LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/1 ts. 27-30
  • Go Bontsha Batsofe Lorato lwa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha Batsofe Lorato lwa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Metswedi ya Kitso”
  • “Bontsha Poifomodimo”
  • Go Tlhokomela ka Metlha Dilo Tse Di Tlhokwang Semoyeng
  • Se Phuthego E Ka Se Dirang
  • ‘Ba Tsofetse Ba Le Malatsi A A Tletseng’
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Tlhokomela Dikgatlhego tsa Bagodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Kafa Bakeresete Ba Ka Thusang Batsofe ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/1 ts. 27-30

Go Bontsha Batsofe Lorato lwa Bokeresete

MOKWADI mongwe wa lekgolo la bo18 la dingwaga, ebong Samuel Johnson, o ne a bolela polelo kaga lekawana lengwe le e neng ya re le etetse ditsala, la lebala kwa le beileng hutshe ya lone teng. Ope ga a ka a bua sepe ka ga seno. “Mme fa monnamogolo mongwe a ka bontsha go sa tlhokomele dilo gono,” Johnson a tswelela, “batho ba tla latlhaganya matsogo mme ba re ‘O simolola go lebala.’”

Polelo ya ga Johnson e bontsha gore batsofe, gongwe jaaka batho ba ditlhopha tse dingwe tse di tseelwang kwa tlase, gantsi ba lebiwa ka tsela e e seng yone. Lefa go tlhokomela batsofe ka dilo tse ba di tlhokang e le tiro e e thata, botlhe ba ba nang le seabe mo go e direng ba solegelwa molemo. Dikgwetlho le dituelo tsa gone ke dife, mme ke ka ntlha yang fa kgang eno e nna e ntse e ama batho ba ba oketsegileng?

Dipatlisiso di bontsha gore, 6 lekgolong ya batho mo lefatsheng ba na le dingwaga tse 65 kana go feta, mme mo dinageng tse di tlhabologileng palo eno e menagane gabedi. Mo Dinageng tsa Yuropa tseo di ileng tsa tshwaya ngwaga wa 1993 jaaka “Ngwaga wa Yuropa wa Batho Ba Ba Godileng le Kutlwano Gare ga Dikokomana,” motho a le 1 mo go ba le 3 o na le dingwaga tse di fetang 50. Gone koo, jaaka mo dinageng tse dintsi tse di nang le diintaseteri, dipalo tse di welang kwa tlase tsa go tshola bana le tebelelo e e golang ya botshelo jo boleele di dira gore bontsi jwa batho e nne ba ba fetileng dingwaga tsa bogare. Go tlhokomela batho ba ba godileng mo dingwageng mo maemong ano ke namane e tona ya tiro tota. A bo go ne go farologane jang ne mo nakong e e fetileng ya batho ba Botlhabatsatsi!

“Metswedi ya Kitso”

Handwörterbuch des Biblischen Altertums für gebildete Bibelleser (Buka ya Metlha ya Bogologolo ya Bibela ya Babadi Ba Ba Rutegileng ba Bibela) e bontsha gore mo metlheng ya bogologolo ya batho ba Botlhabatsatsi “batho ba ba godileng ba ne ba lebiwa jaaka ba ba bolokang dilo tsa botlhokwa tsa setso eleng go nna botlhale le kitso e e kwa godimo ya setso, mabaka ao a neng a dira gore batho ba basha ba rotloediwe go itsalanya le bone le go ithuta mo go bone.” Smith’s Bible Dictionary e tlhalosa jaana: “Mo botshelong jwa legae [batho ba ba godileng] ba ne ba lebiwa jaaka metswedi ya kitso . . . [Basha] ba ne ba ba letla gore ba ba neye megopolo ya bone pele.”

Go tlotla batsofe go ne go bontshiwa mo Molaong wa ga Moshe mo go Lefitiko 19:32: “U nanogè u èmè ha pele ga eo o tlhōgō e pududu, u tlotlè sehatlhōgō sa mocohe.” Ka jalo batsofe ba ne ba na le boemo jo bo kgethegileng mo setšhabeng mme ba ne ba lebiwa jaaka batho ba ba botlhokwa thata. Tota eno ke tsela eo Ruthe wa Moaba a neng a leba matsalaagwe wa Moiseraele ebong Naomi ka yone.

Ruthe o ne a dira tshwetso e e tlhomameng ya gore o tla tsamaya le Naomi go tswa Moaba go ya Iseraele, mme morago a reetsa kgakololo ya ga Naomi ka kelotlhoko. Fa ba ne ba setse ba le mo Bethelehema, Naomi ke ene yo o neng a lemoga gore dilo di ne di kaelwa ke letsogo la ga Jehofa mme a laela Ruthe gore a itshware ka mokgwa o o ntseng jang. (Ruthe 2:20; 3:3, 4, 18) Ruthe o ne a tshela ka mokgwa o o amogelwang ke puso ya Modimo fa a ne a ntse a ithuta mo go Naomi yo o neng a na le maitemogelo. Matsalaagwe Ruthe o ne a bontsha fa a le motswedi wa kitso.

Ka tsela e e tshwanang, basadi ba meroba ba Bakeresete gompieno ba ka solegelwa molemo fa ba itsalanya le basadi ba ba godileng mo phuthegong. Gongwe kgaitsadi o akanyetsa lenyalo kana o lwantshana le bothata bongwe jo bo masisi. A bo go tla bo go le botlhale jang go batla kgakololo le tshegetso ya kgaitsadi yo o godileng sentle yo o nang le maitemogelo mo kgannyeng eo!

Go feta moo, setlhopha sa bagolwane se ka solegelwa molemo fa se dirisa maitemogelo ao batho ba ba godileng mo go sone ba nang le one. Re ka ithuta sengwe mo kgannyeng ya fa Lote a ne a sa dire jalo. Kgang eo e neng ya tsoga fa gare ga badisa ba ga Aberahame le ba ga Lote e ne e batla gore ba dire tshwetso eo e neng e tla ama mongwe le mongwe. Lote o ne a tlhopha ka tsela e e seng botlhale. A bo go ka bo go nnile botoka jang ne fa a ka bo a ne a kopile kgakololo ya ga Aberahame pele! Lote o ka bo a bone kaelo e e botlhale mme lelapa la gagwe le ka bo le sa ka la nna le mahutsana ao a nnileng teng ka ntlha ya go bo a ile a dira tshwetso ka go itlhaganela. (Genesise 13:7-13; 14:12; 19:4, 5, 9, 26, 29) A o reetsa sentle seo bagolwane ba ba godileng ba se bolelang pele ga o dira tshwetso ya gago kaga kgang nngwe?

Batho ba le bantsi ba ba tsofetseng ba tlhagafalela tiro ya ga Jehofa ruri, jaaka Simeone le Ana ba ile ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Luke 2:25, 36, 37) E tla bo e le go bontsha tlotlo le go amega ka batho ba ba godileng fa ba akarediwa mo ditirong tsa phuthego ka selekanyo se maatla a bone a ba letlang go dira ka sone, le eleng go fitlha fa ba setse ba tsofetse thata. Gongwe mosha mongwe o tlhoka go thusiwa go baakanyetsa kabelo nngwe mo Sekolong Sa Bodihedi sa Puso ya Modimo. Mogolwane yo o botlhale a ka nna a swetsa ka gore mothapisi yo o siameng e ka nna mongwe yo o godileng mo phuthegong, yo o nang le botlhale jo bo tlileng ka dingwaga, a na le mokgwa o montle, ebile a na le nako e e lekaneng.

Lefa go ntse jalo, go fitlhelela dilo tse di kgethegileng tse batho ba ba tsofetseng ba di tlhokang go akaretsa go le gontsi. Ba le bantsi ba tshwenngwa ke bodutu, go boifa bokebekwa, le mathata a madi. Go feta moo, fa batho ba ba godileng ba setse ba nna bokoa, mathata ano a okediwa ke go tlhoka botsogo jo bontle le go utlwisiwa botlhoko ke go bo ba sa tlhole ba le matlhagatlhaga jaaka pele. Ka nako eo ba tlhoka go tlhokomelwa le go feta pele. Mongwe le mongwe mo phuthegong mmogo le phuthego yotlhe ka boyone e tshwanetse go itshwara jang?

“Bontsha Poifomodimo”

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana mo go 1 Timotheo 5:4, 16: “Ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go [bontsha poifomodimo, NW] mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne moo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo. Ha mosadi moñwe eo o dumèlañ a na le basadi ba ba batlhōlagadi, e le ba ga gabō, a a ba thusè, me a phuthègō e se imediwe; gore e tlè e thusè ba e leñ batlhōlagadi rure.” Go tlhokomela batsofe e ne e le maikarabelo a lelapa. Fa leloko lengwe le le godileng la phuthego le ne le tlhoka go thusiwa fa le sena go dirisa maiteko ape a a dirilweng ke lelapa la gagwe, phuthego e ne e na le maikarabelo a go thusa. Melaometheo eno ga e a fetoga.

Ke eng se se ileng sa thusa Bakeresete go bontsha batho ba ba godileng lorato lwa Bokeresete ka go supa poifomodimo mo go ba ga bone? Ela tlhoko dikakgelo tse di latelang tsa Basupi bangwe ba ba nang le maitemogelo mangwe mo go tlhokomeleng ba ba godileng mo dingwageng.

Go Tlhokomela ka Metlha Dilo Tse Di Tlhokwang Semoyeng

“Go sekaseka temana ya letsatsi mmogo e ne e le thuso e kgolo tota,” go gakologelwa jalo Felix, yo o neng a thusa mosadi wa gagwe go tlhokomela batsadi ba gagwe. “Maitemogelo a botshelo le ditebelelo tsa nako e e tlang di ne di amanngwa le melaometheo ya ga Jehofa.” Eleruri, fa go ntse go lebanwa le kgwetlho ya go tlhokomela balosika ba ba godileng, selo sa botlhokwa ke go tlhokomela gore ba agiwe semoyeng. Seno se a utlwala fa go lejwa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:3: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng.” (NW) Temana ya letsatsi e ka okediwa ka thulaganyo ya mmalo wa Bibela, ka go tlotla ka dikgatiso tse di theilweng mo Bibeleng le ka thapelo. “Go bonala gore batho ba ba godileng ba rata go dira dilo ka metlha go ya bokgakaleng jo bo rileng,” go akgela jalo Peter.

Ee, go dira dilo ka metlha go botlhokwa mo dilong tsa semoya. E seng mo dilong tsa semoya fela mme batho ba ba godileng ba anaanela fa dilo di dirwa ka metlha le mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Le eleng ba ba nang le makoanyana ba ka kgothalediwa go “tsoga mo bolaong le go apara sentle letsatsi le letsatsi,” go akgela jalo Ursula. Mme legale, re batla go tila gore batsofe ba akanye gore re batla go ba laola. Doris o dumalana gore maiteko a gagwe a a siameng gantsi a ne a sa felele sentle. “Ke ne ke dira diphoso ka mefutafuta. Ka letsatsi lengwe ke ne ka kopa rre gore a apare dihempe ka go di refosanya letsatsi le letsatsi. Mmè o ne a nkgakolola a re: ‘E santse e le monna wa me!’”

Batho ba ba godileng ba kile ba ne ba le basha, mme go batla maiteko a magolo gore batho ba basha ba ipeye mo maemong a bone. Lefa go ntse jalo, eno ke yone tsela ya go tlhaloganya dilo tse di kgethegileng tse ba di tlhokang. Go gola mo dingwageng go dira gore motho a kgobege marapo. Gerhard o tlhalosa jaana: “Mogogwadiake o ne a tshwenyega thata ka go bo a ne sa tlhole a kgona go dira sengwe le sengwe seo a neng a kgona go se dira. Go amogela boemo joo go ne go mo utlwisa botlhoko thata. Botho jwa gagwe bo ne jwa fetoga.”

Fa maemo a ntse a fetoga, ga se selo se se sa tlwaelegang mo bathong ba ba godileng go bontsha maikutlo a go tshwenyega ao ba nang le one ka go tshwaya ba bangwe phoso, segolobogolo ba ba mo tlhokomelang. Lebaka la seno le motlhofo. Go mo tlhokomela ga bone ka lorato go mo gakolola gore ga a tlhole a le matlhagatlhaga jaaka pele. O tshwanetse go itshwara jang fa o tshwaiwa diphoso jalo kana go ngongoregwa mme go sa tshwanela?

Gakologelwa, maikutlo ano a a phoso ga a bontshe fa Jehofa a leba maiteko a gago ka tsela e e ntseng jalo. Tswelela o ntse o dira molemo, mme o nne le segakolodi se se phepa, le eleng fa o tshwaiwa phoso ka tsela e e sa siamang ka dinako tse dingwe. (Bapisa 1 Petere 2:19.) Phuthego ya lefelo la lona e ka tshegetsa fela thata.

Se Phuthego E Ka Se Dirang

Diphuthego tse dintsi di na le lebaka la go leboga maiteko a nako e e fetileng a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba ba rategang fela thata. Gongwe ke bone bao ba ileng ba thaya motheo wa phuthego, ba e aga go tswa mo baboleding ba le mmalwa fela ka dingwagangwaga tse di fetileng. Phuthego e ka bo e le kae fa ba ka bo ba sa dira ka tlhoafalo mo nakong e e fetileng mme, gongwe, ba sa tshegetsa ka madi ao ba a neelang le jaanong?

Fa mmoledi yo o tsofetseng a tlhoka tlhokomelo e e oketsegileng, ga go tlhokege gore balosika ba nne le boikarabelo ba le bosi mo go seno. Ba bangwe ba ka thusa ka go direla yo o tsofetseng dilo dingwe, go mo apeela, go mo phepafaletsa, go tsamayatsamaya le ene, go mo thusa ka dipalangwa go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, kana go bua fela le ene kwa Holong ya Bogosi. Botlhe ba ka nna le seabe, lefa maiteko a tshwanetse go rulaganngwa sentle gore seno se dirwe ka tsela e e siameng le ka metlha.

Bagolwane ba tshwanetse go gakologelwa gore go tshwanetse ga dirisanwa mmogo fa go rulaganngwa maeto a bodisa. Diphuthego dingwe di tlhoma sekao mo ntlheng eno, moo bagolwane ba tlhomamisang gore ba dire maeto a bodisa ka metlha mo go ba ba tsofetseng le ba ba bokoa, le eleng mo go bao ba tlhokomelwang sentle ke malapa a bone. Lefa go ntse jalo, go bonala fa diphuthego tse dingwe di tshwanetse go tsaya maikarabelo a tsone a go tlhokomela batsofe masisi.

Mokaulengwe mongwe yo o ikanyegang, yo o setseng a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo80, o ne a tlhokomelwa ke morwadie le mogwe wa gagwe bao ba neng ba tlogela Bethele go ya go mo tlhokomela. Lefa go ntse jalo, go ne go santse go le botlhokwa mo go ene go etelwa ke maloko a mangwe a phuthego. Mokaulengwe yono o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke tlhola ke etela batho ba ba lwalang, ke ne ke rapela le bone. Mme ga go na ope yo o kileng a rapela le nna.” Tlhokomelo e e lorato ya balosika ga e tlose bagolwane morwalo wa bone wa go ‘disa letsomane la Modimo le le mo go bone.’ (1 Petere 5:2) Mo godimo ga moo, ba ba tlhokomelang batho ba ba godileng ba tlhoka go agiwa le go kgothalediwa go tswelela ba dira tiro ya bone e e molemo.

‘Ba Tsofetse Ba Le Malatsi A A Tletseng’

Rasaense mongwe wa Mojeremane wa lekgolo la bo19 la dingwaga ebong Alexander von Humboldt, o ne a setse a godile thata mo dingwageng fa lekgarebe lengwe le ne la mmotsa gore a o ne a sa lapisiwa ke go tsofala. “O bua nnete tota,” ga araba monna yono yo o rutegileng. “Mme ke yone fela tsela ya go tshela nako e telele.” Ka tsela e e tshwanang, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba baya sekao se sentle sa go lepalepana le dikgwetlho tsa go tsofala gore ba tle ba bone tlotlo ya go tshela botshelo jo boleele. Ba bontsha boikutlo jo bo neng jwa bontshiwa ke Aberahame, Isake, Dafide, le Jobe, ba ba neng ‘ba tsofetse ba le malatsi a a tletseng.’—Genesise 25:8; 35:29; 1 Ditihalō 23:1; Yobe 42:17.

Go tsofala go tla le kgwetlho ya go amogela thuso e motho a e fiwang ka boitumelo le go bontsha tebogo go tswa pelong. Go nna botlhale go batla gore mongwe le mongwe a lemoge selekanyo se maatla a gagwe a ka mo letlang gore a se dire. Lefa go ntse jalo, seo ga se dire gore motho yo o tsofetseng a se ka a tlhola a dira sepe. Maria o setse a potile dingwaga tse 90 ka kwa, mme o santse a nna gone kwa dipokanong le go akgela. O dira seno jang? “Ga ke tlhole ke kgona go bala, mme ke reetsa The Watchtower ka dikhasete. Ke lebala dintlha di le dintsi, mme gantsi ke kgona go fa kakgelo e le nngwe.” Fela jaaka Maria, go tshwarega ka dilo tse di agelelang go thusa motho gore a nne a le matlhagatlhaga le go boloka botho jwa gagwe jwa Bokeresete.

Mo Bogosing jwa Modimo, go tla bo go sa tlhole go na le go tsofala. Ka nako eo bao ba ileng ba tsofala mo tsamaisong eno ya dilo kana gongwe le eleng go swa ba tla gakologelwa ka boitumelo tsela eo batho ba ileng ba amega ka bone le go ba tlhokomela ka yone. Fa bano ba ba tsofetseng ba bona botshelo le maatla a bone gape, ba tla bontsha fa ba rata Jehofa thata le go leboga bao ba ileng ba ba ema nokeng fa ba ne ba lekwa mo tsamaisong eno e kgologolo.—Bapisa Luke 22:28.

Go tweng ka bao ba tlhokomelang batsofe gone jaanong? Mo nakong e khutshwane, fa Bogosi bo simolola go laola lefatshe ka mo go feletseng, ba tla kgona go ipela ka boitumelo fa ba gakologelwa gore ga ba a ka ba tlhokomologa maikarabelo a bone mme ba ile ba dirisa poifomodimo ka go bontsha batsofe lorato lwa Bokeresete.—1 Timotheo 5:4.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Batsofe Ba Tla Anaanela Fa Lo Ba Etela

Go ka nna mosola thata fa go ka rulagangwa go etela motsofe mongwe, gongwe ka metsotso e le 15, morago ga tirelo ya tshimo. Mme go botlhokwa gore maeto ano e se ka ya nna a tshoganetso fela, jaaka sekai se se latelang se bontsha.

Brigitte le Hannelore ba ne ba rera mmogo, ba buisana le monnamogolo mongwe fa kgorong ya ntlo ya gagwe. Bokgaitsadi bano ba ne ba bua le ene ka metsotso e le metlhano pele ga ba ka lemoga gore le ene e ne e le Mosupi wa ga Jehofa, leloko la yone phuthego e ba neng ba le mo go yone. A bo go tlhabisa ditlhong jang! Mme seno se ne sa felela ka tsela e e molemo. Hannelore o ne ka bofefo fela a dira dithulaganyo tsa go etela mokaulengwe yono le go mo thusa gore a nne gone kwa dipokanong tsa phuthego.

A o itse leina le aterese ya mmoledi mongwe le mongwe yo o tsofetseng mo lefelong leo o rerang mo go lone? A o ka rulaganya go ba etela ka nakonyana e khutshwane fela? Seno se ka nna sa anaanelwa fela thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela