Direla ba Bangwe Molemo Ka go Ba Neela Dimakasine
1 A bo re itumela jang ne fa re amogela ditokololo tse disha tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Re itumelela sebaka sa go di bala ka bofefo jo bo ka kgonegang e le gore re solegelwe molemo ke tshedimosetso e re e neilweng. Ke selo se sentle go batla dintlha tse re ka di dirisang fa re tsamaisetsa ba bangwe dimakasine, mo godimo ga go batla setlhogo se se ka re thusang rona ka namana. Re ka rata go tshwaya dikarolo tse di ka gogelang thata mo go bao ba leng mo tshimong ya phuthego ya rona kana tota ra itirela mafokonyana kwa thoko mo koping ya rona gore re ikgakolole dintlha tse re ka di buelelang le ka fa setlhogo seo se ka buelelwang ka teng mo lefelong la rona.
2 Dimakasine tsa rona di na le mosola o o sa feleng. Le mororo re ka nna ra batla thatathata go tsamaisa dimakasine tsa bosheng jaana, ga go tlhokafale gore re latlhe ditokololo tsa bogologolo, e re ka tshedimosetso ya tsone e sa felelwe ke nako. Tsenya dimakasine tseno mo bekeng ya gago ya tirelo ya tshimo gore di nne di ntse di le teng fa o neela bosupi. Tseno di ka nna mosola segolobogolo fa lo itse sengwe se se rileng se mong wa ntlo a se tlhokang. Gape go ka dirisiwa dimakasine tsa bogologolo ka nako ya letsholo la tshimo e e sa abiwang.