Boitsholo jo bo Tshwanelwang ke Tlotlo
Go ralala hisitori yotlhe, banna le basadi ba ba pelokgale ba ile ba ema ba nitame ka tsela e e farologaneng le e batho ba neng ba tlwaetse go akanya ka yone mo metlheng ya bone. Ba ile ba itshokela bokgokgontshi jwa bopolotiki, jwa bodumedi le jwa bomorafe, gantsi ba swela se ba se dumelang.
BAKERESETE ba bogologolo ba ne ba le pelokgale thatathata. Ba le bantsi ba bone ba ne ba bolawa ke Baroma ba baheitane ka gonne ba ne ba gana go obamela mmusimogolo ka nako ya pogiso e e setlhogo mo makgolong a mararo a ntlha a dingwaga. Ka dinako tse dingwe, go ne go agiwa sebeso mo setadiamong sa metshameko. Bakeresete ba ne ba tshwanetse fela gore ba fise lerolenyana la maswalo e le go supa gore ba amogela mmusimogolo fa e le modimo, gore ba tle ba gololwe. Lefa go ntse jalo, go ineetse ba sekaenyana fela. Ba le bantsi ba ne ba bona go le botoka gore ba swe go na le gore ba itatole tumelo ya bone.
Mo metlheng ya gompieno, Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba tsaya kgato e e tshwanang malebana le boitlhaodi jwa bopolotiki. Ka sekai, go ema ga bone ba nitame go sa kgathalesege kganetso ya Bonasi go ka tlhomamisiwa ke direkoto tsa hisitori. Pele ga ntwa ya lefatshe le ka nako ya fa e lowa, Basupi ba kwa Jeremane ba ba ka tshwarang kwatara ba ne ba swa, ba le bantsi ba ne ba swela mo dikampeng tsa pogisetso, ka gonne ba ne ba sa tseye letlhakore e bile ba ne ba gana go bua gore “Heil Hitler.” Bana ba bannye ba ne ba kgaoganngwa le batsadi ba bone ba Basupi ka dikgoka. Go sa kgathalesege kgatelelo eo, basha ba ne ba ema ba nitame e bile ba ne ba gana go leswefadiwa ka dithuto tse e seng tsa Dikwalo tse bangwe ba neng ba leka go di ba pateletsa.
Go Dumedisa Folaga
Ga se gantsi Basupi ba ga Jehofa ba tlhaselwa ka pogiso e e ntseng jalo e e botlhoko gompieno. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go tsoga go sa utlwisisane ka ntlha ya tshwetso e e dirilweng ke Basupi ba babotlana ka digakolodi tsa bone ya gore ba se ka ba nna le seabe mo meletlong ya boratanaga, jaaka ya go dumedisa folaga.
Bana ba Basupi ba ga Jehofa ba rutiwa gore ba se thibele ba bangwe go dumedisa folaga; ke tshwetso e motho a e itirelang ka namana. Lefa go ntse jalo, Basupi ga ba tshikinngwe ke sepe mo ntlheng eno: Ga ba dumedise folaga ya setšhaba sepe fela. Seno eleruri ga ba se dire ka go tlhoka tlotlo. Ba tlotla folaga ya naga epe fela e ba nnang mo go yone, mme ba bontsha tlotlo eno ka go ikobela melao ya naga eo. Ga ba nke ba tsenelela mo tirong ya mofuta ope fela e e leng kgatlhanong le puso. E bile tota, Basupi ba dumela gore dipuso tsa gone jaanong tsa batho di gone ka “thulaganyo ya Modimo,” (NW) e a e letleletseng gore e nne teng. Ka jalo ba ipona ba le kafa tlase ga taolo ya Modimo ya gore ba duele makgetho le gore ba tlotle “babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1-7) Seno se dumalana le mafoko ano a ga Keresete a a tumileng thata: “Ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.”—Mathaio 22:21.
Batho ba bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Mme ke ka ntlha yang he, fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tlotle folaga ka go e dumedisa?’ Ke ka gonne ba leba go dumedisa folaga e le go e obamela, mme kobamelo e tshwanetse go newa Modimo fela; digakolodi tsa bone ga di ba letle go obamela ope kana sepe fela kwantle ga Modimo. (Mathaio 4:10; Ditiro 5:29) Ka gone, ba itumela thata fa barutabana ba tlotla tumelo eno ya bone ba bo ba letla bana ba Basupi go ngaparela mo dilong tse ba di dumelang.
Ga go gakgamatse gore ga se Basupi ba ga Jehofa fela ba ba dumelang gore go dumedisa folaga go amana le kobamelo, jaaka dikakgelo tse di latelang di bontsha:
“Difolaga tsa bogologolo di ne di tletse mokgwa wa bodumedi. . . . Ka dinako tsotlhe go thusa ga bodumedi go ne go lebega e le ga go batla gore difolaga tsa setšhaba di itshepisiwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Encyclopædia Britannica.
“Folaga e boitshepo fela jaaka sefapaano. . . . Melao le melawana e e amanang le tsela e motho a ikutlwang ka yone malebana le dikgele tsa setšhaba e dirisa mafoko a a nonofileng, a a tlhalosang ka botlalo, a a jaaka, ‘Go Direla Folaga,’ . . . ‘Go Sisimoga Folaga.’ ‘Go Ineela Folaga.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—The Encyclopedia Americana.
“Bakeresete ba ne ba gana go . . . ntshetsa modimo wa disetwa wa mmusimogolo wa [Roma] setlhabelo—gongwe e le seo gompieno se ka bapisiwang le go gana go dumedisa folaga kana go boeletsa maikano a go bontsha boineelo mo pusong.”—Those About to Die (1958), ka Daniel P. Mannix, tsebe 135.
Gape, Basupi ba ga Jehofa ga ba na boikaelelo jwa go tlontlolola puso epe kana babusi ba yone ka go gana go dumedisa folaga. Ke fela gore ba ka se khubame kana go dumedisa setshwantsho sengwe se se emelang Puso ya Naga ka tsela ya go se obamela. Ba bona seo se tshwana le kgato e e neng ya tsewa ke makawana a mararo a Bahebera mo metlheng ya Baebele a a neng a gana go khubama fa pele ga sefikantswe se se neng se agilwe kwa lobaleng lwa Dura ke kgosi Nebukatenesare wa Babilone. (Daniele, kgaolo 3) Ka jalo he, lefa batho ba bangwe ba dumedisa le go bolela maikano a go bontsha boineelo mo pusong, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba rutiwa gore ba latele digakolodi tsa bone tse di katisitsweng ka Baebele. Ka gone, ba ikgogona mo go nneng le seabe ka tidimalo le ka go bontsha tlotlo. Ka mabaka a a tshwanang, bana ba Basupi ba bona go le botoka gore ba se nne le seabe fa go opelwa dipina tsa setšhaba kana fa di letswa.
Tshwanelo ya Batsadi
Mo malatsing ano, dinaga di le dintsi di tlotla tshwanelo ya batsadi ya gore ba neele bana ba bone thuto ya bodumedi e e dumalanang le tumelo ya bone. Bodumedi jotlhe bo dumalana le tshwanelo eno, jaaka go kaiwa ke molao ono o o laolang kereke o o santseng o dira mo Kerekeng ya Katoliki: “Batsadi ba patelesega thata gore ba rute bana ba bone e re ka e le bone ba ba ba neileng botshelo, mme ba na le tshwanelo ya go dira jalo; ke gone ka moo go tshwanelang gore batsadi segolobogolo ba rute bana ba bone ka thuto ya Bokeresete e e dumalanang le thuto ya Kereke.”—Canon 226.
Basupi ba ga Jehofa ga ba kope sepe gape. Jaaka batsadi ba ba tlamelang bana ba bone, ba leka go tsenya mekgwa e mentle ya Bokeresete mo baneng ba bone le go ba ruta gore ba rate baagisani le go tlotla dithoto tsa batho ba bangwe. Ba eletsa go latela kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a neng a e neela Bakeresete ba kwa Efeso: “Batsadi, lo se ka lwa tshwara bana ba lona ka tsela e e tla ba gakatsang. Go na le moo, lo ba godisetse mo kotlhaong le mo taong ya Bokeresete.”—Baefeso 6:4, Today’s English Version.
Malapa a a Kgaoganeng ka Bodumedi
Mo malapeng a mangwe, go na le motsadi a le mongwe fela yo o leng Mosupi wa ga Jehofa. Mo boemong jo bo ntseng jalo, motsadi wa Mosupi o kgothadiwa gore a lemoge tshwanelo ya motsadi yo o seng Mosupi gore le ene a rute bana go ya ka ditumelo tsa gagwe tsa bodumedi. Bana ba ba mo lefelong leo go nang le maikutlo a a sa tshwaneng a bodumedi, ga se gantsi ba nna le mathata.a Totatota, bana botlhe ba tshwanetse gore ba itirele tshwetso ya gore ke bodumedi bofe jo ba tla bo latelang. Ke boammaaruri gore ga se basha botlhe ba ba tlhophang gore ba latele melaometheo ya bodumedi jwa batsadi ba bone, e ka tswa batsadi ba bone e le Basupi ba ga Jehofa kana nnyaa.
Tshwanelo ya Bana ya go Reetsa Segakolodi
Gape o tshwanetse go itse gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya segakolodi sa Mokeresete mongwe le mongwe se le botlhokwa fela thata. (Baroma, kgaolo 14) Convention on the Rights of the Child, e e amogetsweng ke Kopano ya Botlhe ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka 1989, e ne ya amogela tshwanelo ya ngwana gore a “gololesege mo mogopolong, mo segakoloding le mo bodumeding” le tshwanelo ya “go bolela se se leng mo mogopolong wa gagwe ka tshosologo le gore mogopolo wa gagwe o sekasekiwe ka mokgwa fela kana ka tsela epe fela e e amang ngwana.”
Ga go na bana ba babedi ba ba tshwanang tota. Ka gone, ka tsela e e utlwalang o ka lebelela go utlwa ditshwetso tse di sa tshwaneng tse Basupi ba basha kana baithuti ba bangwe ba di dirang malebana le ditiro dingwe tse di rileng le dikabelo tsa sekolo. Re solofela gore le wena o dumalana le molaomotheo wa go reetsa segakolodi.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Steven Carr Reuben, Ph.D., o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Raising Jewish Children in a Contemporary World malebana le bana ba ba nang le batsadi ba ba nang le ditumelo tse di sa tshwaneng: “Bana ba etsaetsega fa batsadi ba tshela matshelo a a belaetsang, a a sa tlhamalalang, ba tshela botshelo jo bo mo sephiring, e bile ba tila dikgang tse di amanang le bodumedi. Fa batsadi ba sa fitlhe sepe, ba ikanyega, ba tlhalosa ka botlalo dilo tse ba di dumelang, ka mekgwa e mentle le ka mefuta ya mekete, bana ba gola ba ikutlwa ba babalesegile le go ikutlwa ba tlhokega mo bodumeding jo bo ba siametseng thata gore ba golele mo ditseleng tsotlhe tsa go itlotla le go itse se ba leng sone mo lefatsheng.”
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Go Tlotla, Mme Eseng go Obamela
Mo mosong mongwe kwa sekolong sengwe kwa Canada, mosetsana wa dingwaga tse 11 wa Mosupi yo o bidiwang Terra o ne a lemoga gore morutabana o ne a tseela moithutikaene mongwe kwa ntle ga tlelase ka metsotso e sekaenyana fela. Mo nakong e khutshwane morago ga moo, morutabana yono o ne a kopa Terra ka tidimalo gore a ye le ene kwa ofising ya mogokgo.
Fa Terra a tsena mo ofising, ka bonako fela o ne a bona gore folaga ya Canada e ne e adilwe mo godimo ga teseke ya mogokgo. Go tswa foo morutabana o ne a laela Terra gore a kgwele folaga eo mathe. O ne a akantsha gore e re ka Terra a ne sa opela pina ya setšhaba kana a sa dumedisa folaga, ga go na lebaka lepe la go bo a sa tshwanela go kgwela folaga eo mathe fa a laelwa gore a dire jalo. Terra o ne a gana go dira jalo, a tlhalosa gore le mororo Basupi ba ga Jehofa ba sa obamele folaga, ba a e tlotla.
Fa ba sena go boela kwa tlelaseng, morutabana o ne a itsise ba bangwe gore o ne a sa tswa go leka baithuti ba bangwe ba babedi, ka go ba laela gore ba kgwele folaga mathe. Le mororo moithuti wa ntlha a ne a tsaya karolo mo meletlong ya boratanaga, lefa go ntse jalo o ne a kgwela folaga mathe fa a ne a laelwa gore a dire jalo. Lefa go ntse jalo, le mororo Terra a ne a sa opela pina ya setšhaba kana a sa dumedisa folaga, o ne a gana go e tlontlolola ka tsela eno. Morutabana o ne a dira gore baithuti ba lemoge gore mo baithuting bano ka bobedi, Terra ke ene yo o neng a bontsha tlotlo ka tsela e e tshwanetseng.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Melaometheo e Mengwe ya Boitsholo e Basupi ba ga Jehofa ba e Latelang
Malebana le boitsholo, Basupi ba ga Jehofa ba ruta bana ba bone gore ba ikgaoganye le boitshwaro, ditiro, kana tota le e leng mekgwa e e ka ba tsenyang mo kotsing kana e e ka tsenyang ba bangwe mo kotsing, le mororo e tlwaelegile thata mo lefatsheng gompieno. (Jakobe 1:27) Ka jalo ba itsise bana ba bone ka bodiphatsa jwa diokobatsi le mekgwa e mengwe, e e tshwanang le go goga motsoko le go nwa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang. (Diane 20:1; 2 Bakorinthe 7:1) Ba dumela gore go ikanyega le go dira ka natla go botlhokwa tota. (Baefeso 4:28) Ba ruta bana ba bone gore ba tile puo ya matlhapa. (Baefeso 5:3, 4) Gape ba ba ruta gore ba tshele ka tsela e e dumalanang le melaometheo ya Baebele e e malebana le boitsholo jwa tlhakanelodikobo le gore ba tlotle babusi le mmele wa motho yo mongwe le dithoto tsa batho ba bangwe. (1 Bakorinthe 6:9, 10; Tito 3:1, 2; Bahebere 13:4) Ba dumela go tswa pelong gore go tshela ka melaometheo eo go mosola thata mo baneng ba bone.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Basupi ba ga Jehofa ba leka go tsenya mekgwa e mentle ya Bokeresete mo baneng ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
“Ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.”—Mathaio 22:21
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Makawana a mararo a Bahebera a ne a gana go khubama fa pele ga sefikantswe se se neng se agilwe ke kgosi Nebukatenesare wa Babilone
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Bana ba kgothadiwa gore ba kgatlhegele ba bangwe