Dipokano Tsa Tirelo Tsa December
ELANG TLHOKO: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka December. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tla di nayang sebaka sa gore di nne gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” mme morago ga foo di nne le poeletso ya dintlhakgolo tsa thulaganyo eo ka metsotso e le 30 beke e e latelang mo Pokanong ya Tirelo. Poeletso eno ya letsatsi lengwe le lengwe ya thulaganyo ya kopano e tshwanetse gore e abelwe bakaulengwe ba babedi kana ba le bararo ba ba tshwanelegang go sa le gale gore ba tle ba kgone go lebisa tlhokomelo mo dintlheng tse di tlhomologileng. Poeletso eno e e baakanyeditsweng sentle e tla thusa phuthego go gakologelwa dintlhakgolo tse ba tla di dirisang mo go bone ka bobone le tse ba tla di dirisang mo tshimong. Dikakgelo tsa bareetsi le maitemogelo a a tla buiwang a tshwanetse go nna makhutshwane e bile a opa kgomo lonaka.
Beke e e Simololang ka December 2
Pina 134
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona di neelwe ke mokwaledi. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola baboledi botlhe gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo go sa le gale mo kgweding. Ba ba tla bong ba seyo kana ba ile kopanong ya kgaolo mo bofelong jwa kgwedi ba tshwanetse go tlisa dipego tsa bone pele ga ba tsamaya. Gatelela botlhokwa jwa gore botlhe ba tlise dipego tsa bone mo kgweding eno.
15 mets: “Ke Mang yo o Tla Reetsang Molaetsa wa Rona?” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dintlha tse di tswang go Tsogang! ya March 22, 1987, tsebe 5, (ka Seesemane) tse di buang ka gore ke ka ntlha yang fa molaetsa wa rona e le o o ikuelang.
20 mets: “Lefoko la Modimo le Naya Kaelo.” (Dirapa 1-6) Tsenyeletsa karolo eno ka dirapa 1-2. (Akaretsa buka ya Go Fetolana, ditsebe 62-3, ka bokhutshwane o tlhalosa “Mabaka a go akanyetsa Bibela” a le manè.) Dira gore baboledi ba ba nang le bokgoni ba bontshe dipuisano tse di akantshitsweng mo dirapeng 3-6. Laletsa bareetsi gore ba akgele ka (1) kafa dipotso tse di boditsweng di thusitseng go tsosa kgatlhego ka gone, (2) kafa dikwalo tse di dirisitsweng di tshwanelang setlhogo se go ntseng go tlotliwa ka sone, (3) kafa loeto lwa go boela lo neng lwa tsweletsa puisano ya ntlha ka gone ka tsela e e utlwalang le (4) kafa thuto e neng ya buelelwa ka gone.
Pina 75 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 9
Pina 100
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlhalosa ka dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo ka December 16.
20 mets: “A o Bega ka Metlha?” Puisano ka mokwaledi wa phuthego. Gatelela botlhokwa jwa gore botlhe ba bege ka metlha le ka bonako. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka botlhokwa jwa go bega, tsweetswee bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona, ditsebe 106-109.
15 mets: “Lefoko la Modimo le Naya Kaelo.” (Dirapa 7-9) Akgela ka setlhogwana se se reng “Go Tlhokega Kaelo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1993, tsebe 3. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa dipuisano tsa rona di tshwanetse go gatelela botlhokwa jwa go batla thuso go tswa mo motsweding o mogolo—Modimo. Dira gore mmoledi a bontshe gore go ka buisanwa jang le batho mo dirapeng 7-8. Gatelela gore mokgele wa rona e tshwanetse ya nna gore kgabagare re simolole thuto ya Baebele mo bukeng ya Kitso.
Pina 197 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 16
Pina 209
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Neela dikakantsho dingwe tsa gore re ka arabela jang ka botlhale fa batho ba re dumedisa ka ditumediso tsa malatsi a boikhutso. Bolela ka dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo ka December 25 le 26.
15 mets: “Go Ineela ga Rona ka go Rata.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dikakgelo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 1984, tsebe 29.
20 mets: “Go Itumelela Koketsego e Modimo O re E Nayang.” Puo e e matlhagatlhaga ka mogolwane. Umaka maitemogelo kana bosupi jwa koketsego mo dinageng tse di bontshitsweng, jaaka go bontshitswe go di-Yearbook tsa bosheng.
Pina 41 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 23
Pina 93
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bontsha dintlha dingwe tse di ipuelelang tsa dimakasine tsa bosheng tse di ka dirisiwang mo tirelong mo bekeng eno. Bolela ka dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo ka January 1.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. Kana mogolwane a neele puo e e thailweng mo setlhogong se se reng “Go Tlogela Tiro—A ke Sebaka sa go Dira Tiro ya Puso ya Modimo?” se se tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 15, 1996, ditsebe 24-5.—Bona Insight, Bolumo 2, tsebe 794, dirapa 2-3.
20 mets: “Go Ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.” Puo ka molebedi wa sekolo. Bolela palo ya ba ba ikwadisitseng mo phuthegong ya lona, mme o kgothaletse botlhe ba ba ka kgonang gore ba ikwadise. Boeletsa ditaelo tsa dikabelo tsa baithuti tse di go “Thulaganyo ya 1997 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.”
Pina 166 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 30
Pina 223
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Fa phuthego ya lona e fetola dinako tsa yone tsa dipokano mo ngwageng o mosha, kgothaletsa botlhe ka bopelonomi gore ba dire diphetogo tse di tlhokegang mme ba nne gone ka metlha mo phuthegong ka dinako tsa yone tse disha.
15 mets: Go Thusa ba ba Godileng go Nna le Seabe mo Tirelong. Baboledi ba bantsi ba ba godileng ba ba ikanyegang ba eletsa thata go nna le seabe mo go rereng le phuthego, mme ga ba kgone mo mmeleng ka ntlha ya botsofe le botsogo jo bo bokowa. Go na le ditsela tse re ka bontshang go ba akanyetsa ka tsone e le gore re ba akaretse mo setlhopheng sa tirelo: Ithaopele go thusa ka sepalamo; rulaganyetsa gore ba bereke matlo a go sa tlhokegeng gore ba palame ditepise tse dintsi mo go one; emisa koloi fa gaufi e le gore ba ka ikhutsa mo go yone fa ba lapile; ithaopele go ba isa kwa maetong a bone a go boela ka koloi; ba itsise gore o tla ba busetsa gae fa ba utlwa gore ba ka se kgone go tswelela. Ba ba godileng ba itumelela thuso eo ba e newang. Umaka ditsela tse dingwe tse lo bontshang ka tsone go akanyetsa go go ntseng jalo mo phuthegong. Sekaseka dintlha tsa botlhokwa mo setlhogong se se reng “Re Anaanela ba ba Godileng!” se se fitlhelwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 1986, ditsebe 28-9.
20 mets: Sekaseka Mpho ya Buka ya January. Tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? O dirisa ditsebe 9-14 tsa buka ya Go Fetolana, ka bokhutshwane sekaseka diketapele tse di tshwanelang go tsamaisa buka eno. Dira pontsho ka puisano e le nngwe kana tse pedi.
Pina 137 le thapelo e e konelang.