LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/92 ts. 4
  • Dipuisano Tseo di Tsosang Kgatlhego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipuisano Tseo di Tsosang Kgatlhego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Nonotsha Tumelo mo Mmoping wa Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dipuisano Tse di Akantshiwang Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 9/92 ts. 4

Dipuisano Tseo di Tsosang Kgatlhego

1 Ka dinako tsotlhe re tshwanetse ra bontsha kgatlhego e e lorato ka namana go batho bao re kopanang le bone mo bodiheding jwa tshimo. Go ba kopa gore ba ntshe megopolo ya bone mo dikgannyeng tseno go bontsha gore re tlotla kgopolo ya bone. Setlhogo se re buang ka sone le dipotso tse re di botsang di ka nna tsa tlhotlheletsa tsela ya bone ya go akanya mme tsa ba dira gore ba batle go ithuta mo go oketsegileng kaga Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka batho.

2 Ka September re tla bo re ba tlhokomedisa boammaaruri kaga Mmopi wa rona le boikaelelo jwa gagwe jwa go fetola lefatshe leno go nna paradaise jaaka re tsamaisa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ba le bantsi ba rona ba tlwaelane thata le buka eno. Lefa go le jalo, iphe nako ya go sekaseka kgatiso eno ka namana, mme o tlhophe dintlha tse di rileng go di tlhomolola. Fa lo tlotla ka tshedimosetso e e mo bukeng ya Tshelela Ruri, e bule mme o e neele mong wa ntlo. Buelela ditlhogo tse di rileng le ditshwantsho. O nne matlhagatlhaga fa o mmontsha botlhokwa jwa kgatiso eno e e molemo.

3 E ka nna ya re morago ga fa o sena go ikitsise ka tsela e e lorato, o bo o re:

◼ “O akanya gore ke eng se se tlhokafalang gore batho ba batle kagiso ya boammaaruri le boitumelo mo lefatsheng leno? [Mo neye sebaka sa go araba.] Bibela e bolela gore re tshwanetse go boifa Modimo ebile re mo itse jaaka Mmopi wa legodimo le lefatshe.” Bala Tshenolō 14:7, mme go tswa foo o bule tsebe 8 ya buka ya Tshelela Ruri o bo o bala serapa 6, o tlhomolola ntlha ya gore lefatshe ga le a agiwa ka tsela e Mmopi wa lone o neng o ikaeletse gore le nne ka yone kwa tshimologong. Gape o ka bala serapa 10 mo tsebeng ya 10 mme o akgele ka ditshwantsho tse di mo ditsebeng 11-13 go ikaegile ka gore mong wa ntlo o arabela jang. Tlhalosetsa motho yono gore mo bogautshwaneng lefatshe la paradaise le tla nna gone. Tsamaisa buka eno mme o dire dithulaganyo tsa go boela kwa go bontshitsweng kgatlhego gone.

4 Kgotsa o ka nna wa bolela jaana:

◼ “A o kile wa tsamaya wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa re tsofala le go swa? Ditlhare tse dingwe di tshetse dikete tsa dingwaga. Mme lefa go ntse jalo batho bone ba tshela dingwaga tse 70 kana 80 fela mme morago ga moo ba swa. A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang? [Mo neye sebaka sa go araba.] Bibela e re naya karabo mo go Baroma 5:12. [E bale.] A boemo jono bo tla tsamaya bo fetoga? Karabo ke ‘Ee’ jaaka go kwadilwe mo go Tshenolō 21:3, 4. [E bale.]” Supa buka ya Tshelela Ruri, o mo tlhokomedisa setlhogo mme go tswa foo bula go ditshwantsho tse di mo tsebeng ya 162. E ka nna ya re morago ga fa o sena go akgela ka ditshwantsho tseno o bo o ka bala dirapa 19 le 20 mo tsebeng ya 165. Bontsha mong wa ntlo kafa kgatiso eno e ka mo thusang gape ka teng mmogo le lelapa la gagwe go tla go tshela mo nakong e mo go yone go tla bong go sena loso le e mo go yone lefatshe lotlhe le tla bong le fetotswe go nna paradaise. Tsamaisa buka mme o dire dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boela.

5 Fa e le gore mong wa ntlo o na le dipelaelo mabapi le go nna gone ga Mmopi, o ka nna wa re:

◼ “Batho ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela e o ikutlwang ka yone, segolobogolo fa ba bona pogo e ntsi jaana mo lefatsheng. Fa e le gore Modimo o gone, ke ka ntlha yang fa o dumeletse pogo jaana? A o ka akanya ka tlhaloso epe e e utlwalang?” O ka nna wa kgona go tswelela pele ka go dirisa kgaolo ya 11 ya buka ya Tshelela Ruri go tsweledisa motlotlo, go ikaegile ka gore mong wa ntlo o arabela jang. Dikarabo tse dingwe tse di thusang mabapi le potso eno di ka bonwa mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 329.

6 Boikaelelo jwa rona ga se go tsosa kgatlhego fela ka molaetsa wa Bogosi mme gape le gore re simolole dithuto tsa Bibela. Abo re itumela jang ne go bo re na le buka eno e ntle e e nang le ditshwantsho e e tlhalosang boammaaruri kaga Mmopi yo Mogolo le boikaelelo jwa gagwe jwa go fetola lefatshe leno go nna paradaise! Ekete re ka e dirisa ka botlalo mo go tsoseng kgatlhego ya batho ba ba dipelo di ikanyegang bao re tla kopanang le bone mo kgweding ya September.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela