LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/96 ts. 1
  • Ke Mang Yo o Tla Reetsang Molaetsa wa Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Tla Reetsang Molaetsa wa Rona?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhomamisa Gore o Dire Loeto Lwa go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Re na Le Sedirisiwa se Sesha sa go Simolola Dithuto!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • ‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 12/96 ts. 1

Ke Mang Yo o Tla Reetsang Molaetsa wa Rona?

1 Go feta le fa e le leng pele mo hisitoring ya motho, batho ba faraferwe ke tshedimosetso, e bontsi jwa yone e leng e e senang mosola le eleng e e tsietsang. Ka ntlha ya seno ba bantsi ba ikutlwa ba fekeediwa ke yone, mme e nna kgwetlho mo go rona go ba dira gore ba reetse molaetsa wa Bogosi jwa Modimo. Ga ba lemoge gore go reetsa ga bone Lefoko la Modimo go ka nna le matswela a a molemo jang mo go bone.—Luke 11:28.

2 Re itumelela gore mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, dikete tse di masome tsa batho di reetsa molaetsa oo mme ba amogela mpho ya rona ya dithuto tsa magae tsa Baebele. Lefa go ntse jalo, mo ditshimong tse dingwe batho ga ba arabele thata. Maeto a mantsi a re a dirang mo bodireding ga a na matswela a a molemo, mme re ka ipotsa gore ke mang yo o tla reetsang molaetsa wa rona.

3 Re tshwanetse go itlhokomela gore re se ka ra kgobega marapo. Paulo o ne a tlhalosa jaana: “‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’ Jaana ba tlaa bitsa jang ene . . . yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? . . . fela jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!’” (Bar. 10:13-15) Fa re jala peo ya Bogosi ka tlhoafalo, Modimo o tla e godisa mo go ba ba dipelo di ikanyegang.—1 Bakor. 3:6.

4 Selotlolo ke go Dira Maeto a go Boela ka Metlha: Mo ditshimong tseo go bonalang e kete ke batho ba le mmalwa fela ba ba reetsang molaetsa wa rona, re tshwanetse go tlhoma tlhokomelo mo go godiseng kgatlhego le fa e le efe e re e boneng, go sa kgathalesege gore a re tsamaisitse buka kana ga re a e tsamaisa. Ke ka ntlha yang fa re itlhaganelela go fetsa ka gore ga re na go fitlhelela sepe? Fa re jala peo, ga re itse gore e tla mela kae. (Mor. 11:6) Fa re boela kwa mothong re ipaakanyeditse go tlotla ka sengwe se se tswang mo Dikwalong, le eleng le fa se le sekhutshwane fela, re ka kgona go fitlhelela pelo ya motho. Re ka mo tlogelela pampitshana kana dimakasine tsa bosheng. Fa nako e ntse e ya re ka kgona le go mmontsha gore re tshwara jang thuto ya Baebele. Re tla gakgamala thata go bona gore Jehofa o segofatsa maiteko a rona go le go kae.—Pes. 126:5, 6.

5 Mosadi mongwe yo o neng a bontsha kgatlhegonyana o ne a tlogelelwa pampitshana. Ga a ka a fitlhelwa mo gae go fitlha dikgwedi tse pedi moragonyana, mme ka nako eo o ne a tshwaregile thata gore a ka tlotla. O ne a tlogelelwa pampitshana yone eo gape. Lefa mmoledi yono a ne a leka ka bopelotelele go mo fitlhelela mo gae, go ne ga mo tsaya dikgwedi tse dingwe tse tharo gore a kopane le ene gape, o ne a fitlhela gore o ntse a lwala. Kgaitsadi o ne a tla gape mo bekeng e e latelang, mme ba kgona go nna le motlotlo o mokhutshwane ka pampitshana. Fa kgaitsadi a boela gape mo bekeng e e latelang, mosadi yono o ne a bontsha kgatlhego ya mmatota mo molaetseng wa Bogosi. Go fetoga ga maemo a botshelo jwa gagwe go ne ga dira gore a lemoge se a se tlhokang semoyeng. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele, mme morago ga moo o ne a ithuta ka matlhagatlhaga beke nngwe le nngwe.

6 Fela jaaka go ntse ka sengwe le sengwe se re batlang go se bona se gola, e ka tswa e le dithunya, merogo, kana go kgatlhegela molaetsa wa Bogosi, di tlhoka go tlhagolelwa. Seo se tsaya nako, maiteko, boikutlo jwa go kgathalela le go ititaya sehuba gore o se nyeme mooko. Ngogola, batho ba ba fetang nngwetharo ya milione bao peo ya Bogosi e neng ya simolola go mela mo go bone ba ne ba kolobediwa! Fa re tswelela pele re rera, re tla tlhomamisega gore re tla bona ba bantsi ba ba tla reetsang molaetsa wa rona.—Bapisa Bagalatia 6:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela