Dipokano Tsa Tirelo Tsa June
Beke e e Simololang ka June 3
Pina 181
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgela ka pego ya kgwedi le kgwedi ya tirelo ya tshimo ya naga ya lona le phuthego ya lona. Gopotsa baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya May ka bonako. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego tsotlhe tsa tirelo ya tshimo tsa dikgwedi tse di fetileng tse di neng di sa tsenngwa di a tsenngwa.
15 mets: “Etsa Tumelo ya Bone.” Dipotso le dikarabo. Sekaseka bosupi jo bo bontshang tumelo, jo bo tlhalosiwang mo lebokosong le le mo tsebeng 13 ya makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15, 1991. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi go utlwa gore ke eng se se ba thusitseng go nna ba dira tiro ya bone ya Bogosi ka metlha mo dingwageng tse dintsi.
20 mets: “Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.” (Dirapa 1-3) Sekaseka serapa 1. (Akaretsa dikakgelo dingwe go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1996, ditsebe 12-13, dirapa 11-12.) Tlhalosa gore mokgwa o mosha o tsebe e e ka kwa morago ga Tirelo ya Rona ya Bogosi e kwalwang ka yone e diretswe go re thusa go ipaakanyetsa botoka go dira maeto a go boela. E re ka gantsi go le molemo go dira maeto a go boela morago ga letsatsi kana a mabedi, go na le gore o lete nako e telele, re tla sekaseka dipuisano tse di akantshitsweng go dira tiro ya ntlo le ntlo le go dira maeto a go boela mo Pokanong ya Tirelo yone eno. Sekaseka dirapa 2 le 3 ka bokhutshwane o bo o dira gore go nne le pontsho morago ga nngwe le nngwe ya tsone. Dipuisano tse di setseng mo setlhogong seno di tla sekasekiwa mo Dipokanong tsa Tirelo tse pedi tse di latelang.
Pina 143 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 10
Pina 63
7 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
8 mets: Go Thapisa Bana mo Tirelong ya Tshimo. Puo e e neelwang ke mogolwane. Bana ba rona ba tshwanetse go nna tlhaga mo tirelong le rona fa ba santse ba le bannye. Thapiso le maitemogelo a ba tla nnang le one a tla ba thusa gore ba nne le motheo o o nonofileng wa tumelo le tlhoafalo mo dingwageng tse di kwa pele. Go botlhokwa gore ba anaanele lebaka la go bo ba tshwanetse go tsaya bodiredi masisi le go itshwara sentle. Bana ba tshwanetse gore ba tile boitsholo jo bo sa laolesegeng; tirelo ga se nako ya go tshameka. Go molemo fa ba ka dira le bagolo. Ba tshwanetse gore ba thusiwe gore ba neele dipuisano go ya ka bokgoni jwa bone. (Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1988, tsebe 15, serapa 20.) Batsadi ba tshwanetse go ba lebelela; ga ba tshwanela go romela bana kwa dipokanong tsa tirelo go sena motho yo o tla ba lebelelang. Akgola bana fa ba dira sentle.
10 mets: “Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.” (Dirapa 4-5) Fa o sena go dira matseno a makhutshwane, bontsha kafa dipuisano tsa ntlo le ntlo le maeto a go boela tse di mo dirapeng 4 le 5 di ka dirwang ka gone. Kgothaletsa baboledi gore ba boele kwa ba tsamaisitseng buka ya Kitso gone ka bonako.
20 mets: “Tsela ya go Dira Barutwa ka Buka ya Kitso.” Simolola ka dikakgelo tse dikhutshwane o di theile mo dirapeng 1-2. Sekaseka dirapa 3-11 ka dipotso le dikarabo. Tlhalosa gore tshedimosetso e e setseng mo tsenyeletsong e tla sekasekiwa mo Dipokanong tsa Tirelo tsa July le August. Kgothaletsa botlhe gore ba e boloke.
Pina 92 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 17
Pina 157
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Lebokoso la Dipotso.
15 mets: “Dipuisano Tse di Botsalano di ka Ama Pelo.” Dipotso le dikarabo. Kopa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi gore ba anele maitemogelo mangwe a a supang kafa batho ba ileng ba arabela sentle ka teng ka ntlha ya go nna botsalano.
20 mets: “Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.” (Dirapa 6-7) Gatelela botlhokwa jwa go nna le mekgele ya go dira maeto a go boela: Tsosa kgatlhego, simolola thuto, dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boela. Fa o sena go sekaseka dipuisano tse di mo dirapeng 6 le 7 ka bokhutshwane, dira gore go nne le pontsho ya nngwe le nngwe e e bontshang kafa motho a ka simololang thuto ka gone. Bala serapa 17 mo tsebeng 14 mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1996.
Pina 211 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 24
Pina 6
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka dintlhakgolo tse di mo lekwalong la May 1, 1996 le le neng le ya go diphuthego tsotlhe le le malebana le letsholo la tshimo e e sa abiwang. Tlhalosa dithulaganyo tsa phuthego tsa go bereka tshimo e e sa abiwang. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo monongwaga. Tlhalosa gape le dithulaganyo tse phuthego e di dirileng tsa tirelo ya tshimo ya mafelobeke a a tlang, o kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo mo bodireding le go bega tirelo ya bone ka bonako fa kgwedi e fela.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. (Kana neela puo ka setlhogo se se reng “Go Bua Lefoko la Boammaaruri ka Tshiamo,” se se theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 1996, ditsebe 29-31.)
18 mets: “Ba Thuse go Direla Gape.” Puo le motlotlo ka mogolwane. Akantsha gore go dirisiwe setlhogo se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1992, se se reng “Boèlañ mo go Nna, mme Ke Tla Boèla kwa go Lona” go kgothatsa batho ba ba tsidifetseng. Umaka dintlha dingwe tsa konokono.
Pina 71 le thapelo e e konelang.