A Ruri o Anaanela Masego a ga Jehofa?
KENICHI, lekawana lengwe le le mo dingwageng tse di mo magareng, o ne a ya kwa khemising go ya go reka molemo wa mofikelanyana. Fa a sena go nwa molemo oo, o ne a simolola go tswa bogwata jo bo babang le marophi a a nang le metsinyana mo mmeleng otlhe wa gagwe ka a ne a ilwa ke molemo oo mo mmeleng. Ga go gakgamatse go bo Kenichi a ne a simolola go belaela gore a rakhemisi yono o mo neetse se a neng a se tlhoka.
Ba bangwe ba ka nna ba tsaya Jehofa Modimo ka tsela e e tshwanang le e Kenichi a neng a leba rakhemisi yono ka yone. Ba belaela gore a tota Modimo mothatayotlhe, Jehofa, o a re kgatlhegela re le batho ka bongwe. Le mororo ba lemoga gore Modimo o molemo, ga ba a tlhatswega pelo gore o a re tlhokomela re le batho ka bongwe. Totatota seno se nna jalo fa dilo di sa ba tsamaele sentle kana fa go utlwa ga bone melaometheo ya Baebele go dira gore ba nne le mathata a magolo. E re ka ba se na temogo, ba leba mathata a bone e le bogwata jo bo babang le marophi a a nang le metsinyana a Kenichi a neng a nna le one ka tshoganetso fela, jaaka e kete ka tsela nngwe ke molato wa Modimo.—Diane 19:3.
Jehofa ga a tshwanela go bapisiwa le batho ba ba sa itekanelang. Batho ga ba na kitso le bokgoni tse di lekaneng. Ga ba kgone go lemoga ka botlalo se batho ba bangwe ba se tlhokang, jaaka rakhemisi wa ga Kenichi a ne a dira. Se se farologaneng le seo, ga go na se Jehofa a sa se boneng. Gantsi Jehofa o a re thusa le fa re sa bone kana re sa lemoge seo ka gonne re itlwaeditse go ela tlhoko thata se re se nang sone mme re itlhokomolosa masego a mantsi a re nang le one. Go na le gore re itlhaganelele go bona Jehofa phoso ka mathata ape a re nang le one, re tshwanetse go leka go lemoga masego a a tswang kwa go Jehofa a re nang le one.
Go ya ka Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary, “lesego” le ka tlhalosiwa e le “sengwe se se dirang gore motho a itumele kana gore a itekanele.” A o lemoga gore seno se ntse jalo bogolo jang ka masego a a tswang kwa go Jehofa?
Motlamedi Yo o Sa Tshwaneng le Ope
Fa mosadi a bolela gore monna wa gagwe ke motlamedi yo o molemo, gantsi o a bo a raya gore o tlhokometse lelapa sentle ka dilo tse di le tlhokang, o tlamela ka dijo tse di lekaneng, bonno le diaparo gore lelapa le itumele le go itekanela. Jehofa o molemo go le kana kang jaaka Motlamedi wa rona? Ela tlhoko thata polanete ya rona ya Lefatshe, e leng legae la motho. Le beilwe dikilometara di le 150 000 000 go tswa kwa letsatsing, e leng sekgala se se siametseng dithemperetšha tse di lekaneng tse di dirang gore go tshelwe mo lefatsheng. Go sekamanyana ga kgolokwe ya rona ka dikirii di le 23,5 go dirilwe ka matsetseleko, go dira gore go nne le dipaka tse di farologaneng tse di dirang gore go nne le thobo e kgolo. Ka ntlha ya seo, lefatshe le tlamela batho ba ba ka fetang dikete tse tlhano tsa dimilione tsa batho. Eleruri Jehofa ke Motlamedi yo o molemolemo!
Mo godimo ga moo, Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa o re kgatlhegela thata re le batho ka bongwe le boitekanelo jwa rona. Akanya fela, Jehofa o itse nngwe le nngwe ya dinaledi tse dibilione ka maina, e bile tota ga go na thaga epe e e ka welang fa fatshe a sa itse. (Isaia 40:26; Mathaio 10:29-31) A bo a tlhokomela batho ba ba mo ratang jang ne e bile ba rekilwe ka madi a a tlhwatlhwakgolo a Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete! (Ditiro 20:28) Monna yo o botlhale o ne a bolela sentle jaana: “Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—Diane 10:22.
Masego A a Re Humisang
Re tshwere sengwe se se tlhwatlhwakgolo thata se re tshwanetseng go se itumelela thata. Ke eng seo? Baebele e a se tlhalosa fa e re: “Molao wa molomo wa gago o molemo mo go nna bogolo go makgolokgolo a gouta le selefera.” (Pesalema 119:72; Diane 8:10) Le fa gouta ya boleng jo bo kwa godimo e ka tswa e le tlhwatlhwakgolo jang, molao wa ga Jehofa o tshwanetse wa ratiwa thata go e feta. Go nna le kitso e e tlhomameng ka molao wa gagwe mmogo le temogo e Jehofa a e neelang batho ba ba batlang boammaaruri ka peloyotlhe ke dilo tse di tshwanetseng go ngomaelwa. Di re thusa gore re itshireletse, go itshokela maemo a a thata, go itshokela mathata ka katlego, mme ka gone re kgotsofale le go itumela.
Seno se ntse jalo le ka basha tota. Akanya kafa mosetsanyana mongwe a neng a rarabolola mathata a gagwe ka gone ka go latela molao wa ga Jehofa. Mosetsana yono, Akemi, o nna gaufi le Tokyo. Rraagwe le mmaagwe ba ne ba dirisa melaometheo ya Baebele fa ba mo thapisa mme ka lefoko le ka sekao sa bone ba ne ba thusa morwadiabone gore a rate Jehofa le moagelani. Ka go bonela pele mathata a a neng a ka kopana le one kwa sekolong, ba ne ba leka go mmaakanyetsa one ka mo go ka kgonegang ka teng. Le fa go ntse jalo, fa Akemi a simolola kwa sekolong se se botlana, ba bangwe ba a tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba mo tsaya a “farologane” ka gonne o ne a rapela pele a ja dijo e bile go ya ka segakolodi sa gagwe a sa dire dilo dingwe tse di sa tsweng mo Dikwalong. Ka bonako fela o ne a simolola go kgerisiwa ke segopa sengwe sa bakgerisi ba ba neng ba mo kgerisa fa sekolo se dule mme ba mo faphola mo sefatlhegong, ba soka matsogo a gagwe, e bile ba sotla ka ene.
Akemi yo mmotlana o ne a se ka a ipusolosetsa, le gone o ne a sa boife batlhokofatsi ba gagwe. Go na le moo, o ne a leka go dirisa se a se ithutileng. Ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo le bopelokgale jwa gagwe, o ne a tlotliwa ke bana ba le bantsi ba a tsenang sekolo le bone. Ba ne ba begela morutabana kgang eno, mme fa e sa le ka letsatsi leo, Akemi ga a ise a tlhole a sotlwa gape kwa sekolong.
Ke eng se se neng sa thusa Akemi gore a itshokele maemo ao a a thata ka katlego? Ke kitso e e tlhomameng, temogo le botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa jo batsadi ba gagwe ba mo rutileng jone. O ne a itse sentle tsela e Jesu a neng a itshoka ka yone, mme seo se ne sa mo tlhotlheletsa gore a etse sekao sa gagwe. Baebele e ne ya mo thusa go lemoga gore batho bangwe ba dira dilo tse di phoso ba sa itse, mme e ne ya mo kgothaletsa go ila phoso e bakgerisi bao ba neng ba e dira mme a sa ile batho ka bobone.—Luke 23:34; Baroma 12:9, 17-21.
Gone mme, ga go na batsadi bape ba ba ka batlang go bona ngwana wa bone a jewa setshego le go sotlwa. Le fa go ntse jalo, a o ko o akanye fela gore batsadi ba ga Akemi ba ne ba itumetse go le kana kang fa ba utlwa dintlha tsotlhe tsa se se diragetseng. Bana ba ba ntseng jalo ruri ke masego a a tswang kwa go Jehofa.—Pesalema 127:3; 1 Petere 1:6, 7.
Go Leta mo go Jehofa ka Bopelotelele
Le fa go ntse jalo, pele o ka amogela masego a ga Jehofa, ka dinako tse dingwe o tshwanetse go emela nako ya gagwe. Jehofa o itse boemo jwa gago mme o tlamela ka sengwe le sengwe se se tlhokegang ka nako e se tla go solegelang molemo ka yone. (Pesalema 145:16; Moreri 3:1; Jakobe 1:17) O ka tswa o rata go ja maungo, mme o ne o tla akanyang ka moamogelabaeng yo o go neelang maungo a a sa butswang? E ka tswa e le apole, namune, kana sengwe se sele, o ne o tla rata go ja leungo le le buduleng, le le matute e bile le le monate. Ka mo go tshwanang, Jehofa o go tlamela ka se o se tlhokang ka nako e e tshwanetseng—e seng ka bonako le gone e seng thari.
Gakologelwa boitemogelo jwa ga Josefa. O ne a iphitlhela a le mo kgolegelong ya Egepeto le mororo a ne a se na molato. Legolegwakaene, motsholaphafana wa ga Faro, o ne a solofetse go gololwa mme a tshepisa go isa kgang ya ga Josefa kwa go Faro. Mme fa a sena go gololwa o ne a lebala gotlhelele ka Josefa. Go ne go lebega e kete Josefa o latlhilwe. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga tse pedi tse di tletseng, kgabagare o ne a gololwa mo kgolegelong mme a dirwa mmusi wa maemo a bobedi kwa Egepeto. Go na le gore a se ka a nna pelotelele, Josefa o ne a letela Jehofa. Ka ntlha ya seno, o ne a segofadiwa ka tsela e e neng e kaya go boloka botshelo jwa Baiseraele mmogo le jwa Baegepeto.—Genesise 39:1–41:57.
Masashi e ne e le mogolwane kwa phuthegong nngwe kwa bokone jwa Japane. Ene o ne a se mo kgolegelong, mme o ne a tshwanetse go letela Jehofa. Ka ntlha yang? Fa e sa le Sekolo sa Thapiso ya Bodiredi, e leng sekolo sa go thapisa badiredi ba Bakeresete ba ba tshwanelegang, se sena go tlhomiwa kwa Japane, o ne a itirela mokgele o o tlhomameng gore o tla ya kwa go sone. O ne a rapelela tshiamelo eno ka tlhoafalo. Mmulatselakaene o ne a lalediwa, mme le fa a ne a eleditse thata jalo go ya, Masashi o ne a se ka a lalediwa. O ne a utlwile botlhoko fela thata.
Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya dikgato dingwe gore a dirisane le maikutlo a gagwe. O ne a ithuta Baebele le dikgatiso tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower, a tlhomile mogopolo mo ditlhogong tse di jaaka go ikokobetsa le go laola maikutlo a motho. O ne a fetola tsela e a neng a akanya ka yone mme ka gone a kgotsofalela thata kabelo ya gagwe. Morago ga moo, ka nako e a neng a sa solofela ka yone, o ne a amogela taletso ya gore a ye kwa sekolong seno.
Fa a sena go nna le dinonofo tse di jaaka go nna pelotelele le boikokobetso, o ne a solegelwa molemo thata ke sekolo seno. Moragonyana, Masashi o ne a neelwa tshiamelo ya go direla bakaulengwe ba gagwe e le molebedi yo o etang. Ee, Jehofa o ne a itse se Masashi a neng a se tlhoka a bo a mo tlamela ka sone fa se tla tloga se mo direla molemo o mogolo.
Batla Masego a Gagwe
Ka gone, Jehofa ga a tshwane le rakhemisi. Le mororo re ka palelwa ke go lemoga gore Jehofa o re tlhokomela le go re tlamela jang, bopelonomi jwa gagwe bo tla ka ditsela tse di farologaneng—ka dinako le ka ditsela tse di re solegelang molemo thata. Ka jalo tswelela pele o batla masego a gagwe. Gakologelwa gore o setse o na le mabaka a mantsi a go leboga. O setse o segofaditswe ka dilo tsa konokono tsa go tswelela o tshela mo lefatsheng. O setse o neetswe kitso ya ga Jehofa le ya ditsela tsa gagwe tse di itekanetseng. O neetswe temogo. Mme o setse o na le botlhale. Tseno tsotlhe di dira gore o itekanele le go itumela.
Gore o nne le masego a magolo a ga Jehofa, tswelela pele o ithuta Baebele ka metlha. Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhaloganya le go dirisa dithuto tse di tshwanang le maje a a tlhokegang a a mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Di tla go humisa thata, mo o ka sekang wa tlhoka sepe. Ee, di tla dira gore o itumele le go kgotsofala gone jaanong le go bona botshelo jo bo tletseng mo lefatsheng le lesha le le tlang.—Johane 10:10; 1 Timotheo 4:8, 9.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Masego a ga Jehofa a tlhwatlhwakgolo go feta gouta