madi dilo tse di direlwang Bogosi. Kgothaletsa baboledi go nna le seabe mo tirelong ya tshimo mafelobeke ano.
20 mets: “Tlhomamisa Gore O Dire Loeto lwa go Boela.” Dipotso le dikarabo le dipontsho. Fa go sena go sekasekiwa serapa 5, dira pontsho go boelwa mo mothong yo a neng a tlogeletswe pampitshana. Motlotlo o fetela mo thutong ya Bibela go ithutiwa buka ya Tshelela Ruri. Fa go sena go sekasekiwa serapa 6, dira pontsho go boelwa mo mothong yo a neng a ganne go tsaya dibuka mo nakong e e fetileng. Morago ga pontsho, botsa mmoledi gore ke ka ntlha yang fa a ne a swetsa go boela kwa mothong yono yo a neng a sa tsaya dibuka pele fa a ne a etetswe la ntlha.
15 mets: “Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo Di Tlhokegang mo Thobong.” Dirapa 1-16 di akarediwe ka dipotso le dikarabo. Gatelela kafa go leng mosola ka teng go ikgolaganya le Komiti E E Agang ya Kgaolo pele go simololwa ka go aga Holo ya Bogosi. Thusa botlhe go bona kafa go leng botlhokwa ka gone gore go dirisiwe ka botlhale dilo tse di ntshitsweng moneelo ka go reka ka kelotlhoko, ka go tlhama dilo ka tsela e e sa raraanang, le go nna le tsela ya go tshwara madi e mo go yone sengwe le sengwe se tlhokomelwang sentle.
Pina 133 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka February 24
Pina 115
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona, mmogo le dithulaganyo tsa beke eo tsa tirelo ya tshimo, le Dikgang tsa Bolegodimo.
15 mets: “Go Tshegetsa Babulatsela.” Dipotso le dikarabo le potsolotso. Gatelela melemo e e bonwang ke phuthego fa babulatsela ba tshegediwa kafa ba tlhokang ka teng. Botsolotsa babulatsela, o gatelela kafa bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba ileng ba ba thusa ka teng mo bodiheding jwa bone jwa bobulatsela.
20 mets: “Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo Di Tlhokegang mo Thobong.” Bakaulengwe ba babedi ba ba ileng ba nna le seabe mo tirong ya go agiwa ga Diholo tsa Bogosi mo kgaolong ya lefelo la lona fa ba le teng ba tlotla ka dirapa 17-37 tsa tsenyeletso. Go tshwanetse ga otlelelwa gore go tlhokega baithaopi ba bantsi go bo go tlhalosiwe le ka thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa fa go tladiwa Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire. Bolela gore ke bomang ba ba tshwanelegelang go tlatsa diforomo tseno. Akaretsa maitemogelo a a itumedisang ao go ileng ga nniwa le one mo ditirong tsa go aga tsa mo lefelong la lona.
Pina 43 le thapelo e e konelang.