Ba ne Ba Kopane Mmogo e le Babaki ba ba Itumetseng
BATHO ba ga Jehofa Modimo ba bogologolo ba ne ba laelwa gore ba ‘itumele gotlhe fela’ fa ba ne ba kopane mmogo ba tlile go mo obamela. (Duteronome 16:15) Dikopano tsa Kgaolo tsa “Babaki ba ba Itumetseng” tsa 1995/96 eleruri di dirile gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le mabaka a a utlwalang a gore ba itumele.
Fa e sale dikopano tseno tse dikgolo di simologa, di nonotshitse tumelo. Gape di bontshitse kafa batho ba ka itumelang ka teng mo lefatsheng le le senang boitumelo. A re tlhatlhobeng letsatsi lengwe le lengwe la kopano eno.
‘Bakang Jehofa . . . Ipeleng!’
Setlhogo se se fa godimo sa letsatsi la ntlha la kopano se ne se theilwe mo go Pesalema 149:1, 2. Puo e e reng “Re na Le Lebaka la go Itumela” e ne ya tlhalosa kafa boperofeti jo bo mo go Isaia kgaolo 35 bo dirang ka gone. Bo ne jwa diragadiwa kwa Iseraeleng wa bogologolo mme jwa diragadiwa bogolo jang mo motlheng wa rona fa baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba boa ba atlega le go bona botsogo jo bo siameng mo paradaiseng ya semoya. Ka jalo, batlakopanong ba ne ba ka itumela ka ntlha ya se Modimo a se ikaeletseng ka batho ba gagwe mo paradaiseng ya semoya le mo Paradaiseng ya mmatota e e tlang e e setseng e le gaufi thata.
Puo ya setlhogo, “Re Tlhaotswe mo Lefatsheng Lotlhe Jaaka Babaki ba ba Itumetseng,” e ne ya araba potso e e reng: Ke eng se se re tlhaolang mo lefatsheng leno? Ke go obamela Jehofa ga rona ka kutlwano. Lefa ba ka tswa ba nna kae mo lefatsheng leno, Basupi ba ga Jehofa ba bua le go ruta thuto e le nngwe fela. Ba itumelela gape le boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa jwa gore o tlile go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka Bogosi jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, Jehofa o re thusa jang gore le rona re akarediwe mo boikaelelong jwa gagwe? O re file boammaaruri jwa Lefoko la gagwe le le boitshepo. Modimo o re file moya wa gagwe o o boitshepo. O re segofaditse ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe le thulaganyo ya kobamelo e e itshekileng. Lelapa la rona la ditšhabatšhaba le re thusa go direla Jehofa ka dipelo tse di itumetseng thata.
“Go Nna re Ikgaogantse le Lefatshe e Bile re sa Mathwe Gope ke Lone” e ne ya gatelela gore re tshwanetse ra tila go mathwa ke mekgwa ya go tlhaola batho le go ba farologanya ka maemo. (Jakobe 2:5-9) Ba bangwe ba ka tsalana fela le batho ba ba godileng ka tsela e e tshwanang le e bone ba godileng ka yone kana ba ba nang le madi jaaka bone, ba tlodisa matlho Bakeresetekabone ba ba humanegileng kana ba ba senang dithoto tse bone ba nang natso. Ba bangwe ba ka rata ba ba nang le maikarabelo mangwe mo phuthegong. Ba lebala gore tshiamelo e kgolo thata e motho ope a ka nnang le yone ke go nna Mosupi wa ga Jehofa. Ka jalo, ga re a tshwanela go itetla go mathwa ke mekgwa ya lefatshe le gore e senye kagiso ya phuthego.—2 Petere 3:14.
Puo e e reng “A ke Setse ke Siametse Lenyalo?” e ne ya bontsha gore batho ba le bantsi ba itlhaganelela go nyala. Bangwe ba nyala ka go bo ba batla go tshabela mathata a kwa gae kana ka go bo dithaka tsa bone di nyala. Lefa go ntse jalo, mabaka a a utlwalang a go batla go nyala a akaretsa gore ka bobedi jwa lona lo bo lo eletsa go latela mekgele ya puso ya Modimo, lo ratana tota, lo batla go nna le botsala le pabalesego, le go eletsa go nna le bana. Thapiso ya semoya e botlhokwa fa o ipaakanyetsa lenyalo. Sengwe sa dilo tse di tlhokegang ke go nna le dinonofo tse dintle ka go apara botho jo bosha. Gape go botlhale go tlhatlhoba gore a yo o tla nyalanang le ene o bontsha fa a na le botsalano jwa mmatota le Jehofa e bile a dirisana le ba bangwe ka tlotlo. Go senka kgakololo mo Bakereseteng ba ba godileng le gone go botlhokwa.—Diane 11:14.
Puo eno e e fang lesedi e ne ya latelwa ke ya setlhogo se se reng “Batsadi ba ba Itumedisiwang ke Bana ba Bone.” Gantsi go itumelwa thata fa ngwana a tsholwa. Lefa go ntse jalo, go nna le bana gape go lere boikarabelo jo bogolo. (Pesalema 127:3) Ka jalo, go botlhokwa gore bana ba rutiwe go rata Jehofa. Batsadi ba ka dira seno ka go bua le bana ba bone kaga Jehofa ka metlha le ka go dirisa melaometheo ya Lefoko la gagwe mo lelapeng.
Letsatsi la ntlha la kopano le ne la konela ka sengwe se se neng se sa lebelelwa—go gololwa ga boroutšhara jo bosha jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto. E tlhalosa sentle gore Basupi ba “kgothatsa bana ba bone gore ba dire ka natla le gore ba tseye ditiro tse ba di abetsweng kwa sekolong ka tsela e e masisi.” Kgatiso eno gape e tlhalosa diphelelo tse di itumedisang tsa ditlelase tsa go ruta batho go bala le go kwala tse Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba di tshwara ka dingwaga di le dintsi kwa Nigeria, Mexico, le dinaga tse dingwe. Boroutšhara jono bo tshwanetse jwa thusa go bontsha barutisi gore re tsaya thuto e le botlhokwa thata.
“A re Nneng re Isetse Modimo Tshupelo ya Pako ka Metlha”
Setlhogo seno sa letsatsi la bobedi se ne se theilwe mo go Bahebere 13:15. Thulaganyo ya mo mosong e ne e na le simphosiamo sa setlhogo se se reng “Go Tsaya Kgato Malebana le Taletso ya Gore re Bake Jehofa.” Dingwaga tsa motho di ka se mo thibele gore a tseye kgato ka taletso eno. Pesalema 148:12, 13 e rotloetsa makau, basetsana, banna bagolo le basimane gore ba bake Jehofa. Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba ba itumetseng ba ile ba kgona go oketsa pako ya bone. Mo lefatsheng lotlhe, ba ba fetang 600 000 ba dira tiro ya go rera ka nako e e tletseng, kana tirelo ya bobulatsela. Ba ba fetang 15 000 ba dira tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng, mme ba ba fetang 15 000 ba mo tirelong ya Bethele.
“Go Direla ka Boikanyego le Mokgatlho wa ga Jehofa” ke puo e e neng ya bontsha gore go ikanyega go botlhokwa mo batlhankeng ba Modimo. Go ikanyega mo go Jehofa go kaya go mo ngaparela ka boineelo jo bo nonofileng jo bo ka tshwanang le sengwe se se ngaparetsang thata. Boikanyego bo tlhoka gore re tile go tlola ditaolo tsa Baebele ka boomo, e ka ne ba bangwe ba re bona kana ba sa re bone. Gape go tlhoka gore re tshegetse dithuto tsa Baebele ka boikanyego tse di fitlhelwang mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le dijo tse dingwe tsotlhe tsa semoya tse di neelwang ke Mokgatlho wa Watch Tower. Puo eno e ne ya latelwa ke puo ya kolobetso. A bo go ne go itumedisa jang ne fa bayakolobetsong ba supa gore ba ineetse mo go Jehofa!
Mafoko a ga Hosea 4:1-3 a ne a dirisiwa mo puong ya thapama ya “Go Dira Molemo Kana Bosula—O Tshela o Dira Gofe?” Lefa lefatshe le sa tlhole le tseela go dira molemo kwa godimo, Bakeresete ba tshwanetse ba ‘tlhoafala’ go nna le maitsholo a mantle. (2 Petere 1:5) Seno se simolola ka tsela e motho a akanyang ka yone. Fa a akanya dilo tse di molemo, o tla bua mafoko a a senang selabe, a a molemo le a a kgothatsang le gone o tla leka go ikanyega fa a dirisana le ba bangwe. Go dira molemo gape go akaretsa go leka go tlhaloganya le go utlwela botlhoko Mokeresete yo o ngomogileng pelo kana yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong.—1 Bathesalonika 5:14.
Puo e nngwe, “Lo Itise mo Dirung Tsa ga Diabolo,” e ne ya tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba ipaya mo ba ka tlhotlhelediwang ke badimona teng. Fa go tla mo go alafiweng ga malwetse, Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko mekgwa e e dirisiwang, e e jaaka go korobetsa, e e tsamaisanang le tirisabadimo. Kwantle ga moo, se batho ba se dirisang go tlhokomela botsogo jwa bone ke kgang ya motho ka esi.
Letsatsi la bobedi le ne la konela ka sengwe se se itumedisang se se neng se sa lebelelwa—go gololwa ga buka e ntšha e e lekanang kgetsana e e diretsweng go thusa batho ba ba ikanyegang gore ba gatele pele ka bofefo gore ba ineele ba bo ba kolobediwe. Buka eno e ntšha ya ditsebe tse 192 e na le setlhogo se se reng Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Buka ya Kitso e tlhalosa boammaaruri ka tsela e e agelelang. Ga e nnele go tshwaya diphoso tsa dithuto tsa maaka. E re ka e kwadilwe ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa e bile e utlwala go tshwanetse ga nna motlhofo go dirisa buka eno go tshwara dithuto tsa Baebele le go thusa batho go nna le kitso e e itumedisang ka Modimo.
“Lona lo Ipele, lo Itumele ka Bosakhutleng”
Mafoko ano a a tswang mo go Isaia 65:18 e ne e le setlhogo sa kopano ka letsatsi la boraro. Go diragadiwa ga boperofeti jwa Baebele go supa fa 1914 e ne e le ngwaga o ka one tsamaiso eno e e boikepo e neng ya tsena mo metlheng ya yone ya bofelo. Ka jalo, simphosiamo sa dipuo tsa setlhogo se se reng “Babaki ba ba Itumetseng mo Bokhutlong Jwa Tsamaiso Eno” se ne sa dira gore bareetsi ba thaakanye ditsebe. Dibui di ne tsa bontsha kafa dikete tsa dimilione tsa batho di tlhotlhelediwang thata ke moya wa lefatshe leno wa bopelotshetlha le bothubaki ka gone. Kgabagare, ba tla atlholwa jaaka karolo ya lefatshe le Satane a busang mo go lone. Ka jalo, jaanong ke nako ya gore re tlhophe. Re batla go nna kafa letlhakoreng lefe? A re batla go obamela Jehofa le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe, kana re tla letla Satane gore a re buse ka go dira dilo tse di mo itumedisang? Rotlhe re tshwanetse go ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa re sa okaoke.
Puo ya phatlalatsa ya kopano, “Bakang Kgosi ya Bosaenkae!” e ne ya dira gore botlhe ba ba neng ba le teng ba simolole go akanya ka dilo tsa botlhokwa. Lefa go lebega batho fela ba ka se ka ba tlhaloganya kgang ya go nnela ruri, Jehofa o e tlhaloganya ka botlalo. “Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae,” go ne ga opela jalo mopesalema. (Pesalema 10:16) Kgosi eno ya bosakhutleng e rulaganyeditse batho gore ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng ka Morwawe, Jesu Keresete. (Johane 17:3) “Ee, rona batho ba ba nang le boleo re ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng ka go rutiwa ke Modimo le ka go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo,” go ne ga rialo sebui.
Fa kopano e ntse e ya bokhutlong, ba ba neng ba tlile ba ne ba kgothadiwa ke puo ya bofelo, ya setlhogo se se reng “Go Baka Jehofa ka Boitumelo Letsatsi le Letsatsi.” Go ne go itumedisa go utlwa dipego tsa kafa tiro ya go dira barutwa e gatelang pele ka gone mo lefatsheng lotlhe. Mme batlakopanong ba ne ba kgothalediwa go ‘baka Jehofa ka malatsi otlhe le go baka leina la gagwe ka bosakhutleng.’—Pesalema 145:2.
Ditiro tse di setlhogo thata tse le go tlhalosiwa di ka se kang tsa tlhalosiwa di dira gore lefatshe le tlhoke boitumelo. Lefa go ntse jalo, batho ba ba nang le tumelo e e feletseng mo go Jehofa ba ka nna le boitumelo jwa bomodimo. Ka jalo jaaka bakaulengwe ba lefatshe lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ka boaboeletsa mafoko ano a Pesalema 35:27, 28: “Ba ba [itumelang, NW] le nna ka ga mo ke go sekang ga tshiamo, a ba duduetse ka boitumelo; ee, a ba nne ba re ka gale: ‘A go goletsege Jehofa yo o kgatlhwang ke go kokotlegela ga motlhanka wa gagwe.’ Loleme lwa me lo tlaa bua ka ga tshiamo ya gago, le ka ga pako ya gago ka letsatsi lotlhe fela.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Malapa a tla solegelwa molemo ke boroutšhara jwa “Basupi ba ga Jehofa le Thuto”
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
Buka e ntšha ya “Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng,” e tlhalosa boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e agelelang
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Batho ba le bantsi ba ne ba kolobediwa ba tshwantshetsa boineelo jwa bone go Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba angwa thata ke terama ya setlhogo se se reng “Go Tlotla ba ba Tshwanetsweng ke Tlotlo mo Dingwageng Tsa Bone Tsa Bogodi”