LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/96 ts. 2
  • Go Ineela ga Rona ka go Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ineela ga Rona ka go Rata
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithaopa ka go Rata go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Gopolang Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 12/96 ts. 2

Go Ineela ga Rona ka go Rata

1 Mopesalema Dafite o ne a porofeta gore batho ba ga Jehofa ba tla “ineela ka go rata”; se se rayang gore jaaka “baithaopi ba ba iketleeleditseng.” (Pes. 110:3, NW; bona gape ntlhanyana e e kwa tlase.) Seno eleruri se a diragadiwa mo bakaulengweng ba rona lefatshe ka bophara. Ngwaga nngwe le nngwe ya dingwaga tse nnè tse di fetileng tsa tirelo, batho ba ga Jehofa ba neetse diura tse di fetang dimilione di le sekete ba anamisa mafoko a a molemo a Bogosi. Mme go na le ditsela tse dintsi, mo godimo ga tiro ya go rera le ya go dira barutwa, tseo re ka ineelang ka go rata go thusa ba bangwe ka tsone.

2 Ditsela Tse re ka Bontshang ka Tsone Gore re a Rata: Bangwe mo phuthegong ba ka tswa ba tlhoka thuso ya go ya kwa dipokanong. Ke ka ntlha yang fa o sa ithaopele go tsamaya le bone? Ba bangwe ba ka tswa ba lwala, ba na le botsogo jo bo bokoa kana ba le kwa bookelong. A o ka dira boiteko jwa gore o ba etele kana o ba thuse ka tsela nngwe? Go ka tswa go na le mongwe kana lelapa lengwe le le tlhokang kgothatso. A o kile wa akanya ka go laletsa ba ba ntseng jalo gore ba nne gone mo thutong ya lona ya lelapa ka dinako tse dingwe? Mmulatsela kana mmoledi a ka tlhoka motho yo a ka tsamayang le ene mo bodireding. Ke eng fa o sa ithaopele go dira mmogo le ene mo tirelong? Tseno ke dingwe tsa ditsela tseo ka tsone re ka ithaopelang go dira se se molemo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.—Bagal. 6:10.

3 Bakaulengwe ba ka supa gore ba rata go dirisiwa mo phuthegong ya ga Jehofa ka go leka go tshwanelegela go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi. (1 Tim. 3:2-10, 12, 13; Tito 1:5-9) Jaaka fa re ntse re gola ka palo, go tlhokega bakaulengwe ba ba tshwanelegang bao ba iketleeleditseng go etelela pele mo go rereng le mo go ruteng le mo go diseng diphuthego.—1 Tim. 3:1.

4 Gongwe bangwe ba rona re ka ithaopela go dira mo gogolwanyane mo tirelong ya ga Jehofa ka go ikwadisa go nna babulatsela ba ba thusang nako le nako. Mme gape fa re ka baakanya thulaganyo ya rona go sekae re ka kgona go dira jalo re sa kgaotse kana le eleng go tsaya tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha. A maemo a rona a eme ka tsela e e leng gore re ka kgona go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang thuso e kgolwane kwa go lone? A re ka ithaopela go direla kwa Bethele mme ka gone re nna le seabe ka tlhamalalo mo kgatelopeleng ya tiro ya lefatshe lotlhe? Gape go dirwa go le gontsi mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano, le dikago tsa makala go dikologa lefatshe, moo go tlhokegang thata badiri ba ba dirang ka go rata. Bao ba ineetseng go dira ditiro tseno tse di molemo ba itumelelwa fela thata, mme ba segofaditswe mo gogolo!—Luke 6:38.

5 Tseno ke dinako tse di itumedisang. Jehofa, ka moya wa gagwe, o wetsa tiro e e molemo thata mo lefatsheng ka batho ba ba dirang ka go rata! Nako le nako fa Jehofa, ka phuthego ya gagwe, a ntsha taletso ya gore re nne le seabe ka mo go oketsegileng mo tirong ya Bogosi, re dira sentle fa re ipotsa jaana, ‘A ke ineela ka go rata?’ Mme re tshwanetse go tlhatlhoba dipelo tsa rona le maemo ka thapelo. Poifomodimo ya rona e tla re tlhotlheletsa go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong e e boitshepo, ka gone seo se tla itumedisa pelo ya ga Jehofa fela thata!—Sefa. 3:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela