Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
1 Ee, eno ke nako ya thobo. Jaanong re tsene mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, mme jaaka fa Jesu a ne a bolela jaana mo go nngwe ya ditshwantsho tsa gagwe, “Thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe.” (Math. 13:39) Mo go Yohane 5:17, Jesu o ne a bolela jaana: “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.” Mo tirong eno e e dirwang ka nako ya thobo, batho ba ga Jehofa ba tshwaregile eseng fela mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi mme go na le moo gape ba tshwaregile mo go tlameleng ka mafelo ao go obamelwang mo go one. Jaanong go feta le fa e le leng pele, Diholo tsa Bogosi di a tlhokega. Se se itumedisang ke gore Jehofa o ile a tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe gore ba ithaopele go dirisa dikgono tseo ba nang le tsone mo go ageng Diholo tsa Bogosi. Ga se fela gore ba dira ka natla mme gape ba bontsha moya wa boitumelo.
2 Jaanong go ntse fela jaaka go ne go ntse mo metlheng ya ga Nehemia ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba tshwaregile mo go ageng lebota la Jerusalema. Nehemia 4:6 e bolela gore “batho ba ne ba na le pelo ea go diha.” Selo sa konokono seo se neng se baka gore ba nne le pelo e e molemo go le kalo ke eng? Se bolelwa moragonyana ga moo mo go Nehemia 8:10 jaana: “Gonne boitumèlō yoa ga Yehofa ke thata ea lona.” Eleruri re na le mabaka a a nonofileng a go nna badiri ba ba itumetseng. Jehofa o a re segofatsa. Re na le moya wa ga Jehofa, ebile boitumelo ke bontlhanngwe jwa maungo a moya oo.—Bagal. 5:22.
3 Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo: Dipego tse di tswang go dikologa lefatshe di bontsha gore ‘masimo a setse a le masweu go rojwa.’ (Yoh. 4:35) Erile ka 1984 Mokgatlho wa simolola go tlhoma Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo, o akantse ka seno se se tlhokegang, maikaelelo a tsone e le go thusa diphuthego ka ditiro tsa go aga Diholo tsa Bogosi, e ka tswa e le dikago tse disha kana e le tse di ntšhafadiwang. Bagolwane bao ba tlhophiwang gore ba direle mo dikomiting tseno ke banna ba semoya bao gantsi ba nang le boitemogelo joo bo seng kana ka sepe mo ditirong tsa go aga le tsa kgwebo. Kgakololo ya bone e ile ya nna mosola, segolobogolo fa go na le moya wa go dirisana mmogo magareng ga bone le bakaulengwe bao ba direlang mo komiting e e agang ya lefelo leo.
4 Diphuthego dingwe di le tharo tseo di ileng tsa bona thuso go tswa mo bathong ba ba ithaopang bao ba berekang le Komiti E E Agang ya Kgaolo e ne ya re morago tsa kwalela komiti eno go bontsha kafa di anaanetseng seno ka gone. Di ne tsa akgela jaana ka tsela e e bontshang temogo: “Re kopa gore tsweetswee lo fetisetseng lorato lwa rona go basadi ba lona, bana ba lona, le diphuthego tsa lona. Re lemoga kafa go nang le dilo di le dintsi ka gone tseo ba di ithontshang e le gore ba ke ba lo tlhakanele le batho ba bantsi go le kana ba ga Jehofa.”
5 Komiti nngwe e e agang ya kgaolo e ne ya bega jaana: “Komiti e e agang ya lefelo e ne ya dirisana mmogo le rona ka tsela e e molemo. Re santse re ikutlwa gore . . . seno ke nngwe ya dikarolo tse di busetsang thata tsa seabe seo re nang le sone, kamano eo re nnang le yone le komiti e e agang ya lefelo.” Komiti e e agang ya lefelo eo e neng e emela diphuthego di le pedi e ne ya kwala jaana malobanyana jaana: “Thulaganyo eno e tlisetsa phuthego masego a a molemo thata. Re rata go umaka a sekae fela a one: go etelela pele mo tirong ya go aga go dirisiwa komiti e e agang go dirwa jalo ka tsela e e bontshang bokgoni, go rulaganyetsa gore go nne le bakaulengwe ba le makgolokgolo ba semoya bao ba nang le bokgoni mo tirong ya bone gore ba tle go thusa, go dira gore tiro e kgonwe go dirwa ka bonako eleng seo se sa koafatseng phuthego semoyeng mme go na le moo se nonotsha lorato loo bakaulengwe ba nang le lone mo go ba bangwe, go neela bosupi jo bo molemo mo bathong ba koo go agiwang teng, mme se se molemo go di gaisa tsotlhe, go dira gore go nne le lefelo le le molemo leo go bakelwang Jehofa mo go lone.”
6 Ikgolaganyeng le Komiti E E Agang ya Kgaolo Nako E Santse E Le Gone: Fa diphuthego di akanya go ntšhafatsa kago kana go simolola tiro e ntšha ya go aga, bagolwane ba lefelo leo ba tshwanetse ba ikgolaganya le modulasetulo wa komiti e e agang ya kgaolo eo ka nako ya fa tiro e tshwanetse go simolola. Mokgatlho o neetse Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo dikaelo, mme bakaulengwe bano ba na le boitemogelo jo bo seng kana ka sepe joo bo tla lo thusang gore lo se ka lwa itsenya mo mathateng ka nako ya fa lo reka setsha le fa lo rulaganyetsa tiro ya go aga. Fa komiti ya kgaolo e itsisiwe ka botlalo ka ditiro tsa kago tseo di dirwang mo kgaolong eo e e abetsweng, komiti ya kgaolo e ka rulaganya batho bao ba ithaopileng ka tsela eo eleng gore ditiro tseo tsotlhe tsa go aga di wediwe go sa berekisiwa badiri bao ba ithutetseng tiro go feta selekanyo. Komiti nngwe le nngwe E E Agang ya Kgaolo e na le mananeo a yone ka namana ebile e rulaganya baithaopi bao ba leng mo kgaolong eo e abetsweng gore e dire mo go yone.
7 Ditaelo tseo dikomiti tsa kgaolo di di neelwang di akaretsa dilo tseo di tshwanetseng tsa tlhatlhobiwa ka kelotlhoko pele ga fa lo ka reka setsha, tse di ntseng jaaka melao ya kgaolo eo se leng mo go yone, melao ya mmasepala le ya lekgotlatoropo la koo se leng teng eo e laolang maemo a a farologaneng ao a amang tiro ya Holo ya Bogosi. Diphuthego di ka bona molemo ka botlhale go tswa mo maitemogelong ao bagolwane bao ba tlhophilweng go direla mo Komiting E E Agang ya Kgaolo ba nang le one di dira jalo ka go ikgolaganya le bone dilo e santse e le gone di simologang, pele thata fela ga go ka rekwa setsha sepe.—Dia. 15:22.
8 Bagolwane ba ka nna ba ikgolaganya le Komiti E E Agang ya Kgaolo ka molebedi wa potologo. O na le leina, aterese, le nomoro ya mogala wa modulasetulo wa komiti eo e abetsweng gore e thuse ka tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi mo kgaolong eo phuthego ya lona e leng mo go yone.
9 Go Reka ka Botlhale: Mo makgetlong a le mantsi, diphuthego di ile tsa reka dilo tsa go aga di dira jalo ka botlhale. Mokgatlho ga o na thulaganyo e e rileng ya go reka dilwana tsa go aga. Lefa go ntse jalo, nako le nako, difeme dingwe tse di dirang dilwana tseno di direla diphuthego ditlhotlhwa tse di kgethegileng ka tlhamalalo. Fa seno se diragala, Mokgatlho o tla itsise Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo ka difeme tseno. Ka go dira jalo Mokgatlho kana komiti ya kgaolo ga e hake feme e e rileng kana go e rebola. Seo o se dirang fela ke go fetisetsa tshedimosetso eno go diphuthego e le gore di ke di itse ka dilwana tseno le ka ditlhotlhwa tsa tsone mmogo le go di bapisa le tse dingwe.
10 Bagolwane ba lefelo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore dilwana tsa go aga di rekiwe ka kelotlhoko go bapisiwa ditlhotlhwa tsa tsone le tsa mabenkele a mangwe. Komiti ya kgaolo e ka nna ya thusa ka go dira lenaane la dilwana tseo di tshwanetseng go rekwa, go akaretsa le dilwana tse di kgabisang mo teng. Go ka diragala gore komiti nngwe le nngwe e bo e itse ka baithaopi bao ba nang le boitemogelo mo dilong tseno bao ba tla itumelelang go thusa diphuthego gore di nne le lenaane la dilwana tseo di tshwanetseng go rekwa. Bakaulengwe ba bangwe bao ba nang le kitso mo dilong tsa kgwebo ba ka dirisiwa go bona dilwana tseno ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase. Go tshwanetswe ga ikgolaganngwa le difeme di le mmalwa go bona ditlhotlhwa tse di kwa tlase mme ka nako e e tshwanang lo ntse lo batla gore dilwana tseo e bo e le tsa boleng jo bo tshwanetseng. Le mororo go na le dilwana tseo barekisi ba tsone ba a tleng ba bolele gore ba di rekisa “kwantle ga morokotso” kana gore ba tla lo direla sengwe “kwantle ga morokotso,” bagolwane ba tshwanetse ba tlhatlhoba dintlha tsa seo ka botlalo ka kelotlhoko, ereka ka dinako tse dingwe go na le ditlhotlhwa dingwe tse di fitlhegileng tseo di akarediwang mo go seo. Ereka madi a a dirisiwang mo go seo e le a a ntshitsweng moneelo, fa lo dirisana mmogo le Komiti E E Agang ya Kgaolo ya mo kgaolong ya lona seo se tla thusa gore madi ano a dirisiwe ka botlhale.
11 Dirang Gore Polane ya Holo ya Bogosi E Se Ka ya Nna E E Raraaneng: Le mororo phuthego e ka nna ya tswa e kgobokantse madi ao a lekaneng go ka tsenya dilo tse di rileng mo holong tse di tlatseletsang ba dira jalo kwantle ga go dira kadimo ya madi, lo tshwanetse lwa akanya ka go dirisa dipolane tse di tlwaelegileng le go aga ka tsela e e bontshang boikokobetso. Seno se dira gore madi ape fela a a ka salang a kgone go ka dirisediwa dilo tse dingwe tsa bolegodimo. (omTN ts. 61; 2 Bakor. 8:14) Ereka ba le bantsi ba ithaopela go dira seo ba se dirang mo ditirong tsa go aga Diholo tsa Bogosi, badiri ba ka nna ba ikutlwa ba gatelelwa fa ba kopiwa gore ba age kana gore ba tsenye dilo dingwe tsa go kgabisa tseo di tlhokang namane e tona ya tiro mo badiring. Le mororo metšhine e e ntshang modumo o o siameng e le selo se se tlhokegang, ditsamaiso tsa modumo tse di raraaneng tse di nang le dikarolo tse di rileng tse di oketsegileng ga se gantsi di jang madi a a kwa tlase kana ga se gantsi di tlhokegang. Go tshwanetswe ga akanngwa ka dilo tse di ntseng jalo ka kelotlhoko pele ga fa di ka tsenngwa mo tirong ya kago. Komiti E E Agang ya Kgaolo e ka neela tshedimosetso e e botlhokwa thata go lo thusa gore lo dire ditshwetso tse di bontshang tekatekano malebana le polane ya kago.
12 Diphuthego di le dintsi di ile tsa aga Diholo tse disha tsa Bogosi ka go dirisa madi ao a adimilweng mo lefelong leo ke bao ba kopanelang le phuthego. Ka dinako tse dingwe go a bo go rekisitswe Holo ya Bogosi, mme madi a a bonweng fa e sena go rekisiwa e le a a lekaneng go ka aga e ntšha, e kgolwane go feta eo. Lefa go ntse jalo, diphuthego dingwe di tshwanela gore di thusiwe ka madi a a oketsegileng. Di ka nna tsa ikgolaganya le Mokgatlho go bona gore a ga di kake tsa kgona go bona kadimo ya madi, di latela kaelo eo e neetsweng bagolwane mo lekwalong la December 23, 1991. Pele ga fa bagolwane ba ka kopa kadimo ya madi go tswa kwa Mokgatlhong, ba tshwanetse ba batlisisa mo lefelong la bone go bona gore (1) ke madi a a kana kang ao a tlileng go ntshiwa moneelo kwa tshimologong ya tiro go thusa mo go rekiweng ga setsha le mo ditshenyegelong tsa go aga, (2) bao ba kopanelang le phuthego/diphuthego tseo di tshwaraganeng le go aga ba ka kgona go adima bokae, le gore (3) ke madi a a kana kang ao a tlileng go ntshiwa moneelo go duelela ditshenyegelo tsa go tsamaisa phuthego le tsa go duela madi ape fela a kadimo ao a bonweng go tswa kwa Mokgatlhong. Ga go na bape bao ba tshwanetseng ba bontsha maina a bone mo dipampitshaneng tseo di tlileng go tlisiwa fa go dirwa patlisiso eno. Go botlhokwa gore botlhe ba ntshe dipalo tse di leng boammaaruri, ba dira seno ka go leba gore tota moneelo wa bone ka namana e tla nna bokae le gore ke madi a a kana kang ao ba ka kgonang go a adima, ereka bagolwane ba tlile go dirisa dipalo tseno go dira ditshwetso tse di boima ba di direla phuthego.
13 Morago ga fa go sena go fediwa tiro ya go aga Holo ya Bogosi, ka dinako tse dingwe go nna le madi ao a salang. Fa e le gore go bonwe kadimo ya madi go tswa kwa Mokgatlhong, madi ape a a setseng a tshwanetse a busediwa ka bonako kwa Mokgatlhong. E ka nna ya re morago ga moo Mokgatlho wa thusa bao ba tlhokang ka madi ao. Madi a a setseng ga a tshwanela go bolokiwa mo phuthegong kana diphuthego tseo di neng di tshwaragane le kago tsa a adima diphuthego tse dingwe.
14 Go Fopholetsa Gore Ditshenyegelo E Tla Nna Bokae le Mekgwa ya go Boloka Diakhaonto: Pele ga fa go ka simololwa ka tiro ya go aga Holo ya Bogosi, go tshwanetse ga fopholediwa ka kelotlhoko gore ditshenyegelo e tla nna bokae pele go ka dirwa kopo ya kadimo ya madi. Seno se thibela gore go se ka ga rwesiwa baboledi morwalo o o boima go feta kafa go neng go tlhokega ka gone wa go busa madi ao. Gape, seno se dira gore go nne le madi ao a tla salang mo Letloleng la Mokgatlho la go Aga Diholo tsa Bogosi gore a ke a dirisiwe ke diphuthego tse dingwe tseo di ka nnang tsa tswa di a tlhoka ka bonako gore di nne le Holo ya Bogosi e e botoka. (Bafil. 4:5) Ereka bao ba direlang mo komiting ya kgaolo ba na le boitemogelo jo bogolo mo ntlheng eno, diphopholetso tse di ntseng jalo e tshwanetse ya nna tse di batlang di nepagetse. Le mororo ditshenyegelo tseo di neng di sa lebelelwa di ka nna tsa baka gore ditshenyegelo di nne kwa godimo go feta kafa go neng go lebeletswe ka gone, go ka dirwa diphopholetso tse di batlang di nepagetse fa dilo di rulagantswe sentle ebile go tlhatlhobilwe dilo tseo di bakang ditshenyegelo tse dikgolo, ka go dira jalo go thibelwa gore go se ka ga tlhokega gore go nne le madi a le mantsi a a balelwang mo diphopholetsong tsa gore ditshenyegelo e ka nna bokae.
15 Tiro ya go aga Holo ya Bogosi e akaretsa gore phuthego e dirise madi a a seng kana ka sepe. Bagolwane ba tshwanetse ba tlhomamisa gore madi ano a tshwarwe ka tsela ya segolo. Go tshwanetswe ga bolokiwa direkoto tse di nepagetseng tsa diakhaonto, mme ebile diphuthego tseo di tshwaregileng mo tirong ya go aga di tshwanetse tsa neelwa dipego tse di utlwalang sentle kgwedi nngwe le nngwe. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse a tlhomamisa gore madi a go aga mmogo le diakhaonto tsotlhe tseo di amanang le seo di tlhatlhobiwe morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le tharo ka dikgwedi di le dingwe fela le tseo diakhaonto tse di tlwaelegileng tsa phuthego di tlhatlhobiwang ka tsone. Phuthego e tshwanetse ya nna yone e rebolang gore tiro ya go aga e ka simololwa morago ga fa e sena go itsisiwe ka botlalo ka dintlha tseo di amanang le seo le ka ditshenyegelo tseo di fopholediwang tsa seo. (kmTN 8/84 ts. 3) Morago ga moo, dituelelo tsotlhe di tshwanetse go rebolwa ka tsela e e tshwanetseng pele madi ape a ka dirisediwa dituelelo. Fa tiro ya go aga e fela, go tshwanetse ga nna le diakhaonto tse di balegang sentle tsa madi ao a dirisitsweng mo go yone. Koo Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo eseng tsone di tlhokomelang diakhaonto tseno teng Komiti E E Agang ya Kgaolo e tshwanetse ya romelelwa kopi ya tshobokanyo eno ya ditshenyegelo ereka seno se tla thusa bakaulengwe bano gore ba nepe fa ba fopholetsa gore ditshenyegelo e tla nna bokae fa ba thusa diphuthego tse dingwe tseo di akanyang go simolola tiro ya kago.
16 Se Re Setseng Re Kgonne go Se Fitlhelela: Jaanong go na le Dikomiti di le 24 Tse Di Agang tsa Kgaolo tseo di leng kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa. Di bega gore ngwaga nngwe le nngwe go agiwa Diholo tse disha tsa Bogosi di le 24 le gore go na le ditiro tsa go ntšhafatsa dikago tseo le tsone di dirwang. Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo gape di ile tsa thusa Mokgatlho mo ditirong tse di amanang le magae a barongwa, depo e e kwa Durban, le ntlwana ya go baya dilo e e kwa Holong ya Dikopano e e kwa Eikenhof. Seo ke bosupi jwa kutlwano le moya wa go iketleetsa oo o bontshiwang ke bao ba ratang Jehofa mmogo le bakaulengwe ba bone.—Yoh. 13:34, 35.
17 Re Bonwa ke Ba Bangwe: Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Re dihilwe segakgamalèlō sa lehatshe, le sa baengele, le sa batho.” (1 Bakor. 4:9) Bakeresete gompieno ba bonwa ke ba bangwe, mme seno se ntse jalo segolobogolo ka nako ya go agiwa ga Holo ya Bogosi. Tiro eo e dirwang ka nako eo mmogo le moya wa boitumelo oo o bontshiwang ke bao ba dirang tiro eno o bonwa ke ba bangwe. Ka ntlha ya seo, makwalodikgang a gatisa ditlhogo tse dikgolo tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng tse di tshwanang le “Basupi ba ga Jehofa: Tiro ya Bone E Kgaoditswe,” “Moya wa Boammaaruri wa go Thusa,” le “Ba Ne Ba Ikhutsa ka Letsatsi la Boraro.”
18 Tsela eo badiri ba baithaopi ba utlwanang ka yone e aga ka metlha e ntse e kgatlha bao ba re bogetseng. Mo baagelaning ba kwa borwa jwa Johannesburg go ne go lebega ekete “basadi le bana” ke bone ba neng ba aga Holo ya Bogosi e ntšha mo toropobonnong ya bone. Ba ne ba belaela gore a ruri Basupi ba ne ba tla tsamaya ba wetsa tiro eo ya go aga. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba akofa ba fetola megopolo ya bone fa ba ne ba bona Holo ya Bogosi e ntle e setse e ntse e ya kwa godimo ka sebaka sa nko le molomo.
19 Lekwalodikgang lengwe la kwa Natala le ne la akgela jaana malebana le tiro ya go aga eo e neng e dirwa ke phuthego ya lefelo leo: ‘Holo e ntle ya Bogosi e e agilweng ka ditene tse di besitsweng, ka madi a a kwa tlase eletota! Ee, o ka se dumele, namane e tona ya tiro e e dirilweng ke phuthego ya kwa Toti ya Basupi ba ga Jehofa mmogo le go ineela kwantle ga bogagapa ga yone go ile ga bontshiwa mo mafelobekeng a le 10 fa ba ne ba ikagela holo e ntšha go lepalepana le dipalo tsa bone tseo di golang ka lebelo.’
20 Phuthego nngwe ya kwa Ulundi e ne ya bontsha Komiti E E Agang ya Kgaolo kafa e anaanelang ka gone mme e bo e bolela jaana: “Ga re kgone go ka lo bontsha ka go kwala mo pampiring kafa re ikutlwang ka gone ka seo lo se re diretseng. . . . Re ne re se kake ra itlhokomolosa go bona gore ditlhopha tseo di neng di aga Holo eno mmogo le batshegetsi ba tsone ba ne ba sa e agele Phuthego ya Ulundi fela. Mme go na le moo ba ne ba e agela Jehofa segolobogolo. Boikutlo joo ke jone selo se le sengwe fela seo go ka tweng ke sone se bakileng gore holo eno e ntle e agiwe ka tsela ya maemo a a kwa godimo jaana.”
21 Jaaka fa mokwadi wa setlhopha sengwe se se begang dikgang a ne a akgela jaana: “Roma ga e a ka ya agiwa ka letsatsi le le lengwe fela, jaaka fa seane seno sa bogologolo se bolela, mme lefa go ntse jalo phuthego ya mo lefelong leno ya Basupi ba ga Jehofa e sa tswa go akisa kgopolo eo ka go aga Holo ya bone e ntšha ya Bogosi.” Mokwadi yo mongwe o ne a kwala malebana le tiro ya go aga Holo ya Bogosi mme a bolela jaana: “Seno se ka nna sa lebega jaaka sengwe seo o ka se utlwalelang fela, mme lefa go ntse jalo se ile sa diragala mono. . . . Seo ba le bantsi ba se lebang jaaka selo se se gakgamatsang eletota, Basupi ba ga Jehofa ba se leba jaaka selo fela se se tlwaelegileng. . . . Le mororo ba ka nna ba se ka ba rata go belafala ka katlego eno eo ba nang le yone, moya wa bone mmogo le tirisanommogo ya bone di tlhomela ba le bantsi sekao seo ba tshwanetseng ba se latela.”
22 Kwa Texas, U.S.A., motho mongwe yoo eseng Mosupi o ne a kwalela lekwalodikgang lengwe jaana morago ga fa a sena go lebelela nngwe ya dikago tseo di agiwang ka lebelo tseno: “Ke ne ka sala ke atlhame ke bogetse kago eno eo e neng e gola ke ntse ke e lebile. Batho ba ne ba tshwana fela le ditshoswane mo go yone, ba le mo teng le kwa ntle. . . . Go ne go sena mekgosi, go tlhapatsana, le seo se lebegang jaaka go tlhola o laelwa gore o direng. Fa o ne o lebeletse o emetse kgakala go ne go lebega jaaka ekete go ne go na le mongwe yo o se kakeng wa mmona yoo a neng a laela mongwe le mongwe gore a direng. Gongwe go ka diragala gore go bo go ne go na le mongwe yo o ntseng jalo. Ke santse ekete ke a lora.” O ne a konela lekwalo la gagwe ka go kwala jaana: “Fa ba tla kwa legaeng la gago, maikaelelo a bone e a bo e se go go tshwenya. Seo ba se batlang fela ke go abalana le mongwe le mongwe lorato le boipelo joo ba nang le jone. Gongwe re tshwanela go ba reetsa. Ke a itse gore ke tlile go ba reetsa. Ka gonne seo ke se boneng mo bekeng e e fetileng se ne se tshwana le lesedi le le phatsimang mo lefatsheng le le lefifi, mme gompieno, bagaetsho, re tlhoka lesedi le le ntseng jalo le sekae mmogo le lorato.”
23 Thuso E E Dirwang ka Lorato ya Baithaopi: Baithaopi ba le diketekete, go akaretsa le badiri ba ba ithutetseng tiro bao ba thusang mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi, eleruri ba tshwanela go akgolwa. Lebaka la go bo ba dira seno ba sa amogele madi ape a go ba thusa mo ditshenyegelong tsa bone ke bosupi jwa kafa moya wa ga Jehofa o dirang ka gone ka bone. (Dit. 20:35; 1 Yoh. 4:12, 13, 21) Badiri bano ba ba itumetseng ba fitlhelela go le gontsi mo lefelong leo go agiwang mo go lone.
24 Badiri ba le bantsi ba ba agang ba dirisa nako ya bone le dikgono tsa bone go thusa mo go rekeng setsha, mo polaneng ya moago, mo go ageng le mo tirong ya boenjenere, mo go kgabiseng, mo go jaleng ditlhare le bojang, mo go siamiseng fa go tlileng go agiwa teng, mo go rekweng ga dilo, mo lephateng la dijo, mo pharakanong, mo ipabalelong, jalo le jalo. Bakaulengwe ba ntsha didirisiwa tsa bone ka namana gore di dirisiwe mo ditirong tseno tsa go aga. Abo seno se tshwanetse sa bo se itumedisa pelo ya ga Rraarona, Jehofa, jang ne fa a ba bona ba dirisa dilo tseo ba nang le tsone mmogo le dikgono tseo ba nang le tsone ka tsela e e ntseng jalo ya lorato!—Bapisa 1 Bathesalonia 2:6-9 le 2 Bathesalonia 3:8b.
25 Go Tlhokega Baithaopi Ba Ba Oketsegileng: Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo di bega gore go tlhokega baithaopi ba ba oketsegileng. Tirelo eno ke ya botlhokwa ya go tshegetsa dilo tse di amanang le Bogosi. (1 Bakor. 15:58) Go tlhokega badiri ba ba ithutetseng tiro, mmogo le bakaulengwe ba bangwe ba ba godileng semoyeng bao ba nang le ditshwanelego tsa semoya le mororo ba ka nna ba tswa ba sa ithutela ditiro tsa go aga. Fa e le gore o tshwanelega ka tsela e e ntseng jalo, a o ka dira diphetogo e le gore o ke o kgone go ka ithaopa? (Isa. 6:8) Ka sekai, bagolwane bangwe kana batlhanka ba bodihedi ba ka nna ba kgona go thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi ka mafelobeke a le mangwe kgwedi nngwe le nngwe kana go feta. Ba ka nna ba thapisiwa gore ba ke ba fiwe maikarabelo a a oketsegileng, gantsi mo mafapheng a a sa amaneng le tiro ya go aga. Seno se tla thusa bakaulengwe ba ba dirang ka thata bao ba okamelang ditiro tseno.
26 Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo le dikomiti tse di agang tsa mo lefelong di rulaganya baithaopi ka tsela eo eleng gore ba nna gone kwa lefelong leo go agiwang kwa go lone ka nako eo thuso ya bone e tlhokegang ka yone. Batho bano ba ba ithaopang ka metlha ba rata go dira go ya kafa ba boletseng ka gone le go dira go ya kafa ba dumalaneng ka gone ba dira jalo ka boikanyegi, ba dira gore “E, [ya bone] e nnè E.” (Math. 5:37) Fa go na le sepe fela se se neng se sa lebelelwa seo go ka diragalang gore se ba thibele go dira seno, ba itsise molebedi yo o ikarabelang mo go seno ka bonako. Baithaopi ba boela kwa diphuthegong tsa kwa magabone le kwa malapeng a bone ka bonako ka mo go ka kgonegang ka gone mme ebile ga ba fose go nna teng kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo go sa tlhokege. Bao ba tla bong ba le teng kwa lefelong leo Holo ya Bogosi e agiwang mo go lone e tla nna ba (1) e leng baithaopi ba ba dumeletsweng go dira jalo bao ba abetsweng ka tlhamalalo gore ba nne teng koo ke ditlhogo tsa mafapha, (2) bao ba tswang mo diphuthegong tse di leng mo kgaolong eo Holo ya Bogosi e agiwang mo go yone go ka bopa setlhopha sa badiri ka kakaretso bao go senang tiro epe eo ba e ithutetseng. Ba bangwe ba kgothalediwa gore ba tshegetse tirelo ya tshimo le dipokano mo diphuthegong tsa bone ka namana.
27 Tsela Eo go Tshwanetseng ga Ithaopiwa ka Yone: Ke tsela efe eo motho a tshwanetseng a ithaopa ka yone? Ka December 1991 setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane se ile sa romelelwa diforomo di le mmalwa tsa Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire. Badiri bao ba tshwanelegang ba ka bona diforomo tseno fa ba di kopa. Fa go tlhokega diforomo tse di oketsegileng, bagolwane ba tla di bona go tswa mo molebeding wa potologo. Bagolwane ba na le ditaelo tse di nang le dintlha ka botlalo tse di leng malebana le baithaopi ba ba tlhokegang le tse di leng malebana le ditshwanelego tseo ba tshwanetseng go di fitlhelela.
28 Fa e le gore o rata go ithaopela go thusa mo go agiweng ga Holo ya Bogosi mo kgaolong ya lona mme o le motlhanka wa bodihedi kana o le mogolwane kana o le Mokeresete yo o tlhomang sekao go na le tiro e e rileng eo o ithutetseng go e dira, o ka nna wa kopa nngwe ya diforomo tseno go tswa mo bagolwaneng ba ba mo phuthegong ya lona. Busetsa foromo eno mo bagolwaneng fa o sena go e tlatsa. Ba tla tsenya dikakgelo tsa bone mo go yone le go e romela kwa molebeding wa potologo, mme ene, o tla tlatsa foromo eno a bo a e romela kwa Komiting E E Agang ya Kgaolo. Fa maemo a gago ka namana a go letla ebile e le gore o tshwanelegela go ithaopa, o tla nna le tshegofatso ya go bona boipelo joo bakaulengwe le bokgaitsadi ba nnang mo go jone fa tiro ya go aga Holo ya Bogosi e wediwa, seo e le go tlisetsa Jehofa pako.
29 Botlhe Ba Ka Kgona go Thusa: Bao ba sa kgoneng go ithaopa le bone ba dira tirelo e e molemo thata. Ba thusa mo dilong tseo di tlhokegang mo phuthegong ka nako eo ba bangwe ba thusang mo tirong ya go aga Holo ya Bogosi ka yone. Ka dinako tse di rileng baithaopi ba ba rileng ba tshwanela gore ba bo ba seo mo dipokanong tsa bone tsa mo phuthegong ya mo gabone ba ile go thusa diphuthego tse dingwe mo tirong ya go aga Holo ya Bogosi lorato e le lone lo ba dirisang seo.
30 Gape, ka nako eo go nang le Holo ya Bogosi eo e agiwang go bapa le lona, baboledi ba ba mo phuthegong ya lona bao ba sa ithutelang tiro epe ya go aga ba ka nna ba nna le sebaka sa go thusa e le bontlhanngwe jwa setlhopha sa badiri ka kakaretso bao go senang tiro epe ya go aga eo ba e ithutetseng. Badiri bano ga ba tlatse diforomo tse di tladiwang ke baithaopi. Go itsisiwe fela gore go tlhokega batho, mme go bo go dirwa dithulaganyo le bagolwane ba mo phuthegong/diphuthegong tseo di tshwaregileng mo tirong ya go aga le mo diphuthegong tseo di leng gaufi le yone ka nako e le nngwe.
31 Rotlhe re na le sebaka sa go ka ntsha moneelo wa madi re o ntshetsa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi fa maemo ao re leng mo go one a re letla. Fa esale ka nako eo Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le neng le simololwa ka yone ka January 1990, go ile ga ntshiwa meneelo ya madi, le go tswa kwa dinageng tse dingwe, go thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi di le 33 tse disha mo tshimong ya lekala la Afrika Borwa. Diholo tseno di kgona go ka dirisiwa ke diphuthego di le 44. Diphuthego di le dintsi di ka bo di ile tsa se ka tsa bona mafelo a a molemo go le kalo a go kopanela fa e ne e se ka lorato lwa bokaulengwe loo lo ileng lwa bontshiwa ke tsela ya bopelotshweu eo lo ileng lwa ema Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi nokeng ka yone.
32 Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le thusa ka madi a dikadimo ao a thusang mo go agiweng ga Diholo tse disha tsa Bogosi. Fa madi ano a duelwa mmogo le morokotso, a adimiwa diphuthego tse dingwe tseo di a tlhokang. Go na le melemo ya go ikgolaganya le Mokgatlho malebana le go kopa go adimiwa madi pele ga fa lo senka dikadimo tsa madi go tswa mo femeng nngwe ya papadi.
33 Mafoko A A Bontshang Kanaanelo: Ka nako ya fa Holo e ntšha ya Bogosi ya phuthego nngwe ya kwa Newcastle e ne e wediwa, phuthego eno e ne ya bolela jaana mo lekwalong leo e neng ya le kwalela Mokgatlho: “Re leboga Jehofa go menagane mme ebile re rata go lo leboga thata go bo lo re thusitse ka madi a dikadimo mo Holong ya rona ya Bogosi mmogo le thuso yotlhe eo lo re thusitseng ka yone.”
34 Phuthego e nngwe e ne ya bontsha kafa e anaanelang thuso e e dirilweng ka lorato eo ba ileng ba thusiwa ka yone ka gone, ka go bolela jaana: “Re rata go lo leboga go tswa pelong re lo lebogela kafa lo ileng lwa re thusa ka gone ka Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi. Fa e ne e se ka lone go ka bo go ile ga nna boima go aga holo eno ya [rona] ebile re ka bo re ile ra diega ka lobaka lo loleele go e aga. Eleruri thulaganyo eno e bontsha kafa Jehofa a leng botlhale ka gone.”
35 Phuthego ya kwa Knysna e ne ya kwala jaana: “Re itumelela go bega gore jaanong Holo ya rona ya Bogosi e fedile. Go na le ba le bantsi bao ba ileng ba akgela ka yone ka tsela e e kgothatsang mmogo le go re akgola malebana le holo eno ya rona e ntšha mme ebile go setse go na le dipokano di le mmalwa tseo re ileng ra di tshwarela mo go yone. Re lemoga gore fa e ne e se ka moya wa ga Jehofa mmogo le ka thuso ya madi [eo re e boneng go tswa go Mokgatlho] re ka bo re ile ra se ka ra kgona go dira seno, mme re leboga go menagane.”
36 Go tswa kwa Lebowa-Kgomo go tla dikakgelo tse di latelang malebana le moya o o molemo oo bakaulengwe le bokgaitsadi ba ileng ba o bontsha: “Kwa tshimologong madi ao re neng ra kgona go a kokoanya a ne a le kwa tlase thata. Mokaulengwe T— e ne ya re morago ga moo a neela puo mo phuthegong eleng puo eo mo go yone a neng a otlelela gore ba ne ba se kake ba aga Holo ya Bogosi ka disente di le 10. E ne ya re morago ga seno meneelo ya tsena ka tsela e e botoka go ya bokgakaleng jwa gore kgabagare [re] ne ra nna le letlole la R15 000,00. E ne ya re morago ga moo Mokgatlho wa re thusa ka kadimo ya madi ao a ileng a re thusa gore [re] kgone go aga Holo eno ya Bogosi.— Baagelani ba ne ba gakgamadiwa ke go bona batho ba dira mmogo go akaretsa le batho ba ditso tsotlhe.— Jaanong ereka Holo ya Bogosi e weditswe, e eme e tlhomologile jaaka lefelo le le molemo la kobamelo la Basupi ba ga Jehofa mono Lebowa-Kgomo.”
37 Tiro Eo E Santseng E Re Emetse: Ee, rotlhe re na le lebaka la go ipela jaaka fa re ntse re fitlhelela seo se tlhokegang mo thobong jaana. Re tshwanetse ra nna le moya wa go dirisana mmogo—re dirisana mmogo le go ema tiro eno ya botlhokwa nokeng. (Pes. 133:1) Abo re itumela jang ne go bo re na le banna bao ba tlhophilweng ke phuthego ya ga Jehofa gore ba etelele pele mo dilong tsa semoya mmogo le mo go agiweng ga dikago tse di tlhokegang! Paulo o ne a ikuela mo Bafiliping, a bolela jaana: “Dihahatsañ boitumèlō yoa me, yoa gore lo nnè kgopolō e le ñwe hèla, lo chwanè mo loratoñ.” (Bafil. 2:2) Eleruri, re na le mabaka a a kwenneng a go itumela, ereka re neetswe mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng ao a tshwanetseng go “rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe” pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Go itumedisa pelo ya ga Jehofa fa re emela Bogosi joo mmogo le go thusa mo dilong tseo di amanang le jone re dira jalo ka boikanyegi. “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Dia. 27:11) Abo re na le tshiamelo e e tlhomologileng jang ne go bo re dira mmogo le Jesu Keresete ebile re na le seabe le ene ka boitumelo mo tirong ya ga Jehofa!