LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 1/15 ts. 10-14
  • Batho ba Tlhoka Kitso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba Tlhoka Kitso ya Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kitso ya Modimo”
  • Thobo e Kgolo!
  • Lebokoso le Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • A O Batla Dikhumo tse di Fitlhegileng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Thusa ba Bangwe go Nna le Kitso e e Isang Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Ithuta—Gone Jaanong le ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 1/15 ts. 10-14

Batho ba Tlhoka Kitso ya Modimo

“O tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa mme o tlaa bona kitso ya Modimo.”—DIANE 2:5.

1. Ke ka ntlha yang fa go ka twe pelo ya motho e dirilwe ke Modimo ka botswerere?

GO ITAYA dipelo tsa batho di ka nna 5 600 000 000 gone jaanong mo lefatsheng. Letsatsi le letsatsi, pelo ya gago e itaya ga 100 000 e bo e pompa madi a a ka lekanang dilitara di le 7 600 e a tsamaisa ka dikarolo tsa mmele wa gago tse di dirisanang le pelo le ditshika, tse di a tsamaisang sekgala sa dikilomitara di le 100 000. Ga go na mosifa ope o o dirang ka thata jaana go gaisa ono o o dirilweng ke Modimo ka botswerere.

2. O ne o ka tlhalosa pelo ya tshwantshetso jang?

2 Gape go na le dipelo di le 5 600 000 000 tsa tshwantshetso tse di itayang mo lefatsheng. Pelo ya tshwantshetso e bontsha tsela e re ikutlwang ka yone, dilo tse re tlhotlheletsegang go di dira, le dilo tse re di eletsang. Ke yone e dirang gore re akanye, re tlhaloganye, re nne le keletso. Pelo ya tshwantshetso e ka ikgogomosa kana ya ikokobetsa, ya hutsafala kana ya itumela, ya nna mo lefifing kana ya nna le kitso.—Nehemia 2:2; Diane 16:5; Mathaio 11:29; Ditiro 14:17; 2 Bakorinthe 4:6; Baefeso 1:16-18.

3, 4. Dipelo tsa batho di amiwa jang ka mafoko a a molemo?

3 Jehofa Modimo o kgona go tlhaloganya se se mo pelong ya motho. Diane 17:3 e bolela jaana: “Pitsa e e tlhaolosang e diretswe selefera, le boubelo bo diretswe gouta, mme Jehofa o leka dipelo.” Lefa go ntse jalo, Jehofa o dirisa Basupi ba gagwe gore ba ame dipelo tsa batho ka mafoko a a molemo, go na le go tlhaloganya fela pelo nngwe le nngwe le go ntsha katlholo. Seno se dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’ Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ana dinao di dintle jang tsa ba ba [bolelang, NW] mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!’”—Baroma 10:13-15.

4 Go ile ga itumedisa Jehofa go romela Basupi ba gagwe kwa dikhutlong tsa lefatshe go “[bolela, NW] mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo” le go batla batho ba dipelo tsa bone di kgonang go dumela motlhofo. Gone jaanong re feta 5 000 000 ka palo—e leng kabalano ya Mosupi a le 1 mo bathong ba ka nna 1 200 mo lefatsheng. Ga se kgetsi e potlana go rerela dikete tsa dimilione tsa batho tse di mo lefatsheng mafoko a a molemo. Mme Modimo o kaela tiro eno ka Jesu Keresete mme o lere batho ba ba dipelo di ikanyegang. Ka gone, boperofeti jo bo kwadilweng mo go Isaia 60:22 bo ipontsha bo le boammaaruri: “Yo monnye o tlaa tla a nna sekete, le yo mmotlana a nna morafe o o thata; nna Jehofa ke tlaa go akofisa mo motlheng wa gone.”

5. Kitso ke eng, mme go ka tweng ka botlhale jwa lefatshe?

5 Nako eo ke ya gone jaanong, mme go na le ntlha e le nngwe e e phepafetseng—dikete tsa dimilione tsa batho tse di mo lefatsheng di tlhoka kitso. Totatota, kitso ke go tlwaelana le dintlha tse di bonwang ka boitemogelo, ka go ela dilo tlhoko, kana ka go ithuta. Lefatshe le kokoantse kitso e ntsi thata. Go dirilwe kgatelopele mo maphateng a a jaaka a dipalangwa, a botsogo le a tlhaeletsano. A mme batho ba tlhoka kitso ya selefatshe? Nnyaa! Dintwa, pogiso, malwetse le loso di santse di tlhasela batho. Gantsi botlhale jwa lefatshe bo ipontshitse bo fetofetoga.

6. Kitso ya Modimo e ka bapisiwa jang le botlhale jwa lefatshe mo kgannyeng ya madi?

6 Fa re tshwantsha: Mo makgolong a mabedi a dingwaga a a fetileng, go ne go tlwaelegile gore motho a alafiwe ka go dutlisiwa madi. George Washington, yo e neng e le poresidente ya ntlha ya United States, o ne a dutlisiwa madi kgapetsakgapetsa fa a ne a tla tloga a tlhokafala. Ka nako nngwe o ne a bolela jaana: “Ntlogeleng ke swe ka kagiso; ke ka se tshele nako e telele.” O ne a bua boammaaruri, ka gonne o ne a tlhokafala mo go lone letsatsi leo—December 14, 1799. Gompieno, mo boemong jwa gore motho a dutlisiwe madi ba gatelela gore a tshelwe madi mo mmeleng. Mekgwa eno e mebedi e ntse e bolelwa ka mathata a a bolayang. Lefa go ntse jalo, nako e yotlhe Lefoko la Modimo le ntse le bolela jaana: “Lo ithibe . . . mo mading.” (Ditiro 15:29) Kitso ya Modimo e boammaaruri ka dinako tsotlhe, e ka ikanngwa, e bile ga e siiwe ke nako.

7. Kitso ya Dikwalo e e boammaaruri e ka bapisiwa jang le botlhale jwa lefatshe jo bo malebana le dintlha tsa go godisa ngwana?

7 A o ko o akanye ka sekai se sengwe sa botlhale jwa lefatshe jo bo ka se kang jwa ikanngwa. Ka dingwaga di le dintsi baithutatlhaloganyo ba ne ba buelela gore bana ba godisiwe go repisitswe melao, mme mongwe wa babueledi ba seno moragonyana o ne a dumela gore seno e ne e le phoso. German Philological Association e kile ya bolela gore go repisa melao ke “gone go bakang mathata a re nang le one gone jaanong ka basha, lefa go sa a bake ka tlhamalalo.” Botlhale jwa lefatshe bo ka nna jwa fetofetoga go ikaegile ka lefelo jaaka e kete bo fokiwa ke diphefo, mme kitso ya boammaaruri ya Dikwalo e ntse e sa reketle. Baebele e re neela kgakololo e e lekalekaneng malebana le go thapisa ngwana. Diane 29:17 e bolela jaana: “Otlhaya morwao, mme o tlaa go naya boikhutso; ee, o tlaa jesa mowa wa gago monate.” Kotlhao e e ntseng jalo e tshwanetse ya dirwa ka lorato, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “Borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.”—Baefeso 6:4.

“Kitso ya Modimo”

8, 9. O ne o ka tlhalosa jang se Diane 2:1-6 e se bolelang malebana le kitso e batho ba e tlhokang tota?

8 Le mororo Paulo a ne a rutegile, o ne a bolela jaana: “Fa motho mongwe a ikgopola fa a le botlhale mo go lona mo fatsheng leno, a a tswe seeleele, gore a tlhalefe. Gonne botlhale jwa lefatshe leno ke dinyana mo Modimong.” (1 Bakorinthe 3:18, 19) Ke Modimo fela o o ka nayang batho kitso e tota ba e tlhokang. Diane 2:1-6 e bolela jaana malebana le yone: “Morwaaka, fa o ka tshola mafoko a me, wa ba wa ipeela ditaolo tsa me fa go wena, wa sekegela botlhale tsebe, mme wa lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; ee, fa o tlhaeletsa tlhalemaleje, mme wa tsholeletsa tlhaloganyo lentswe la gago; fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng; foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le tlhaloganyo.”

9 Batho ba ba tlhotlhelediwang ke dipelo tse di siameng ba tlhwaela botlhale tsebe ka go dirisa kitso e e tswang kwa Modimong ka tsela e e siameng. Ba dira gore dipelo tsa bone di ele tlhoko temogo, ba sekaseka dintlha tse ba di ithutang ka kelotlhoko. Tota e bile, ba batla go tlhaloganya, kana go kgona go bona kafa dintlha tsa kgang di dumalanang ka teng. Batho ba ba dipelo di siameng ba dira jaaka e kete ba epa selefera le go batla dikhumo tse di fitlhegileng. Mme ke khumo efe e kgolo e e bonwang ke batho ba dipelo tsa bone di kgonang go dumela motlhofo? Ke “kitso ya Modimo.” Kitso eo ke eng? Fa re bua ka tsela e e motlhofo fela, ke kitso e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele.

10. Ke eng se re tshwanetseng ra se dira e le gore re nne le botsogo jo bo siameng jwa semoya?

10 Kitso ya Modimo e a utlwala, e tlhomame, e naya botshelo. E rotloetsa gore batho ba itekanele semoyeng. Paulo o ne a rotloeletsa Timotheo jaana: “Tshegetsa sekao sa mafoko a a tshedileng, se o se utlwileng mo go nna, mo tumelong le mo loratong lo lo mo go Keresete Jesu.” (2 Timotheo 1:13, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Puo e na le mokgwa o mafoko a yone a rulaganngwang ka one. Ka mo go tshwanang, “puo e e itshekileng” ya boammaaruri jwa Dikwalo e na le “sekao sa mafoko a a tshedileng,” e e ikaegileng thata ka setlhogo sa Baebele sa go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka Bogosi. (Sefania 3:9) Re tshwanetse go nna re gakologetswe sekao seno sa mafoko a a tshedileng le go se baya mo dipelong tsa rona. Fa re batla gore pelo ya tshwantshetso e se ka ya lwala le gore e kgone go itekanela semoyeng, re tshwanetse go dirisa Baebele mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi re bo re dirisa dithulaganyo tsa semoya ka botlalo tse Modimo a di dirang ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47; Tito 2:2) A ka metlha re gakologelweng gore re tlhoka kitso ya Modimo gore re itekanele sentle semoyeng.

11. Ke mabaka afe a mangwe a go bo batho ba tlhoka kitso ya Modimo?

11 A o ko o akanye ka mabaka a mangwe a go bo diketekete tsa dimilione tsa batho di tlhoka kitso ya Modimo. A botlhe ba itse gore go tlile jang gore lefatshe le batho ba nne teng? Nnyaa, ga ba itse. A batho botlhe ba itse Modimo wa boammaaruri le Morwawe? A mongwe le mongwe o itse dikgang tse Satane a neng a di tsosa malebana le bolaodi jwa Modimo le bothokgami jwa batho? Le gone ga ba itse. A batho ka kakaretso ba itse gore ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa? Re ipoeletsa gape gore nnyaa. A batho botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba lemoga gore Bogosi jwa Modimo bo a busa gone jaanong le gore re tshela mo metlheng ya bofelo? A ba lemoga tsela e meya e e boikepo e leng maatla ka yone? A batho botlhe ba na le kitso e e ka ikanngwang malebana le kafa ba ka nnang le botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang ka gone? A bontsintsi jwa batho bo itse gore Mmopi wa rona o ikaeletse gore a neele batho ba ba kutlo botshelo jo bo itumedisang mo Paradaiseng? Dipotso tseno le tsone re di araba ka nnyaa. Go phepafetse he, gore batho ba tlhoka kitso ya Modimo.

12. Re ka obamela Modimo jang “ka mowa le ka boammaaruri”?

12 Gape batho ba tlhoka kitso ya Modimo ka ntlha ya se Jesu a neng a se bolela mo thapelong mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Baaposetoloi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba amega thata fa ba mo utlwa a bolela jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go dirisa kitso e e ntseng jalo ke yone tsela fela ya go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. Jesu o rile: “Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Re obamela Modimo “ka mowa” fa re tlhotlhelediwa ke dipelo tse di nang le tumelo le lorato lo logolo. Re mo obamela jang “ka boammaaruri”? Ka go ithuta Lefoko la gagwe le go mo obamela go dumalana le boammaaruri jo a neng a bo senola—“kitso ya Modimo.”

13. Ke tiragalo efe e e kwadilweng mo go Ditiro 16:25-34, mme ke eng se re ka se ithutang mo go yone?

13 Diketekete tsa batho di simolola go obamela Jehofa ngwaga le ngwaga. Lefa go ntse jalo, a dithuto tsa Baebele di tshwanetse tsa tshwarwa ka lobaka lo lotelele le batho ba ba bontshang kgatlhego, kana a go ka kgonega gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kolobediwe ka bonako? Ebu, ela tlhoko se se neng sa direga mo kgannyeng ya modisakgolegelo mongwe le ba lelapa la gagwe ba go builweng ka bone mo go Ditiro 16:25-34. Paulo le Silase ba ne ba tsentswe mo kgolegelong kwa Filipi, mme gare ga bosigo, thoromo ya lefatshe e kgolo e ne ya bula dikgoro tsa kgolegelo. Fa modisakgolegelo a ne a akanya gore magolegwa otlhe a thobile le gore o ne a tla otlhaiwa mo go setlhogo, o ne a setse a re o a ipolaya fa Paulo a ne a mmolelela gore ba teng botlhe. Paulo le Silase ba ne “ba bua lefoko la Morena nae le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe.” Modisakgolegelo yoo le ba lelapa la gagwe e ne e le Baditšhaba ba ba neng ba sa itse Dikwalo tse di Boitshepo gotlhelele. Lefa go ntse jalo, ba ne ba nna badumedi mo bosigong jone joo bo le bongwe fela. Mo godimo ga moo, “a kolobediwa, ene le ba gagwe botlhe fela.” Maemo ao e ne e le a a sa tlwaelegang, mme batho ba ba sa tswang go kopanela ba ne ba rutiwa boammaaruri jwa motheo mme go tswa foo ba bo ba ithuta dilo tse dingwe kwa dipokanong tsa phuthego. Go tshwanetse ga kgonega gore go dirwe sengwe se se tshwanang le seo gompieno.

Thobo e Kgolo!

14. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re tshware palo e kgolwane ya dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele mo nakong e khutshwanyane fela?

14 Go ne go tla bo go siame fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka tshwara palo e kgolwanyane ya dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele mo nakong e khutshwane thata. Go tlhokega thata gore seno se dirwe. Ka sekai, kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba, batho ba tshwanetse go kwalwa mo lenaaneng la batho ba ba letetseng go rutiwa Baebele. Seo se ntse jalo le kwa dinageng tse dingwe. Mo toropong nngwe ya Dominican Republic, Basupi ba le batlhano ba ne ba kopilwe ke batho ba le bantsi thata mo ba neng ba sa kgone go ithuta le bone botlhe. Ke eng se ba neng ba se dira? Ba ne ba kgothaletsa batho ba ba kgatlhegang gore ba nne gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ba bo ba ikwadisa mo lenaaneng la ba ba letetseng gore ba tle ba rutiwe Baebele. Boemo jo bo tshwanang le joo bo teng mo dikgaolong di le dintsi mo lefatsheng lotlhe.

15, 16. Ke eng se re nang le sone go re thusa go anamisa kitso ya Modimo ka bofefo, mme go na le dintlha dife tse dingwe tse di malebana le sone?

15 Dinaga tse dikgolo—e leng masimo a magolo a a tlhokang go rojwa—a bulegela batho ba Modimo. Le mororo Jehofa, “Morena wa thobo,” a romela badiri ba ba oketsegileng, go santse go na le mo gontsi gore go dirwe. (Mathaio 9:37, 38) Ka gone, gore “motlhanka yo o boikanngo” a anamise kitso ya Modimo ka bofefo thata, o neetse baithuti ba Baebele sengwe se se bontshang tshedimosetso e e rileng ka tlhamalalo e le gore ba gatele pele semoyeng mo thutong nngwe le nngwe. Ke kgatiso e ntšha e e ka balwang yotlhe fa go ithutiwa le batho Baebele mo magaeng a bone mme e le ka bofefo—gongwe ka dikgwedi di sekaenyana fela. Mme e ka kgona go tsena motlhofo fela mo dibekeng tsa rona, kana tota le mo dipateng tsa rona! Makgolo a dikete a batho a a neng a phuthegile kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Babaki ba ba Itumetseng” tsa Basupi ba ga Jehofa a ne a itumelela go amogela buka eno e ntšha ya ditsebe di le 192 e e nang le setlhogo se se reng Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.

16 Bakwadi kwa dinageng tse di farologaneng ba ne ba kwala dintlha tse di neng tsa dumalanwa gore di tsenngwe mo bukeng ya Kitso. Ka gone e tshwanetse ya kgatlhegelwa ke batho ba ditšhaba tsotlhe. A mme go tla tsaya nako e telele gore go gololwe kgatiso eno e ntšha ka dipuo tse di buiwang ke batho mo lefatsheng lotlhe? Nnyaa, ka gonne buka e e nang le ditsebe di le 192 e ka ranolwa ka bonako go feta dibuka tse ditona. Ka October 1995, Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang e ne e setse e dumetse gore go ranolwe buka eno ka dipuo tse di fetang 130 go tswa mo puong ya Seesemane.

17. Ke dintlha dife tse di tshwanetseng tsa dira gore go nne motlhofo go dirisa buka ya Kitso?

17 Dintlha tse di mo kgaolong nngwe le nngwe ya buka ya Kitso di tshwanetse tsa thusa baithuti gore ba gatele pele semoyeng ka bonako. Buka eno e tlhalosa boammaaruri jwa Dikwalo ka tsela e e agang. Ga e tlhalose thata ka dithuto tsa maaka. Tsela e puo ya yone e utlwalang ka yone le tsela e dintlha tsa yone di rulagantsweng sentle ka teng e dira gore motho a tlhofofalelwe ke go dirisa buka eno go ithuta Baebele le batho le go ba thusa go tlhaloganya kitso ya Modimo. Kwantle ga dikwalo tse di nopotsweng, go na le ditemana tsa Baebele tse di umakilweng fela tse moithuti a ka di balang fa a baakanyetsa thuto. Di ka nna tsa balwa fa go ithutiwa fa nako e letla, le mororo go ne go tla bo go sa tshwanela go tlotla ka dintlha tse di oketsegileng tse di ka nnang tsa hupetsa dintlha tsa konokono. Go na le moo, batho ba ba rutang ba bangwe Baebele ba tshwanetse ba leka go lemosa le go tlhalosetsa moithuti se buka e se phepafatsang mo kgaolong nngwe le nngwe. Seno se raya gore morutisi o tshwanetse a ithuta ka tlhoafalo, e le gore a gakologelwe sentle dintlha tsa konokono.

18. Go ntshitswe dikakantsho dife tse di malebana le go dirisa buka ya Kitso?

18 Buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng e ka akofisa jang tiro ya go dira barutwa? Buka eno e e nang le ditsebe di le 192 e ka ithutiwa mo nakong e khutshwanyane fela, mme batho ba ba “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng” ba tshwanetse gore fa ba e ithuta ba kgone go itse mo go lekaneng gore ba ka ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. (Ditiro 13:48) Ka jalo a re diriseng buka ya Kitso ka botlalo mo bodireding. Fa e le gore moithuti wa Baebele o setse a le kgakala mo bukeng e nngwe e a e ithutang, go tla nna molemo gore a e fetse pele. Kwantle ga moo, go akantshiwa gore jaanong batho ba rutiwe Baebele ka buka ya Kitso. Fa moithuti a se na go fetsa kgatiso eno e ntšha, ga go akantshiwe gore go ithutiwe le ene mo bukeng ya bobedi. Batho ba ba amogelang boammaaruri ba ka konela kitso ya bone ka go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mmogo le go bala Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete tse di farologaneng ba le bosi.—2 Johane 1.

19. Pele re ka ithuta le batho Baebele mo bukeng ya Kitso, ke ka ntlha yang go le mosola gore re boeletse ditsebe 175 go ya go 218 mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona?

19 Buka ya Kitso e kwadilwe ka boikaelelo jwa go thusa motho gore a arabe dipotso tsotlhe tse bagolwane ba di boeletsang le baboledi ba ba sa kolobediwang ba ba eletsang go kolobediwa gore ba nne Basupi ba ga Jehofa. Ka gone, pele o ka simolola go dirisa kgatiso eno e ntšha fa o ithuta le batho Baebele, go akantshiwa gore o dirise diura di sekae o boeletsa dipotso tse di mo ditsebeng ya 175 go ya go 218 tsa buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona.a Seno se tla go thusa go gatelela dikarabo tsa dipotso tseo fa o ithuta le batho Baebele mo bukeng ya Kitso.

20. Ke eng se o rulaganyang go se dira ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng?

20 Batho gongwe le gongwe ba tshwanetse go utlwa mafoko a a molemo. Ee, batho ba tlhoka kitso ya Modimo, mme Jehofa o na le Basupi ba gagwe ba ba dirang gore e itsiwe. Gone jaanong re na le buka e re e neilweng ke Rraarona wa selegodimo yo o lorato a dirisa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. A o tla e dirisa go ruta boammaaruri le go tlotla leina la ga Jehofa le le boitshepo? Eleruri Jehofa o tla go segofatsa fa o ntse o leka ka natla go neela batho ba le bantsi kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ O ne o ka tlhalosa jang pelo ya tshwantshetso?

◻ Kitso ya Modimo ke eng?

◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhoka kitso ya Modimo?

◻ Ke buka efe e ntšha e e leng teng, mme o rulaganya go e dirisa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go na le mabaka a le mantsi a go bo dikete tsa dimilione tsa batho tse di mo lefatsheng di tlhoka kitso ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela