Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng
1 Jehofa ke “ene yo o rutang motho kitso.” (Pes. 94:10) O re dirisa go anamisa kitso e e malebana le ene e e bolokang botshelo mo bathong ba ba sa itseng gore ba mo direle jang ka tsela e a e amogelang. Buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ke sedirisiwa se se molemo sa go ruta se ka sone batho ba ba dipelo di phepa ba ka tlhaloganyang Lefoko la Modimo le le kwadilweng e bong Baebele sentle. (1 Tim. 2:3, 4) Tsela e e phepafetseng le e e utlwalang e buka ya Kitso e tlhalosang boammaaruri ka yone e tla thusa batho gore ba tlhaloganye gore Jehofa o batla go ba ruta eng. Mo kgweding eno re batla go tlotla le batho ka tsela e e tla dirang gore ba batle go bala buka eno. Dikakantsho dingwe ke tseno. Go na le gore o leke go di tshwara ka tlhogo, leka go bua dintlhakgolo ka mafoko a gago le ka tsela e e tlwaelegileng ya go tlotla.
2 E re ka bontsi jwa batho bo kile ba tlhokafalelwa ke mongwe yo ba mo ratang, o ka nna wa bua ka tsholofelo ya tsogo ka go bolela sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Bontsi jwa rona re kile ra tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang. A re kile ra ipotsa gore a re tla tsamaya re bona motho yoo gape? [Letela karabo.] Loso e ne e se karolo ya boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho. Jesu o ne a supa gore baratiwa ba rona ba ka tsosiwa mo losong. [Bala Johane 11:11, 25, 44.] Lefa seno se ile sa diragala makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, go supa se Modimo a solofeditseng gore o tla re se direla. [Bula buka ya Kitso mo setshwantshong se se mo tsebeng ya 85 o bo o bala mafoko a a fa thoko. Morago ga foo mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng ya 86 mme o bo o akgela ka seno.] Fa e le gore o rata go bala mo go oketsegileng ka tsholofelo e e gomotsang eno ya tsogo, nka rata go go tlogelela buka eno ka moneelo wa R3,50.”
3 Fa o sena go tlotla ka tsholofelo ya tsogo mo lekgetlhong la ntlha, o ka nna wa simolola motlotlo wa gago o o latelang le ene motho yoo jaana:
◼ “O ka tswa o gakologelwa fa ke ne ke go bolelela gore loso e ne e se karolo ya boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka motho. Fa e le gore seo se boammaaruri, ke ka ntlha yang fa re tsofala e bile re swa? Dikhudu dingwe tsa lewatle di tshela dingwaga tse di fetang 100 mme go na le ditlhare tse di setseng di tshedile dingwaga tse di diketekete. Ke ka ntlha yang fa batho ba tshela fela dingwaga di le 70 kana 80? [Letela karabo.] Re a swa ka gonne batho ba babedi ba ntlha ba ne ba se ka ba utlwa Modimo.” Bala Baroma 5:12. Bula tsebe ya 53 mo bukeng ya Kitso o bo o bala setlhogo sa kgaolo eo. Sekaseka dirapa tse tharo tsa ntlha, o mmontshe dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng. Tlhoma nako e o tla boang ka yone moragonyana go tla go tlotla ka dintlha tse di setseng mo kgaolong eo. Kgothaletsa motho yoo gore a sale a e bala yotlhe.
4 Fa o bua le motho yo go bonalang a rata bodumedi, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Go na le ditumelo tse di farologaneng tse di makgolokgolo gompieno. Di ruta mefuta yotlhe ya dithuto tse di ganetsanang. Batho bangwe ba re ditumelo tsotlhe di siame mme ga go kgathalesege gore re dumela eng. Wena o akanya jang? [Letela karabo.] Jesu o ne a ruta ka bodumedi jwa boammaaruri mme o ne a bontsha gore mefuta e mengwe ya kobamelo ga e amogelwe ke Modimo. [Bala Mathaio 7:21-23.] Fa re batla go itumedisa Modimo, re tshwanetse go mo obamela tumalanong le go rata ga gagwe.” Bula buka ya Kitso mo kgaolong ya 5, bala setlhogo o bo o tlhalosa dingwe tsa ditlhogwana. Mo tlhalosetse gore tshedimosetso eno e tla thusa motho go ithuta go itumedisa Modimo. Tsamaisa buka ka moneelo wa R3,50. Mmolelele gore o tla mo tlogelela buka fa a solofetsa gore o tla e bala, mme o bo o umaka gore o amogela meneelo e e emang tiro ya rona ya lefatshe nokeng.
5 Batho ba ba tlhakaneng tlhogo ka go bo go na le ditumelo tse dintsi jaana ba ka nna ba itumelela karabo ya potso eno fa o dira loeto lwa go boela:
◼ “E re ka go na le ditumelo tse dintsi jaana gompieno, re ka itse jang gore ke efe e e siameng? Wena o tla leba eng? [Letela karabo.] Jesu o ne a re bolelela gore re ka itse jang balatedi ba gagwe ba boammaaruri.” Bala Johane 13:35. Sekaseka serapa sa 18 le 19 mo kgaolong ya 5 ya buka ya Kitso. Mo tlhalosetse gore go dirisa kaelo ya Dikwalo le go tila dilo dingwe, motho a ka kgona go lemoga bodumedi jwa boammaaruri. Tlhalosa kafa Basupi ba ga Jehofa ba itsiweng mo lefatsheng lotlhe ka teng ka ntlha ya lorato lwa bone le boitsholo jwa bone jo bo kwa godimo. Mo tlhalosetse kafa go ithuta Baebele, a dirisa buka ya Kitso go tla mo thusang ka teng go tlhaola mofuta wa kobamelo e Modimo o e amogelang.
6 Fa o kopana le motsadi, go simolola jaana go ka nna ga thusa:
◼ “Letsatsi lengwe le lengwe re utlwa dipego tsa basha ba ba sa laolesegeng ba go bonalang ba sena boitsholo jo bo siameng gotlhelele. Bagolo bangwe ba batla go tshwaya thulaganyo ya sekolo phoso ka go bo e sa rute bana go farologanya se se siameng le se se sa siamang. O akanya gore ke mang yo o tshwanetseng go thapisa bana ka tsela eno? [Letela karabo.] Utlwa gore Baebele ya reng malebana le potso eno. [Bala Baefeso 6:4.] Se se re bontsha gore go ruta bana ka boitsholo ke boikarabelo jwa batsadi.” Bula buka ya Kitso mo tsebeng ya 145, bala serapa sa 16 o bo o akgela ka ditshwantsho tse di mo tsebeng ya 147. Tlhalosa gore buka eno e diretswe gore e ithutiwe ke lelapa lotlhe. Ithaope go mmontsha kafa re tshwarang dithuto tse di ntseng jalo le malapa o dirisa dirapa 17 le 18 mo tsebeng ya 146.
7 Fa e le gore o ile wa simolola thuto le motsadi yo o tshwenyegileng mo loetong lwa gago lwa ntlha, o ka nna wa tswelela pele jaana fa o dira loeto lwa go boela:
◼ “Gompieno lefatshe le raela basha ba rona ka dilo tse dintsi. Se se dira gore go nne thata tota mo go bone go nna batho ba ba boifang Modimo fa ba ntse ba gola. Gongwe o santse o gakologelwa gore mo motlotlong wa rona o o fetileng re ile ra tlhaola melaometheo e mebedi. Ka re le batsadi ba bomodimo, re tshwanetse go tlhomela bana ba rona dikai tse di siameng e bile re tshwanetse go ba bolelela gangwe le gape gore re a ba rata. Go na le selo se sengwe gape se Baebele e bolelang gore bana ba se tlhoka mo batsading ba bone.” Bala Diane 1:8. Bula tsebe ya 148 mo bukeng ya Kitso o bo o tswelela pele ka thuto, o bala dirapa 19-23. Akantsha gore o boe gape gore o tle go ithuta le lelapa lotlhe go tloga mo kgaolong ya 1.