A o Bega ka Metlha?
1 A bo go lapolosa jang ne go amogela dipego tsa tiro e e dirilweng mo tshimong! Seno se bontsha gore Jehofa o nna a godisa. (1 Bakor. 3:6) Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore go romelwa pego e e feletseng le e e tladitsweng sentle kwa ofising ya lekala.
2 Kwa ntle ga pelaelo rotlhe re ne re itumetse go utlwa gore ka August 1996 re ne ra fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi mo dinageng tse dintsi tse di tlhokomelwang ke lekala la Afrika Borwa. Lefa go ntse jalo, go ne ga tlhokomelwa gore diphuthego tse 111 mo Afrika Borwa ga di a romela dipego tsa tsone ka nako gore go dirwe pego ya August. Go diragetse se se tshwanang ka diphuthego tse 15 kwa Botswana, tse 22 kwa Lesotho, tse 5 kwa Namibia le tse 35 kwa Swaziland. Go feta moo, go ya ka dipalo tsa Congregation Analysis Report (S-10) tse di rometsweng ke mokwaledi wa phuthego nngwe le nngwe, go na le dikete di le mmalwa tsa baboledi mo diphuthegong ba ba sa begeng. Bothata bo ka tswa bo bakiwa ke dilo tseno tse pedi: Bakwaledi bangwe ba ka tswa ba sa romele dipego ka nako e e tshwanetseng le gore baboledi bangwe ba ka tswa ba sa bege.
3 Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse a ipotsa jaana: ‘A ke bega tirelo ya me ya tshimo ka metlha e le ka bonako kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe?’ Rotlhe re na le boikarabelo jwa go dira gore pego ya kgwedi le kgwedi e felele le go tladiwa sentle. Go dira jalo go tla bontsha gore re tlotla dithulaganyo tsa phuthego ya ga Jehofa e bile re bontsha gore re anaanela karolo e nnye e re nang le yone ya go dira gore pego e tladiwe sentle.
4 E re ka mokwaledi a tshwanetse go romela pego ya phuthego ya tirelo ya tshimo kwa Mokgatlhong ka letsatsi la borataro la kgwedi e e letelang, go ka bonwa sentle gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore mmoledi mongwe le mongwe a tlise pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo ka bonako fa kgwedi e fela. A o dirisana mmogo le thulaganyo eno ka go bega ka bonako e bile o tladitse pego sentle fa kgwedi nngwe le nngwe e fela?
5 Mmoledi mongwe le mongwe yo ka go rata a dirisanang mmogo le dithulaganyo tse di fa godimo a ka bona kgotsofalo ya go itse gore o nnile le seabe mo go direng pego ya kgwedi le kgwedi e e tladitsweng sentle mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa. (Bapisa Esekiele 9:11.) E kete rotlhe re ka tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ka metlha tse di tladitsweng sentle e bile di le mo nakong kgwedi nngwe le nngwe!