LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 7/15 ts. 24-25
  • Go Tlogela—Tiro A ke Sebaka sa go Dira Tiro ya Puso ya Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlogela—Tiro A ke Sebaka sa go Dira Tiro ya Puso ya Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Tlogela Tiro go Bula Sebaka sa go Oketsa Tirelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • A o Ka Tsena ka “Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong”?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 7/15 ts. 24-25

Go Tlogela—Tiro A ke Sebaka sa go Dira Tiro ya Puso ya Modimo?

GO TLOGELA tiro—batho ba le bantsi ba bona e le go nna kwa ga mothakga morago ga go gatelelwa le go bereka ka tsela e e botlhoko ka nako e telele. Batho ba le bantsi fa ba sena go nna ba tshela ka thulaganyo e e lapisang kana ya ditiro tse dintsi, ba lebelela pele gore ba tlogele tiro gore ba nne le sebaka sa go tshela dingwagangwaga ba iketlile e bile ba gololesegile. Lefa go ntse jalo, gantsi e nna sebaka sa gore ba lapisege ba bo ba nne ditshwakga. Go intsha bodutu le ditiro tse motho a ratang go fetisa nako ka tsone tota ga di dire gore motho a ikutlwe a le botlhokwa jaaka tiro e dira.

Basupi ba ga Jehofa ba ka bona go tlogela tiro e le “kgoro . . . e go nang le tiro mo go yone.” (1 Bakorinthe 16:9) Lefa go gola go na le mathata le ditlhaelo tsa gone, batho bangwe ba ba godileng ba fitlhetse gore ka thuso ya ga Jehofa ba ka oketsa tirelo e ba mo direlang yone. Akanya ka maitemogelo a Bakeresete bangwe ba ba godileng kwa Netherlands. Ka ngwaga wa tirelo wa 1995, babulatsela (baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng) ba le 269 mo go ba ba fetang 1 223 ba ne ba na le dingwaga di le 50 kana go feta. Mo go bano, ba le 81 ba ne ba na le dingwaga di le 65 kana go feta.

Ba bangwe ba kgona go bula tsela fela ka go re ba tswelele pele ba dira ka natla fela jaaka ba ne ba dira fa ba ne ba bereka. (Bapisa Bafilipi 3:16.) Mokeresete mongwe yo o tlogetseng tiro yo o bidiwang Karel o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke bereka tiro ya me ya boitshediso, ke ne ke tlhola ke simolola tiro ka 7:30 a.m. Fa ke simolola go amogela penshene, ke ne ka swetsa ka gore ke tswelele pele fela ka thulaganyo eo. Ke ne ke simolola letsatsi ka go dira tiro ya go neela bosupi mo mebileng ka dimakasine fa pele ga seteishene sa terena moso le moso ka ura ya bosupa.”

Go rulaganya dilo ka kelotlhoko le gone go ka lere katlego. (Diane 21:5) Ka sekai, bangwe ba ile ba kgona go beela madi a a lekaneng kwa thoko gore ba itlamele fa ba le mo bodireding. Ba bangwe ba sweditse ka gore ba fokotse madi a ba a dirisang mme ba batle tiro e e seng ya letsatsi lotlhe. Akanya ka Theodore le Ann. Ba ne ba simolola botshelo jwa lenyalo e le babulatsela go fitlha maikarabelo a lelapa a tlhoka gore ba tlogele go bula tsela. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba nna ba ntse ba na le moya wa bobulatsela! Fa bomorwadiabone ba ntse ba gola, ba ne ba kgothalediwa ka metlha gore ba bule tsela. Sa botlhokwa le go feta, Theodore le Ann ba ne ba tlhoma sekao se se molemo, ba direla jaaka babulatsela ba ba thusang gangwe le gape. Fa basetsana ba ntse ba gola, Theodore le Ann ba ne ba simolola go fokotsa tiro ya boitshediso gore ba nne le nako e e oketsegileng mo tirelong ya tshimo.

Fa bomorwadiabone ba sena go tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng ba bo ba tswa mo gae, Ann o ne a simolola go bula tsela. Letsatsi lengwe o ne a kgothaletsa Theodore gore a tlogele tiro. O ne a akantsha jaana: “Re ka kgona go bula tsela re le babedi.” Theodore o ne a itsise mohiri wa gagwe ka se a se ikaeletseng. Se se neng sa mo gakgamatsa ke gore mong wa gagwe o ne a ithaopela go mo thusa ka go mo fa tiro e e seng ya letsatsi lotlhe, a re: “Ke bona gore o batla go berekela mong wa gago yo o kwa godimo [kwa legodimong] letsatsi lotlhe.” Theodore le Ann jaanong ba itumelela go bula tsela mmogo.

Bangwe ba ne ba simolola go bula tsela fa go sena go tlhaga maemo mangwe mo matshelong a bone. Loso lwa tshoganetso lwa morwadiabone le setlogolo sa bone lo ne lwa dira gore banyalani bangwe ba ba godileng ba akanye thata ka tsela e ba neng ba dirisa dingwaga tsa bone tse di setseng ka yone. (Moreri 7:2) Go na le gore ba utlwe botlhoko mo go feteletseng, ba ne ba simolola tirelo ya nako e e tletseng, e jaanong ba ntseng ba e itumelela ka dingwaga tse di fetang robedi!

Gone ke boammaaruri, go tlhoka go ititaya sehuba tota gore motho a tswelele pele a le mo bodireding jwa nako e e tletseng. Ka sekai, Ernst le mosadi wa gagwe, Riek, ba ne ba simolola go bula tsela fela fa bana ba bone ba sena go tswa mo gae. Nakwana fela morago ga foo mongwe yo o kileng a kopanela kgwebo le Ernst o ne a re o mo fa tiro e e duelang tota. Ernst o ne a fetola jaana: “Re na le mohiri yo o molemo go gaisa botlhe, mme ga re batle go mo tlogela!” E re ka Ernst le mosadi wa gagwe ba ne ba tswelela pele ba “hirilwe” ke Jehofa, ba ne ba nna le ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo. Ba ne ba direla mo tirong ya go potologa ka dingwaga tse di fetang 20 mme ba santse ba bula tsela le jaanong. A ba ikotlhaela tsela e ba e tsereng ya go ithontsha dilo dingwe? Nako nngwe e e fetileng banyalani bao ba ne ba kwala jaana: “Fa Jehofa a rata, re lebeletse pele gore morago ga dikgwedi tse tharo re tla keteka dingwaga tsa rona tse 50 re nyalane, se gantsi se bidiwang moletlo wa gouta. Mme re bua re tlhomamisa tota gore dingwaga tsa rona tsa gouta tota di simologile fa re ne re simolola go bula tsela.”

Batho ba le bantsi ba fitlhela gore go nna le sebaka sa go dira tiro e e oketsegileng gape go lere boitumelo jo bo oketsegileng! Mokaulengwe mongwe yo o neng a simolola go bula tsela dibeke di le pedi a sena go digela dingwaga tse 65 a re: “Ruri ga ke ise ke nne le nako e e tletseng thata jaana ka masego mo botshelong jwa me jaaka mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng ke ntse ke bula tsela.” Banyalani bangwe ba ba ileng ba bula tsela ka dingwaga tse di fetang bosupa ba re: “Ke eng gape se banyalani ba dingwaga tsa rona le ba ba mo maemong a a tshwanang le a rona jaana ba tshwanetseng go se dira? Gantsi re bona batho ba maemo a a tshwanang le a rona mo tshimong—ba iketlile sentle mo gae, ba nona fela, ba tsofala, le go koropana. Go nna mo tirelong go re thusa gore re nne re tsogile sentle mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Re nna re le mmogo. Re tshega thata e bile re itumelela botshelo.”

Gone ke boammaaruri, ga se batho botlhe ba ba godileng ba maemo a bone a ba letlang gore ba bule tsela. Bakeresete bano ba ka tlhomamisa gore Jehofa o anaanela sengwe le sengwe fela se ba kgonang go se dira mo tirelong ya gagwe. (Bapisa Mareko 12:41-44.) Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o segole o nna mo legaeng le go tlhokomelwang digole mo go lone. Lefa go ntse jalo, o santse a na le sebaka sa go dira tiro nngwe! Ngaka e ne ya mmotsa gore o tsamaisa nako ya gagwe jang. O bolela jaana: “Ke ne ka mmolelela gore ke nna ke sena nako e e lekaneng. O ne a sa tlhaloganye seno. Ke ne ka mmolelela gore ke ka gonne botshelo jwa me bo tletse ka ditiro tse di kgotsofatsang. Ga ke jewe ke bodutu, mme ke senka batho ba ba jewang ke bodutu ke bo ke leka go ba bolelela se Modimo a se beetseng batho.” O sobokanya kgang eno ka go re: “Motho a ka se lebelele mo gontsi mo mothong yo o tlogang a tshwara dingwaga tse 80. Lo nthapelele gore ke kgone go kaela batho ba ba oketsegileng kwa go Jehofa.”

A o mo dingwageng tsa gore o ka tlogela tiro? Sebaka sa go iketla se ka tswa se gogela tota, mme se ka se lere masego a semoya. Akanyetsa maemo a gago ka thapelo. Gongwe o ka kgona go dirisa sebaka seno go dira tiro e e oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Go tlogela tiro go ka dira gore o nne le tiro e e oketsegileng mo bodireding

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela