LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 1/1 ts. 29-31
  • ‘Go Bua Lefoko la Boammaaruri ka Tshiamo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Bua Lefoko la Boammaaruri ka Tshiamo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Aba Maši a Lefoko la Modimo
  • Go ja Dijo Tse di Loileng Tsa Lefoko la Modimo
  • Metsi a a Lapolosang Le a A Phepafatsang
  • Dirisa Lefoko la Modimo Jaaka Seipone
  • Lefoko la Modimo Jaaka Tšhaka
  • A o Ja Sentle mo Semoyeng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • ‘A Botswelelopele jwa Gago Bo Bonatshege’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • ‘Tshwara Lefoko la Modimo Sentle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ke ka Ntlhayang Fa O Tlhoka go Nna Teng kwa Dipokanong tsa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 1/1 ts. 29-31

‘Go Bua Lefoko la Boammaaruri ka Tshiamo’

LEFOKO la Modimo le tletse melaometheo e e botlhokwa e e dirang gore botshelo jwa motho bo atlege. Bo ka thusa modiredi go ruta, go kgalemela le go baakanya. (2 Timotheo 3:16, 17) Lefa go ntse jalo, gore re solegelwe molemo ke kaelo eno e re e neilweng ke Modimo, re tshwanetse go sala morago kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo fa a ne a kwalela Timotheo: “O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.”—2 Timotheo 2:15.

Mo gare ga dilo tse dingwe, Lefoko la Modimo le tshwantshiwa le maši a a otlang, dijo tse di loileng, metsi a a lapolosang le a a phepafatsang, seipone le tšhaka e e bogale. Go tlhaloganya gore mafoko ano a kaya eng go thusa modiredi gore a dirise Baebele ka botswerere.

Go Aba Maši a Lefoko la Modimo

Maši ke dijo tse masea a a sa tswang go tsholwa a di tlhokang. Fa lesea le ntse le gola, le simolola go fiwa dijo tse di loileng ka bonya ka bonya, mme kwa tshimologong le kgona fela go sila maši. Batho ba ba nang le kitso e nnye ka Lefoko la Modimo ba tshwana le masea ka ditsela tse dintsi. Fa motho a sa tswa go kgatlhegela Lefoko la Modimo kgotsa a na le lobaka lo lo rileng a le itse, fa e le gore o tlhaloganya fela dilo tsa motheo tse Baebele e di bolelang, ke ngwana wa semoya mme o tlhoka dijo tse di otlang tse di motlhofo go silwa—“maši” a semoya. Ga a ise a kgone go sila “dijo tse di loileng,” dilo tse di boteng tsa Lefoko la Modimo.—Bahebere 5:12.

Phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa ya kwa Korinthe e ne e le mo seemong se se ntseng jalo fa Paulo a ne a ba kwalela jaana: “Ke lo otlile ka maši, e seng ka dijo tse di loileng; gonne lo ne lo ise lo nonofe.” (1 Bakorinthe 3:2) Bakorinthe ba ne ba tlhoka gore ba ithute “ditlhaka tsa tshimologo tsa mafoko a Modimo” pele. (Bahebere 5:12) Ba ne ba ka se kgone go sila “dilo tse di boteng tsa Modimo” fa ba le mo seemong seo.—1 Bakorinthe 2:10.

Jaaka Paulo, badiredi ba Bakeresete gompieno ba supa gore ba tshwenyega ka masea a semoya ka go a fa “maši,” ka go a thusa gore a itse dithuto tsa Bokeresete tsa motheo sentle. Ba kgothaletsa ba ba ntseng jalo ba basha le ba ba sa golang ka mo go lekaneng gore ba “tlhologelelwe maši a semowa a a se nang bofererefere.” (1 Petere 2:2) Moaposetoloi Paulo o ne a supa gore o ne a lemoga tlhokomelo e e kgethegileng e batho ba basha ba e tlhokang fa a ne a kwala jaana: “Mongwe le mongwe yo o fetšwang ka maši ga a na tlwaelano le lefoko la tshiamo; gonne ke ngwanyana fela.” (Bahebere 5:13) Batlhanka ba Modimo ba tlhoka go nna pelotelele, go akanyetsa, go tlhaloganya, le go pepetletsa fa ba ntse ba abela batho ba basha le ba ba senang maitemogelo maši a a itshekileng a Lefoko ka go tsamaisa dithuto tsa Baebele tsa magae le mo phuthegong.

Go ja Dijo Tse di Loileng Tsa Lefoko la Modimo

Mokeresete o tlhoka mo go fetang “maši” gore a kgone go gola go ya polokong. Fa a sena go tlhaloganya boammaaruri jwa motheo jwa Baebele ka phepafalo e bile gape a bo amogetse, o setse a siametse go tswelela pele mme a je ‘dijo tse di loileng tsa banna ba ba godileng.’ (Bahebere 5:14) O ka dira seno jang? Ka go ithuta ka metlha le ka go kopanela kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mekgwa e e ntseng jalo e mentle e tla thusa Mokeresete gore a nne a nonofile semoyeng, a gole a bo a nne le matswela mo bodireding. (2 Petere 1:8) Ga re a tshwanela go lebala gore mo godimo ga kitso, go dira thato ya ga Jehofa le gone ke dijo tsa semoya.—Johane 4:34.

Gompieno, “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” o tlhomilwe go naya batlhanka ba Modimo dijo ka nako e e tshwanetseng le go ba thusa go tlhaloganya “botlhaletlhale jo bontsi jwa Modimo.” Jehofa o dirisa moya wa gagwe go senola boammaaruri jo bo boteng jwa Dikwalo ka motlhanka yono yo o ikanyegang, yo o gatisang ‘dijo tsa semoya ka dipaka tse e leng tsone’ ka boikanyego. (Mathaio 24:45-47; Baefeso 3:10, 11; bapisa Tshenolo 1:1, 2.) Mokeresete mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go dirisa dikgatiso tse di ntseng jalo tse re di rulaganyeditsweng ka botlalo.—Tshenolo 1:3.

Gone mme, dilo tse dingwe mo Baebeleng di “thata go tlhaloganngwa,” le e leng ke bone Bakeresete ba ba godileng. (2 Petere 3:16) Go na le dipolelo tse di gakgamatsang, boporofeti le ditshwantsho tse di batlang gore motho a ithute thata a bo a tlhatlhanye. Ka lebaka leo, fa motho a ithuta o tshwanetse gore gape a epe mo Lefokong la Modimo. (Diane 1:5, 6; 2:1-5) Bagolwane segolobogolo ba na le boikarabelo mo ntlheng eno fa ba ruta phuthego. Fa ba tshwere Thuto ya Buka ya Phuthego kgotsa thuto ya Tora ya Tebelo, ba naya dipuo tsa phatlalatsa kgotsa ba direla mo maemong mangwe le mangwe fela a go ruta, bagolwane ba tshwanetse ba bo ba itse tshedimosetso eo sentle e bile ba iketleeditse go ela tlhoko ‘mokgwa wa bone wa go ruta’ fa ba naya phuthego dijo tse di loileng tsa semoya.—2 Timotheo 4:2.

Metsi a a Lapolosang Le a A Phepafatsang

Jesu o ne a bolelela mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng gore o ne a tla mo fa seno se se neng se tla “tswa motswedi wa metsi mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.” (Johane 4:13, 14; 17:3) Metsi ano a a nayang botshelo a akaretsa dilo tsotlhe tse Modimo a di rulaganyeditseng tsa go bona botshelo ka Kwana ya Modimo, mme di tlhalosiwa mo Baebeleng. Jaaka batho ba ba nyoretsweng “metsi” ao, re amogela taletso e re e fiwang ke moya le monyadwi wa ga Keresete ya gore re ‘tseye metsi a botshelo fela a se na theko.’ (Tshenolo 22:17) Re ka bona botshelo jo bo sa khutleng fa re nwa metsi ano.

Mo godimo ga moo, Baebele e tlhomela Bakeresete ba boammaaruri melao ya boitsholo le e e ba kaelang semoyeng. Fa re ntse re dirisa melao eno e e tlhomilweng ke Modimo, re phepafadiwa ke Lefoko la ga Jehofa, re ‘tlhapisiwa’ mo ditirong tsotlhe tse Jehofa Modimo a di tlhoileng. (1 Bakorinthe 6:9-11) Ka lebaka leno, boammaaruri jo bo mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng bo bidiwa “tlhapiso ya metsi.” (Baefeso 5:26) Fa re sa letle boammaaruri jwa Modimo gore bo re tlhapise ka tsela eno, ga a kitla a amogela kobamelo ya rona.

Se se kgatlhang ke gore, bagolwane ba ba ‘buang lefoko la boamaaruri ka tshiamo’ le bone ba tshwantshiwa le metsi. Isaia a re ba tshwana le “dinoka tsa metsi mo sekakeng.” (Isaia 32:1, 2) Bagolwane ba ba lorato ba dira se tlhaloso eno e se bolelang fa ba etela bakaulengwe ba bone jaaka badisa ba semoya, ba dirisa Lefoko la Modimo le le lapolosang go ba fa tshedimosetso ya semoya e e agang, e e gomotsang, e e nonotshang le e e kgothatsang.— Bapisa Mathaio 11:28, 29.a

Maloko a phuthego a nna a lebile pele gore a etelwe jalo ke bagolwane. “Ke itse kafa bagolwane ba ka kgonang go ritibatsa motho ka teng, e bile ke itumelela thata go bo Jehofa a re diretse thulaganyo eno,” go bolela jalo Bonnie. Lynda, mmè yo o sa nyalwang, o kwala jaana: “Bagolwane ba ne ba nthusa gore ke itshokele seemo ka go nkgothatsa ka Dikwalo. Ba ne ba reetsa ba bo ba supa kutlwelobotlhoko.” Michael o bolela jaana: “Ba ne ba dira gore ke ikutlwe jaaka karolo ya phuthego e e amegang ka batho.” “Maeto a bagolwane a nthusitse gore ke kgone go fenya go tshwenyega thata mo maikutlong,” yo mongwe o bolela jalo. Leeto le le agang semoyeng la mogolwane le tshwana le seno se se tsiditsana, se se lapolosang. Batho ba sekadinku ba a gomotsega fa bagolwane ba ba lorato ba ba thusa go bona gore melao ya Dikwalo e amana jang le seemo sa bone.—Baroma 1:11, 12; Jakobe 5:14.

Dirisa Lefoko la Modimo Jaaka Seipone

Fa motho a ja dijo tse di loileng, maikaelelo ga se fela gore a utlwe tatso ya tsone. Go na le moo, o solofela gore di mo otle gore a kgone go tswelela a dira. Fa e le ngwana o solofela gore dijo tseo di tla mo thusa gore a gole e nne mogolo. Go a tshwana le ka dijo tsa semoya. Go ka nna monate fa motho a ithuta Baebele, mme leno ga se lone fela lebaka la gore a dire jalo. Dijo tsa semoya di tshwanetse go re fetola. Di re thusa gore re lemoge maungo a moya re bo re nne le one gape di re thusa gore re “[apare] motho yo moša, yo o ntseng a šafalediwa mo kitsong ka fa setshwanong sa yo o mo tlhodileng.” (Bakolosa 3:10; Bagalatia 5:22-24) Dijo tsa semoya gape di re thusa gore re gole, mo go re thusang gape gore re kgone go dirisa melao ya Dikwalo botoka fa re rarabolola mathata a rona le fa re thusa ba bangwe go rarabolola a bone.

Re ka itse jang gore a Baebele e re thusa gore re tokafale? Re dirisa Baebele jaaka seipone. Jakobe o ne a bolela jaana: “Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela . . . Gonne fa motho mongwe a le moutlwi wa lefoko, mme a se modiri wa lone, o tshwana le motho yo o iponang sefatlhogo sa gagwe sa tlholego mo seiponing; gonne o a ipona, a tsamaye, a tloge a lebale ka bonako popego ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone. Mme motho yo o lebang mo molaong o o itekanetseng, e bong molao wa [kgololesego], fa a tswelela jalo, motho yoo o tlaa segofala mo go direng ga gagwe, ka e se moutlwi yo o lebalang, mme e le modiri yo o dirang.”—Jakobe 1:22-25.

Re ‘leba’ mo Lefokong la Modimo fa re le tlhatlhoba ka kelotlhoko re bo re bapisa se re leng sone le se re tshwanetseng go bo re le sone go ya ka melao ya Modimo. Fa re dira seno, re tla nna “badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela.” Baebele e tla bo e re dira batho ba ba molemo.

Lefoko la Modimo Jaaka Tšhaka

Sa bofelo, moaposetoloi Paulo o re thusa gore re bone gore re ka dirisa jang Lefoko la Modimo jaaka tšhaka. Fa a ne a tlhagisa kgatlhanong le “magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo,” o re kopa gore re “tseye . . . tšhaka ya Mowa, e e leng lefoko la Modimo.” (Baefeso 6:12, 17) Lefoko la Modimo ke sebetsa se se botlhokwa thata se re ka se direng kwantle ga sone se re ka se dirisang go tlosa megopolo epe fela e e “ikgoleletsang go thiba kitso ya Modimo.”—2 Bakorinthe 10:3-5.

Kwantle ga pelaelo, “lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga.” (Bahebere 4:12) Jehofa o bua le batho a dirisa ditsebe tsa Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Le dirise sentle go ruta ba bangwe le go senola dithuto tsa maaka. Le dirise go kgothatsa, go aga, go lapolosa, go gomotsa, go rotloetsa le go nonotsha ba bangwe semoyeng. E kete Jehofa o ka go ‘dira go nna boitekanelo mo go sengwe le sengwe se se molemo, go dira go rata ga gagwe,’ gore ka metlha o dire “se se kgatlhang mo matlhong a one.”—Bahebere 13:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo e e nang le setlhogo se se reng “Ba Disa Dikwanyana ka Lorato,” September 15, 1993, ditsebe 20-3.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bagolwane ba kgothatsa ba bangwe, ba “bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela