Basupi ba ga Jehofa—Mokgatlho O O Bidiwang ka Leina Leno
KA OCTOBER 6, 1990, boidiidi jo bo ka nnang kana ka 5 000 jo bo neng bo kgobokanetse mo Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City, New Jersey, U.S.A., bo kgobokanetse pokano ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society bo ne bo tla tloga bo bona kgakgamatso. Modulasetulo, ebong John E. Barr, o ne a itsise bareetsi ka go gololwa ga video e e tsayang metsotso e le 55 eo e nang le setlhogo se se reng Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. Eno e ne e le video ya ntlha go tlhagisiwa ke Mokgatlho, lefa go le jalo kwantle ga pelaelo ga e ne e nna ya bofelo.
Video eno e bontsha kafa batho ba ga Jehofa ba rulagantsweng ka gona go supa kaga leina la bomodimo le go bolela “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Dintlhakgolo tsa yona ke kaga ntlokgolo ya kwa Brooklyn, New York, le didirisiwa tsa kwa Dipolaseng tsa Watchtower. Go ile ga tlhagisiwa dikaelo tsa yona di feta 500 000 ka Seesemane, mme gone jaanong jaana e gone (kana mo bogautshwaneng e tla bo e le gone) ka dipuo tse dngwe di le 26.a
Karabelo E Ile ya Nna Efe?
Batho bao e seng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ikutlwa jang ka video eno? Rrakgwebo mongwe o ne a kwala jaana:
“Ke fitlhetse theipi eno e le ya boleng jo bo kwa godimo. Ke ile ka kgatlhiwa thata ke tsela e ditshwantsho tsa yone di bonalang sentle ka yone le tsela ya maemo a a kwa godimo eo e gatisitsweng ka yona. Ke ne ke tla ke lebala gore ke theipi mme ke tla ke ithaa gore ke baesekopo. Theipi eno e tshwanetse ya bo e le molemo thata go tlhalosa maikaelelo a ntlokgolo ya lona ya kwa New York. Ke lo rolela hutshe mo selong seno se se molemo.”—J. J.
Bao ba ithutang Bibela le Basupi ba ga Jehofa ba ile ba solegelwa molemo thata ke go lebelela video eno. Dikakgelo tse di latelang di tlhalosa lebaka la seno:
“Ke ithuta Bibela le lekawana la dingwaga tse 20 yo o ithutang kwa yunibesithing ya selegae. O ntse a tshwentswe thata ke maemo a a nnelang maswe go ya pele a lefatshe. Mme lefa go le jalo morago ga gore a lebelele theipi eno le go bona bakaulengwe botlhe ba ba molemo ba basha ba Bethele bao eleruri ba nang le maikaelelo mo botshelong, o ile a fetola gotlhelele tsela eo a lebang dilo ka gona. O ne a nna gone kwa Kopanong ya rona E E Kgethegileng ya Letsatsi Le Le Lengwe mme a kopa gore a rutiwe Bibela gabedi mo bekeng. Yo mongwe yoo ke ithutang nae Bibela, yo e leng morutabana kwa sekolong se segolo, o ne a adima video eno gore a ke a e bontshe balosika lwa gagwe. Ba ne ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlhonyana fela o o bokoa, o o sa itsegeng, le o monnye thata. Ba ne ba gakgamadiwa thata ke go bona tiro eo re e dirang lefatshe ka bophara le katlego eo re e bonang, malebogo re a isa go Jehofa.”—J. B.
“Ga go na mafoko a a ka kgonang go tlhalosa boipelo jo ke ileng ka nna le jone fa mosadi mongwe yo ke ithutang Bibela le ene a ne a thubega ka selelo sa boitumelo le kanaanelo morago ga go lebelela video eno. O ile a bua jaana a sekile dikeledi: ‘Ke motho ofe yo o ka se keng a bone gore eno ke phuthego ya Modimo wa boammaaruri, Jehofa? Ke ne ke sa itse gore go na le batho ba ba ntseng jaana.’ Mme moragonyana o ile a re: ‘Ke batla go kolobediwa.’”—C. D.
“Re ile ra nna le katlego e kgolo thata mo go diriseng video eno mo go bao re ithutang nabo Bibela. Maabane maitseboa monna wa mosadi mongwe yo mosadi wa me a ithutang Bibela le ene o ne a tla kwano. O ne a ntse a ganetsa tota. O ne a lebelela video eno. Morago ga moo o ne a botsa dipotso mme a tswa fano a tshotse Bibela le buka e e thusang go ithuta Bibela ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Pelenyana o ne a kile a fisa dibuka tsotlhe tsa Bibela tsa mosadi wa gagwe!”—D. H.
Le eleng basha ba ile ba fitlhela video eno e kgatlha thata, jaaka fa dikakgelo tse di latelang di bontsha:
“Ke na le dingwaga tse thataro le sephatlo. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke karolo e e malebana le Dibibela le fa dibokoso di feta ka bonako.”—K. W.
“Bana ba rona ba babotlana ba ne ba re e ne e gaisa thulaganyo epe fela eo ba kileng ba e lebelela mo thelebisheneng.”—R. C.
“Morago ga go lebelela video eno lekgetlho la bobedi, morwa wa rona wa dingwaga tse tlhano, yo a neng a e lebile ka kelotlhoko go fitlhelela e fela, o ne a botsa jaana, ‘A re ka e lebelela letsatsi le letsatsi?’ Re ne ra utlwa fela morwadia rona yo o dingwaga tse tharo a re, ‘le nna ke batla go ya Bethele go ya go dira dibuka!’”—M. E.
“Bana ba me, e leng Robin le Shannan, ba ba dingwaga se 12 le 9, ba aga ba tshameka theipi eno kgapetsakgapetsa. Morwadiake yo monnye morago ga go lebelela theipi eno o ne a re, ‘ke rata go ya tirelong ya tshimo. Go monate tota go ya gone.’ Re ikutlwa gore video eno e nnile le tlhotlheletso e kgolo thata mo botshelong jwa lelapa la rona. Abo go lapolosa jang ne go bulela lenaneo la thelebishene leo o ikutlwang o gololesegile go le lebelela!”—N. B.
“Ke na le dingwaga tse 131/2. Video eno e ntšha e dirile gore ke lemoge ka tsela eo ke ntseng ke tsaya dilo tseo Jehofa a re tlamelang ka tsone ga motlhofo fela ka gone. Eleruri ke tshiamelo go nna mongwe wa batho ba Modimo.”—K. W.
“Ke na le dingwaga tse 16, mme video eno e nthusitse go gatelela mo tlhaloganyong ya me gore tiro eno ke tiro ya lefatshe ka bophara.”—A. M.
“Bana ba rona ba ne ba re bolelela gore ga ba sa tlhole ba na le kgatlhego e e kalo mo mananeong a a tlwaelegileng a thelebishene morago ga go lemoga gore boitlosobodutu jwa dilo tsa bolegodimo bo ka nna jang. Gape e tiisitse keletso ya bone ya go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.”—L. M.
Tota le eleng bao e leng kgale e le Basupi ba ga Jehofa ba ile ba amiwa dipelo ke seo ba neng ba se bona.
“Fa video e nnile le tlhotlheletso e kgolo jaana mo go rona batho ba ga Jehofa, e tla nna le tlhotlheletso e kgolo jang mo bathong ba bangwe? Jaaka fa tsamaiso eno e nna thata go ka e itshokela, ke tsaya ura fela mo nakong ya me mme ke etele Bethele ke ntse ke le mo phaposing ya me ya bonno!”—K. B.
“Morago ga go bona tlhokomelo e e tseneletseng le manontlhotlho ao tiro e dirwang ka ona, ke ne ka ikutlwa okare nka tsena mo phaposing ya me mme ka tlamparela dibuka tsa me tsa Bibela.”—L. P.
Le wena, re go rotloetsa gore, o iphe nako ya go lebelela video eno e e bidiwang Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. E tla go thusa gore o lebe botshelo ka tsela e e farologaneng mme gape e tla go thusa gore o nne le tsholofelo mo isagweng e e sireletsegileng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Puo ya dimumu ya Amerika, Searabia, Se-Basque, Se-Catalan, Se-Croatia, Se-Czechoslovakia (sa Bohemia), Sedatšhe, Se-Denmark, Se-Finland, Sefora, Segerika, Se-Hungary, Sejapane, Sejeremane, Sekantonese, Sekorea, Se-Mandarin, Se-Norway, Sentadiana, Se-Poland, Sepotokise (sa Brazil), Sepotokise (sa Yuropa), Seromania, Se-Slovakia, Se-Spain, Se-Sweden.