Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
1 Gompieno batho ba rata go utlwa dilo tse di farologaneng. Fa o ntse o dira mo tirelong ya tshimo ka July, o ka nna wa tsamaya o tshotse diboroutšhara di le mmalwa tse di farologaneng, o dirisa nngwe ya tsone e e ka kgatlhang batho ba ba mo tshimong ya lona. Gongwe o ka rata go leka nngwe ya dipuisano tseno:
2 Fa o tsamaisa boroutšhara jwa “Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise,” o ka nna wa botsa jaana:
◼ “O akanya gore lefatshe le ka bo le ntse jang fa Modimo e ne e le ene fela a busang? [Letela karabo.] Tota se re se kopang fa re rapela Thapelo ya Morena kana Rraetsho, e Jesu Keresete a re e rutileng, re kopa gore Modimo e nne ene a busang lefatshe. [Bula tsebe 3, mme o bale serapa sa ntlha, se se nopolang Mathaio 6:10.] Fa e le gore o rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo, o tshwanetse gore o bale boroutšhara jono.” Mmolelele gore o tla e mo tlogelela ka moneelo wa R1,00.
3 Boroutšhara jwa “Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala” bo ka nna jwa tsamaisiwa jaana:
◼ “A o akanya gore go tla tsamaya go direga gore go se ka ga tlhola go na le ope wa rona yo o tla swelwang ke mongwe yo re mo ratang? [Letela karabo.] Boroutšhara jo bo kwadilweng ka tsela e ntle jono bo ile jwa gomotsa dimilione tsa batho ka tsholofetso ya Baebele e e tlhomameng ya gore letsatsi leo le tla tloga le tla mo bogautshwaneng jaana. [Bula mo tsebeng ya 5 mme o bale serapa sa botlhano, mmogo le 1 Bakorinthe 15:21, 22. Morago ga foo bula mo setshwantshong se se mo tsebeng 30.] Fano motshwantshi o tshwantshitse tsela e re tla itumelang ka yone fa re amogela batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng ka nako ya tsogo. Mme lefa go ntse jalo, tiragalo e e itumedisang eo e tla diragala kae? Boroutšhara jono bo tla go bontsha karabo ya Baebele ya potso eo.” Fa motho a ka tsaya boroutšhara, o ka nna wa oketsa jaana: “Ke ka rata go boa gape moragonyana mme ke tle go tswelela ke tlotla ka kgang eno.”
4 O ka nna wa tsamaisa boroutšhara jwa “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” o dirisa tsela eno e e tlhamaletseng ya go simolola thuto ya Baebele:
◼ “Batho ba le bantsi ba botsa dipotso ka Baebele. O ka tswa o ne o ipotsa gore karabo ya nngwe ya tsone ke eng. [Bula tsebe 30.] Potso eno ya bofelo e ile ya tsosa kgatlhego ya batho ba bantsi: ‘O ka ipaakanyetsa jang botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng?’” Fa o tlotla ka dirapa 57-8 mo ditsebeng 29-30 mme o bala Tshenolo 21:3, 4, o tla bo o thaile motheo wa go simolola thuto ya Baebele. Konela ka go tlogela boroutšhara le go rulaganya leeto la go boela gore lo kgone go tlotla ka dipotso tse dingwe.
5 O ka nna wa rata go leka puisano e e motlhofo eno ka boroutšhara jwa “Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri”:
◼ “Selo sa ntlha se ke se ithutileng mo Baebeleng e ne e le leina la Modimo. A o itse gore ke mang? [Letela karabo.] Mma ke go bontshe. Le mo teng ga Baebele mo go Pesalema 83:18. [E bale.] Boroutšhara jono bo bontsha ka moo leina la Modimo, Jehofa, le tlhagelelang mo dipuong tse dintsi ka gone. [Mmontshe lebokoso le le mo tsebeng 8.] Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng kaga Jehofa le ka maikaelelo a gagwe, o tshwanetse gore o bale boroutšhara jono.” Naya mongantlo boroutšhara.
6 Eleruri, re itlhomeletse sentle ka diboroutšhara tse dintsi tse di farologaneng tse re ka di dirisang go “rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo.”—Isa. 61:1.