Kgaolo 16
Modimo wa Boammaaruri le Isagwe ya Gago
“Mo lobopong lono lo lo tletseng ka masaitsiweng, go na le selo se le sengwe fela seo Motho a ka tlhomamisegang ka sone. Eleruri motho ga se selo se segolo sa semoya mo Lobopong. . . . Go na le selo sengwe mo Lobopong seo bomoya jwa sone bo leng bogolo go feta le Motho ka boene. . . . Mokgele wa motho ke go batla go tsalana le selo seo se se dirileng masaitsiweng ano, le go se batla ka boikaelelo jwa go tshela tumalanong le bonnete jono jo bogolo jwa semoya.”—An Historian’s Approach to Religion, ka Arnold Toynbee.
1. (Akaretsa ketapele.) (a) Ke eng seo raditiragalo Toynbee a ileng a se lemoga kaga motho le lobopo? (b) Bibela e tlhalosa jang “bonnete jo bogolo jwa semoya”?
MO KAROLONG e kgolo ya dikete tse thataro tsa dingwaga tse di fetileng, motho o ile a tsaya matsapa, ka tlhoafalo e kgolo kana e potlana, a go batla “bonnete jono jo bogolo jwa semoya.” Bodumedi bongwe le bongwe jo bogolo bo ile jwa raya bonnete jono leina le le farologaneng. Go ikaegile ka gore bodumedi jwa gago e ka tswa e le bofe—Bohindu, Bomoselema, Bobuda, Bo-Shinto, Bo-Confucius, Bo-Tao, Bojuda, Bokeresete, kana bope fela—o na le leina leo o bitsang “bonnete jono jo bogolo jwa semoya” ka lone. Mme Bibela e naya bonnete jono leina, bong, le botho—eleng Jehofa, Modimo o o tshelang. Modimo ono o o sa tshwaneng le ope o ne wa raya Kurose yo mogolo wa Peresia a re: “Ke Nna Yehofa, me ga go na opè o sele; kwa ntlè ga me ga go na Modimo opè; . . . Nna ke dihile lehatshe, me ka tlhōla motho mo go yeōna.”—Isaia 45:5, 12, 18; Pesalema 68:19, 20.
Jehofa—Modimo wa Boperofeti jo bo Diragalang
2. Fa re batla go bona tshedimosetso e e ka ikanngwang kaga isagwe, ke mang yo re tshwanetseng go leba kwa go ene, mme ka ntlhayang?
2 Jehofa ke ene bofelelo jwa matsapa ao motho a ileng a a tsaya go batla Modimo. Jehofa o ile a ipolela fa e le Modimo wa boperofeti yo o kgonang go bolela kaga bokhutlo jwa selo fa se santse se simologa. O ile a bua jaana ka moperofeti Isaia: “Gakologèlwañ dilō tsa pele tsa bogologolo: gonne ke Nna Modimo, me ga go na opè o pele; ke Nna Modimo, me ga go na opè eo o chwanañ le nna; Eo ke bolèlañ bokhutlō e santse e le tshimologō, ke bolèle e sale bogologolo dilō tse di e señ di dihwe; ka re, Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla: . . . E, ke ikaeletse, le gona ke tla dihatsa; ke ikaeletse, le gōna ke tla diha.”—Isaia 46:9-11; 55:10, 11.
3. (a) Ke ditiragalo dife tseo re ka di bonelang pele ka boperofeti jwa Bibela? (b) Ke eng seo Satane a se diretseng ba ba sa dumeleng, mme ka ntlhayang?
3 Ereka re na le Modimo yono wa boperofeti jo bo diragalang, re ka itse seo se tlileng go diragalela tsamaiso eno ya lefatshe la ditumelo tse di kgaoganyang batho. Gape re ka kgona go bolelelapele gore ke eng seo se tla diragalelang mekgatlho e e maatla ya sepolotiki eo e lebegang e eteletse lefatshe kwa pele. Se ebileng se le segolo go feta seo, re ka kgona go bolelelapele gore bokhutlo jwa “modimo oa lehatshe yeno,” ebong Satane, yo o “houhaditseñ megopolō ea ba ba sa dumeleñ” ka ditumelo tse dintsintsi tseo di tlogedisitseng batho Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa e tla nna bofe. Mme ke ka ntlhayang fa Satane a ile a dira tiro eno e e foufatsang? O ile a dira jalo “gore lesedi ya Mahoko a a Molemō a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.”—2 Bakorintha 4:3, 4; 1 Yohane 5:19.
4. Ke dipotso dife kaga lefatshe le isagwe ya motho tseo di tlhokang go arabiwa?
4 Gape re ka kgona go itse seo se tla diragalang morago ga ditiragalo tseno tse di boleletsweng pele. Kwa bokhutlong lefatshe le tla bo le le mo seemong sefe? A le tla bo le kgotletswe? Le sentswe? Le sena dikgwa? Kana a lefatshe le lotso lwa batho di tla tsosolosiwa gape? Jaaka re tla bona, Bibela e araba dipotso tseno tsotlhe. Mme santlha a re sekasekeng ditiragalo tseo di tla tlogang di diragala.
Go Tlhaolwa ga “Babelona o Mogolo”
5. Ke eng seo Johane a ileng a se bona mo ponatshegelong?
5 Moaposetoloi Johane o ne a senolelwa buka ya Bibela ya Tshenolō a le mo setlhaketlhakeng sa Patamosa ka ngwaga wa 96 C.E. E bolela ka ditshwantsho tse di tlhaloganyesegang sentle tsa ditiragalo tse dikgolo tseo di tla diragalang mo nakong ya bokhutlo, nako e, go ya ka tlhaloso ya Bibela, motho a ntseng a tshela mo go yone fa esale ka 1914.a Gareng ga dipono tseo tsa tshwantshetso tseo Johane a neng a di bona mo ponatshegelong, sengwe sa tsone ke seaka se se magasigasi, se se mafega, se se bidiwang “BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA, LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.” O ne a le mo seemong sefe? “Ka bōna mosadi ha a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a bashupi ba ga Yesu.”—Tshenolō 17:5, 6.
6. Ke ka ntlhayang fa Babelona o Mogolo a sa emele makgotla a a busang a sepolotiki mo lefatsheng leno?
6 Mosadi yono o emela mang? Ga re a tlogelwa fela gore re fopholetse gore e ka tswa a le mang. Fa go ntse go sinosiwa ka bonya, o ka senolwa. Mo ponatshegelong yone eo, Johane o utlwa lentswe la moengele mongwe le re: “Tla kwano, ke tla gu shupetsa tshekishō ea seaka se segolo se se dutseñ mo metsiñ a mantsi; Se dikgosi tsa lehatshe di gokahetseñ nashō, le ba ba agileñ mo lehatshiñ ba ne ba tagisiwa ke boyalwa yoa kgokahalō ea shōna.” Fa e le gore dikgosi, kana babusi ba lefatshe ba ne ba gokafala nae, he go raya gore seaka seo ga se kake sa emela makgotla a babusi ba sepolotiki ba lefatshe.—Tshenolō 17:1, 2, 18.
7. (a) Ke ka ntlhayang fa Babelona o Mogolo a sa emele makgotla a babapatsi? (b) Babelona O Mogolo o emela eng?
7 Yone pego eo e re bolelela gore “babapatsi mo lehatshiñ ba huma ka thata ea go hoahoèga ga gagwè.” Ka jalo Babelona o Mogolo ga a kake a emela makgotla a bagwebi, kana “babapatsi,” ba lefatshe. Lefa go le jalo, temana e e tlhotlheleditsweng ya re: “Metse a u a bonyeñ, kwa seaka se dutseñ gōna, ke dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō.” Ke karolo efe e kgolo e nngwe ya tsamaiso eno ya lefatshe e e santseng e setse eo e tshwanelang tlhaloso ya seaka sa tshwantshetso seo se gokafalang le babusi ba sepolotiki, eo e gwebang ka go dira morokotso, eo e okametseng batho, boidiidi jwa batho, merafe, le dipuo ka kgalalelo e kgolo? Ke bodumedi jwa maaka ka mefuta yotlhe ya jone e e farologaneng!—Tshenolō 17:15; 18:2, 3.
8. Ke dintlha dife tse dingwe tseo di tlhomamisang seo Babelona o Mogolo eleng sone?
8 Gore Babelona o Mogolo go tewa mang go tlhomamisiwa ke go kgalwa ga gagwe ke moengele ka “gonne merahe eotlhe e ne e tsiediwa ke boloi yoa gag[we].” (Tshenolō 18:23) Mefuta yotlhe ya tumelabotlhodi ke ya bodumedi mme e tlhotlhelediwa ke badimona. (Duteronome 18:10-12) Ka gone, Babelona o Mogolo o tshwanetse a bo a tshwantshetsa selo sa mofuta wa bodumedi. Bosupi jwa Bibela bo bontsha gore ke tsamaiso e kgolo ya ga Satane ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka, joo a bo rotloetsang mo megopolong ya batho e le gore a tle a fapose batho mo Modimong wa boammaaruri, ebong Jehofa.—Yohane 8:44-47; 2 Bakorintha 11:13-15; Tshenolō 21:8; 22:15.
9. Ke megolagang efe ya dilo tse di tshwanang eo e fitlhelwang mo ditumelong ka bontsi?
9 Jaaka re bone mo bukeng eno yotlhe, go na le megolagang ya dilo tse di tshwanang e e tsenelelang mo tengteng ga tlhakantshuke ya ditumelo tsa lefatshe tse di senang lepele le morago. Ditumelo ka bontsi di simologile mo ditlhamaneng. Mo e ka nnang tsotlhe di tshwaragantswe ke go dumela ka tsela nngwe mo moyeng wa motho o go tweng ga o swe o sala o tshela fa motho a sena go tlhokafala mme o ye kwa lefatsheng le le kafa tlase kana o fudugele mo sebopiweng se sengwe. Bontsi jwa tsone di dumela ka go tshwana mo lefelong le le boifisang leo go bogisediwang le go tlhokofalediwa batho mo go lone le le bidiwang dihele. Tse dingwe di tshwana ka ditumelo tsa bogologolo tsa seheitane tsa ditlhopha tse tharo tsa medimo, ditharonngwe, le medimo ya sesadi ya bommè. Ka jalo, ke selo se se tshwanelang fela gore tsotlhe di sobokanngwe mmogo kafa tlase ga leina le le lengwe fela le le dikgobokanyang la seaka “BABELONA O MOGOLO.”—Tshenolō 17:5.
Ke Nako ya go Tshaba mo Bodumeding jwa Maaka
10. Ke eng seo go boleletsweng pele gore se tla diragalela seaka sa bodumedi?
10 Bibela ya re ke eng seo se tla diragalelang seaka se segolo seno se se mo lefatsheng lotlhe mo nakong e e tlang? Ka puo ya tshwantshetso, buka ya Tshenolō e tlhalosa gore se tla senngwa ke makgotla a sepolotiki. Ano a tshwantshiwa jaaka “dinaka tse shomè” tseo di emang nokeng Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, “sebatana señwe se se mmala o o bohibidu yo bo letlhōlōlō” seo eleng setshwantsho sa tsamaiso ya ga Satane e e tshasegetseng madi ya sepolotiki.—Tshenolō 16:2; 17:3-16.b
11. (a) Ke ka ntlhayang fa bodumedi jwa maaka bo atlhotswe ke Modimo? (b) Ke eng seo se tla diragalelang Babelona?
11 Go senngwa ga tsamaiso e kgolo ya ga Satane ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka go tla bakiwa ke katlholo e e botlhoko ya Modimo mo ditumelong tseno. Di tla fitlhelwa di na le molato wa go gokafala ka tsela ya semoya ka baka la go tshwaragana le dinyatsi tsa tsone tse di gatelelang tsa sepolotiki le go di ema nokeng. Bodumedi jwa maaka bo tshasitse dikojana tsa jone madi a a senang molato ka jaana bo ile jwa tlhakanela le setlhopha sa babusi ba maemo a a kwa godimo ba naga nngwe le nngwe mo dintweng tsa bone ka boikutlo jwa bomorafe. Ka jalo, Jehofa o tsenya mo dipelong tsa makgotla ano a sepolotiki go dira thato ya gagwe kgatlhanong le Babelona o Mogolo le go mo senyetsa ruri.—Tshenolō 17:16-18.
12. (a) Ke eng seo o tshwanetseng go se dira jaanong gore o seka wa senngwa fa Babelona a senngwa? (b) Ke dithuto dife tseo di tlhaolang bodumedi jwa boammaaruri?
12 Ka jaana ditumelo tsa lefatshe di lebane le isagwe eno, ke eng seo o tshwanetseng go se dira? Karabo e mo lentsweng leo le neng la utlwiwa ke Johane le tswa kwa legodimong le re: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.” Ka jalo, eno ke yone nako ya go utlwa taolo ya moengele ya go tswa mo pusong ya ga Satane ya bodumedi jwa maaka le go kopanela mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa. (Bona lebokoso, tsebe 377.)—Tshenolō 17:17; 18:4, 5; bapisa Yeremia 2:34; 51:12, 13.
Hara–Magedona E Gaufi
13. Ke ditiragalo dife tseo di tshwanetseng go diragala mo nakong e khutshwane?
13 Tshenolō e bolela gore “dipecō tsa gagwè di tla [tla] ka letsatsi le le leñwe hèla, eboñ losho, le selelō, le popamō; me o tla hisediwa rure ka molelō.” Go ya ka ditshupo tsotlhe tsa boperofeti jwa Bibela, “letsatsi le le leñwe hèla” leo, kana nako e khutshwane eo a tla senngwang ka ponyo ya leitlho mo go yone, e setse e le gaufi jaanong. Ebile tota, go senngwa ga Babelona o Mogolo go tla bulela tsela “sepitla se segolo” seo se tla felelang ka “[ntwa] ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe. . . . Hara–Magedona.” Ntwa eo, kana tlhabano, ya Hara–Magedona e tla gogela kwa goreng tsamaiso ya bopolotiki ya ga Satane e fenngwe le gore ene a latlhelwe mo moleting. Lefatshe le lesha la tshiamo le tla tla!—Tshenolō 16:14-16; 18:7, 8; 21:1-4; Mathaio 24:20-22.
14, 15. Ke boperofeti bofe jwa Bibela jo go lebegang fa bo le gaufi le go diragala?
14 Boperofeti jo bongwe jo bo tlhomologileng jwa Bibela bo setse bo le gaufi le go diragadiwa re bo lebile ka matlho. Moaposetoloi Paulo o ne a porofesa a ba a tlhagisa ka go re: “Me kaga metlha le dipaka, ba ga echo, ga go batlwe gore lo ka kwalèlwa señwe. Gonne le lona ka losi lo itse sentlè ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo. E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.”—1 Bathesalonia 5:1-3.
15 Go lebega ekete merafe eo pele e neng e tlhabana ebile e belaelelana jaanong e atametse seemo seo ba kgonang go bolela fa mo lefatsheng go na le kagiso le polokesego. Ka jalo, le ka lebaka leno gape, re itse gore letsatsi la go atlhola bodumedi jwa maaka, merafe le mmusi wa yone, eleng Satane le atametse.—Sefania 2:3; 3:8, 9; Tshenolō 20:1-3.
16. Ke ka ntlhayang fa kgakololo ya ga Johane e tshwanela jaana gompieno?
16 Dimilione tsa batho gompieno di tshela jaaka ekete dilo tse di bonalang ke tsone fela tse di tla nnelang ruri le gore ke tsone fela dilo tsa botlhokwa. Lefa go le jalo, se lefatshe le le bodileng leno le nang naso ga se sa sepe ebile se a feta. Ke gone ka moo kgakololo ya ga Johane e tshwanelang fela thata jaana fa a re: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” A o ka rata go nnela ruri?—1 Yohane 2:15-17.
Lefatshe Je Lesha Je le Solofeditsweng
17. Isagwe e tsholetse bao ba senkang Modimo wa boammaaruri eng?
17 Ereka Modimo o tlile go atlhola lefatshe ka Keresete Jesu, ke eng seo se tla latelang? Bogologolo, mo Dikwalong tsa Sehebera, Modimo o ne wa porofesa gore o ne a tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa ntlha ka setho mo lefatsheng leno, eleng gore, go nne le batho ba ipelela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. Boiteko jwa ga Satane jwa go fetola boikaelelo joo ga bo a ka jwa nyeletsa tsholofetso ya Modimo. Ka gone, Kgosi Dafide o ne a ka kgona go kwala a re: “Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: . . . Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:9-11, 29; Yohane 5:21-30.
18-20. Ke diphetogo dife tseo di tla diragalang mo lefatsheng leno?
18 Morago ga moo lefatshe le tla bo le le mo seemong sefe? A le tla bo le kgotletswe lotlhelotlhe? A le tla bo le jelwe ka molelo? A le tla bo le sena dikgwa? Legoka! Jehofa kwa tshimologong o ne a ikaeletse gore lefatshe le nne paraka e e phepa, e e lekalekaneng, ya paradaise. Go santse go ka kgonega gore go nne jalo go sa kgathalesege go bo motho a sa dirise lefatshe ka tshwanelo. Mme Jehofa o solofeditse gore o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” Seemo seno sa go atamela go senngwa ga lefatshe lotlhe se nnile gone fela mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. He, leno ke lebaka le legolo la go dumela gore mo bogautshwaneng Jehofa o tla tsaya kgato ya go sireletsa thoto ya gagwe, eleng popo ya gagwe.—Tshenolō 11:18; Genesise 1:27, 28.
19 Phetogo eno e tloga e diragala mo thulaganyong ya Modimo ya “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha.” Ga e kitla e raya loapi lo losha le polanete e ntšha, mme go na le moo, puso e ntšha ya semoya eo e tla bong e busa lefatshe le le ntšhafaditsweng la batho ba ba tlhabolotsweng. Mo lefatsheng le lesha leo, go tla bo go sena sebaka sa go senya lefatshe ga batho ba bangwe kana diphologolo. Go tla bo go sena thubakanyo lefa e le tshololo ya madi. Go tla bo go sena ba ba senang magae, ba ba bolawang ke tlala, kana ba ba gatelelwang.—Tshenolō 21:1; 2 Petere 3:13.
20 Lefoko la Modimo le tlhalosa ka go re: “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele. . . . Phiri e tla ya mmōgō hèla le kwanyana, le tau e tla ya lotlhaka yaka kgomo; me lorole e tla nna diyō tsa nōga. Ga di ketla di utlwisa botlhoko, leha e le go senya, mo thabeñ e e itshepileñ ea me eotlhe hèla, go bua Yehofa.”—Isaia 65:17-25.
Motheo wa Lefatshe je Lesha
21. Ke ka ntlhayang fa go tlhomamisega gore lefatshe je lesha le tla nna gone?
21 O ka nna wa botsa ka go re, ‘Dilo tseno tsotlhe di tla kgonega jang?’ Ka gonne ‘Modimo o o sa kakeng wa aka, o solofeditse pele ga metlha e e senang tshimologo’ gore batho ba tla busediwa mo seemong sa pele mme ba tshela botshelo jo bosakhutleng ba itekanetse. Mme motheo wa tsholofelo eno ke oo moaposetoloi Petere a ileng a o tlhalosa mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha go Bakeresete ba batlodiwakaene ya go re: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ, Go tla re bōna boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ.”—Tito 1:1, 2; 1 Petere 1:3, 4.
22. Motheo wa go solofela gore go tla nna le lefatshe je lesha ke eng, mme ka ntlhayang?
22 Go tsoga ga ga Jesu Keresete mo baswing ke selo sa motheo mo tsholofelong ya lefatshe je lesha la tshiamo ka gonne o ile a kgethiwa ke Modimo go busa lefatshe le le phepafaditsweng a le kwa magodimong. Paulo gape o ne a gatelela kafa tsogo ya ga Keresete eleng botlhokwa ka gone fa a ne a kwala ka go re: “Nyaea, yanoñ Keresete o cosicwe mo bashwiñ, e le lebucwa pele ya ba ba robetseñ. Gonne ereka losho lo tsile ka motho, go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho. Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.”—1 Bakorintha 15:20-22.
23. (a) Ke ka ntlhayang fa tsogo ya ga Keresete e le selo sa botlhokwa? (b) Ke taolo efe eo Jesu yo o tsositsweng a neng a e neela balatedi ba gagwe?
23 Loso lwa go intshasetlhabelo lwa ga Keresete le eleng thekololo e e lekalekanyang le tsogo ya gagwe di ile tsa nna motheo wa tsholofelo ya “magodimo a masha,” eleng puso ya Bogosi, le losika lwa batho ba ba fetotsweng, ba ba tlhabolotsweng, “lehatshe ye lesha.” Go tsoga ga gagwe le gone go ne ga tsenya moko mo go rereng le go ruteng ga baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang. Pego eo e re bolelela ka go re: “Me barutwa ba ba shomè le mocō ba tloga ba ea kwa Galilea, kwa thabeñ e Yesu [yo o tsositsweng] o e ba kaetseñ. Me e rile ba mmōna, ba mo ōbamèla: me bañwe ba belaèla. Me Yesu a tla kwa go bōnè, a bua nabō a re, Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 19:28, 29; 28:16-20; 1 Timotheo 2:6.
24. Ke tshegofatso efe e nngwe eo go tsosiwa ga ga Jesu go e tiisang?
24 Go tsosiwa ga ga Jesu gape go tiisa tshegofatso e nngwe eo batho ba tla e bonang—eleng go tsosiwa ga baswi. Go tsosa ga ga Jesu Lasaro e ne e le bosupi fela jwa tsogo e e neng e tla akaretsa batho botlhe mo isagweng. (Bona ditsebe 249-50.) Jesu o ne a ile a re: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa: ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”—Yohane 5:28, 29; 11:39-44; Ditihō 17:30, 31.
25. (a) Ke tlhopho efe eo batho mo lefatsheng je lesha ba tla nnang le go e dira? (b) Ke mofuta ofe wa bodumedi o o tla nnang gone mo lefatsheng je lesha?
25 Abo e tla nna boipelo jang ne fa re tla bo re kgona go amogela baratiwa ba rona gape, kokomana nngwe le nngwe e kgone go dira jalo ka go tlhatlologana! Koo mo lefatsheng le lesha, motho mongwe le mongwe o tla kgona go dira phetso mo maemong a a itekanetseng gore a o tla obamela Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa, kana a o tla latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe jaaka moganetsi. Ee, mo lefatsheng je lesha, go tla bo go na le bodumedi bo le bongwe fela fela, mofuta o le mongwe fela wa kobamelo. Kgalalelo yotlhe e tla ya go Mmopi yo o lorato, mme motho mongwe le mongwe yo o kutlo o tla kgona go bua mafoko a a tshwanang le a ga mopesalema a a reng: “Modimo oa me, ke tla gu godisa, Kgosi; ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. . . . Yehofa o mogolo, me o na le go bakwa thata; me bogolo yoa gagwè ga bo na phukucō.”—Pesalema 145:1-3; Tshenolō 20:7-10.
26. Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go tlhatlhobisa Lefoko la Modimo, ebong Bibela?
26 Ereka jaanong o tshwantshantse ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe, re go laleletsa gore o sekaseke gape Lefoko la Modimo, ebong Bibela, leo ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa di thailweng mo go lone. O iponele ka bowena gore Modimo wa boammaaruri o ka kgona go bonwa. O ka tswa o le Mohindu, Momoselema, Mobuda, Mo-Shinto, Mo-Confucius, Mo-Tao, Mojuda, Mokeresete, kana o le wa tumelo epe fela e nngwe, jaanong e ke nako ya go tlhatlhobisa kamano ya gago le Modimo wa boammaaruri le o o tshelang. Gongwe o ne wa nna leloko la bodumedi jo o leng mo go jone ka baka la lefelo le o tsholetsweng mo go lone, e le selo seo o neng o sa kake wa se thibela. Eleruri, ga o latlhegelwe ke sepe ka go sekaseka seo Bibela e se buang kaga Modimo. Eno e ka nna tshono e kgolo mo botshelong jwa gago ya go itse boikaelelo jwa Modimo Molaodi yo Mogolo ka lefatshe leno le batho ba ba mo go lone. Ee, go tsaya matsapa ga gago ka bopeloephepa a go batla Modimo wa boammaaruri go ka kgotsofadiwa ka go ithuta Bibela le barongwa ba ga Jehofa, Basupi ba gagwe, bao ba go tliseditseng buka eno.
27. (a) Jesu o go laleletsa eng? (b) Tumalanong le setlhogo sa buka eno, ke eng seo Isaia a se laleletsang mongwe le mongwe go se dira?
27 Jesu o ne a sa bue lefela fa a ne a re: “Lōpañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna: kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa.” O ka nna gareng ga bao ba boneng Modimo wa boammaaruri fa o reetsa molaetsa wa moperofeti Isaia o o reng: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bo[n]wa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèle kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le kwa Modimoñ oa rona, gonne o tla ichwarèla ka botlalō.”—Mathaio 7:7; Isaia 55:6, 7.
28. Ke bomang ba ba ka go thusang go bona Modimo wa boammaaruri?
28 Fa e le gore o batla Modimo wa boammaaruri, gololesega go bonana le Basupi ba ga Jehofa.c Kwantle ga go go duedisa ba tla itumelela go go thusa go itse Rara ka go atamalana nae le thato ya gagwe go santse go na le nako.—Sefania 2:3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e tletseng kaga metlha ya bofelo, bona O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1982, ditsebe 148-54.
b Go bona tlhaloso e e tletseng ya boperofeti jono mo go Tshenolō, bona buka Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1988, dikgaolo 33-37.
c Go bona lenaane la diaterese, bona tsebe 384.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 377]
Tsela Eo O Ka Lemogang Bodumedi jwa Boammaaruri ka Yone
1. Badumedi ba boammaaruri ba obamela Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri, ebong Jehofa.—Duteronome 6:4, 5; Pesalema 146:5-10; Mathaio 22:37, 38.
2. Bodumedi jwa boammaaruri bo dira gore go kgonege go buisana le Modimo ka Keresete Jesu.—Yohane 17:3, 6-8; 1 Timotheo 2:5, 6; 1 Yohane 4:15.
3. Badumedi ba boammaaruri ba ruta le go dirisa lorato lo eseng lwa bogagapa.—Yohane 13:34, 35; 1 Bakorintha 13:1-8; 1 Yohane 3:10-12.
4. Bodumedi jwa boammaaruri bo nna bo sa leswefadiwa ke dipolotiki tsa selefatshe le dikgogakgogano. Bo itlhaola mo nakong ya ntwa.—Yohane 18:36; Yakobe 1:27.
5. Bodumedi jwa boammaaruri bo letla gore Modimo e nne ene yo o buang boammaaruri ka go amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo.—Baroma 3:3, 4; 2 Timotheo 3:16, 17; 1 Bathesalonia 2:13.
6. Bodumedi jwa boammaaruri ga bo mpampetse ntwa lefa e le thubakanyo ya batho.—Mika 4:2-4; Baroma 12:17-21; Bakolosa 3:12-14.
7. Bodumedi jwa boammaaruri bo utlwanya batho ba mebala yotlhe, dipuo, le ditso ka katlego. Ga bo rere ka bomorafe kana kilo, mme bo rera kaga lorato.—Isaia 2:2-4; Bakolosa 3:10, 11; Tshenolō 7:9, 10.
8. Bodumedi jwa boammaaruri bo buelela go direla Modimo, eseng go bona papadi ka bopelotshetlha kana tuelo, mme bo dira jalo ka lorato. Ga bo galaletse batho. Bo galaletsa Modimo.—1 Petere 5:1-4; 1 Bakorintha 9:18; Mathaio 23:5-12.
9. Bodumedi jwa boammaaruri bo bolela fa Bogosi jwa Modimo e le tsholofelo e le yosi e e tlhomameng ya motho, eseng botlhajana bongwe jwa sepolotiki kana jwa loago.—Mareko 13:10; Ditihō 8:12; 28:23, 30, 31.
10. Bodumedi jwa boammaaruri bo ruta boammaaruri kaga boikaelelo jwa Modimo ka motho le lefatshe. Ga bo rute maaka a bodumedi a gore motho o na le moya o o sa sweng le gore o tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo diheleng. Bo ruta gore Modimo o lorato.—Baatlhodi 16:30; Isaia 45:12, 18; Mathaio 5:5; 1 Yohane 4:7-11; Tshenolō 20:13, 14.
[Setshwantsho]
Basupi ba a rera kwa Netherlands
[Ditshwantsho mo go tsebe 373]
Lefatshe le ka kgona go nna paradaise—gore seo se nne gone go tlhokafala Puso ya lefatshe lotlhe eo e nnetseng ruri, e e siameng, mme Modimo o e solofeditse
[Setshwantsho mo go tsebe 374]
Pele ga a boela kwa legodimong, Jesu o ne a fa barutwa ba gagwe taolo ya go rera le go ruta mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe
[Setshwantsho mo go tsebe 379]
Go tsosiwa ga baswi go tla leretse setho mo lefatsheng lotlhe boipelo