LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/1 ts. 25-28
  • Nna Le Moya wa Go Intsha Setlhabelo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Le Moya wa Go Intsha Setlhabelo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sengwe Seo Se Batliwang Ke Bibela
  • Masego Ao A Tlisiwang Ke go Intsha Setlhabelo
  • Ditsela tsa go Intsha Setlhabelo
  • Go Direla Jehofa ka Moya wa Go Intsha Setlhabelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Intsha Setlhabelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A o Na le Moya wa go Intsha Setlhabelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Ditlhabelo Tsa Pako Tse di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/1 ts. 25-28

Nna Le Moya wa Go Intsha Setlhabelo!

ROLFa e ne e le mothapiwa wa botlhokwa. Fa a ne a dira tshwetso ya gore a bone tiro e e seng ya letsatsi lotlhe gore a tle a oketse seabe seo a nnang le sone mo bodiheding jwa Bokeresete, mothapi wa gagwe o ne a dumela fela kwantle ga go tikatika. Ka jalo Rolf o ne a kgona gore a ipelele tirelo ya bobulatsela ka dingwagangwaga. Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe boemo jwa tiro bo ne jwa fetoga. Rolf o ne a itshupile a na le bokgoni tota mo tirong ya gagwe mo e leng gore o ne a fiwa maemo a go nna mookamedi wa tsa thekiso mo madirelong ao. Maemo ao a ne a na le tuelo e e rokotsang mathe le ditsholofetso tsa gore motho o tla tlhatlosiwa maemo gape. Lefa go ntse jalo, go ne go ka se ke go tlhole go kgonega gore a se ka a bereka letsatsi lotlhe.

Rolf o ne a na le mosadi le bana ba le babedi bao a neng a tshwanetse go ba tlamela, mme madi ao a a oketsegileng a ne a tla thusa. Lefa go ntse jalo, o ne a gana mpho eo mme a kopa tiro e nngwe, eo e neng e tla mo letla gore a kgone go dira maikarabelo a gagwe a semoya le a tsa madi ka bobedi. Mothapi wa ga Rolf o ne a gakgamadiwa ke tshwetso eno. Fa a lemoga gore le eleng go mo solofetsa tuelo e e kwa godimo go ne go ka se ke go thuse, mong wa gagwe o ne a swetsa ka go re: “Ke bona gore nka se kgone go go dira gore o fetole mogopolo wa gago.”

Ee, Rolf o ne a gagamaletse mogopolo wa gagwe. Mme o ne a na le nonofo e nngwe gape—moya wa go intsha setlhabelo. Moya o o ntseng jalo ga o a ata mo lefatsheng la rona le le ratang boitlhapediso. Mme o ka gogela kwa tseleng e e mosola ebile e kgotsofatsa ya botshelo. Moya wa go intsha setlhabelo ke eng? O akaretsa eng? Mme ke eng seo re tshwanetseng go se dira gore re o boloke o le teng?

Sengwe Seo Se Batliwang Ke Bibela

Go ntsha setlhabelo go raya go ntsha kana go neela sengwe se se tlhwatlhwakgolo. Go ntsha setlhabelo e ntse e le karolo ya kobamelo e e itshekileng fa e sale mosupi wa ntlha yo o ikanyegang ebong Abele, a ntshetsa Modimo setlhabelo ka “maitibolō a lecomane ya gagwè.” (Genesise 4:4) Banna ba tumelo, ba ba tshwanang le Noa le Jakobe, le bone ba ne ba dira fela jalo. (Genesise 8:20; 31:54) Ditlhabelo tsa diphologolo le tsone e ne e le karolo ya botlhokwa ya Molao wa ga Moshe. (Lefitiko 1:2-4) Lefa go ntse jalo, kafa tlase ga Molao oo baobamedi ba ne ba kgothadiwa gore ba ise tse di itekanetseng tota. Ba ne ba sa letliwe go ntsha phologolo epe e e segole setlhabelo. (Lefitiko 22:19, 20; Duteronome 15:21) Fa Baiseraele ba batenegi ba ne ba roba molao ono, Modimo o ne wa ba kgalema o re: “Ha lo isa setlhabèlō ka se se tlhotsañ . . . lo tlo lo re, Ga se boshula bopè! A lo ko lo eè go se naea molaodi; a o tla gu itumèlèla? kgotsa a o tla amogèla sebele sa gago? . . . A ke chwanetse go amogèla se mo seatleñ sa lona?”—Malaki 1:8, 13.

Molaomotheo wa go ntsha ditlhabelo o ne wa tsweledisiwa le mo kobamelong ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, ereka Keresete a duetse tlhwatlhwa e e feletseng ya thekololo, Modimo ga o tlhole o amogela ditlhabelo tsa diphologolo. Ka jalo ke setlhabelo sa eng seo Bakeresete ba ka se ntshang mme sa amogelwa? Paulo o kwala jaana mo go Baroma 12:1: “Ke gōna, ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.” A phetogo e e gakgamatsang! Mo boemong jwa go ntsha ditlhabelo ka ditoto tsa diphologolo, Bakeresete ba ne ba tla intsha setlhabelo se se tshelang—maikatlapelo a bone, dilo tse ba nang natso, le dilo tse ba kgonang go di dira. Mme jaaka kwa Iseraele, Jehofa ga a na go amogela ditlhabelo tse di “tlhotsañ,” kana tse di sa ntshiweng ka pelo yotlhe. O batla gore baobamedi ba gagwe ba mo neele gotlhe mo ba ka go kgonang, gore ba mo direle ka pelo ya bone yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe, le ka nonofo yotlhe.—Mareko 12:30.

Ka jalo moya wa go intsha setlhabelo o akaretsa se se fetang fela go ya dipokanong le go ya bodiheding jwa Bokeresete. Go raya go ikemisetsa go dira se se ratwang ke Modimo go sa kgathalesege gore seno se ka tlhoka eng. Go raya go iketleetsa go tsena mo mathateng le go fetwa ke dilo dingwe. “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō,” go ne ga rialo Jesu, “a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.” (Mathaio 16:24) Mokeresete ga a dire gore dikeletso tsa gagwe ka boene kana mekgele ya dilo tse di bonalang e nne tsone dilo tseo a amegang ka tsone segolo. Botshelo jwa gagwe bo amana thata le go batla Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya Gagwe pele. (Mathaio 6:33) O iketleeditse gore fa go tlhokega, a “tseè mokgōrō oa gagwè,” a bogisiwe, a tlhabiwe ke ditlhong, le e leng gone go swa!

Masego Ao A Tlisiwang Ke go Intsha Setlhabelo

Fa motho a lebane le dilo tse di masisi tse di tshwanang le tseno tse di ka nnang tsa direga, ka tlholego fela a ka nna a ipotsa gore a go intsha setlhabelo go mosola. Mo go bao ba ratang Jehofa Modimo ebile ba eletsa go bona leina la gagwe le tlotliwa, eleruri go mosola. (Mathaio 22:37) Ela tlhoko sekao se se molemolemo seo se tlhomilweng ke Jesu Keresete. Pele a tla mo lefatsheng, o ne a na le boemo jo bo kwa godimo kwa legodimong jaaka sebopiwa sa moya. Lefa go ntse jalo, fela jaaka a ile a bolelela barutwa ba gagwe, o ne a batla go dira ‘eseng go rata ga gagwe, mme e leng go rata ga Modimo, yo o mo romileng.’ (Yohane 5:30) Ka jalo ka go rata o ne a “ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; Me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō.”—Bafilipi 2:7, 8.

Go intsha setlhabelo ka tsela eo go ne ga nna le matswela. Ereka Jesu a ne a iketleeditse go “beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwè,” o ne a ka duela tlhwatlhwa ya thekololo, ka jalo a dira gore batho ba ba sa itekanelang ba amogele se e ka tswang e le bosasweng kwa magodimong, kana botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Yohane 3:16; 15:13; 1 Yohane 2:2) Ka go boloka bothokgami jwa gagwe ka mo go feletseng, o ne a dira gore leina la ga Jehofa le bakwe tota. (Diane 27:11) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a mo segofaletsa tiro ya gagwe ya go intsha setlhabelo! “Modimo le ōna o mo [godisitse] thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe.”—Bafilipi 2:9.

Ke boammaaruri, Jesu e ne e le Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. A Modimo gape o duela ba bangwe bao ba mo ntshetsang ditlhabelo? Ee, mme seno se bontshiwa ke dikai di le dintsi tsa mo metlheng ya bogologolo le tsa mo metlheng ya jaanong. Ela tlhoko pego ya Bibela kaga Ruthe wa Momoaba. Go bonala gore monna wa gagwe wa Moiseraele ke ene a ileng a mo ruta kaga Jehofa. Fa monna a sena go swa, o ne a tshwanelwa ke gore a dire tshwetso. A o ne a tla sala mo nageng ya boheitane eo a neng a tsholetswe mo go yone, kana a o ne a tla sepela le matsalaagwe yo o godileng ebong Naomi, go ya kwa Lefatsheng la Tsholofetso? Ruthe o ne a tlhopha go tsamaya le matsalaagwe, le mororo seno se ne se raya gore o tla latlhegelwa ke bokopano le batsadi ba gagwe gongwe le eleng ke tsholofelo ya go ka nyalwa gape. Lefa go ntse jalo, Ruthe o ne a setse a itse Jehofa, mme keletso ya gagwe ya gore a mo obamele a le mo gare ga batho ba a ba itlhophetseng e ne ya mo tlhotlheletsa gore a se ka a kgaogana le Naomi.

A Ruthe o ne a duelelwa go intsha setlhabelo ka tsela e e ntseng jalo? Eleruri o ne a duelwa! Morago ga nako e e rileng, molemi mongwe yo go tweng Boase o ne a mo tsaya go nna mosadi wa gagwe, mme Ruthe o ne a nna mmaagwe morwa yo go tweng Obede, mme seo sa mo dira gore a nne mogologolwane wa ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:5, 16.

Batlhanka ba Modimo ba ba intshang setlhabelo ba metlha ya segompieno le bone ba ile ba segofadiwa. Ka sekai, ka 1923, William R. Brown, yo o itsiweng botoka e le “Bible” Brown, o ne a tlogela legae la gagwe kwa West Indies go ya go etelela tiro ya go rera pele kwa Afrika Bophirima. O ne a patilwe ke mosadi wa gagwe le morwadie. E ne ya re kgabagare a fudugela kwa Nigeria, koo tiro ya go rera e neng e santse e simolola go ungwa. “Bible” Brown, a na le montsho mongwe wa kwa Amerika yo go tweng Vincent Samuels le Mosupi yo mongwe wa kwa West Indies yo go tweng Claude Brown, o ne a nna le seabe sa botlhokwa fa tiro e santse e simolola kwa Afrika Bophirima.

Gompieno go direla baboledi ba feta 187 000 kwa Sierra Leone, Liberia, Ghana, le Nigeria, ditshimo tseo di neng tsa simololwa ke “Bible” Brown le balekane ba gagwe. Pele a swa ka 1967, “Bible” Brown o ne a re: “Abo go ipedisa jang go bona banna le basadi ba reetsa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo!” Ee, o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go intsha setlhabelo.

Ditsela tsa go Intsha Setlhabelo

Ke ditsela dife tse dingwe tseo ka tsone re ka bontshang moya o o ntseng jalo gompieno? E nngwe ke ka go nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo beke le beke. (Ditihō 20:20) Go dira jalo go ka nna ga se ke go nne motlhofo, bogolo jang morago ga beke e o dirileng ka thata mo go yone mo tirong ya boitshediso. Go ka nna ga tlhoka go ikgalemela le go rulaganya dilo sentle. Mme boipelo jo bo nnang teng bo feta kgakala dikgoreletsi dipe tse di ka nnang teng. Aitsane, o ka nna le tshiamelo ya go thusa mongwe gore a nne “lokwalō loa ga Keresete . . . e señ mo matlapeñ a a dimatla, e le mo dimatleñ tse e boñ dipelo tsa nama.”—2 Bakorintha 3:3.

Ka “go shwèla lobaka molemō” ka kelotlhoko, gongwe lwa tiro ya boitshediso kana lwa go intsha bodutu, bangwe ba ile ba oketsa seabe seo ba nnang le sone mo tirong ya go rera. (Baefesia 5:16) Ba le bantsi ba rulaganya mabaka a bone gore ba ipelele tirelo ya bobulatsela jo bo thusang bobotlana gangwe fela ka ngwaga. Ba bangwe ba kgona go tsaya bobulatsela jo bo thusang ba sa kgaotse kana go direla jaaka babulatsela ba ka metlha. Setlhabelo se sengwe se o ka se akanyetsang ke go fudugela kwa mafelong ao a tlhokang baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi. Seno gantsi se tlhoka gore motho a dire diphetogo tse dikgolo mo tseleng ya gagwe ya botshelo, a itshokele dikgoreletsi, a fetogele mo ditsong le mo dingwaong tse disha. Mme lefa go ntse jalo masego a go nna le seabe ka botlalo mo go thuseng ba bangwe gore ba bone botshelo a dira gore ditlhabelo tse di ntseng jalo di nne mosola.

John Cutforth yo o tsholetsweng kwa Canada o ne a lemoga seno ka namana. Fa a sena go aloga mo Sekolong sa Watchtower sa Bibela sa Gileade, o ne a abelwa go nna morongwa kwa Australia. “Abo e ne e le sekgala se seleele jang ne go tswa kwa gae!” go ne ga gakologelwa jalo Mokaulengwe Cutforth. “A ke ne ke tla tlhola ke boela kwa Canada go ya go bona batsadi ba me le ditsala tsa me gape pele ga Hara-Magedona? Tsela e le nngwe fela ya go bona karabo ya seno e ne e le gore ke tsamaye.” Mokaulengwe Cutforth o ne a tsamaya, mme ga a ka a ikwatlhaela go bo a ile a intsha setlhabelo ka ditsela tseo. Mo dingwageng tseo di neng tsa latela o ne a etelela tiro pele kwa Papua New Guinea, koo a santseng a direla teng ka matlhagatlhaga, a digetse dingwaga tse 50 mo tirelong ya nako e e tletseng. O kile a re: “Go nna ka metlha o batla go latela kaelo ya ga Jehofa, o amogela kabelo epe fela eo a bonang go tshwanetse go go e naya, go tlisa boipelo, boitumelo, kgotsofalo, le ditsala di se kana ka sepe.”

Gone ke boammaaruri, maemo a a tshwanang le pholo, tsa madi, le maikarabelo a lelapa a ka lekanyetsa seo o ka se dirang; ga se botlhe bao ba ka direlang jaaka babulatsela le barongwa. Lefa go ntse jalo, ititeye sehuba gore o tla nna le seabe ka botlalo ka mo go ka kgonegang ka teng mo dipokanong le mo tirelong ya tshimo, o sa letle dikgoreletsi dipe tse di potlana, tse di jaaka seemo se se sa itumediseng sa loapi, gore di go kgoreletse. (Bahebera 10:24, 25) Gape o ka nna wa kgona go dirisa nako e e oketsegileng o e dirisetsa go ithuta Lefoko la Modimo ka namana. Malapa mangwe a dira jalo ka go fokotsa nako eo ba e dirisang ba lebeletse dithulaganyo tsa thelebishene, gongwe ba dira gore go nne le bosigo bo le bongwe ka beke jo e leng gore ka jone “ga go lebelelwe thelebishene” kana ba dira gore e se ka ya lebelelwa gotlhelele. Ka go senka nako ya go nna le thuto ya motho ka namana, “chupèlō ea pakō” eo ka yone o ‘ipolelang leina la gagwe phatlalatsa’ kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo e tla nna tshupelo ya boleng jo bo kwa godimo.—Bahebera 13:15.

Gakologelwa, tiro ya go rera jaanong e mo maemong a yone a bofelo. Mo bogautshwaneng Modimo o tla atlhola lefatshe leno le le bogagapa le le ratang boitlhapediso. (Sefania 2:3) Gore re ipoloke re ratwa ke Modimo, ga re a tshwanela go ikgogona. Re tshwanetse go ‘ntsha mebele ya rona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se amogelwang ke Modimo.’ (Baroma 12:1) Moya o o ntseng jalo o tla tlisa boitumelo jo bogolo le kgotsofalo. O tla re thusa go nna le boipelo jo bo oketsegileng mo bodiheding jwa rona. Gape o tla ipedisa pelo ya ga Jehofa Modimo!—Diane 27:11.

Ka jalo nna o ntse o na le moya wa go intsha setlhabelo! O se ka wa ikgogona mme o itime dilo dingwe gore o thuse ba bangwe o bo o tshegetse dilo tseo di direlwang Bogosi. Paulo o kgothatsa jaana: “Go diha molemō le go thusanya, lo se ka loa go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalo.”—Bahebera 13:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Leina le fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go bona nako ya go nna le thuto ya motho ka namana le go nna teng mo tirelong ya tshimo go ka tlhoka gore o intshe setlhabelo, mme go a duela

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

W. R. Brown le John Cutforth ba ne ba segofadiwa thata ka ntlha ya tiro ya bone ya go intsha setlhabelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela