LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/96 ts. 2
  • Ba Thuse Go Direla Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Thuse Go Direla Gape
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O se Ka wa Lebala Batho ba ba Tsidifetseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • “Boelang mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 6/96 ts. 2

Ba Thuse Go Direla Gape

1 Fa a ne a lemoga gore Bakeresetekaene ba tloga ba nna mo kotsing ya semoya, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela.” (Bar. 13:11) Paulo o ne a tshwenyegile ka bakaulengwe ba gagwe ba ba neng ba otsela semoyeng; o ne a tlhoafaletse go ba tsosa gore ba dire gape.

2 Tota go ka bolelwa gore bosigo jwa lefatshe leno le legologolo bo setse bo fetile le gore mahube a lefatshe le lesha a fela fa. (Bar. 13:12) Re na le mabaka a a utlwalang a gore re tshwenyege ka bakaulengwe ba rona ba ba ileng ba tlogela go tlhola ba kopanela le rona mo go rereng mafoko a a molemo. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, mo Afrika Borwa fela, go ile ga tsosolosiwa baboledi ba ba fetang 1300. Re ka thusa jang batho ba bangwe ba ba tsidifetseng gore ba boe ba direle Jehofa gape?

3 Se Bagolwane Ba ka Se Dirang: Bontsi jwa batho ba ba tsidifetseng ga ba a tlogela boammaaruri; ke fela gore ba ile ba khutla go tlhola ba rera ka ntlha ya go kgobega marapo, mathata a motho ka namana, go rata dithoto, kana ditlhobaelo tse dingwe tsa botshelo. (Luke 21:34-36) Fa go ka kgonega, go botoka thata go ba thusa pele ga ba tsidifala. Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse gore a itsise motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego fa mmoledi a sa bege tirelo ya gagwe ka metlha. Go ka nna ga dirwa dithulaganyo tsa go dira maeto a bodisa. Bagolwane ba tshwanetse go leka go bona gore ke eng se tota se bakang bothata le kafa ba ka thusang ka gone.—Bona Tora ya Tebelo ya September 15, 1993, ditsebe 20-3.

4 Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Gone: Bontsi jwa rona re itse mongwe yo o ileng a tsidifala. E ka tswa e le mongwe yo re neng re tsalane thata nae mo nakong e e fetileng. Ke eng se re ka se dirang go thusa? Ke eng o sa mo etele fela ka nakwana e khutshwane. Mmolelele gore o mo tlhoafaletse thata. Bontsha boitumelo le maikutlo a a siameng. Mmolelele gore o tshwenyegile ka ene kwantle ga go dira gore a ikutlwe e kete o raya gore o lwala semoyeng. Mmolelele ka maitemogelo a a agang kana dilo tse dingwe tse di dirwang ke phuthego. Mmolelele ka boitumelo ka Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo,” e e tla tshwarwang kwa bofelong jwa ngwaga mme o bo o mo kgothaletsa go nna teng. Go boa a kopanela gape le phuthego ke gone go ka mo thusang thata. Ithaope go tsamaya le ene go ya dipokanong. Bolelela bagolwane gore o ne a arabela jang.

5 Fa motho yo o neng a tsidifetse a tla dipokanong gape, a ka nna a ikutlwa a sa gololesega go kopana le batho ba a neng a ba itse mo nakong e e fetileng. O se ka wa mmotsa gore, “O ntse o le kae?” Go na le moo, dira gore a ikutlwe a le mo gae. Mo akaretse mo motlotlong. Mo itsise mo bathong ba a sa ba itseng. Nna le ene ka nako ya dipokano, o tlhomamisa gore o na le buka ya dipina le kgatiso e e tla ithutiwang. Mo kgothaletse gore a boe gape mme o ithaope gore o tla mo thusa fa go tlhokega.

6 Ka go bo ba rata batho ba ba ileng ba timela, Jehofa le Jesu ba itumela fa batho ba ba ntseng jalo ba boa ba nonofa semoyeng. (Mal. 3:7; Math. 18:12-14) Le rona re ka itumela jalo fa re ka atlega go thusa batho ba bangwe go boa ba direla Jehofa gape.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela