Go Kopa—Magadi a a Lekaneng
GOMPIENO, jaaka mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, ditso dingwe di sa ntse di kopa magadi pele ga monna a nyala mosadi. Jakobe o ne a raya Labane yo e neng e tlile go nna mogwagadie a re: “Ke tlaa go direla dinyaga di supa ka ntlha ya ga Ragele morwadio yo mmotlana.” (Genesise 29:18) Ka go bo Jakobe a ne a rata Ragele thata, o ne a tlhopha go mo ntshetsa magadi a mantsi—a a lekanang le tuelo ya dingwaga di le supa! Labane o ne a amogela magadi ano mme a tsietsa Jakobe ka go dira gore a nyale pele morwadie yo mogolo e bong Lea. Go tswa foo Labane o ile a tswelela pele ka go dirisana le Jakobe ka boferefere. (Genesise 31:41) Tsela e Labane a neng a rata dikhumo ka yone e ile ya dira gore barwadie ba se ka ba tlhola ba mo tlotla. Ba ile ba botsa jaana: “A ga re kaiwe baeng fela ke ene, ka a re rekisitse, a bile a jele a sweditse magadi a rona?”—Genesise 31:15.
Ka maswabi, gompieno mo lefatsheng leno le le tletseng ka batho ba ba ratang dikhumo, batsadi ba le bantsi ba tshwana fela le Labane. Tota e bile ba bangwe ba feteletse. Go ya ka lekwalodikgang lengwe la Afrika, bana bangwe ba nyadisediwa “fela gore borraabone ba ba bogagapa ba bone madi a mantsi.” Selo se sengwe se se dirang jalo ke mathata a tsa itsholelo a a dirang gore batsadi bangwe ba lebe barwadiabone e le selo se se ka ba thusang go fenya mathata a bone a tsa madi.a
Batsadi bangwe ba diegisa barwadiabone go nyalwa ka gonne ba letetse motho yo o ka ba duelang magadi a mantsi. Seno se ka baka mathata a a masisi. Mmegi mongwe wa lokwalodikgang lwa kwa Afrika botlhaba o ile a kwala jaana: “Basha ba tlhopha go ngwega ba ya go inyadisa ka gonne ba batla go tila go duedisiwa magadi a mantsi ke bagwagadiabone ba ba tlhogoethata.” Boitshwaro jo bomaswe jwa tlhakanelodikobo ke bothata jo bongwe jo bo bakwang ke go kopa magadi a mantsi. Mo godimo ga moo, makawana mangwe a kgona go duela magadi mme gone a bo a sala a le mo sekolotong se se boitshegang. Modirediloago mongwe wa mo Afrika Borwa o ile a re: “Batsadi ba tshwanetse go akanyetsa. Ba se ka ba batla madi a mantsi. Batho ba ba sa tswang go nyalana ba tlhoka madi a go itshedisa . . . Ka jalo, ke eng fa ba tshwanetse go tlhotlhora mogwe madi?”
Batsadi ba Bakeresete ba ka tlhoma sekao se se molemo jang mo go nneng kakanyetso fa ba kopa magadi kana fa ba a kopiwa? Eno ke kgang e e masisi ka gonne Baebele e laela jaana: “A go nna kakanyetso ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:5.
Melaometheo e e Molemo ya Baebele
E ka ne batsadi ba Bakeresete ba tlhopha go rerisanela magadi kana nnyaa, ke kgang ya bone ka namana. Fa ba tlhopha go dira jalo, ditherisano tse di ntseng jalo di tshwanetse go dirwa tumalanong le melaometheo ya Baebele. Lefoko la Modimo la re: “A mokgwa wa lona wa botshelo o se nne wa go rata madi.” (Bahebera 13:5) Fa motsadi yo e leng Mokeresete a sa tseye molaomotheo ono tsia ka nako ya ditherisano tsa lenyalo, a ka tswa a supa gore ga a tlhome sekao se se molemo. Banna ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go nna “kakanyetso,” ba sa ‘rate madi’ kana go nna “bogagaru jwa poelo ya matsoketsane.” (1 Timotheo 3:3, 8) Mokeresete yo ka bogagapa a kopang magadi a mantsi e bile a sa ikwatlhae, a ka nna a bo a kgaolwa mo phuthegong.—1 Bakorintha 5:11, 13; 6:9, 10.
Ka ntlha ya mathata a a bakwang ke go nna bogagapa, dipuso dingwe di ile tsa tlhoma melao e e lekanyetsang tlhwatlhwa ya magadi. Ka sekai, molao wa naga ya Afrika Bophirima ya Togo o bolela gore go ka ntshiwa bogadi ka “dithoto kana ka madi kana ka dilo tseno tsoopedi.” Molao ono o oketsa jaana: “Le ka motlha tlhwatlhwa ya jone ga ya tshwanela go feta 10-000 F CFA [R100].” Gangwe le gape Baebele e laela Bakeresete gore e nne baagi ba ba ikobelang molao. (Tito 3:1) Tota le fa puso e sa gagamatsa molao o o ntseng jalo, Mokeresete wa boammaaruri o tla batla go o ikobela. Ka go dira jalo o tla aga a na le segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo e bile ga a kitla a nna sekgopi mo bathong ba bangwe.—Baroma 13:1, 5; 1 Bakorintha 10:32, 33.
Ke Mang yo o Tshwanetseng go Nnela Ditherisano?
Mo dingwaong dingwe, tsela e magadi a rerisanelwang ka yone e ka thulana le molaomotheo o mongwe o o botlhokwa. Go ya ka Baebele, rre ke ene a rwalang maikarabelo a dikgang tsa lelapa la gagwe. (1 Bakorintha 11:3; Bakolosa 3:18, 20) Ka gone, banna ba ba nang le maemo a boikarabelo mo phuthegong e tshwanetse go nna banna ba ba ‘okamelang bana le ba ntlo ya bone ka mokgwa o o molemomogolo.’—1 Timotheo 3:12.
Le fa go ntse jalo, e ka nna ya bo e le tlwaelo mo motseng gore ba losika lwa ga rre e nne bone ba ba bilediwang ditherisano tse di botlhokwa tsa lenyalo. Mme ba losika bano ba ka nna ba batla gore ba newe bontlhabongwe jwa magadi. Seno ke kgwetlho mo lelapeng la Mokeresete. Ditlhogo dingwe tsa malapa di letla ba masika a tsone go kopa magadi a mantsi ka la gore ke tsela ya setso. Ka dinako tse dingwe seno se ile sa felela ka gore mosetsana wa Mokeresete a nyalwe ke motho yo e seng modumedi. Seno se kgatlhanong le taelo ya gore Bakeresete ba tshwanetse go nyalana “fela e le mo Moreneng.” (1 Bakorintha 7:39) Tlhogo ya lelapa e e letlang ba losika la yone ba e direla ditshwetso tse di ka nnang diphatsa mo bomoyeng jwa bana ba gagwe ga a ka ke a tsewa e le “yo o okamelang ba ntlo ya gagwe ka mokgwa o o molemomogolo.”—1 Timotheo 3:4.
Fela jaaka mo kgannyeng ya tlhogo ya lotso e e boifang Modimo e bong Aborahame, go tweng fa rre wa Mokeresete a sa nne le seabe ka tlhamalalo mo ditherisanong tsa lenyalo la mongwe wa bana ba gagwe? (Genesise 24:2-4) Fa rre wa Mokeresete a kopa motho mongwe o sele go dira seno, o tshwanetse go tlhomamisa gore moemedi yono wa gagwe o latela ditaelo tse di dumalanang le melaometheo e e molemo ya Baebele. Mo godimo ga moo, pele ga batsadi ba Bakeresete ba tsaya kgato epe fela ya go rerisanela magadi, ba tshwanetse go akanya ka kgang eno ka kelotlhoko mme ba se ka ba itetla go tsewa maikutlo ke dingwao tse di sa akanyetseng.—Diane 22:3.
Go Tila Mekgwa e e Seng ya Bokeresete
Baebele e kgala boikgogomoso le go “bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone.” (1 Johane 2:16; Diane 21:4) Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba ile ba supa mekgwa e e ntseng jalo mo ditherisanong tsa bone tsa manyalo. Batho bangwe ba etsa lefatshe ka go itshupa mabela ba batla go duela kana go duelwa magadi a mantsi thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, ofisi ya lekala lengwe la Mokgatlho wa Watch Tower ya mono Afrika e bega jaana: “Bagwe bangwe ga ba bontshe go tlotla fa bagwagadiabone ba ba kopa madi a a seng mantsi, ba tsaya basadi ba bone ba se botlhokwa fela ka gonne ba ba rekile ka tlhwatlhwa e e lekanang le ya ‘podi.’”
Bakeresete bangwe ba ile ba fekeediwa ke go nna bogagapa ka go batla magadi a mantsi mme seno se ile sa felela ka matswela a a botlhoko. Ka sekai, akanya ka pego eno e e tswang kwa ofising nngwe ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower: “Gantsi ga go motlhofo gore bakaulengwe ba nyale kana gore bokgaitsadi ba bone balekane. Seno se baka gore batho ba le bantsi ba kgaolwe ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Bakaulengwe bangwe ba ya go bereka kwa meepong go ya go senka gauta kana diteemane go di rekisa gore ba nne le madi a a lekaneng go ka nyala. Seno se ka ba tsaya ngwaga kana ngwaga tse pedi kana go feta, mme gantsi ba koafala mo semoyeng ka jaana ba sa bone nako ya go kopanela le bakaulengwe ba bone le phuthego.”
Go tila matswela a a ntseng jalo a a sa itumediseng, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go etsa sekao sa batho ba ba godileng sentle mo semoyeng mo phuthegong. Le mororo moaposetoloi Paulo e ne e se motsadi, o ne a dirisana le badumedikaene ka go ba akanyetsa. O ne a le kelotlhoko gore a se ka a imetsa ope ka tsa madi. (Ditiro 20:33) Ee ruri, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa sekao seno sa gagwe sa go se nne bogagapa fa ba rerisanela magadi. Tota e bile, Paulo o ile a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala jaana: “Nnang baetsi ba me lo tshwaragane, bakaulengwe, mme bayang leitlho ba ba tsamayang ka tsela e e dumalanang le sekao se lo nang le sone mo go rona.”—Bafilipi 3:17.
Dikao Tsa go Nna Kakanyetso
Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba tlhoma sekao se se molemo mo go nneng kakanyetso malebana le ditherisano tsa lenyalo. Akanya ka sekai sa ga Joseph le mosadi wa gagwe, Mae, ba e leng bareri ba nako e e tletseng.b Ba nna kwa go sengwe sa ditlhaketlhake tsa Solomon Islands koo ka dinako tse dingwe ditherisano tsa magadi di bakang mathata. Go tila mathata a a ntseng jalo, Joseph le Mae ba ile ba rulaganya gore morwadiabone e bong Helen a ye go nyalela kwa setlhaketlhakeng se ba agisaneng le sone. Ba ile ba dira jalo le ka morwadiabone yo mongwe e bong Esther. Gape Joseph o ile a kopa mogwe wa gagwe e bong Peter magadi a mannye thata go na le a ka tlwaelo a kopiwang. Fa Joseph a bodiwa gore ke eng fa a ne a dira jalo, o ile a re: “Ke ne ke sa batle go imetsa mogwe wa me yo e leng mmulatsela.”
Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba Afrika ba ile ba tlhoma sekao se se molemo thata le mo go nneng kakanyetso. Kwa mafelong mangwe, gantsi ba losika ba batla gore ba duelwe madi a mantsi a pulamolomo pele ga gore go rerisanelwe magadi. Gore mogwe a letlwe go nyala, a ka nna a kopiwa gore a solofetse gore o tla duelela kgaitsadie mogatse magadi ka nako ya fa a tla bo a nyala.
Go farologana le seo, akanya ka sekai sa ga Kossi le mosadi wa gagwe e bong Mara. Morwadiabone e bong Beboko bosheng jaana o sa tswa go nyalwa ke molebedi wa potologo wa Basupi ba ga Jehofa. Pele ga lenyalo, ba losika ba ile ba leka go pateletsa batsadi ba gagwe gore ba ba abele bontlhabongwe jwa magadi. Le fa go ntse jalo, banyalani bano ba ile ba ema ba tlhomame mme ba se ka ba dira jalo. Go na le moo, ba ile ba rerisana ka tlhamalalo le mogwe yono wa bone mme ba mo kopa magadi a sekae fela, go tswa foo ba busetsa banyalani bano sephatlo sa madi ao gore ba a dirisetse go baakanyetsa moletlo wa lenyalo.
Sekai se sengwe sa kwa go yone naga eno, se amana le mosha mongwe wa Mosupi e bong Itongo. Kwa tshimologong, lelapa la gaabo le ne la kopa magadi a a lekaneng. Mme ba losika ba ile ba batla gore tlhwatlhwa eo e okediwe. Go ne go se monate, mme go ne go bonala ba losika ba tla fenya kgang. Le mororo Itongo e le motho yo o boboi ka tlholego, o ile a ema ka dinao mme ka boikokobetso a bolela fa a ititeile sehuba go nyalana le Mokeresete yo o tlhoafetseng e bong, Sanze, go ya kafa go neng go rulagantswe ka teng pele. Go tswa foo o ile a bua jaana ka bopelokgale, “Mbi ke” (mo go kayang, “Kgang e fedile”) a bo a nna fa fatshe. Mmè wa gagwe wa Mokeresete e bong Sambeko o ne a mo ema nokeng. Go ne ga se ka ga tlhola go nna le kgang, mme ba ne ba nyalana jaaka go ne go rulagantswe kwa tshimologong.
Go na le dilo di le dintsi tse batsadi ba ba lorato ba Bakeresete ba amegileng ka tsone go feta fela go solegelwa molemo ke madi a magadi. Monna mongwe wa kwa Cameroon o tlhalosa jaana: “Mogwagadiake wa mosadi ga a fetse go nthaya a re sengwe le sengwe se ke batlang go se ntsha bogadi ke se dirisetse go tlamela morwadie.” Batsadi ba ba lorato gape ba amegile ka bomoya jwa bana ba bone. Ka sekai, akanya ka Farai le Rudo ba ba nnang kwa Zimbabwe mme ba dirisa nako e ntsi ya bone mo tirong ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Le mororo ba sa bereke, ba ne ba nyadisa barwadiabone ba babedi ka madi a mannye thata go na le a gantsi a kopiwang. Ka ntlha yang? Ba ne ba batla gore barwadiabone ba nyalwe ke banna ba ruri ba ratang Jehofa. Ba ne ba tlhalosa jaana: “Se re neng re se tsaya se le botlhokwa thata e ne e le bomoya jwa barwadiarona le jwa bagwe ba rona.” A selo se sentle jang ne! Ruri re akgola bagogadi ba ba bontshang go amega ka lorato ka bomoya jwa bana ba bone ba ba nyetsweng.
Melemo ya go Akanyetsa
Joseph le Mae ba kwa Solomon Islands ba ile ba bona masego ka ntlha ya go nna pelotshweu le tsela e e molemo e ba ileng ba nyadisa barwadiabone ka yone. Ka gone, bagwe ba bone ba ile ba se ka ba kgangwa ke dikoloto. Go na le moo, malapa ano a mabedi a ile a kgona go fetsa dingwaga tse dintsi a le mo tirong ya nako e tletseng ya go anamisa molaetsa wa Bogosi. Fa Joseph a leba kwa morago, a re: “Tshwetso e nna le lelapa la me re e dirileng e feletse ka masego a magolo. Ke boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe batho ba ba sa tlhaloganyeng ba ne ba tle ba nkgatelele, le fa go ntse jalo, gone jaanong ke na le segakolodi se se phepa e bile ke kgotsofetse fa ke bona banake ba semeletse mo tirong ya ga Jehofa e bile ba nonofile. Le bone ba itumetse, mme nna le mogatsake ke rona ba re itumetseng thata.”
Molemo o mongwe e nnile kamano e e molemo gareng ga ba bogwe le ba bogwegadi. Ka sekai, Zondai le Sibusiso ke badiredi ba nako e tletseng bone le basadi ba bone ba e leng bana ba motho, kwa lekaleng la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Zimbabwe. Mogwagadiabone wa monna e bong Dakarai, ke modiredi wa nako e tletseng e bile ga a bereke. Ka nako ya fa go ne go rerisanelwa magadi, o ile a ba raya a re ba ka ntsha sengwe le sengwe fela se ba ka se kgonang. Zondai le Sibusiso ba re: “Re rata mogwagadiarona thata, mme re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go mo thusa fa a tlhoka thuso.”
Ee, go nna kakanyetso fa go rerisanelwa magadi go dira gore lelapa e nne le le itumetseng. Ka sekai, banyalani ba basha ga ba ne ba imediwa ke dikoloto, mme seo se tla dira gore go nne motlhofo gore ba tlwaele botshelo jwa lenyalo. Seno se ile sa dira gore banyalani ba le bantsi ba basha ba kgone go gagamalela masego a dilo tsa semoya, tse di jaaka go direla ka nako e tletseng mo tirong e e potlakileng ya go rera le go dira barutwa. Mo godimo ga moo, go dira jalo go galaletsa Mothei yo o lorato wa lenyalo, Jehofa Modimo.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo ditsong dingwe seno se dirwa ka tsela e sele. Booramosimane ke bone ba newang magadi ke booramosetsana.
b Go dirisitswe maina a sele mo setlhogong seno.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
BA NE BA BUSA MAGADI
Mo metseng mengwe, ngwetsi le batsadi ba yone ba tseelwa kwa tlase fa e dueletswe magadi a mannye. Ka jalo, boikgogomoso le go batla gore lelapa le se ka la nyadiwa ke tsone dilo tse gantsi di dirang gore batho ba kope magadi a mantsi. Lelapa lengwe la kwa Lagos kwa Nigeria le dirile dilo ka tsela e e farologaneng thata. Mogwe wa lone e bong Dele o tlhalosa jaana:
“Bagwagadiake ba ile ba se ka ba nkopa madi a gantsi a duelwang fa go tla go batliwa mosadi, a a jaaka a go reka diaparo tse dintsi tse di jang madi a mantsi. Tota le ka nako ya fa lelapa la gaetsho le ne le ba naya magadi, moemedi wa bone o ile a botsa jaana: ‘A lo batla go tsaya mosetsana yono gore e nne ngwetsi ya lona kgotsa gore e nne morwadialona?’ Lelapa lotlhe la gaetsho le ne la araba ka gore: ‘Re batla gore e nne morwadiarona.’ Morago ga moo re ne ra busediwa madi otlhe a magadi a le mo enfelopong ya one.
“Tota le gompieno, ke sa ntse ke anaanela tsela e bagwagadiake ba ileng ba tsamaisa lenyalo la rona ka yone. Go dirile gore ke ba tlotle thata. Tsela e e molemo ya semoya e ba lebang dilo ka yone e dira gore ke ba tseye e le ba losika ba ba atamalaneng thata le nna. Gape go nnile le seabe se segolo mo tseleng e ke tsayang mosadi wa me ka yone. Ke mo anaanela thata ka ntlha ya tsela e ba lelapa la gaabo ba ileng ba ntshwara ka yone. Fa re sa dumalane ka sengwe, ga ke se letle gore se fetoge bothata jo bogolo. Ka bonako fela fa ke gopola lelapa le a tswang mo go lone, go sa utlwaneng ga rona go a fokotsega.
“Lelapa la gaetsho le la gaabo a utlwana tota. Tota le gone jaanong, dingwaga di le tharo morago ga go nyalana, rre o sa ntse a tle a romelele lelapa la gaabo mosadi wa me dimpho le dijo.”