LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/96 ts. 1
  • Re Romilwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Romilwe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Tsamayang . . . Mme lo Dire Barutwa’
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • Kafa Jehofa a re Thusang ka Gone mo Tirong ya go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Dikgang Tse di Molemo di Rerwa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 11/96 ts. 1

Re Romilwe

1 Jesu o ne a roma balatedi ba gagwe gore ba “dire merafe yotlhe barutwa.” (Math. 28:19) Mo dinageng tse 232 le ditlhaketlhake go dikologa lefatshe, babaki ba ga Jehofa Modimo ba ba fetang dimilione tse tlhano ba neela bosupi jo bo tshelang jwa gore ba diragatsa thomo ya ga Jesu. Mme go tweng ka rona motho ka namana? A re tsaya thomo ya go rera ka tsela e e masisi?

2 Boikarabelo jo bo Tshwanetseng go Diragatswa: Thomo ke “taelo ya go dira ditiro tse di laetsweng.” Re laetswe ke Keresete gore re rere. (Dit. 10:42) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhokomela gore seno se ne se mo tlama, kana se mo naya boikarabelo jwa go bolela mafoko a a molemo. (1 Bakor. 9:16) Go tshwantsha seno: Akanya fela o le modiri mo sekepeng se se nwelang. Kapotene o go laela gore o tlhagise bapalami mme o ba bontshe kwa mekoro e e falotsang batho e leng gone. A o tla tlhokomologa taelo eo mme o bo o batla go iphalotsa wena fela o le nosi? Legoka. Ba bangwe ba ikaegile ka wena. Matshelo a bone a mo kotsing. O na le boikarabelo jwa go diragatsa thomo ya gago gore o ba thuse.

3 Re romilwe ke Modimo gore re ntshe tlhagiso. Go ise go ye kae Jehofa o tla fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Ga go itsiwe se se tla felelang se diragaletse dimilione tsa batho. A go tla bo go siame fa re itlhokomolosa kotsi e ba bangwe ba leng mo go yone mme re bo re amega fela ka go boloka matshelo a rona? Legoka. Re na le boikarabelo jwa go thusa go boloka matshelo a ba bangwe.—1 Tim. 4:16.

4 Dikao Tse di Ikanyegang Tse re Tshwanetseng go di Latela: Moporofeti Esekiele o ne a ikutlwa a na le boikarabelo jwa go naya Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege molaetsa wa tlhagiso. Jehofa o ne a mo tlhagisa a gatelela gore go tla diragalang fa a ka retelelwa ke go dira tiro ya gagwe: “Fa ke raya moikepi, ke re: ‘Ruri o tlaa swa;’ mme o sa mo tlhagise, . . . moikepi yoo o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe; mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago.” (Esek. 3:18) Esekiele o ne a diragatsa thomo ya gagwe ka boikanyegi le e leng le fa a ne a lebane le kganetso e e botlhoko. Ka gone o ne a tla kgona go itumela fa Jehofa a diragatsa dikatlholo tsa gagwe.

5 Makgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka boikarabelo jwa gagwe jwa go rera. O ne a bolela jaana: “[Ga ke] na molato mo mading a bone. Gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela kgakololo yotlhe ya Modimo.” Paulo o ne a rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo ka go bo a ne a lemogile gore fa a sa dire jalo o ne a tla nna le molato wa madi fa pele ga Modimo.—Dit. 20:20, 26, 27.

6 A re tlhagafetse jaaka Esekiele? A re ikutlwa re tlhotlheletsega go rera jaaka Paulo? Thomo ya rona e tshwana fela le ya bone. Re tshwanetse go tswelela re diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go tlhagisa ba bangwe, le mororo ba sa kgatlhege, kana ba ganetsa. Diketekete tse di oketsegileng di santse di ka arabela mo molaetseng wa Bogosi mme tsa bolela jaana: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.” (Seka. 8:23) E kete go rata ga rona Modimo le bangkarona go ka re tlhotlheletsa gore re se ke ra nyema moko. Re romilwe go rera!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela